Tsamaya Jaaka yo o Kaelwang ke Jehofa
“Nthuta tsela ea gago, Yehofa; ke tla tsamaea mo boamarureñ yoa gago: kitlanya pelo ea me e tlè e boihè leina ya gago.”—PESALEMA 86:11.
1, 2. Ke eng se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba gane go tshelwa madi?
“GONGWE Basupi ba ga Jehofa ba dira sentle ka go gana go dirisa melemo e e dirilweng ka madi, ka go bo go boammaaruri gore palo e ntsi ya dilo tse di bakang malwetsi e kgona go fetisiwa ka madi a a tshelwang batho.”—Pampiri ya letsatsi le letsatsi ya Sefora ya kalafi Le Quotidien du Médecin, ya December 15, 1987.
2 Bangwe ba batho ba ba neng ba bala kakgelo eo ba ka tswa ba ne ba akanya fela gore e ne e le ka lesego fela go bo Basupi ba ga Jehofa ba ne ba gana go tshelwa madi bogologolo pele go itsiwe kafa a ka nnang kotsi ka gone, le eleng go bolaya. Mme boemo jo Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba bo tsaya ka madi e ne e se ka kotsi fela, kana gone gore ke molawana fela o o neng wa itlhomelwa ke lekoko lengwe le le sa tlwaelegang, boemo jo bo neng jwa tsewa fela ka ntlha ya go boifa gore madi a diphatsa. Go na le moo, Basupi ba gana go tshelwa madi gonne ba ititeile sehuba gore ba tla tsamaya ka boikobo fa pele ga Mokaedi wa bone yo Mogolo—Modimo.
3. (a) Dafide o ne a ikutlwa jang kaga go ikaega ka Jehofa? (b) Dafide o ne a lebeletse gore go tla diragala eng gonne a ne a ikanya Jehofa?
3 Kgosi Dafide, yo a neng a ikaega thata ka Modimo o ne a iketleeditse go kaelwa ke ene le go ‘tsamaya mo boammaaruring jwa gagwe.’ (Pesalema 86:11) Dafide o ne a kile a gakololwa gore fa a ne a ka tila go nna le molato wa go tsholola madi mo matlhong a Modimo, ‘moya wa gagwe o ne o tla nna mo ngateng ya botshelo ya ga Jehofa.’ (1 Samuele 25:21, 22, 25, 29) Fela jaaka batho ba ka phuthela dilo tsa botlhokwa ba bo ba di boloka, botshelo jwa ga Dafide bo ne bo tla sirelediwa le go bolokiwa ke Modimo. Dafide o ne a amogela kgakololo e e botlhale eo, mme a se ka a batla go ipoloka ka boene mme a ikanya Ene yoo a neng a mo kolota botshelo: “U tla nchupetsa tsela ea botshelō: ha pele ga gago go na le letlōtlō ya boitumèlō; mo seatleñ sa gago se segolo go na le tse di yesañ monate ka bosakhutleñ.”—Pesalema 16:11.
4. Ke ka ntlha yang fa Dafide a ne a batla go rutiwa ke Jehofa?
4 Ka boikutlo joo, Dafide o ne a sa akanye gore ene ka boene o ne a ka kgona go itlhopela gore ke melao efe ya Modimo e e neng e le botlhokwa kana e e neng e tlhoka go ikobelwa. Boikutlo jwa gagwe e ne e le jono: “Nthuta motlhala oa gago, Yehofa, u ntsamaisè mo tseleñ e e bōnalañ.” “Nthuta tsela ea gago, Yehofa; ke tla tsamaea mo boamrureñ yoa gago: kitlanya pelo ea me e tlè e boihè leina ya gago.” (Pesalema 27:11; 86:11, 12) Ka dinako tse dingwe go tsamaya mo boammaaruring fa pele ga Modimo go ka lebega go kgoreletsa thata kana go batla gore motho a intshe setlhabelo tota, mme Dafide o ne a batla gore a kaelwe tsela e e siameng a bo a tsamaye mo go yone.
