Buka ya Bibela ya bo 6—Yoshue
Mokwadi: Joshue
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Kanana
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 1450 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tserweng: 1473–mo e ka nnang ka 1450 B.C.E.
1. Ke seemo sefe seo Baiseraele ba thulanang naso ka 1473 B.C.E.?
KE NGWAGA wa 1473 B.C.E. Go diragala ditiragalo tse di tshikinyang maikutlo fela thata le tse di kgatlhang. Baiseraele, bao ba thibeletseng mo Dipoeng tsa Moaba, ba emetse go tsena mo Kanana, eleng Lefatshe la Tsholofetso. Mo lefelong leo le le ka kwa moseja ga Joredane go busa magosi a mabotlana a le mantsi thata, ao bongwe le bongwe jwa one bo nang le masole a jone. Ga ba utlwane ka bobone mme ebile ba koafaditswe ke puso e e bodileng ya Egepeto e e ba busitseng ka dingwaga di le dintsi. Lefa go le jalo, fa pele ga morafe wa Iseraele go na le namane e tona ya dikgoreletsi. Metse e mentsi e e thekeleditsweng ka dithako, e e tshwanang le Jeriko, Ai, Hasora, Lakisha, e tshwanetse go fenngwa e le gore ba tle ba age mo lefatsheng leo. Kwa pele ba tlile go nna le mathata. Ba tshwanetse go tlhabana dintwa tsa makgaolakgang le go fenya mo go tsone, ba thusiwa ke Jehofa jaaka batho ba gagwe ka go tsenelela ka dikgakgamatso tsa gagwe tse di maatla, e le gore a tle a diragatse tsholofetso ya gagwe ya go ba tlhomamisa mo lefatsheng leo. Kwantle ga pelaelo, ditiragalo tseno tse di fuduang maikutlo, tse eleng tse di tlhomologileng tseo Jehofa a neng a di direla batho ba gagwe, di tla tshwanela gore di kwalwe, mme ebile di kwalwa ke motho yo o di boneng ka matlho. Abo go ne go sena monna ope yo o tshwanelegang jang ne go na le Joshue ka boene, yo o neng a kgethiwa ke Jehofa jaaka motlhatlhami wa ga Moshe!—Dipa. 27:15-23.
2. Ke ka ntlhayang fa go tshwanela gore Joshue a kgethiwe jaaka moeteledipele le jaaka mokwaladitiragalo?
2 Go tshwanela eleruri gore Joshue e nne ene yo o kgethiwang jaaka moeteledipele mmogo le mokwadi wa ditiragalo tse di tlogang di diragala. O ne a ntse a le molekane wa ga Moshe yo o neng a atamalane nae thata mo dingwageng tsotlhe tse 40 tse di fetileng tsa fa ba le mo nageng. O ne a ile a nna ‘modihedi wa ga Moshe go tswa bokaung jwa gagwe,’ mo go bontshang fa a tshwanelega jaaka moeteledipele wa semoya le wa masole. (Dipa. 11:28; Ekes. 24:13; 33:11; Yosh. 1:1) Mo ngwageng oo Baiseraele ba tlogileng kwa Egepeto ka one, ebong 1513 B.C.E., o ne a le moeteledipele wa masole a Iseraele fa ba ne ba fenya Baamaleka. (Ekes. 17:9-14) Jaaka mopati yo o ikanyegang wa ga Moshe le moeteledipele wa masole yo o pelokgale, go ne go tshwanela gore e nne ene yo o kgethiwang go emela lotso lwa Eferaime fa go ne go kgethiwa monna a le mongwe fela mo lotsong longwe le longwe go ya thomong e e diphatsa ya go ya go nna ditlhola kwa Kanana. Go nna pelokgale ga gagwe le go ikanyega ka nako eo go ne ga tlhomamisa gore o tla tsena kwa Lefatsheng la Tsholofetso. (Dipa. 13:8; 14:6-9, 30, 38) Ee, monna yono ebong Joshue, morwa Nune, ke “motho eo mōea o mo go èna,” monna yo o neng a “setse Yehofa moragō ka botlalō,” monna yo o neng “a tletse mōea oa botlhale.” Ke sone se go sa gakgamatseng go bo “ba Iseraela [ba ne] ba dihèla Yehofa ka malatsi aotlhe a ga Yoshue.”—Dipa. 27:18; 32:12; Dute. 34:9; Yosh. 24:31.
3. Ke eng seo se supang gore Joshue e ne e le motlhanka wa ga Jehofa yo o molemo thatathata, mmogo le mokwadi wa buka eo e reeletsweng ka leina la gagwe?
