LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/00 ts. 4
  • A o Anaanela Bopelotelele Jwa ga Jehofa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Anaanela Bopelotelele Jwa ga Jehofa?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Etsa Bopelotelele Jwa ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Ithute Bopelotelele mo go Jehofa le Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tswelela o le Pelotelele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Re Tshwanetse go Nna Pelotelele mo Bodireding Jwa Rona
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 7/00 ts. 4

A o Anaanela Bopelotelele Jwa ga Jehofa?

1 Fa Jehofa a ka bo a ile a se ka a nna pelotelele mo dingwageng tse 10, 20 le go feta tse di fetileng, ka go letlelela gore go neelwe bosupi jo bo oketsegileng, a o ka bo o ithutile boammaaruri? A bo re leboga jang ne gore o letleletse batho ba le bantsi gore “ba fitlhe mo boikotlhaong.” Le fa go ntse jalo, letsatsi le legolo la katlholo la ga Jehofa “le tla tla jaaka legodu.” (2 Pet. 3:9, 10) Ka gone, bopelotelele jwa ga Jehofa ga bo a tshwanela go tsewa e le go diegisa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.—Hab. 2:3.

2 Utlwela Batho Botlhoko: Bopelotelele jwa ga Jehofa bo bogolo ka tsela e re sa kgoneng go e tlhaloganya. Ga re a tshwanela go lebala lebaka la go bo a ntse jalo. (Jona 4:1-4, 11) Jehofa o bona maemo a a tlhomolang pelo a batho ba leng mo go one mme o ba utlwela botlhoko. Jesu o ikutlwa ka tsela e e tshwanang. Fa a ne a utlwela batho ba a neng a ba rerela botlhoko, o ne a batla gore tiro ya go rera efangele e atolosiwe gore batho ba le bantsi ba nne le sebaka sa go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Math. 9:35-38.

3 Fa bomadimabe le dikotsi tsa masetlapelo di padimola, a ga re tlhotlheletsege go utlwela batho ba ba sa itseng boammaaruri botlhoko? Batho gompieno ba tshwana le “dinku tse di se nang modisa” fa ba ntse ba leka go itshokela le go tlhaloganya tlhakantshuke e e mo lefatsheng leno. (Mar. 6:34) Fa re rera dikgang tse di molemo ka tlhoafalo, re a bo re gomotsa ba ba dipelo tse di siameng le go bontsha gore re anaanela bopelotelele jwa ga Jehofa.—Dit. 13:48.

4 Tiro ya Rona e Potlakile: Ngogola go ile ga kolobediwa batho ba le 323 439 mme ba ba nnileng gone kwa Segopotsong ba ne ba feta 14 000 000. Ruri go sa ntse go na le palo e kgolo ya batho ba ba ka nnang ba falola tshenyego ya tsamaiso eno e e boikepo! Ga re itse gore “boidiidi jo bogolo” bo tlile go nna kana kang. (Tshen. 7:9) Ga re itse gore tiro ya rona ya go rera e tlile go tsaya lobaka lo lo kana kang. Mme ke Jehofa yo o itseng. Dikgang tse di molemo di tla rerwa go fitlhela a kgotsofetse, “mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Math. 24:14.

5 Nako e e setseng e khutshwane, mme letsatsi la ga Jehofa le gaufi. (1 Bakor. 7:29a; Baheb. 10:37) Ga go belaetse gore “poloko ya rona e gautshwane go na le ka nako e re neng re nna badumedi ka yone.” (Bar. 13:11) Re se ka ra lebala lebaka la go bo Modimo a le pelotelele. Go na le moo, a re rereng ka potlako e le gore Jehofa a tle a tlhomogele batho ba le bantsi ba ba ratang tshiamo pelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela