LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 1/15 ts. 23-28
  • Go Thusa ba Bangwe go Ithuta Dilo Tse Modimo a di Batlang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa ba Bangwe go Ithuta Dilo Tse Modimo a di Batlang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Kgwetlho Mme e Seng Mokgweleo
  • Go Nna o Ipaakanyeditse Sentle go Thusa ba Bangwe
  • Go Sekaseka Sedirisiwa se Sesha
  • “Kafa re ka Dirisang Boroutšhara Jwa Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! ka Teng.”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Sedirisiwa se Sesha Se se Tla Thusang Batho go Ithuta Dilo Tse Modimo a di Batlang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Thusa Ba ba Se Nang Maitemogelo go Tlhaloganya
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Bolela Mafoko a a Molemo a Bogosi ka Diboroutšhara
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 1/15 ts. 23-28

Go Thusa ba Bangwe go Ithuta Dilo Tse Modimo a di Batlang

“Kgorobelelo e mo go nna; gonne go ka bo go latlhega nna, fa ke sa rere Mafoko a a Molemo.”—1 BAKORINTHE 9:16.

1, 2. (a) Ke tiro efe e e nang le maikaelelo a mabedi e Jehofa a batlang re nna le seabe mo go yone? (b) Ke eng se batho ba ba dipelo di ikanyegang ba tshwanetseng go se ithuta e le gore ba nne babusiwa ba Bogosi jwa Modimo?

JEHOFA o tshwaretse batho mafoko a a molemo. O na le Bogosi, mme o batla gore batho ba utlwe ka ga jone gongwe le gongwe! Fa re ithuta mafoko ano a a molemo, Modimo o batla gore re a bolelele ba bangwe. Eno ke tiro e e nang le maikaelelo a mabedi. La ntlha, re tshwanetse go bolela mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo. Mo boporofeting jwa ga Jesu jo bo malebana le “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo,” o ne a re: “Mafoko a a Molemo a, a bogosi, a tlaa rerwa mo lefatsheng lotlhe, go nna tshupo mo merafeng yotlhe; foo ke gone bokhutlo bo tlaa tlang.”—Mathaio 24:3, 14, bapisa NW.

2 Karolo ya bobedi ya tiro eno e akaretsa go ruta batho ba ba arabelang sentle fa go bolelwa ka Bogosi. Fa Jesu a se na go tsosiwa, o ne a bolelela setlhopha sengwe se segolo thata sa barutwa ba gagwe jaana: “Ke gone tsamayang, lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo ineng la Rara, le la Morwa, le la Mowa o o Boitshepo. Lo ba rute go tlhokomela dilo tsotlhe tse ke di lo laoletseng; mme bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, go ya bokhutlong jwa metlha.” (Mathaio 28:19, 20) ‘Dilo tse Keresete a di laotseng’ ga di tswe mo go ene; o ne a ruta ba bangwe gore ba tlhokomele ditaolo tsa Modimo, kana dilo tse a di batlang. (Johane 14:23, 24; 15:10) Ka gone go ruta ba bangwe go ‘tlhokomela dilo tse Keresete a di laotseng’ go akaretsa go ba thusa go ithuta dilo tse Modimo a di batlang. Batho ba ba dipelo di ikanyegang ba tshwanetse ba diragatsa dilo tse Modimo a di batlang e le gore ba nne babusiwa ba Bogosi jwa gagwe.

3. Bogosi jwa Modimo ke eng, mme ke eng se bo tla se dirang se se dirang gore molaetsa wa Bogosi e nne mafoko a a molemo jalo?

3 Bogosi jwa Modimo ke eng? Mme ke eng se bo tla se dirang se se dirang gore molaetsa wa Bogosi e nne mafoko a a molemo ka tsela eo? Bogosi jwa Modimo ke puso ya selegodimo. Bo botlhokwa thata mo pelong ya ga Jehofa, ka gonne o tla bo dirisa gore leina la gagwe le itshepisiwe, a le tlosa kgobo yotlhe. Bogosi ke sedirisiwa se Jehofa a tla se dirisang gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Ke gone ka moo Jesu a neng a re ruta go rapelela Bogosi jwa Modimo gore bo tle le go re rotloetsa gore re bo beye kwa pele mo matshelong a rona. (Mathaio 6:9, 10, 33) A o bona lebaka la go bo Jehofa a bona go le botlhokwa jaana gore re rute ba bangwe ka Bogosi jwa gagwe?

Ke Kgwetlho Mme e Seng Mokgweleo

4. Go tshwantshiwa jang go bontsha gore tshwanelo ya rona ya go rera mafoko a a molemo ga se mokgweleo?

4 A ke mokgweleo go rera mafoko ano a a molemo? Tota nnyaa! Fa re tshwantsha: Rre o na le boikarabelo jwa go tlamela ba lelapa la gagwe ka dithoto. Fa a palelwa ke go dira jalo go lekana le fa a gana tumelo ya Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Fa mongwe a sa tlamele ba ga gabo, bogolo ba e leng ba ntlo ya gagwe, o latotse tumelo, mme o bosula go gaisa yo o sa dumeleng.” (1 Timotheo 5:8) A mme tshwanelo eo ke mokgweleo mo monneng wa Mokeresete? E seng fa e le gore o rata lelapa la gagwe, ka gonne mo kgannyeng eo o tla batla go ba tlamela.

5. Le mororo tiro ya go rera le ya go dira barutwa e le tshwanelo ya rona, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itumelela go nna le seabe mo go yone?

5 Ka mo go tshwanang, tiro ya go rera le ya go dira barutwa ke boikarabelo jwa rona, ke selo se se batlegang, se matshelo a rona tota a ikaegileng mo go sone. Paulo o ne a baya seno jaana: “Kgorobelelo e mo go nna; gonne go ka bo go latlhega nna, fa ke sa rere Mafoko a a Molemo.” (1 Bakorinthe 9:16; bapisa Esekiele 33:7-9.) Lefa go ntse jalo, boikaelelo jwa rona jwa go rera ke lorato, e seng ka go bo re tshwanetse go dira jalo. Selo sa konokono ke go rata Modimo, mme gape re rata baagelani ba rona, e bile re itse ka fa go leng botlhokwa ka teng gore ba utlwe mafoko a a molemo. (Mathaio 22:37-39) Go dira gore ba nne le tsholofelo ka isagwe. Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo baakanya go tlhoka tshiamiso, bo tlosa kgatelelo yotlhe le go lere kagiso le kutlwano—seno se direlwa gore batho ba ba ikobelang puso ya jone e e siameng ba nne le masego a a tla nnelang ruri. A ga re ikutlwe re itumetse, ee re kgatlhegela go abela ba bangwe mafoko ao a a molemo?—Pesalema 110:3.

6. Ke ka ntlha yang fa tiro ya go rera le ya go dira barutwa e le kgwetlho ya mmatota jaana?

6 Mo godimo ga moo, tiro eno ya go rera le go dira barutwa e lere kgwetlho ya mmatota. Batho ba a farologana. Ga se botlhe ba ba kgatlhegelang dilo tse di tshwanang kana ba ba nang le bokgoni jo bo tshwanang. Ba bangwe ba rutegile sentle, fa ba bangwe ba sa rutega thata. Go bala—mo pele go neng go dirwa e le go itlosa bodutu—gantsi jaanong go lebiwa e le tiro e e bokete. Go tlhoka keletso ya go bala, mo go tlhalosiwang e le “nonofo kana boemo jwa go kgona go bala mme o sa kgatlhegele go dira jalo,” ke bothata jo bo ntseng bo gola, tota le mo dinageng tse di kgothaletsang gore go itsiwe go bala thata. Re ka thusa jang batho ba ba godisitsweng ka ditsela tse di farologaneng e bile ba na le dikgatlhego tse di farologaneng gore ba ithute se Modimo a se batlang?—Bapisa 1 Bakorinthe 9:20-23.

Go Nna o Ipaakanyeditse Sentle go Thusa ba Bangwe

7. “Motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” o re tlhometse jang gore re thuse ba bangwe go ithuta dilo tse Modimo a di batlang?

7 Tiro e e gwetlhang e motlhofo go e dira fa o na le didirisiwa tse di tshwanetseng. Sedirisiwa se se tshwanelang tiro e e rileng sentle gompieno se ka nna sa fetolwa ka moso kana sa emisediwa ka se sengwe ka ntlha ya dilo tse di tlhokegang tse di ntseng di fetoga. Go tshwana le thomo ya rona ya go bolela molaetsa wa Bogosi jwa Modimo. Ka dingwagangwaga, “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” o ile a re direla didirisiwa tse di tshwanelang tota, dikgatiso tse di dirilweng ka tsela e e kgethegileng gore di dirisiwe fa go tshwarwa dithuto tsa magae tsa Baebele. (Mathaio 24:45) Ka gone re ne re ntse re ipaakanyeditse go thusa batho ba “morafe mongwe le mongwe, le ba ditso tsotlhe, le . . . dipuo” gore ba ithute dilo tse Modimo a di batlang. (Tshenolo 7:9) Gangwe le gape, didirisiwa tse di oketsegileng di ile tsa abiwa gore di thuse mo dilong tse di tlhokegang tse di ntseng di fetoga mo tshimong ya lefatshe. A re sekasekeng dikai di sekae.

8. (a) Buka ya “Let God Be True” e nnile le seabe sefe mo go anamiseng thuto ya Baebele? (b) Ke sedirisiwa sefe sa tiro ya go ithuta Baebele se se neng sa gatisiwa ka 1968, mme se ne se dirilwe ka tsela efe e e kgethegileng? (c) Buka ya Boamarure e ne ya thusa jang mo tirong ya go dira barutwa?

8 Go tloga ka 1946 go ya go 1968, go ne go dirisiwa buka ya “Let God Be True” e le sedirisiwa se se nonofileng mo go ruteng Baebele, mme dikhopi di le 19 250 000 di ne tsa gatisiwa ka dipuo di le 54. Buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng e e neng ya gololwa ka 1968 (ka Seesemane) e sale ka e dirisiwa ka katlego mo dingwageng di le dintsi go ruta batho ba ba kgatlhegelang Baebele. Mo nakong e e fetileng, go ne go tlwaelegile gore batho bangwe ba ithute le Basupi ba ga Jehofa ka dingwagangwaga ba sa kolobediwe. Mme sedirisiwa seno se ne se diretswe gore se ame moithuti, se mo kgothatsa gore a dirise se a se ithutang. Matswela e ile ya nna afe? Buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo e bolela jaana: “Mo dingwageng tse tharo tsa tirelo tse di simolotseng ka September 1, 1968, mme di fela ka August 31, 1971, go ne ga kolobediwa palogotlhe ya batho ba le 434 906—e le go feta gabedi palo ya bao ba ileng ba kolobediwa mo dingwageng tse tharo tsa tirelo tse di tlileng pele ga tseo!” Fa e sa le buka ya Boamarure e gololwa, e ile ya atlega gore e tsamaisiwe ka bontsi jo bo gakgamatsang—ka palo e e fetang 107 000 000 ka dipuo di le 117.

9. Ke karolo efe e e kgethegileng e buka ya Tshelela Ruri e nang le yone, mme e ne ya ama baboledi ba Bogosi ka tsela efe?

