Yunise le Loise—Barutisi ba ba Tlhomang Sekao
Jaaka batlhanka ba ga Jehofa, re itse gore go neela bana ba rona thuto e e mosola ya bodumedi ke boikarabelo jo bo masisi. Tota le kafa tlase ga maemo a a molemolemo, tiro eno e ka nna ya nna le dikgoreletsi le mathata a mefuta yotlhe. Go ntse jalo segolobogolo fa motsadi wa Mokeresete a lebane le kgwetlho eo mo ntlong e e kgaoganeng ka bodumedi. Boemo jo bo ntseng jalo ga bo bosha. Dikwalo di re bolelela ka motsadi mongwe yo o neng a iphitlhela a le mo boemong jo bo tshwanang le joo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E.
Lelapa la mosadi mongwe yo o neng a bidiwa Yunise le ne le nna kwa Lisitera, motse o o neng o le mo kgaolong ya Lukaonia mo borwabogare jwa Asia Minor. Lisitera e ne e le motsana o monnye o o neng o se botlhokwa thata. E ne e le kolone ya Roma e e bidiwang Julia Felix Gemina Lustra, e tlhomilwe ke Augustus Caesar gore a thibele ditiro tsa bonokwane mo mafelong a a e dikologileng. Yunise e ne e le Mokeresete wa Mojuda yo o neng a nna mo ntlong e e kgaoganeng ka bodumedi le monna wa gagwe wa Mogerika, morwawe e bong Timotheo le mmaagwe e bong Loise.—Ditiro 16:1-3.
Gongwe go ne go se na Bajuda ba le bantsi kwa Lisitera, e re ka Baebele e sa umake gore go ne go na le sinagoge koo, le mororo go ne go na le baagi ba Bajuda kwa Ikonia, dikilometara di ka nna 30 go tswa koo. (Ditiro 14:19) Ka jalo go tshwanetse ga bo go ne go se motlhofo mo go Yunise go dirisa tumelo ya gagwe. Lebaka la go bo Timotheo, a ne a sa rupisiwa fa a sena go tsholwa go dirile gore bakanoki bangwe ba akanye gore monna wa ga Yunise o ne a ganetsana le mogopolo oo.
Le fa go ntse jalo, Yunise o ne a se nosi mo tumelong ya gagwe. Go bonala fa Timotheo a ile a rutiwa “mekwalo e e boitshepo” ke mmaagwe mmogo le mmemogoloagwe ka mmaagwe, e bong Loise.a Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Timotheo jaana: “Wena tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela, ka o itse gore ke batho bafe ba o di ithutileng mo go bone le gore o itsile mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng, e e kgonang go go tlhalefisa gore o bone poloko ka tumelo e e malebang le Keresete Jesu.”—2 Timotheo 3:14, 15.
Thuto “Go Tswa Boseeng”
Fa Paulo a ne a re Timotheo o rutilwe “mekwalo e e boitshepo” “go tswa boseeng” seno kwantle ga pelaelo se ne se raya gore go tswa bongwaneng. Seno se tumalanong le tsela e a dirisitseng lefoko la Segerika (breʹphos) le gantsi le rayang ngwana yo o sa tswang go tsholwa. (Bapisa Luke 2:12, 16.) Ka jalo Yunise o ne a tsaya boikarabelo jwa gagwe jo a bo filweng ke Modimo bo le masisi, a sa senye nako go simolola go naya Timotheo thapiso e e neng e tla mo thusa gore a gole e le motlhanka yo o ineetseng wa Modimo.—Duteronome 6:6-9; Diane 1:8.
