LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 5/15 ts. 21-23
  • Go Fitlhelela Dipelo ka Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Fitlhelela Dipelo ka Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Dirisa Tlhotlheletso mo Bodireding
  • Go Dirisana le Maikutlo
  • Kafa o ka Tlhatswang ba Bangwe Pelo ka Teng
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
  • Ela Tlhoko ‘Botswerere Jwa Gago Jwa go Ruta’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Thusa Batho ba o Ithutang Baebele le Bone Gore ba Kolobediwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2021
  • Ama Pelo ya Motho yo o Ithutang Bibela le Ene
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 5/15 ts. 21-23

Go Fitlhelela Dipelo ka Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa

BATHO ba le bantsi ba belaela lefoko “go tlhotlheletsa.” Le dira gore motho a akanye ka rrakgwebo yo o pateletsang kana papatso e e dirilweng go tsietsa kana go digela modirisi. Tota le mo Baebeleng, kgopolo ya go tlhotlheletsa ka dinako tse dingwe e na le mogopolo o o sa siamang, e raya go senya kana go faposa. Ka sekai, moaposetoloi wa Mokeresete Paulo o ne a kwalela Bagalatia jaana: “Lo ne lo siana sentle. Ke mang yo o neng a lo kgoreletsa go nna lo utlwa boammaaruri? Mofuta ono wa tlhotlheletso ga o tswe mo go Yo o lo bitsang.” (Bagalatia 5:7, 8) Paulo gape o ne a tlhagisa Bakolosa kgatlhanong le go dira gore ope ‘a ba fore ka dikgang tse di tlhotlheletsang.’ (Bakolosa 2:4) Ditlhotlheletso tse di ntseng jalo di ikaegile ka dipolelo tse di botlhale tse di theilweng mo metheong ya maaka.

Le fa go ntse jalo, mo lekwalong la gagwe la bobedi le a le kwaletseng Timotheo, moaposetoloi Paulo o ne a dirisa kgopolo ya go tlhotlheletsa ka tsela e e farologaneng. O ne a kwala jaana: “Wena tswelela mo dilong tse o di ithutileng wa ba wa tlhotlhelediwa go di dumela, ka o itse gore ke batho bafe ba o di ithutileng mo go bone.” (2 Timotheo 3:14) Fa a ‘tlhotlhelediwa go dumela,’ Timotheo ga a ka a digelwa ke mmaagwe le mmaagwemogolo, bao a ithutileng Dikwalo tsa boammaaruri mo go bone.—2 Timotheo 1:5.a

Fa Paulo a ne a tswaletswe mo ntlong a disitswe kwa Roma, o ne a neela ba le bantsi bosupi ka botlalo, “a dirisa mafoko a a tlhatswang pelo kaga Jesu a a mo molaong wa ga Moshe le Baporofeti, go tloga mo mosong go fitlha maitseboa.” (Ditiro 28:23) A Paulo o ne a tsietsa bareetsi ba gagwe? Le e seng! Ka mo go phepafetseng he, go tlhotlheletsa ga se ka metlha e leng selo se se sa siamang.

Fa o dirisiwa ka tsela e e siameng, modi wa lefoko la Segerika le le ranotsweng ka gore “tlhotlheletsa” o raya go tlhatswa pelo, go fetola mogopolo ka mabaka a a utlwalang. Morutisi a ka aga mo motheong wa Dikwalo ka tsela eo, a dirisa tlhotlheletso go dira gore ba bangwe ba dumele boammaaruri jwa Baebele. (2 Timotheo 2:15) Seno eleruri, e ne e le selo se segolo mo bodireding jwa ga Paulo. Tota le Dimeterio mothudi wa selefera, yo a neng a tsaya dithuto tsa Bokeresete e le tsa maaka, o ne a bolela jaana: “Paulo yono, e seng mo Efeso fela, mme mo e ka nnang mo kgaolong yotlhe ya Asia, a tlhotlheleditseng boidiidi jo bogolo go dumela a ba a dira gore ba nne le kgopolo e sele, a re medimo e e dirilweng ka diatla ga se yone.”—Ditiro 19:26.