9 Ka 1982 buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise e ne ya simolola go nna buka ya konokono e e neng e dirisiwa go tshwara dithuto tsa Baebele. Sedirisiwa seno se na le ditshwantsho tse di fetang 150, sengwe le sengwe se na le mafoko a a kwadilweng fa tlase ga sone a a thusang e le a a tlhomololang ntlha e e rutang ya dinepe tseo ka bokhutshwane. Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 1982 (kgatiso ya U.S.A.) e bolela jaana: “Mo dingwageng di ka nna 20 fa buka ya ‘Let God Be True’ e ne e ntse e le buka e re neng re e dirisa thata go ithuta (go tloga ka 1946 go ya kwa bogareng jwa dingwaga tsa bo1960) baboledi ba Bogosi ba basha ba ne ba oketsega ka palo e e fetang 1000 000. Go tswa foo baboledi ba bangwe ba ba fetang 1000 000 ba ne ba oketsega fa buka ya Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng e ne e simolola go nna buka e re neng re e dirisa thata go ithuta fa e se na go gololwa ka 1968. Fa re dirisa buka ya rona e ntšha ya go ithuta, O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, a re tla bona koketsego e e tshwanang ya baboledi ba Bogosi? Eleruri re tla e bona fa Jehofa a rata!” Kwantle ga pelaelo e ne e le go rata ga ga Jehofa, ka gonne go tloga ka 1982 go ya go 1995, palo ya baboledi ba Bogosi e ne ya oketsega ka ba ba fetang 2700 000!

10. Ke sedirisiwa sefe se sesha se se neng sa gatisiwa ka 1995, mme ke ka ntlha yang fa se tshwanetse go thusa baithuti ba Baebele gore ba gatele pele sentle mo semoyeng?

10 Jesu o ne a bolela jaana: “Thobo e kgolo ruri, mme barobi ba a tlhaela.” (Mathaio 9:37) Eleruri, thobo e kgolo. Go santse go na le mo gontsi mo go tshwanetseng ga dirwa. Mo dinageng tse dingwe batho ba tshwanelwa ke gore ba tsenngwe mo lenaaneng la gore ba tle go rutwa Baebele. Ka jalo ka boikaelelo jwa go anamisa kitso ya Modimo ka bofefo, ka 1995 “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” o ile a re naya sedirisiwa se sesha, e leng buka ya ditsebe tse 192 e e nang le setlhogo se se reng Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Sedirisiwa seno ga se bolele thata ka dithuto tsa maaka. Se bolela boammaaruri jwa Baebele ka tsela e e siameng. Go solofelwa gore se tla thusa baithuti ba Baebele gore ba gatele pele sentle mo semoyeng ka bonako. Buka ya Kitso e setse e na le matswela mo tshimong ya lefatshe ka dikhopi di le 45500000 tse di neng tsa gatisiwa ka dipuo di le 125 mme e santse e ranolwa ka dipuo tse di oketsegileng di le 21 tse di santseng di tla.

11. Ke sedirisiwa sefe se se nang le matswela se se neng sa gatisiwa gore se thuse batho ba ba sa rutegang kana ba ba sa kgoneng go bala sentle, mme se dirile letshwao le le nonofileng jang mo thulaganyong ya rona ya go ruta ya lefatshe lotlhe?

11 Gangwe le gape, “motlhanka yo o boikanngo” o ile wa re neela didirisiwa tse di diretsweng bareetsi ba ba rileng, kana e seng botlhe. Ka sekai, go tweng ka batho ba ba ka nnang ba batla thuso e e kgethegileng ka ntlha ya tsela e ba godisitsweng ka yone ya setso kana ya bodumedi? Re ka ba thusa jang gore ba ithute dilo tse Modimo a batlang ba di dira? Ka 1982 re ile ra amogela sone se re neng re se tlhoka—boroutšhara jo bo nang le ditsebe di le 32 jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! Kgatiso eno e e nang le ditshwantsho di le dintsinyana e ntse e le sedirisiwa se se nang le matswela mo go ruteng batho ba ba sa rutegang kana ba ba sa kgoneng go bala sentle. E tshotse kgang ya dithuto tsa motheo ya Dikwalo e e motlhofo thata e bile e le motlhofo go e tlhaloganya. Fa e sa le e gololwa, boroutšhara jono jwa Botshelo mo Lefatsheng bo ile jwa thusa fela thata mo thulaganyong ya rona ya go ruta ya lefatshe lotlhe. Dikhopi tse di fetang 105 100 000 di ile tsa gatisiwa ka dipuo tse 239, seno se dira gore e nne kgatiso e e ranotsweng go feta tse dingwe tse Mokgatlho wa Watch Tower o kileng wa di gatisa go fitlha jaanong!

