A Dikhumo Di ka Go Itumedisa?
Kgosi Solomone o ne a itse botlhokwa jwa madi. O ne a kwala jaana: “Modiro o direlwa ditshego, le bojalwa jwa mofine bo itumedisa botshelo; le madi a fenya dilo tsotlhe.” (Moreri 10:19) Go ja dijo le ditsala go ka nna monate thata, mme go bona senkgwe kana beine, o tlhoka madi. E re ka madi e le selo se dithoto di bonwang ka one, a “fenya dilo tsotlhe.”
LE MORORO Solomone a ne a humile ka tsela e e gakgamatsang, o ne a itse gore go na le mo dikhumo di tlhaelang gone. O ne a lemoga gore tsela ya botshelo ya go rata dikhumo ga e lere boitumelo. O ne a kwala jaana: “Yo o ratang selefera ga a ketla a kgora selefera; le yo o ratang letlotlo ga a ketla a kgora loato.”—Moreri 5:10.
Go tweng fa motho yo o humileng a bona khumo e oketsegileng le go feta. Solomone a re: “Fa dilo di ata, ba ba di jang le bone ba ntsifale.” (Moreri 5:11) Fa “dilo” kana dithoto tsa motho di oketsega, go tlhokega batho ba ba oketsegileng go di tlhokomela. Babaakanyi, batlhokomedi, batlhanka, batho ba ba tla di disang, le ba bangwe—botlhe ba tshwanetse go duelelwa ditiro tsa bone. Mme ka ntlha ya seo, go tlhokega madi a a oketsegileng le go feta.
Boemo jo bo ntseng jalo bo ama boitumelo jwa motho ka tsela e e tlhamaletseng. Mokwalahisitori mongwe wa Mogerika e bong Xenophon, yo o neng a tshela mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., o ne a kwala jaana ka dikakgelo tsa monna mongwe yo o humanegileng yo o neng a huma:
“Kana gone, a o akanya tota . . . gore fa ke na le dilo tse dintsi ke tla itumela le go feta? Ga o itse,” a tswelela jalo, “gore ga ke itumelele go ja le fa e le go nwa le go robala gone jaanong go na le jaaka ke ne ke di itumelela fa ke ne ke humanegile. Selo se le sengwe fela se ke se boneng mo go nneng le dilo tse dintsi ke gore ke patelesega go tlhokomela dilo tse di oketsegileng, ke abele ba bangwe mo go oketsegileng, mme ke na le bothata jwa go tlhokomela dilo tse di oketsegileng go na le tse ke neng ke na natso pele. Gone jaanong batlhokomedi ba ba oketsegileng ba leba nna go bona dijo, ba le bantsi go bona dino, mme ba le bantsi ka diaparo, fa ba bangwe bone ba tlhoka dingaka; mme yo mongwe ene o tla mo go nna ka kgang ya gore dinku di tlhasetswe ke bophiri, kana gore dikgomo di bolailwe ke go wela ka kwa ga lengope, kana gore go na le bolwetse jo bo tlhasetseng motlhape. Mme go bonala mo go nna . . . e kete ke tshwenyega thata jaanong ka go bo ke na le dithoto tse dintsi go na le kafa go neng go ntse ka teng fa ke ne ke na le go le gonnye.”
Lebaka le lengwe la go bo batho ba batla khumo e e oketsegileng ke ka gore ba forwa ke se Jesu Keresete a neng a re ke “maatla a a tsietsang a dikhumo.” (Mathaio 13:22) Ba tsiediwa ka gonne dikhumo tseno tse ba di batlang ka tlhoafalo jaana, ga di ke le ka motlha di ba kgotsofatsa kana di ba naya boitumelo jo ba neng ba bo lebeletse. Ba akanya gore se dikhumo tse dinnye di palelwang ke go se dira, dikhumo tse dintsi di ka se kgona. Ka jalo go a bo go ntse go na le kgaratlho ya go batla mo go oketsegileng.
Go Rata Madi ga go Lere Boitumelo
Go amega ka dithoto tsa gagwe go ka nna ga dira gore monna yo o humileng a se ka a itumelela boroko jo bo monate bosigo. Solomone o kwala jaana: “Boroko jwa motho yo o dirang bo monate, le fa a ja bonnye kgotsa bogolo, mme go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go robala.”—Moreri 5:12.
Fa motho a tshwenyega ka tsela e e feteletseng, ka gore o tla latlhegelwa ke khumo ya gagwe, go a bo go na le se se fetang fela go tlhoka boroko. Fa a tlhalosa motho yo o pelotshetlha, Solomone o kwala jaana: “O tle a jele mo lefifing ka metlha yotlhe ya gagwe, mme a tshwenyege thata, a nne le botlhoko le kgakalo.” (Moreri 5:17) Go na le gore a itumelele khumo ya gagwe, o ja ‘a tshwenyegile’ e kete o fufegela tota le one madi a a tshwanetseng go a dirisetsa dijo. Go nna le boikutlo jo bo feteletseng jalo go ka nna ga go lwatsa. Mo godimo ga moo, bolwetse bo oketsa tlhobaelo ya motho yo o pelotshetlha, ka gonne bo mo kgoreletsa go kgobokanya khumo e e oketsegileng.