3 Ka baka la boitemogelo jwa gagwe, katiso, mmogo le go lekwa ga dinonofo tsa gagwe jaaka moobamedi wa boammaaruri wa ga Jehofa, eleruri Joshue o ne a tshwanelega go dirisiwa jaaka mongwe wa bakwadi ba ‘Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng ke Modimo.’ Joshue ga se motho wa tlhamane fela mme ke motlhanka wa ga Jehofa yo tota a kileng a tshela. O umakiwa ka leina mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. (Dit. 7:45; Baheb. 4:8) Go a utlwala gore fela jaaka Moshe a ne a dirisiwa go kwala malebana le ditiragalo tsa botshelo jwa gagwe, jalo motlhatlhami wa gagwe le ene, ebong Joshue, o ne a tla dirisiwa go kwala ditiragalo tseo ene ka boene a di iponetseng ka matlho. Gore buka eno e ne ya kwalwa ke motho yo o neng a iponetse ditiragalo tseo ka matlho go bontshiwa ke Yoshue 6:25. Dipolelo tsa bogologolo tsa Bajuda di bolela fa Joshue e le ene a kwadileng buka eo, le yone buka eo ka boyone e tlhalosa jaana: “Me Yoshue a kwala mahoko a mo lokwaloñ loa molaō oa Modimo.”—Yosh. 24:26.
4. Go ile ga supiwa jang ke go diragala ga boperofeti mmogo le bosupi joo bo neng jwa newa ka bakwadi ba Bibela ba moragonyana gore buka ya Yoshue e boammaaruri?
4 Ka nako ya fa Jeriko e senngwa, Joshue o ne a bua boperofeti jo bo neng bo bolelelapele gore go agiwa sesha ga motse oo go ne go tla hutsega, joo bo neng jwa diragala ka mo go gakgamatsang mo metlheng ya ga kgosi Ahabe wa Iseraele, mo e ka nnang dingwaga tse 500 morago ga moo. (Yosh. 6:26; 1 Dikg. 16:33, 34) Gore buka eno ya ga Yoshue e boammaaruri go tlhomamisiwa gape ke go umakiwa ga ditiragalo tse di kwadilweng mo go yone ke bakwadi ba Bibela ba moragonyana. Gangwe le gape, bapesalema ba lebisa go tsone (Pes. 44:1-3; 78:54, 55; 105:42-45; 135:10-12; 136:17-22), jaaka Nehemia (Neh. 9:22-25), Isaia (Isa. 28:21), moaposetoloi Paulo (Dit. 13:19; Baheb. 11:30, 31), le morutwa Jakobe (Yak. 2:25).
5. (a) Ditiragalo tsa buka ya Yoshue di akaretsa lobaka lo lo kana kang? (b) Ke ka ntlhayang fa leina Yoshue le tshwanela?
5 Buka ya Yoshue e ile ya kwalwa ka lobaka lwa dingwaga tse 20, go simolola fa ba ne ba tsena mo Kanana ka 1473 B.C.E. go ya go mo e ka nnang ka 1450 B.C.E. e le ngwaga o go lebegang Joshue a ne a tlhokafala ka one. Leina la yone ka boyone eleng Joshue (Sehebera, Yehoh·shuʹaʽ), leo le rayang “Jehofa Ke Mmoloki,” le tshwanela eleruri ponong ya seabe sa ga Joshue jaaka moeteledipele yo o bonalang wa Iseraele ka nako ya fa ba ne ba fenya lefatshe leo. O ne a isa kgalalelo yotlhe go Jehofa jaaka Mogolodi. Mo go Septuagint buka eo e bidiwa I·e·sousʹ (eleng leina la Segerika le le tshwanang le Yehoh·shuʹaʽ), mme leina Jesu le tswa mo leineng leno. Ka baka la dinonofo tsa gagwe tsa bopelokgale, kutlo le bothokgami, eleruri Joshue ke setshwani sa boperofeti se se nyalanang tota sa ga “Morèna oa rona Yesu Keresete.”—Bar. 5:1.
SEO SE LENG MO GO YOSHUE
6. Buka ya Yoshue e kgaogantswe ka dikarolo dife tse di latelelanang sentle?
6 Buka eno e na le dikgaolo tse nnè tse di latelelanang sentle: (1) go kgabaganyetsa mo Lefatsheng la Tsholofetso, (2) go fenngwa ga Kanana, (3) go kgaoganngwa ga lefatshe, le (4) dikgothatso tsa ga Joshue tsa tshadisosentle. Pego eo yotlhe e bolelwa ka mafoko a a tlhaloganyesegang sentle ebile e tletse ka ditiragalo tse di kgatlhisang.
7. Ke kgothatso efe le kgakololo tseo Jehofa a di nayang Joshue?
7 Go kgabaganyetsa mo Lefatsheng la Tsholofetso (1:1–5:12). Ereka Jehofa a ne a itse diteko tseo ba neng ba tla nna natso kwa pele, o naya Joshue tlhomamisetso le kgakololo e e utlwalang fela kwa tshimologong: “U nnè thata hèla le pelokgale thata hèla, . . . Lokwalō lo loa molaō, a lo se tlogè mo molomuñ oa gago, u akanyè mo go lōna motshegare le bosigo, gore u tlhōkōmèlè go diha kafa go cotlhe tse di kwadilweñ mo go lōna: gonne tsela ea gago e tla na le letlhōgōnōlō yalo, me u tla bōna go segōhala sentlè. A ga kea gu laola? Nna thata le pelokgale . . . gonne Yehofa Modimo oa gago o na nau kwa le kwa u eañ gōna.” (1:7-9) Joshue o naya Jehofa tlotlo jaaka Moeteledipele wa popota le Molaodi mme ka bokhutshwane o ne a simolola go kgabaganya Joredane jaaka a laotswe. Baiseraele ba mo amogela jaaka motlhatlhami wa ga Moshe, mme ba solofetsa fa ba tla ikanyega mo go ene. Go tswa foo, ba gatela pele go ya go fenya Kanana!
8. (a) Rahabe o bontsha tumelo jang? (b) Ke jang Jehofa a itshupang fa e le “Modimo o o tshedileñ” gareng ga Baiseraele?
8 Go ntshiwa banna ba le babedi go ya go nna ditlhola kwa Jeriko. Rahabe wa seaka o dirisa tshono eno go bontsha tumelo ya gagwe mo go Jehofa ka go fitlha ditlhola tseo a baya botshelo jwa gagwe mo kotsing. Fa ditlhola tseno di bowa, ba mo ikanela gore o tla bolokwa fa Jeriko e senngwa. Ditlhola tseno di feta di bega gore baagi botlhe ba lefatshe leo ba itaana mangole fela ka baka la Baiseraele. Ereka pego eno e le molemo, ka bokhutshwane fela Joshue o emelela a ya kwa Nokeng ya Joredane, eo e rwaleletseng. Jaanong Jehofa o naya bosupi jo bo bonalang jwa gore o eme Joshue nokeng le gore, fela jaaka mo motlheng wa ga Moshe, go na le “Modimo o o tshedileñ” mo gare ga Baiseraele. (3:10) Fa baperisiti ba ba tshotseng letlole la kgolagano ba tlhoma dinao mo Nokeng ya Joredane, metsi a a tlang a elela a tlala golo go le gongwe fela, a dira gore Baiseraele ba kgone go kgabaganya mo mmung o o omeletseng. Joshue o tsaya matlapa a le 12 go tswa kwa bogareng jwa noka eo jaaka segopotso a ba a tlhoma a mangwe a le 12 gape fa baperisiti ba emeng gone mo nokeng, morago ga moo baperisiti bao ba kgabaganya noka mme noka e boela e rwalelesega gape.
9. Ke eng seo morago se diragalang kwa Gilegala?
9 Fa ba sena go kgabaganya, batho ba thibelela mo Gilegala, fa gare ga Joredane le Jeriko, mme fano Joshue o tlhoma matlapa a segopotso gore a nne bosupi go dikokomana tse di tlang le “gore dichaba cotlhe tsa lehatshe di itse lecōgō ya ga Yehofa ha le nonohile; le gore ba boihè Yehofa Modimo oa lona ka bosakhutleñ.” (4:24) (Yoshue 10:15 e kaya gore Gilegala e tshwanetse ya bo moragonyana e ile ya nna lefelo la bothibelelo ka nako e telejana.) Banna ba Iseraele ba rupisediwa fano, ereka go ise go ko go rupisiwe bape fa ba ntse ba le mo loetong lwa bone lwa mo nageng. Go ketekwa moletlo wa Tlolaganyo, mana a khutla go tlhola a wa, mme kgabagare Baiseraele ba simolola go ja maungo a lefatshe leo.