Go Dirisa Tlhotlheletso mo Bodireding

Jesu Keresete o ne a laela balatedi ba gagwe jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetsa mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba ruta go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 28:19, 20) Mo dinageng tse di fetang 230, Basupi ba ga Jehofa ba diragatsa taelo eno. Kgwedi nngwe le nngwe ka ngwaga wa bone wa tirelo wa 1997, ba ne ba tshwara palogare ya dithuto tsa Baebele tsa legae di le 4552589 mo lefatsheng lotlhe.

Fa o na le tshiamelo ya go tshwara thuto ya Baebele ya legae, o ka nna wa akanya ka dikgwetlho tse di tla tlhokang gore o dirise bokgoni jwa go tlhotlheletsa. Ka sekai, a re re mo thutong ya gago e e latelang, go tsoga potso malebana le Tharonngwe. Go tweng fa e le gore o itse gore moithuti wa gago o dumela thuto eno? O tla mo naya kgatiso e e buang ka kgang eo. Fa a sena go e bala, o ka nna wa fitlhela gore o tlhatswegile pelo gore Modimo le Jesu ga ba tshwane. Mme fa go sa ntse go na le dipotso tse di setseng, o tla tswelela jang?

Reetsa ka kelotlhoko. Seno se tla go thusa go bona gore moithuti wa gago o setse a dumela eng malebana le kgang e a e rutiwang. Ka sekai, fa moithuti wa gago a re, “Ke dumela Tharonngwe,” o tla nna le motlotlo wa Dikwalo o o gananang le thuto eno ka bonako le ene. Mme go na le dithuto tse di farologaneng malebana le Tharonngwe. Moithuti wa gago a ka tswa a dumela sengwe se se farologaneng thata le se wena o se tlhalosang e le thuto ya Tharonngwe. Go ka nna ga nna jalo le ka dithuto tse dingwe, tse di jaaka go tsalwa ka mmele o mosha, go sa sweng ga moya, le poloko. Ka jalo reetsa ka kelotlhoko pele ga o bua. O se ka wa fopholetsa gore moithuti o dumela eng.—Diane 18:13.

Botsa dipotso. Tseno di ka akaretsa: ‘A o ne o ntse o dumela Tharonngwe? A o kile wa dira patlisiso e e tseneletseng go bona gore Baebele ya reng ka kgang eno? Fa Modimo a ka bo a le karolo ya tharonngwe, a Lefoko la gagwe, e leng Baebele, le ne le se kitla le re bolelela jalo ka tlhamalalo?’ Fa o ruta moithuti, ema nako le nako o mmotse dipotso tse di jaaka tseno: ‘A se re se sekasekileng go fitlha fano se a utlwala mo go wena?’ ‘A o dumalana le tlhaloso eno?’ Ka go dirisa dipotso ka botswerere, o dira gore moithuti a nne le seabe mo thutong. Ga a tshwanela fela go reetsa kafa o tlhalosang kgang ka teng.

Dirisa mabaka a a utlwalang. Ka sekai, fa o tlotla ka thuto ya Tharonngwe, o ka nna wa bolelela moithuti wa gago jaana: ‘Fa Jesu a ne a kolobediwa, go ne ga tswa lentswe kwa legodimong le bolela jaana: “O Morwaake, moratwa.” Fa e le gore tota Modimo o ne a le mo lefatsheng a kolobediwa, a o ne a ka isa lentswe la gagwe kwa legodimong a bo a le busa gore mafoko ao a tle a utlwiwe mo lefatsheng? A seo se ne se se kitla se tsietsa? A Modimo “o o sa ka keng wa aka” a ka dira selo se se tsietsang jalo?’—Luke 3:21, 22; Tito 1:1, 2.

Go neela mabaka a a utlwalang ka tsela e e botswerere gantsi go nna le matswela. Akanya ka sekai sa mosadi mongwe yo re tla mmitsang Barbara. Mo botshelong jwa gagwe jotlhe, o ne a dumela gore Jesu e ne e le Modimo e bile e le karolo ya tharonngwe e e neng e akaretsa moya o o boitshepo. Mme mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a mmolelela gore Modimo le Jesu ke batho ba babedi ba ba farologaneng, mme a mmontsha dikwalo tse di tshegetsang kgang ya gagwe.b Barbara o ne a sa kgone go ganetsa Baebele. Ka nako e e tshwanang, o ne a kgobegile marapo. Gone mme, o ne a rata thuto ya Tharonngwe thata.

Mosupi yoo o ne a bontshana mabaka ka bopelotelele le Barbara. O ne a botsa jaana: “Fa o ne o leka go nthuta gore batho ba babedi ba a lekana, o ne o ka dirisa kamano efe go tshwantsha seo?” O ne a akanya go sekae mme a bo a araba jaana: “Nka nna ka dirisa bana ba motho ba babedi.” “Ee tota,” Mosupi a araba jalo. “Gongwe e bile mafatlha a a tshwanang. Mme fa Jesu a ne a re ruta go leba Modimo jaaka Rara mme ene e le Morwa, o ne a bolela eng?” “Ke a bona,” Barbara a araba jalo, a ntsha matlho a gagwe. “O tlhalosa yo mongwe a le mogolo e bile a na le thata e kgolo.”

“Ee” Mosupi a araba jalo, “mme bareetsi ba ga Jesu ba Bajuda, ba ba neng ba tshela ka nako ya ditlhogo tsa lotso, ba ne ba fitlhelela yone tshwetso eo tota.” Go gatelela ntlha ya gagwe, Mosupi o ne a konela jaana: “Fa re kgonne go dirisa tshwantshetso e e tshwanelang jaana go supa go lekana—ya bana ba motho kana mafatlha—tota Jesu, Morutisi yo Mogolo, le ene o ne a ka kgona go dira jalo. Mme, ene o ile a dirisa mafoko ‘rre’ le ‘morwa’ go tlhalosa kamano e e fa gare ga gagwe le Modimo.”

Kgabagare Barbara o ne a tlhaloganya ntlha, mme a e amogela. Pelo ya gagwe e ne ya fitlhelelwa ka bokgoni jwa go tlhotlheletsa.

Go Dirisana le Maikutlo

Gantsi ditumelo tsa bodumedi tse di nweletseng kwa teng di amana le maikutlo. Akanya ka kgang ya ga Edna, Mokatoliki yo o ineetseng. Ditlogolwana tsa gagwe tsa dingwaga tsa bolesome di ne tsa mo neela bosupi jo bo phepafetseng jwa Dikwalo jwa gore Modimo le Jesu ga se motho a le mongwe. Edna o ne a tlhaloganya se a neng a se utlwa. Le fa go ntse jalo, o ne a bolela jaana ka bonolo mme a nitame: “Ke dumela Tharonngwe e e boitshepo.”

Gongwe le wena o nnile le maitemogelo a a tshwanang. Ba le bantsi ba leba dithuto tsa bone tsa bodumedi jaaka bontlhanngwe jwa se ba leng sone. Go tlhotlheletsa baithuti ba ba ntseng jalo ba Baebele, go tlhokega se se fetang fela go akantshana le ene o sa kgathale kana go mo naya dikwalo tse di latelanang tse di utlwalang go supa gore se motho a se dumelang se phoso. Dikgang tse di ntseng jalo di ka rarabololwa sentle ka go lekalekanya bokgoni jwa go tlhotlheletsa le kutlwelobotlhoko. (Bapisa Baroma 12:15; Bakolosa 3:12.) Gone ke boammaaruri, morutisi yo o molemo o tshwanetse go nna le tumelo e e tiileng. Ka sekai, Paulo o ne a dirisa polelwana e e jaaka “ke tlhatswegile pelo” le “ke a itse e bile ke tlhotlheletsega go dumela mo go Morena Jesu.” (Baroma 8:38; 14:14) Le fa go ntse jalo, fa re tlhalosa kafa re tlhatswegileng pelo ka teng, re tshwanetse go ela tlhoko gore re se ka ra go dira ka tsela ya go gagamatsa dilo, re itira ba ba siameng, e bile ga re a tshwanela go sotla kana go nyatsa fa re neela boammaaruri jwa Baebele. Tota ga re batle go kgopisa kana go kgala moithuti.—Diane 12:18.

Go molemo thata go tlotla se moithuti a se dumelang le go lemoga gore o na le tshwanelo ya go se dumela. Boikokobetso ke tharabololo. Morutisi yo o boikokobetso ga a ikutlwe a le kwa godimo ga moithuti wa gagwe. (Luke 18:9-14; Bafilipi 2:3, 4) Go tlhotlheletsa ka tsela ya bomodimo go akaretsa boikokobetso jo ka jone, motho a ka bolelang jaana: ‘Jehofa o nthusitse ka go ntlhomogela pelo gore ke bone seno. A ke go bolelele ka sone.’

Paulo o ne a kwalela Bakeresetekaene ba ba kwa Korintha jaana: “Dibetsa tsa ntwa ya rona ga se tsa senama, mme di maatla ka Modimo go pitikolola dilo tse di epetsweng kwa teng thata. Gonne re pitikolola dikakanyo le selo sengwe le sengwe se se kwa godimo se se goleditsweng kgatlhanong le kitso kaga Modimo; mme re tsenya kakanyo nngwe le nngwe mo botshwarong go e dira gore e utlwe Keresete.” (2 Bakorintha 10:4, 5) Gompieno, Basupi ba ga Jehofa ba dirisa Lefoko la Modimo go pitikolola dithuto tsa maaka tse di epetsweng kwa teng thata le ditiro le mekgwa e e tseneletseng kwa teng e e sa mo itumediseng. (1 Bakorintha 6:9-11) Ka go dira seno, Basupi ba gakologelwa gore Jehofa o nnile pelotelele ka tsela e e lorato mo go bone. A bo ba itumela jang ne go bo ba na le Lefoko la gagwe, Baebele, le go dirisa sedirisiwa se se maatla seno go khumula dithuto tsa maaka le go fitlhelela dipelo ka bokgoni jwa go tlhotlheletsa!

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Bona setlhogo se se reng “Yunise le Loise—Barutisi ba ba Tlhomang Sekao,” mo ditsebeng 7-9 tsa one makasine ono wa Tora ya Tebelo.

b Bona Johane 14:28; Bafilipi 2:5, 6; Bakolosa 1:13-15. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona boroutšhara jwa A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Lebokoso mo go tsebe 23]

Go Fitlhelela Pelo ya Moithuti wa Gago

◻ Rapelela kaelo ya ga Jehofa gore o fitlhelele pelo ya moithuti wa Baebele.—Nehemia 2:4, 5; Isaia 50:4.

◻ Tlhokomela gore moithuti o dumela eng le gore ke ka ntlha yang a ka tswa a kgatlhwa ke thuto nngwe ya maaka.—Ditiro 17:22, 23.

◻ Ka tsela e e bonolo, le ya bopelotelele, dira gore go nne le puisano e e utlwalang, ya Dikwalo o ntse o tlhokomela dikarolo tse lo dumalanang mo go tsone.—Ditiro 17:24-34.

◻ Fa go kgonega, gatelela boammaaruri jwa Baebele ka ditshwantsho tse di molemo.—Mareko 4:33, 34.

◻ Bontsha moithuti melemo ya go amogela kitso ya boammaaruri e e tswang mo Baebeleng.—1 Timotheo 2:3, 4; 2 Timotheo 3:14, 15.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela