A o A Fuduga?
Fa karabo ya potso eo e le ee, go na le dilo di le dintsi tse wena le ba bangwe lo tshwanetseng go tsaya kgato ya go di dira. Ka go latela dikgato tsa konokono tse di bontshitsweng fa tlase, o tla tlwaela ka bonako kwa phuthegong ya gago e ntšha.
(1) Fa o setse o itse gore o fudugela kae, mokwaledi wa phuthego e o leng mo go yone o ka nna a go bonela aterese ya Holo ya Bogosi ya phuthego ya gago e ntšha. Fa o goroga kwa lefelong leo, batla holo ka bonako mme o tlhomamise dinako tsa dipokano tsa phuthego. Fa e le gore ke diphuthego tse di fetang e le nngwe tse di dirisang Holo eo ya Bogosi, kopa bagolwane gore ba go bolelele gore o nna mo tshimong ya phuthego efe. O se ka wa diega go nna gone kwa dipokanong le go tlwaelana le bagolwane ba phuthego eo.
(2) Mokwaledi wa phuthego e o leng mo go yone jaanong le wa phuthego e ntšha ba tla dirisana mmogo ka go romela karata ya gago ya Congregation’s Publisher Record le tsa ba lelapa la gago. Gape bagolwane ba phuthego ya gago e ntšha ba tla romelelwa lekwalo le le go tlhalosang. (Bona Lebokoso la Dipotso la Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1991.) Komiti ya Tirelo ya Phuthego ya gone koo e tshwanetse go itsise motshwari wa thuto ya buka yo o tshwanetseng ka wena gore a ikopanye le wena le go go thusa go bona kwa setlhopha sa gago se sesha sa thuto ya buka se tshwarelwang teng.—Bar. 15:7.
(3) Baboledi botlhe mo phuthegong ya gago e ntšha ba na le seabe se se itumedisang go se dira—sa go tlwaelana le wena le gore o ikutlwe o amogelesega. (Bapisa 3 Johane 8.) Ke boammaaruri gore seno se kaya gore o nne gone kwa dipokanong gore o itumelele go kgothatsana le go agana le bakaulengwe le bokgaitsadi.
(4) O se ka wa leta go fitlhela tiro yotlhe ya go fuduga e wediwa pele o ka nna le seabe mo bodireding jwa tshimo le phuthego ya gago e ntšha. Fa o ntse o baya dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele, dilo tse dingwe di tla dirwa, mme o tla ikutlwa o phuthologile mo lefelong la gago le lesha. (Math. 6:33) Fa o setse o tlwaetse legae la gago le lesha, o ka nna wa batla go laletsa bangwe mo phuthegong go go etela le gore lo tlwaelane.—Bar. 12:13b.
Go fuduga ke namane e tona ya tiro. Le fa go ntse jalo, fa mongwe le mongwe a dira se se akantshitsweng, go ka se nne le ba ba boelang morago mo semoyeng. Rotlhe re tla kgatlhiwa thata ke bokaulengwe jwa rona jo bo lorato jwa Bokeresete.