10. Jehofa o laela Joshue jang malebana le go gapiwa ga Jeriko, mme ke kgato efe e kgolo eo e latelang?
10 Go fenngwa ga Kanana (5:13–12:24). Jaanong ba gaufi le go diragatsa boikaelelo jwa bone jwa ntlha. Mme ba tla fenya motse ono o o thekeleditsweng o o neng “o cwalecwe rure” wa Jeriko jang? (6:1) Jehofa ka boene o ne a tla ba bolelela kafa ba tla dirang ka gone, a romela “kgōsana ea ntwa ea ga Yehofa” go naya Joshue ditaelo. (5:14) Masole a Iseraele a tshwanetse go dikologa motse oo, gangwe fela ka letsatsi mo malatsing a le marataro, a eteletswepele ke banna ba ntwa, ba setswe morago ke baperisiti ba ba letsang dinaka tsa diphelehu mme ba bangwe ba tshotse letlole la kgolagano. Mo letsatsing la bosupa, ba tshwanetse go dikologa makgetlo a supa. Joshue ka boikanyego o bolelela batho ditaolo tseno. Masole ao a ntwa a dikologa Jeriko, fela jaaka go laetswe. Ga go na ope yo o buang sepe. Go utlwala modumo wa dikgato tsa dinao fela le modumo wa dinaka tseo di lediwang ke baperisiti. Go tswa foo, mo letsatsing la bofelo, morago ga ba sena go dikologa labosupa, Joshue o ba kaela gore ba tlhabe mokgosi. Mme ba tlhaba mokgosi fela jaaka a ba laela “ba thèla loshalaba lo logolo,” mme dipota tsa Jeriko di lalaana fa fatshe! (6:20) Jaaka ekete ke motho a le mongwe fela, ba thologela mo motseng oo, ba a o gapa, ba bo ba o ja ka molelo. Ke Rahabe yo o ikanyegang fela le bantlo ya gagwe bao ba falolang.
11. Go fenngwa ga bone ga ntlha kwa Ai go ne ga baakanngwa jang?
11 Go tswa foo ba leba kwa bophirima kwa Ai! Etswa ba tshepile gore ba tla fenya gape ka tse di tsididi ba felela ba swabile, ka gonne banna ba Ai ba ganyaola masole a le 3 000 a Baiseraele ao a neng a romilwe go gapa motse oo. Go diragetse eng? A Jehofa o ba latlhile? Joshue ka go tlhobaela o botsa kwa go Jehofa. Fa Jehofa a araba o senola gore phapaanong le taelo ya gagwe gore ba ne ba tshwanetse go senya sengwe le sengwe mo Jeriko, mongwe mo bothibelelong jwa bone o ne a tlhokile kutlo, o utswile sengwe mme o se fitlhile. Leswe leno le ne le tshwanetse go tlosiwa mo bothibelelong joo pele ga Baiseraele ba ka tswelela ba tlhogonolofala ka lesego la ga Jehofa. Ka kaelo ya bomodimo, go lemogiwa fa Akane e le ene modirabosula yoo, mme ene le bantlo ya gagwe ba kgobotlediwa ka matlapa go fitlhela ba swa. Ereka Jehofa a boetse a ba rata, Baiseraele jaanong ba ya go thulana le batho ba Ai. Jehofa o boela gape a ba bontsha tsela eo dilo di tshwanetseng go dirwa ka yone. Banna ba Ai ba okelwa ka kwa ntle ga motse wa bone o o thekeleditsweng mme ba iphitlhela ba laletswe. Motse oo o a gapiwa o bo o lalaanngwa mmogo le baagi botlhe ba one. (8:26-28) Ga go na ope yo o robang molao wa Modimo mo mmabeng yono!
12. Ke taolo efe ya bomodimo eo Joshue morago a e diragatsang?
12 Morago Joshue o aga sebeso kwa Thabeng ya Ebala a ba a kwala “malebèla a molaō” mo go sone, a dira jalo ka baka la go utlwa taolo eo Jehofa a neng a e naya ka Moshe. (8:32) Go tswa foo o balela phuthego ya morafe oo otlhe, ba ntse ba eme, bontlhabongwe jwa bone ba le fa pele ga Thaba ya Gerisima mme ba bangwe ba le fa pele ga Thaba ya Ebala, mafoko a Molao oo, mmogo le tshegofatso le phutso.—Dute. 11:29; 27:1-13.
13. ‘Go dira ka botlhale’ ga Bagibeona go felela ka eng?
13 Fa palonyana nngwe ya magosi a mabotlana a Kanana a tsenwa ke poifo fa ba bona kafa batlhasedi ba bone ba atamelang ka bofefo ka gone, a itira seoposengwe go ya go leka go thibela Joshue. Lefa go ntse jalo, fa ‘Bagibeona ba utlwa seo Joshue a se dirileng kwa Jeriko le Ai, ba dira ka botlhale.’ (Yosh. 9:3, 4) Ba itira jaaka ekete ba tswa lefatsheng le le kgakala la Kanana ba bo ba dira kgolagano le Joshue ya “go ba lesa ba tshela.” Fa leano la bone le lemogiwa, Baiseraele ba tlotla kgolagano eo mme ba dira gore Bagibeona ba nne “barwaledi ba dikgoñ le bagi ba metse,” jaaka ‘batlhanka ba batlhanka,’ mme ka go dira jalo ba diragatsa bontlhabongwe jwa phutso e e tlhotlheleditsweng ya ga Noa go Kanana ebong morwa Hame.—Yosh. 9:15, 27; Gen. 9:25.
14. Jehofa o bontsha jang gore o tlhabanela Baiseraele kwa Gibeona?
14 Go tlhanoga ga Bagibeona ga se selo se sebotlana, ka gonne “Gibeona e ne e le motse o mogolo, . . . o heta Ai, le banna botlhe ba gōna e ne e le digañka hèla.” (Yosh. 10:2) Adoni-sedeke, ebong kgosi ya Jerusalema, o bona fa seno e le matshosetsi mo go ene le magosi a mangwe mo Kanana. Go tshwanetse ga bewa motlhala gore go seka ga ba ga nna bape ba ba ngwegelang kwa mmabeng wa bone. Jalo Adoni-sedeke le dikgosi tse dingwe tse nnè (ba metse ya magosi a Heberona, Jaremutha, Lakisha, le Ebelona) ba rulaganya ba bo ba ya go tlhabana le Gibeona. A dira tumalanong le kgolagano ya gagwe le Bagibeona, Joshue o tsamaya bosigo jotlhe le masole a gagwe go ya go ba thusa le go ganyaola masole a dikgosi tse tlhano tseo. Gape Jehofa o tsenelela mo tlhabanong eo, a dirisa maatla a a fetang a motho le ditshupo, go felela ka matlhotlhapelo a magolo. Sefako se sekima se wa go tswa kwa legodimong, se bolaya batho go feta bao ba neng ba bolailwe ka tšhaka ke masole a Iseraele. Mme go tswa foo, go diragala kgakgamatso ya dikgakgamatso, ‘letsatsi le ema fela fa gare ga legodimo mme ga le phirime mo letsatsing leo lotlhe.’ (10:13) Ka gone, phenyo e dirwa ka botlalo. Batlhalefi ba lefatshe ba ka nna ba seka ba dumela tiragalo eo e e gakgamatsang, mme banna ba tumelo ba dumela pego eo ya bomodimo, ka ba lemoga gore Jehofa o na le nonofo ya go kgona go laola maatla a lobopo le go di tsamaisa kafa a ratang ka gone. Eleruri, “Yehofa o ne a tlhabanèla Iseraela.”—10:14.
15. Tlhalosa kafa tlhaselo e neng ya dirwa ka gone le setlhoa sa yone kwa Hasora.
15 Morago ga go ganyaola dikgosi tse tlhano tseo, Joshue o lalaanya Makeda. O kgabaganyetsa ka bofefo kwa borwa, a ya go senya Libena, Lakisha, Egelona, Heberona, le Debira—metse e e mo dithabeng fa gare ga Lewatle la Letswai le Lewatle le Legolo. Mo nakong eno go ne go setse go utlwaletse mo Kanana yotlhe gore ba tlhasetswe. Kwa godimo kwa bokone, Jabine, ebong kgosi ya Hasore, ke ene yo o tlhabang mokgosi. Gongwe le gongwe, mo matlhakoreng otlhe a Joredane, o ntsha pitso ya gore batho ba tshwaraganele go tlhabana le Baiseraele. Fa ba thibelela gaufi le noka ya Meroma, kwa tlase ga Thaba ya Heremona, matsholo ano a a seoposengwe a mmaba a “hèla yaka moshawa oo ha losiñ loa lewatlè ka bontsi.” (11:4) Gape Jehofa o tlhomamisetsa Joshue gore o tla fenya a ba a mmolelela kafa a tshwanetseng go tlhabana ka gone. Mme phelelo ke efe? Batho ba ga Jehofa ba fenya gape ka phenyo e kgolo! Hasore o jewa ka molelo, mme metse ya ditsala tsa gagwe le dikgosi tsa yone di lalaanngwa tsotlhe. Ka gone Joshue o dira gore Kanana yotlhe e busiwe ke Iseraele. Go fentswe dikgosi di le 31.
16. Go abiwa lefatshe jang?
16 Go kgaoganngwa ga lefatshe (13:1–22:34). Go sa kgathalesege diphenyo tse dintsi tseo, go senngwa ga metse e mengwe e megolo e e thekeleditsweng mme ebile baba ba ba ipopagantseng ba setse ba fentswe, “go sa na le lehatshe ye le tona ye le nañ le go ruiwa.” (13:1) Lefa go ntse jalo, Joshue jaanong o tloga a nna dingwaga tse 80, mme go santse go na le namane e tona ya tiro gape e e tshwanetseng go dirwa—e leng ya go kgaoganya lefatshe jaaka boswa jwa ditso tse di tletseng tse di robangbongwe le bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase. Ditso tsa Rubene, Gade, le bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase ba setse ba amogetse boswa jwa bone jwa lefatshe kwa botlhaba jwa Joredane, mme lotso lwa Lefi ga lo a tshwanela go fiwa sepe, ka gonne “Yehofa, Modimo oa Iseraela” ke ene boswa jwa bone. (13:33) A thusiwa ke Eleasare moperisiti, Joshue jaanong o abela batho lefatshe le le kafa bophirima jwa Joredane. Kalebe wa dingwaga tse 85, a tlhoafaletse go tlhabana le baba ba ga Jehofa go fitlhela a ba nyeletsa botlhe, o kopa go abelwa kgaolo ya Heberona e e tletseng Baanaka mme o a e newa. (14:12-15) Morago ga ditso tseo di sena go amogela boswa jwa bone ka go tshelwa ga bola, Joshue o kopa gore a newe motse wa Timanatha-sera o o kwa dithabeng tsa Eferaime, mme o o neelwa “kaha taoloñ ea ga Yehofa.” (19:50) Mogopi wa bophuthegelo o tlhongwa kwa Shilo, eo le yone eleng lefelo le le dithaba la Eferaime.
17. Go dirwa dipaakanyetso dife tsa metse ya botshabelo le tsa metse ya bonno jwa Balefi?
17 Metse e merataro ya botshabelo jwa babolai ba eseng ba ka boomo e beelwa kwa thoko, e le meraro mo letlhakoreng lengwe le lengwe la Joredane. E e kwa bophirima jwa Joredane ke Kedesha mo Galilea, Shekema mo Eferaime, le Heberona mo nageng e e dithaba ya Juda. E e kwa botlhaba ke Besera mo kgaolong ya ga Rubene, Ramotha wa Gileade, le Golana mo Bashana. Metse eno e tsewa ‘e le e e itshepileng.’ (20:7) Metse e le 48 le mafulelo a yone e tsewa mo metseng ya ditso tse dingwe ka go tshelwa ga bola mme e neelwa Balefi go nna mo go yone. Metse eno e akaretsa metse e merataro ya botshabelo. Ka gone Baiseraele ba “rua [lefatshe], ba aga mo go yeōna.” Fela jaaka Jehofa a ile a ba solofetsa, “ga dihala gotlhe hèla.”—21:43, 45.
18. Ke bothata bofe jo bo tsogang gareng ga ditso tsa botlhaba le tsa bophirima, mme jone bo rarabololwa jang?
18 Banna ba ntwa ba ditso tsa Rubene le Gade le bontlhanngwe jwa lotso lwa Manase, bao ba ileng ba tswelela le Joshue go fitlha nakong eno, jaanong ba boela boswa jwa bone ka kwa moseja ga Joredane, ba sena go kgothadiwa ke Joshue gore ba ikanyege ebile a ba segofaditse. Fa ba ntse ba tsamaya, jaaka ba atamela Joredane, ba aga sebeso se segolo. Seno se dira gore ba nne le bothata fela ka bofefo. Ereka lefelo le le tlhomilweng go nna le go obamelwang Jehofa mo go lone e le kwa mogopeng wa bophuthegelo kwa Shilo, ditso tse di kwa bophirima di boifa gore bano ba ka nna ba ba logela segwenegwene ba ba ba tlhoka go ikanyega, mme ba ipaakanyetsa go tlhabana le bao ba tsayang gore ke batsuolodi. Lefa go ntse jalo, tshololo ya madi e a kganelwa fa go tlhalosiwa gore sebeso seo ga se sa ditlhabelo mme se diretswe fela gore e nne “seshupō gare ga rona [Baiseraele ba ba kwa botlhaba le ba ba kwa bophirima jwa Joredane], ha Yehofa e le Modimo.”—22:34.
19, 20. (a) Ke dikgothatso dife tsa tshadisosentle tseo Joshue a di nayang? (b) Ke kgang efe eo a e bayang fa pele ga Baiseraele, mme o gatelela jang selo se se siameng seo Baiseraele ba tshwanetseng go se kgetha?