12, 13. (a) Fa e sale ka 1990, “motlhanka yo o boikanngo” o ne wa re neela tsela efe e ntšha gore re fitlhelele bareetsi ba ba oketsegileng? (b) Re ka dirisa dibidio tsa Mokgatlho jang mo bodireding jwa rona jwa tshimo? (c) Ke sedirisiwa sefe se sesha se se sa tswang go gatisiwa se se thusang mo tirong ya rona ya go dira barutwa?

12 Mo godimo ga dikgatiso tse di gatisitsweng, go simolola ka 1990 “motlhanka yo o boikanngo” o ile a re neela didirisiwa tsa go ithuta tse di re neelang tsela e e siameng ya go fitlhelela bareetsi ba ba oketsegileng—ka dikhasete tsa bidio. Ka October mo ngwageng oo, bidio e e tsayang metsotso e le 55 ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name e ne ya gololwa—e leng bidio ya ntlha e e neng ya gololwa ke Mokgatlho wa Watch Tower. Kgang e ntle, le e e rutang, e e leng gone ka dipuo di le 35, e supa phuthego ya lefatshe lotlhe ya batho ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba ba diragatsang taolo ya ga Jesu ya go bolela mafoko a a molemo mo lefatsheng lotlhe. Bidio eno e diretswe thata go thusa mo tirong ya rona ya go dira barutwa. Baboledi ba Bogosi ga ba a ka ba tsaya nako e telele ba bo ba dirisa sedirisiwa seno se sesha mo bodireding jwa tshimo. Ba bangwe ba ne ba tsamaya ba e tsentse mo dibekeng tsa bone tsa dibuka, ba ipaakanyeditse go bontsha kana go e adima batho ba ba kgatlhegang. Go ise go ye kae morago ga gore e gololwe, molebedi mongwe yo o etang o ne a kwala jaana: “Dibidio e setse e le didirisiwa tsa mo lekgolong la bo21 la dingwaga tse di dirisiwang go fitlhelela megopolo le dipelo tsa dimilione tsa batho, ka jalo re solofela gore bidio eno e tla nna yone ya ntlha mo dibidiong tse dintsi tse Mokgatlho o tla di dirisang go tsweledisa tiro ya lefatshe lotlhe ya Bogosi.” Eleruri, go dirilwe dibidio tse di oketsegileng, go akaretsa le e e kgaogantsweng ka metseletsele e meraro ya The Bible—A Book of Fact and Prophecy le ya Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault. Fa e le gore dibidio tsa Mokgatlho di teng ka puo ya gago, a o setse o kile wa di dirisa mo bodireding jwa gago jwa tshimo?a

13 Bosheng jaana sedirisiwa se sesha sa boroutšhara ya Modimo o Batla Gore re Direng?, se ne sa gatisiwa gore se thuse mo tirong ya rona ya go dira barutwa. Ke ka ntlha yang fa se ne sa gatisiwa? Se ka dirisiwa jang?

Go Sekaseka Sedirisiwa se Sesha

14, 15. Boroutšhara jwa Modimo o Batla bo diretswe bomang, mme bo tshotse eng?