Gongwe se se go gakolola ka se moaposetoloi Paulo a neng a se kwala: “Ba ba ikemiseditseng go huma ba wela mo thaelong le mo serung le mo dikeletsong tse dintsi tsa bosenangtlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko, tse di thabuetsang batho mo tshenyegong le mo tshenyakong. Gonne lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gabalalela lorato lono bangwe . . . ba itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:9, 10) Ka ntlha ya go batla madi, batho baa tsietsa, baa aka, baa utswa, ba itira diaka, tota le go bolaya. Go felela ka gore motho a bo a itlhabaka ka ditlhabi tsa maikutlo, tsa nama le tsa semoya ka gonne a kgaratlhela go bona dikhumo. A seno se bonala e le tsela ya go bona boitumelo? Legoka!
Go Kgotsofalela se re Nang Naso
Solomone o ne a na le mo gontsi mo a ka go bolelang malebana le go nna le boikutlo jo bo lekalekaneng ka dikhumo. O ne a kwala jaana: “Jaaka a dule mo sebopelong sa ga mmaagwe, o tlaa ba a tloga jaaka a tsile, a sa ikatega, mme a se ketla a tsaya sepe ka ga letsapa la gagwe, se o ka tsamayang ka sone a se tshotse mo seatleng. Bonang, mo ke go bonyeng fa go le molemo go bile go le gontle, ke go re motho a je a nwe, a je monate wa letsapa la gagwe lotlhe, le o ineileng letsapa mo go lone tlase ga letsatsi, ka metlha yotlhe ya botshelo jwa gagwe jo Modimo o bo mo neileng; gonne ke yone kabelo ya gagwe.”—Moreri 5:15, 18.
Mafoko ano a bontsha gore boitumelo ga bo a ikaega ka go leka go kgobokanyetsa dikhumo nako e le ka motlha re sa ka keng ra e bona. Go botoka thata go kgotsofalela le go itumelela matswela a tiro ya rona e e thata. Moaposetoloi Paulo o ne a neela mogopolo o o tshwanang mo lekwalong la gagwe le le tlhotlheleditsweng le a neng a le kwalela Timotheo, a bolela jaana: “Gonne ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le ditlamedi mmogo le diaparo le boitshubelo, re tla kgotsofala ka dilo tseno.”—1 Timotheo 6:7, 8; bapisa Luke 12:16-21.
Selotlolo sa Boitumelo
Solomone o ne a na le dikhumo le botlhale jo bontsi. Mme o ne a tshwantsha boitumelo le botlhale e seng le madi. O ne a bolela jaana: “Go tlhogonolo motho yo o bonang botlhale, le motho yo o bapalang tlhaloganyo. Gonne tlhwatlhwa ya yone e gaisa tlhwatlhwa ya selefera, le papadi ya lone e gaisa papadi ya gouta e e itshekileng. O tlhokega bogolo go diperela; mme mo dilong tsotlhe tse o ka di eletsang ga go na sepe se se ka tshwantshiwang nae. Boleele jwa malatsi bo mo seatleng sa gagwe se se siameng; mo seatleng sa gagwe sa molema go dikhumo le tlotlo. Ditsela tsa gagwe ke ditsela tsa monate, le ditselana tsa gagwe tsotlhe ke kagiso. O setlhare sa botshelo mo go ba ba mo tshwarang; go tlhogonolo mongwe le mongwe yo o mo itshadisetsang.”—Diane 3:13-18.
Ke ka ntlha yang fa botlhale bo gaisa dithoto? Solomone o ne a kwala jaana: “Botlhale ke phemelo, fela jaaka madi e le phemelo; molemo o o gaisang wa kitso, ke go re botlhale bo boloka botshelo jwa yo o nang na[j]o.” (Moreri 7:12) Le fa madi a neela selekanyo se se rileng sa tshireletsego, a dira gore mong wa one a reke se a se tlhokang, botlhale bo ka sireletsa motho gore a se ka a tsena mo mathateng a a ka tsenyang botshelo jwa gagwe mo kotsing. Botlhale jwa mmatota ga bo sireletse motho fela mo go reng a swe ka bonako mme, e re ka bo theilwe mo go boifeng Modimo ka tsela e e tshwanetseng, bo tla dira gore a bone botshelo jo bo sa khutleng.
Ke ka ntlha yang fa botlhale jwa bomodimo bo lere boitumelo? Ka gonne boitumelo jwa mmatota bo ka tswa fela go Jehofa Modimo. Dilo tse di diragetseng di supa gore boitumelo jwa mmatota bo ka bonwa fela ka go utlwa Mogodimodimo. Boitumelo jo bo nnelang ruri bo ikaegile ka go amogelwa ke Modimo. (Mathaio 5:3-10) Ka go dirisa se re se ithutileng mo thutong ya Baebele, re tla tlhagolela “botlhale jo bo tswang kwa godimo.” (Jakobe 3:17) Bo tla re naya boitumelo jo dikhumo le ka motlha di ka se kang tsa bo re naya.
[Ditshwantsho mo go tsebe 4, 5]
Kgosi Solomone o ne a itse se se itumedisang motho. A wena o a se itse?