19 Dikgothatso tsa ga Joshue tsa tshadisosentle (23:1–24:33). ‘Mme go diragala gore malatsi a le mantsi morago ga Jehofa a sena go naya Baiseraele boikhutso mo babeng botlhe ba bone ba ba mo tikologong ya bone, fa Joshue a setse a tsofetse,’ o bitsa Baiseraele botlhe go tla go ba neela dikgothatso tse di tlhotlheleditsweng tsa tshadisosentle. (23:1) A ikokobeditse fela go ya kwa bokhutlong, o naya Jehofa tlotlo yotlhe ya diphenyo tse dikgolo tse ba fentseng merafe ka tsone. Ekete botlhe jaanong ba ka tswelela ba ikanyegile! “Nnañ pelokgale thata go tshegetsa le go diha cotlhe tse di kwadilweñ mo lokwaloñ loa molaō oa ga Moshe, gore lo se ka loa di hapoga loa ea kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo kgotsa ha go ya molèma.” (23:6) Ba tshwanetse go bifela medimo ya maaka le ‘go nna ba disitse meya ya bone ka go rata Jehofa Modimo wa bone.’ (23:11) Ga baa tshwanela go tlhoka go ikanyega ka go leka go ineela mo Bakananeng ba ba setseng, ga baa tshwanela go nyalana nabo kana go tshwakanya bodumedi jwa bone le jwa bone, ka gonne seno se ka dira gore Jehofa a ba gakalele thata.
20 Fa Joshue a sena go kgobokanya ditso tsotlhe kwa Shekema a ba a biletsa ba eleng baemedi ba bone fa pele ga ga Jehofa, jaanong o ba bolelela pego ya kafa Jehofa ke boene A ileng a dirisana le batho ba Gagwe ka gone go simologa ka nako eo A ileng a bitsa Aberahame mme a mo lere mo Kanana go fitlha ka nako ya go fenngwa le go ruiwa ga Lefatshe la Tsholofetso. Gape Joshue o ba tlhagisa kgatlhanong le bodumedi jwa maaka, a ikuela mo Baiseraeleng botlhe gore ba ‘boife Jehofa, ba mo direle ka mo go senang boithamako, le ka boammaaruri.’ Ee, ‘direlang Jehofa’! Go tswa foo o tlhalosa kgang ka botlalo: “Itshenkeleñ gompiyeno eo lo tla mo dihèlañ; leha e le medimo e borra eno ba ne ba e dihèla, . . . goñwe medimo ea Baamora, ba lehatshe ya bōnè lo agileñ mo go yeōna: me kaga me, le ba ntlo ea me, rona, re tla dihèla Yehofa hèla.” Ka tumelo e e tshwanang le ya ga Moshe, o gakolola Baiseraele gore Jehofa ke “Modimo o o boitshèpō; ke Modimo o o lehuha.” Jalo, latlhang medimo ya merafe e sele! Ka gone batho bao ba tlhotlheletsega go bua ka lentswe le le lengwe fela ba re: “Re tla dihèla Yehofa Modimo oa rona, re tla reetsa lencwe ya gagwè.” (24:14, 15, 19, 24) Pele ga a ba phatlalatsa, Joshue o dira kgolagano nabo, o kwala mafoko ano mo bukeng ya molao wa Modimo, a ba a tlhoma lentswe le legolo go nna bosupi. Go tswa foo Joshue o a tlhokafala a godile sentle a na le dingwaga di le 110 mme o fitlhwa mo Timanatha-sera.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
21. Ke kgothatso efe e e botlhale e e mo bukeng ya ga Yoshue eo e nang le mosola o mogolo gompieno?
21 Fa o bala dikgothatso tsa ga Joshue tsa tshadisosentle malebana le gore tirelo e tshwanetse go dirwa ka boikanyego, a ga di tlhotlheletse pelo ya gago? A ga o bue mafoko a a tshwanang le a Joshue a neng a a bua dingwaga tse di fetang 3 400 tse di fetileng: “Kaga me le ba ntlo ea me, rona, re tla dihèla Yehofa hèla”? Kana fa e le gore o direla Jehofa o le mo ditekong kana o le kgakala le baikanyegi ba bangwe, a ga o kgothadiwe ke mafoko ao Jehofa a neng a a raya Joshue, ao a neng a buiwa kwa tshimologong ya mosepele wa go tsena mo Lefatsheng la Tsholofetso a a reng: “O nnè thata hèla le pelokgale thata hèla”? Mo godimo ga moo, a ga o solegelwe molemo fela thata ke go reetsa kgothatso ya Gagwe ya ‘go bala [Bibela] motshegare le bosigo, e le gore o tle o atlege mo ditseleng tsa gago’? Eleruri, botlhe bao ba latelang kgakololo eo e e botlhale ba tla solegelwa molemo fela thata.—24:15; 1:7-9.
22. Ke dinonofo dife tsa botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri tseo di tlotlomadiwang?
22 Ditiragalo tse di kwadilweng ka mo go tlhaloganyesegang sentle mo bukeng ya Yoshue ga se hisitori ya bogologolo fela. Di tlotlomatsa melaometheo ya bomodimo—segolobogolo gore go nna le tumelo e e feletseng le go utlwa Jehofa ke ga botlhokwa gore motho a tle a bone masego a gagwe. Moaposetoloi Paulo o kwala gore ka tumelo “dithakō tsa Yeriko tsa wa, di sena go nna di potologwa ka malatsi a shupa,” le gore ka baka la tumelo “Rahabe oa seaka a se ka a shwa le ba ba ganneñ go utlwa.” (Baheb. 11:30, 31) Jakobe le ene ka go tshwana o tsopola Rahabe jaaka sekao se se nang le mosola mo Bakereseteng sa go supa tumelo ka ditiro.—Yak. 2:24-26.
23. Mo go Yoshue go na le dikgakololo dife tse di maatla?
23 Ditiragalo tse di sa tlwaelegang tse eseng tsa tlholego tseo di kwadilweng mo go Yoshue 10:10-14, fa letsatsi le ne la ema fela le sa sute le ngwedi o o neng wa ema fela, mmogo le dikgakgamatso tse dingwe tse dintsi tseo Jehofa a neng a di direla batho ba gagwe, ke dilo tse dikgolo tse di gakololang bokgoni jwa ga Jehofa le boikaelelo jwa gagwe jwa go nyeleletsa ruri baikepi botlhe bao ba ganetsang Modimo. Isaia o amanya Gibeona, eo e neng e le lefelo la botlhabanelo mo motlheng wa ga Joshue le mo motlheng wa ga Dafide, le go ema ga ga Jehofa ka tšhakgalo go dira tshenyo eno, “gore a tlè a dihè tihō ea gagwè, e le tihō ea gagwè e sele, a bè a dihatsè go diha ga gagwè, e le go diha ka go sele.”—Isa. 28:21, 22.
24. Buka ya Yoshue e golagana jang le ditsholofetso tsa Bogosi, mme e naya tlhomamisetso efe ya gore tseno ‘di tla diragala tsotlhe fela’?
24 A ditiragalo tse di mo go Yoshue di lebisa go Bogosi jwa Modimo? Eleruri di lebisa go jone! Gore go fenya le go thibelela mo Lefatsheng la Tsholofetso go tshwanetse ga amanngwa le sengwe se segolo go ne ga supiwa ke moaposetoloi Paulo fa a ne a re: “Gonne ha Yoshue a ka bo a na a ba neile boikhucō, o ka bo o se ka oa bua kwa moragō kaga letsatsi le sele. Me ke gōna, boikhucō yoa sesabata bo nntse bo saletse batho ba Modimo.” (Baheb. 4:1, 8, 9) Ba gatela pele go tlhomamisa gore ba tla “tsèna ka megolokwane e megolo mo bogosiñ yo bo sa khutleñ yoa Morèna oa rona le Moreboloki Yesu Keresete.” (2 Pet. 1:10, 11) Jaaka go bontshitswe mo go Mathaio 1:5, Rahabe o ne a nna mmaagwemogologolwane wa ga Jesu Keresete. Ka gone buka ya Yoshue le yone e golagana sentle le rekoto e e re gogelang kwa go tlhageng ga Losika lwa Bogosi. E re tlhomamisetsa ka botlalo gore ditsholofetso tsa ga Jehofa tsa Bogosi di tla diragala ka botlalo. Fa e bua ka seo Modimo o neng wa se solofetsa Aberahame, Isake, le Jakobe le seo a neng a nna a se solofetsa Baiseraele gangwe le gape, bao eleng ditlogolwana tsa bone, rekoto eo e tlhalosa jaana malebana le motlha wa ga Joshue: “Ga se ka ga tlhaèla sepè sa se se molemō se Yehofa o na a se buile le ntlo ea Iseraela; ga dihala gotlhe hèla.” (Yosh. 21:45; Gen. 13:14-17) Ka mo go tshwanang, fa e le kaga “se se molemō” se Jehofa o se solofeditseng malebana le Bogosi jwa tshiamo jwa selegodimo—go tla diragala gotlhe fela!