14 Kgatiso e ntšha ya Modimo o Batla Gore re Direng? e diretswe batho ba ba setseng ba dumela mo Modimong e bile ba tlotla Baebele. Balebedi ba ba etang mmogo le barongwa ba ba thapisitsweng kwa Gileate ba ba nang le dingwaga di le dintsi tsa boitemogelo mo dinageng tse di tlhabologang ba ne ba thusa gore go rulaganngwe boroutšhara jono. E tshotse thuto e e atologileng, e e akaretsang dithuto tsa motheo tsa Baebele. Mafoko a yone a supa lorato, a motlhofo e bile a tlhamaletse. Gape, mokwalo wa yone ga o a dirwa motlhofo thata. Ga e re neele “maši” fela mme gape e re neela “dijo tse di loileng” mo Lefokong la Modimo ka tsela e batho ba le bantsi ba tshwanetseng go kgona go e tlhaloganya ka yone.—Bahebere 5:12-14.

15 Mo dingwageng tsa bosheng jaana baboledi ba Bogosi mo dinageng tse di farologaneng ba ne ba kopa kgatiso e e tshwanang le eno tota. Ka sekai, lekala la Mokgatlho wa Watch Tower kwa Papua New Guinea le ne la kwala jaana: “Batho ba tlhakane tlhogo ke dithuto tsa bodumedi tse di sa dumalaneng. Ba tlhoka mafoko a makhutshwane a boammaaruri a a tshegediwang ke ditemana di le mmalwa tsa Baebele tse ba ka di tlhatlhobang mo Dibaebeleng tsa bone. Ba tlhoka kgang e e phepafetseng le e e kgethegileng ya se Modimo a batlang Bakeresete ba boammaaruri ba se dira le gore ke ditlwaelo le mekgwa efe e a sa e amogeleng.” Boroutšhara jwa Modimo o Batla ke jone jo re bo tlhokang gore re thuse batho ba ba ntseng jalo go ithuta dilo tse Modimo a di batlang.

16. (a) Ke bomang thatathata ba ba ka solegelwang molemo ke ditlhaloso tse di motlhofo tse di mo boroutšhareng e ntšha? (b) Batho ba ba mo tshimong ya lona ba ka solegelwa molemo jang ke boroutšhara jwa Modimo o Batla?

16 O ka dirisa sedirisiwa seno se sesha jang? Sa ntlha se ka dirisiwa go ithuta le batho ba ba sa kgoneng go bala sentle kana ba ba ka nnang ba bo ba sa itse go bala.b Batho ba ba ntseng jalo ba ka solegelwa molemo ke ditlhaloso tse di motlhofo tsa boroutšhara jono. Fa makala a Watch Tower a se na go sekaseka khopi ya kgatiso eno e e gatisitsweng, a ne a kwala se se latelang: “Boroutšhara jono bo tla thusa thata mo dikarolong di le dintsi tsa naga koo batho ba sa rateng go bala thata teng.” (Brazil) “Go na le bontsi jwa bafaladi ba ba sa kgoneng go bala puo e e buiwang mo nageng e ba leng mo go yone e bile ba santse ba na le bothata jwa go bala Sefora. Boroutšhara jono bo ka dirisiwa go thusa batho ba ba ntseng jalo.” (Fora) A o ka akanya ka batho mo tshimong ya lona ba ba ka solegelwang molemo ke boroutšhara jwa Modimo o Batla?

17. Boroutšhara jo bosha bo ka nna mosola ka tsela efe mo dinageng di le dintsi, mme ka ntlha yang?

17 Sa bobedi, mo dinageng di le dintsi boroutšhara jono bo ka thusa go simolola dithuto tsa Baebele le batho ba ba boifang Modimo go sa kgathalesege gore ba rutegile go le kana kang. Ke boammaaruri gore go tshwanetse ga dirwa boiteko jwa go simolola thuto mo bukeng ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Mme mo makgetlhong a mangwe go ka nna motlhofo go simolola thuto ka boroutšhara jono. Mme ka nako e e tshwanetseng, thuto e tshwanetse ya fetela mo bukeng ya Kitso, e leng sedirisiwa se re se dirisang thata le se go akantshiwang gore re se dirise. Malebana le go dirisiwa ga boroutšhara jwa Modimo o Batla, makala a Watch Tower a ne a kwala jaana: “Go simolola dithuto tsa Baebele go boima, mme sebaka sa go simolola thuto se lebega se ka nna motlhofo fa baboledi ba simolola ka boroutšhara.” (Jeremane) “Boroutšhara jwa mofuta ono bo tla nna le matswela fa go simololwa dithuto tse disha tsa Baebele, tse go tswa foo di ka tsweledisiwang ka buka ya Kitso.” (Italy) “Le mororo Bajapane ba rutegile thata, bontsi jwa bone ga ba na kitso e e lekaneng ya Baebele le dithuto tsa yone tsa motheo. Boroutšhara jono bo tshwanetse go nna sedirisiwa se se molemo se se tla thusang gore go fetelwe mo bukeng ya Kitso.”—Japane.

18. Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa malebana le go fitlhelela dilo tse Modimo a di batlang?

18 Makala a Mokgatlho mo lefatsheng lotlhe a ne a kopa gore go dirwe boroutšhara jono, mme go ntshitswe tetla ya gore bo ranolelwe mo dipuong di le 221. E kete kgatiso eno e ntšha e ka itshupa e le botlhokwa thata go thusa ba bangwe gore ba ithute se Jehofa Modimo a batlang ba se dira. Fa e le rona, re gakologelweng gore go diragatsa dilo tse Modimo a di batlang, go akaretsa le taolo ya go rera le ya go dira barutwa, go re neela sebaka se se botlhokwa thata sa go bontsha Jehofa gore re mo rata go le kana kang. Ee, se Modimo a batlang re se dira ga se mokgweleo. Ke tsela e e molemolemo ya go tshela!—Pesalema 19:7-11.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo e bolela jaana: “Dikhasete tsa bidio ga se gore jaanong di tsaya sebaka sa dikgatiso kana sa go neela bosupi ka namana. Dikgatiso tsa Mokgatlho di tswelela pele go nna le seabe sa botlhokwa mo go anamiseng mafoko a a molemo. Tiro ya ntlo le ntlo ya Basupi ba ga Jehofa e santse e le yone karolo ya bodihedi jwa bone e e theilweng mo motheong o o nonofileng wa Dikwalo. Lefa go ntse jalo, dikhasete tsa bidio jaanong di thusa mo go seno jaaka didirisiwa tse di botlhokwa tsa go dira gore batho ba dumele dilo tse di molemo thata tse Jehofa a di solofetsang le go ba rotloetsa gore ba lemoge tiro e a dirang gore e dirwe mo lefatsheng mo motlheng ono wa rona.”

b Go bona tlhaloso ya kafa o ka tshwarang thuto ka teng mo boroutšhareng ya Modimo o Batla, bona setlhogo se se reng “Sedirisiwa se Sesha se se Tla Thusang Batho go Ithuta Dilo Tse Modimo a di Batlang,” mo tsebeng ya 16-17.

A o Ka Tlhalosa?

◻ Ke tiro efe e e nang le maikaelelo a mabedi e Jehofa a batlang batlhanka ba gagwe ba nna le seabe mo go yone?

◻ Ke ka ntlha yang fa tshwanelo ya rona ya go rera le go dira barutwa e se mokgweleo mo go rona?

◻ “Motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale” o ile a re direla didirisiwa dife gore re di dirise mo tirong ya rona ya go rera le ya go dira barutwa?

◻ Boroutšhara jwa Modimo o Batla bo diretswe bomang, mme re ka bo dirisa jang mo bodireding jwa rona?

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Tiro ya rona ya go rera le ya go dira barutwa ga se mokgweleo

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

“Let God Be True” (1946, e gatisitswe sesha ka 1952): 19 250 000 ka dipuo di le 54

“Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng” (1968): 107 000 000 ka dipuo di le 117 (go bontshitswe ya Sefora)

“O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise” (1982): 80 900 000 ka dipuo di le 130 (go bontshitswe ya Se-Russia)

“Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng” (1995): 45 500 000 ka dipuo di le 125 (go bontshitswe ya Sejeremane)

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela