Ba ne Ba Dira go Rata ga Jehofa
Jesu o Roma Barutwa ba le 70
E NE e le letlhabula la 32 C.E. Go ne go setse dikgwedi di le thataro fela pele ga loso lwa ga Jesu. Ka gone, e le go akofisa tiro ya go rera le go thapisa bangwe ba balatedi ba gagwe go ya pele, o ne a tlhopha barutwa ba le 70 mme “a ba romela ka bobedi le bobedi pele ga gagwe kwa motseng mongwe le mongwe le lefelo koo ene ka boene a neng a tlile go tla gone.”—Luke 10:1.a
Jesu o ne a roma barutwa ba gagwe “pele ga gagwe” e le gore batho ba tle ba kgone go swetsa ka bonako gore a ba kafa letlhakoreng la ga Mesia kana ba kgatlhanong le ene fa Jesu ka boene a ne a tla moragonyana. Mme ke ka ntlha yang fa a ne a ba roma “ka bobedi le bobedi”? Go bonala e le gore ba tle ba kgothatsane fa ba kopana le pogiso.
Fa Jesu a ne a gatelela kafa tiro ya bone ya go rera e potlakileng ka gone, o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Thobo e kgolo, eleruri, mme badiri ba mmalwa. Jalo lopang Mong wa thobo gore a romele badiri mo thobong ya gagwe.” (Luke 10:2) Go a tshwanela go bo a ne a tshwantsha tiro eno le thobo, ka gonne fa batho ba ne ba ka diega ka nako ya thobo, seno se ne se ka felela ka gore dijalo tse di botlhokwa di senyege. Ka mo go tshwanang, fa barutwa ba ne ba ka tlhokomologa tiro ya bone ya go rera, matshelo a batho a a botlhokwa a ne a ka senyega!—Esekiele 33:6.
Badiredi Ba ba Sa Iteegeng Tsebe
Gape Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Lo se ka lwa tshola sekgwama, lefa e le kgetsana ya dijo, lefa e le bompaatšhane ba bangwe, gape lo se ka lwa kamatlela ope fa lo dumedisa mo tseleng.” (Luke 10:4) Go ne go tlwaelegile gore motsamai a tsamaye a tsere sekgwama le dijo mme gape a tsere le bompaatšhane, ka gonne disola di ne di ka fela le dikgole tsa kgaoga. Mme barutwa ba ga Jesu ba ne ba sa tshwanela go tshwenyega ka dilo tse di ntseng jalo. Go na le moo, ba ne ba tshwanetse go tshepa gore Jehofa o tla ba tlamela a dirisa Baiseraelekabone, bao ba neng ba tlwaetse go amogela baeng.
Mme ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba se ka ba kamatlela ope fa ba dumedisa? A ba ne ba tshwanetse go se bontshe ba bangwe lorato, e bile ba se na maitseo? Nnyaa! Lefoko la Segerika a·spaʹzo·mai, le le bolelang go kamatlela fa go dumedisiwa, le ka bolela se se fetang gore “dumela” e e bontshang maitseo. Gape le ka akaretsa go atlana mo go tlwaelegileng, go kamatlelana, le go buisana ka nako e telele mo go dirwang fa ditsala tse pedi di kopane. Motlhalosi mongwe o bolela jaana: “Mo ditumedisong tsa batho ba Botlhabatsatsi go ne go sa khubangwe go sekae fela jaaka rona re tlwaetse, kana go tshwarana ka matsogo, mme go ne go dirwa ka go kametlalana gantsi, le go oba mmele, tota le go khubama fa fatshe. Dilo tseno tsotlhe di ne di tlhoka nako e ntsi.” (Bapisa 2 Dikgosi 4:29.) Ka gone Jesu o ne a thusa balatedi ba gagwe go tila dikgoreletsi tse di sa tlhokegeng, le fa gone di ne di tlwaelegile.
Kgabagare, Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe gore fa ba tsena mo ntlong mme ba bo ba amogelwa, ba tshwanetse go ‘nna mo ntlong eo, ba je e bile ba nwe dilo tse ba neng ba di ba naya.’ Mme fa ba ne ba ka tsena mo motseng ba bo ba sa amogelwe sentle, ba ne ba tshwanetse “[go tswela] kwa ditseleng tsa one tse di atlhameng mme [ba] re, ‘Le eleng lorole lo lo neng lwa ngaparela dinao tsa rona mo motseng wa lona re a lo lo phimolela.’” (Luke 10:7, 10, 11) Go iphimola kana go itlhotlhora lorole mo dinaong go ne go tshwantshetsa gore barutwa ba ne ba tlogela ntlo eo kana motse oo o o sa reetseng ka kagiso mme ba ne ba tla bona se kgabagare se neng se tla tlisiwa ke Modimo. Mme batho ba ba neng ba amogela barutwa ba ga Jesu ka bopelonomi ba ne ba tla segofadiwa. Jesu o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe jaana mo nakong e nngwe: “Yo o lo amogelang o amogela le nna, mme yo o nkamogelang o amogela le yo o nthometseng. Mme lefa e le mang yo o nayang mongwe wa ba bannye bano metsi a a tsididi fela a le mo senwelong gore a nwe ka go bo e le morutwa, ammaaruri ke a lo bolelela, ga a na go latlhegelwa ke maduo a gagwe ka gope.”—Mathaio 10:40, 42.
Thuto mo go Rona
Thomo ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go dira barutwa jaanong e dirwa ke Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 5000 000 mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Ba lemoga gore molaetsa wa bone o potlakile. Ka gone, ba dirisa nako ya bone ka tsela e e molemo, ba tila dikgoreletsi tse di ka ba thibelang go tlhoma mogopolo otlhe mo tirong ya bone e e botlhokwa.
Basupi ba ga Jehofa ba gagamalela go nna botsalano le botlhe ba ba kopanang le bone. Le fa go ntse jalo, ga ba senye nako ba bua dilo tse di sa thuseng sepe, e bile ga ba bonwe ba ngangisana le batho ka dikgang tse di amang setšhaba kana ka maiteko a lefatshe leno a a palelwang ke go baakanya ditshiamololo. (Johane 17:16) Go na le moo, ba bua thata ka tharabololo fela e e tla nnelang ruri ya mathata a batho—e leng Bogosi jwa Modimo.
Gantsi, Basupi ba ga Jehofa ba bonwa ba dira ka ditlhopha tsa bobedi ka bobedi. A ba ne ba ka se dire mo gontsi fa mongwe le mongwe wa bone a ne a ka dira a le esi? Gongwe. Le fa go ntse jalo, Bakeresete gompieno ba lemoga molemo wa go dira mmogo le badumedikabone. Go ka sireletsa fa motho a neela bosupi mo mafelong a a kotsi. Gape go dira le yo mongwe go thusa ba ba sa tswang go kopanela gore ba solegelwe molemo thata ke bokgoni jwa baboledi ba dikgang tse di molemo ba ba nang le boitemogelo. Tota, ba ka kgothatsana ka bobedi jwa bone.—Diane 27:17.
Kwantle ga pelaelo, tiro ya go rera ke tiro e e potlakileng thata e e dirwang mo “malatsing [ano] a bofelo.” (2 Timotheo 3:1) Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go tshegediwa ke bakaulengwe mo lefatsheng lotlhe mo ba dirang “mmogo ka ntlha ya tumelo ya dikgang tse di molemo.”—Bafilipi 1:27.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dibaebele dingwe le mekwalo mengwe ya bogologolo ya seatla ya Segerika e bolela gore Jesu o ne a roma barutwa ba le “masome a supa le bobedi.” Le fa go ntse jalo, mekwalo e le mentsi ya seatla e tshegetsa thata ntlha ya gore ba ne ba le “masome a supa.” Pharologanyo eno ga e a tshwanela go re sira go bona ntlha ya konokono, ya gore Jesu o ne a roma setlhopha se segolo sa barutwa ba gagwe go ya go rera.