Timotheo o ne a “tlhotlhelediwa go dumela” boammaaruri jwa Dikwalo. Go ya ka bukantswe nngwe ya Segerika, lefoko le Paulo a le dirisitseng fano le raya, “go tlhatswega pelo gotlhelele ka sengwe; go tlhomamisediwa” ka sengwe. Kwantle ga pelaelo, go ne go tlhokega nako e ntsi le maiteko go tsenya tumelo e e nonofileng jalo mo pelong ya ga Timotheo, go mo thusa go akanya ka Lefoko la Modimo le go dumela mo go lone. Go bonala, fa Yunise mmogo le Loise ba ile ba dira ka natla go ruta Timotheo go tswa mo Dikwalong. A bo basadi ba ba boifang Modimo bao ba ile ba nna le maduo a magolo jang ne! Paulo o ne a ka kwala jaana ka Timotheo: “Ke gakologelwa tumelo e e leng mo go wena e e se nang boitimokanyo bope, le e pele e neng ya nna mo go mmaagomogolo Loise le mmaago Yunise, mme e ke tshepang gore le mo go wena e gone.”—2 Timotheo 1:5.
A bo Yunise le Loise ba ne ba nna le seabe se se botlhokwa jang ne mo botshelong jwa ga Timotheo! Mokwadi David Read o bolela jaana malebana le seno: “Fa moaposetoloi a ne a akanya gore go ne go se na sepe se se botlhokwa fa e se go sokologa ga ga Timotheo ka namana, o ka bo a ile a mo gakolola ka gone ka bonako. Mme selo sa ntlha se a se bolelang ka tumelo ya ga Timotheo e ne e le gore e ne e setse e ‘tshela mo go Loise, . . . le Yunise.’” Mafoko a ga Paulo malebana le tumelo ya ga Loise, Yunise le Timotheo a supa gore gantsi thuto ya ntlha ya Dikwalo e e neelwang ke batsadi kwa gae tota le ke borremogolo le bommèmogolo e botlhokwa thata mo go tlhomamiseng isagwe ya semoya ya bana. A seo ga se a tshwanela go dira gore maloko a lelapa a akanye ka tsela e e masisi ka se ba se dirang go diragatsa boikarabelo jono mo Modimong le mo baneng ba bone?
Gongwe Paulo o ne a akanya gape ka mofuta wa boemo jwa lelapa jo Loise le Yunise ba dirileng gore bo nne teng. Moaposetoloi o ka tswa a ile a etela lelapa la bone fa a ne a ile kwa Lisitera ka lekgetlho la ntlha mo e ka nnang ka 47/48 C.E. Gongwe basadi ba babedi bao ba ne ba sokologela mo Bokereseteng ka yone nako eo. (Ditiro 14:8-20) Gongwe dikamano tsa lorato le boitumelo tse di neng di le mo ntlong eo ke tsone tse di ileng tsa tlhotlheletsa Paulo go tlhopha lefoko leno fa a ne a bitsa Loise ‘mmaagwemogolo’ wa ga Timotheo. Go ya ka mokanoki Ceslas Spicq, lefoko la Segerika le a le dirisitseng (mamʹme, le le farologanang le le le tlwaelegileng thata le le tlotlang la teʹthe) ke “lefoko la ngwana le le supang lorato” mo go mmaagwemogolo, leo mo kgannyeng eno le kayang “bontle jwa go tlwaelana le lorato.”
Go Tsamaya ga ga Timotheo
Ga go a phepafala sentle gore boemo jwa ga Yunise jwa lenyalo e ne e le bofe fa Paulo a etela Lisitera ka lekgetlho la bobedi (mo e ka nnang ka 50 C.E.). Bakanoki ba le bantsi ba akanya gore e ne e le motlholagadi. Le gale, ka kaelo ya ga mmaagwe le mmaagwemogolo, Timotheo o ne a gola go nna lekawana le le molemo, gongwe a ka tswa a ne a le dingwaga di le 20 ka nako eo. O ne a “bolelwa ka molemo ke bakaulengwe kwa Lisitera le Ikonio.” (Ditiro 16:2) Ka mo go bonalang ka teng, keletso ya go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi e ne e tsentswe mo pelong ya ga Timotheo, ka gonne o ne a amogela taletso ya ga Paulo ya gore a tsamaye le ene le Silase mo loetong lwa bone lwa borongwa.
A o ko o akanye fela gore Yunise le Loise ba ne ba ikutlwa jang fa Timotheo a ne a tloga a tsamaya! Ba ne ba itse gore mo loetong lwa ga Paulo lwa ntlha mo motseng wa bone, moaposetoloi yono o ne a kgobotlediwa ka maje mme a tlogelwa gore a swe. (Ditiro 14:19) Ka jalo go tshwanetse ga bo go ne go se motlhofo mo go bone go lesa Timotheo yo mmotlana go tsamaya. Gongwe, ba ne ba ipotsa gore o tla tsamaya sebaka se se kana kang le gore a o tla boa a babalesegile. Go sa kgathalesege ditlhobaelo tse ba neng ba ka tswa ba na natso, kwantle ga pelaelo mmaagwe le mmaagwemogolo ba ne ba mo kgothatsa gore a amogele tshiamelo eno e e kgethegileng e e neng e tla dira gore a direle Jehofa ka botlalo le go feta.
Dithuto Tse di Botlhokwa
Go ka ithutiwa mo gontsi ka go akanya ka kelotlhoko ka Yunise le Loise. Ba ne ba tlhotlhelediwa ke tumelo gore ba godise Timotheo ka tsela e e molemo le ya semoya. Sekao se se molemo le se se tlhomameng se borremogolo le bommèmogolo ba ba boifang Modimo ba se tlhomelang ditlogolo tsa bone le ba bangwe se ka solegela phuthego ya Bokeresete yotlhe molemo tota. (Tito 2:3-5) Gape sekao sa ga Yunise le sone se gakolola bommè ba ba nang le banna ba ba sa dumeleng ka boikarabelo le maduo a ba nang le one a go ruta bana ba bone mo semoyeng. Ka dinako tse dingwe seno se ka nna sa tlhoka bopelokgale jo bogolo, segolobogolo fa rre a sa rate dilo tsa bodumedi tse molekane wa gagwe a di dumelang. Gape go tlhokega botlhale, e re ka mosadi wa Mokeresete a tshwanetse go tlotla botlhogo jwa monna wa gagwe.
Tumelo, maiteko le go ithontsha dilo ga ga Loise le Yunise go ne ga duelwa fa ba ne ba bona Timotheo a gatela pele mo semoyeng go fitlha a nna morongwa le molebedi yo o molemo. (Bafilipi 2:19-22) Ka mo go tshwanang gompieno, go ruta bana ba rona boammaaruri jwa Dikwalo go tlhoka nako, bopelotelele, le go iketleeletsa mme matswela a a molemo a dira gore maiteko ano otlhe a nne mosola tota. Basha ba le bantsi ba Bakeresete ba ba tlhomang sekao ba ba ileng ba rutiwa ‘mekwalo e e boitshepo go tswa boseeng’ mo ntlong e e kgaoganeng ka bodumedi ba itumedisa motsadi wa bone yo o boifang Modimo thata. Mme a bo seane se se bolelang jaana se le boammaaruri jang ne: ‘Yo o belegeng motlhalefi o tla ipela thata’!—Diane 23:23-25.
Moaposetoloi Johane o ne a bolela jaana ka bana ba gagwe ba semoya: “Ga go na lebaka le legolo la go bontsha ditebogo le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 4) Eleruri, ba le bantsi ba ba tshwanang le Yunise le Loise, barutisi ba babedi ba ba tlhomang sekao le bone ba na le boikutlo jo bo tlhalosiwang ke mafoko ao.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Gore Loise e ne e se mmemogoloagwe Timotheo ka rraagwe go supiwa ke thanolo eno ya Se-Syriac ya gore “mmaagwe mmaago” mo go 2 Timotheo 1:5.