Go Kaelwa mo Kgannyeng ya Madi
5. Ke eng seo Dafide a neng a tshwanetse go bo a ne a se itse ka tsela eo Modimo o lebang madi ka yone?
5 Go tla bo go le molemo mo go rona go lemoga gore Dafide o ne a rutiwa kgopolo ya Modimo ka madi, kgopolo eo e neng e se masaitsweng a bodumedi, go tloga fela e santse e le mosimanyana. Fa batho ba ne ba balelwa Molao, Dafide a ka tswa a ne a utlwa seno: “Botshelō yoa nama ke madi: me ke a lo neile mo sebeshoñ go dihèla meōea ea lona tetlanyō: gonne madi ko aōna a a dihañ tetlanyō ka ntlha ea botshelō. Ke gōna ka mouō ke reileñ bana ba Iseraela, ka re, A go se nnè motho opè oa lona eo o yañ madi, le gōna a go se nnè moeñ opè a yakile mo go lona eo o yañ madi.”—Lefitiko 17:11, 12; Duteronome 4:10; 31:11.
6. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba Modimo ba ne ba tlhoka gore ba tswelele ba ntse ba rutiwa ka madi?
6 Ka nako ya fa Modimo o ne o dirisa Baiseraele jaaka phuthego ya gagwe, bao ba neng ba batla go mo itumedisa ba ne ba tshwanetse go newa dikaelo ka madi. Dikokomana tsa basimane le basetsana ba Iseraele di ne tsa kaelwa nngwe morago ga e nngwe. Mme a kaelo e e ntseng jalo e ne e tla tswelela fa Modimo o se na go amogela phuthego ya Bakeresete, o ba dira “Iseraela oa Modimo”? (Bagalatia 6:16) Ee, eleruri. Kgopolo ya Modimo ka madi ga e a ka ya fetoga. (Malaki 3:6) Boemo jwa gagwe kaga go sa dirise madi sentle joo a neng a setse a bo ba itsisitse bo ne bo ntse bo le jalo le pele kgolagano ya Molao e simolola go dira, mme bo ne jwa tswelela le morago ga fa Molao o sena go khutla go dira.—Genesise 9:3, 4; Ditihō 15:28, 29.
7. Ke ka ntlha yang fa go rutiwa ke Modimo ka madi go le botlhokwa thata mo go rona?
7 Go tsaya madi a le botlhokwa ke selo sa konokono mo Bokereseteng. ‘A seo ga se go feteletsa dilo?’ bangwe ba ka nna ba botsa jalo. Lefa go le jalo, selo sa konokono mo Bakereseteng ke eng fa e se setlhabelo sa ga Jesu? Mme moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Eo re nañ le thèkololō ea rona mo go èna ka madi a gagwè, eboñ boichwarèlō yoa ditlolō tsa rona, kaha dikhumoñ tsa tshegōhaco ea ōna.” (Baefesia 1:7) The Inspired Letters, e e ranotsweng ke Frank C. Laubach, e kwadile temana eno jaana: “Madi a ga Keresete a re dueletse mme jaanong re ba Gagwe.”
8. “Boidiidi yo bogolo” bo ikaegile jang ka madi go bona botshelo?
8 Botlhe ba ba batlang go falola ‘pitlagano e kgolo’ e e tlang mme ba itumelele masego a Modimo mo lefatsheng la paradaise ba ikaega thata ka madi a a tsholotsweng a ga Jesu. Tshenolō 7:9-14 e a ba tlhalosa e bo e bolela jaana ka seo ba setseng ba se dirile: “Ba, ke ba ba cwañ mo pitlaganoñ e kgolo, me ba tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga Kwana.” Tlhokomela puo e e dirisitsweng fano. Ga e bolele gore bano bao ba bolokiwang mo pitlaganong ba ‘amogetse Jesu’ kana ‘ba dumela mo go ene,’ lemororo dikarolo tseno di le botlhokwa thata. E tswelela pele e bo e bolela gore ba “tlhacwitse dikobō tsa bōnè, ba di shweuhaditse mo madiñ a ga [Jesu].” Seo ke ka gonne madi a gagwe a kgona go golola.
9. Ke ka ntlha yang fa go le masisi thata jaana go dira go ya ka ditaolo tsa ga Jehofa mabapi le madi?
9 Go lemoga botlhokwa jono go thusa Basupi ba ga Jehofa go swetsa go se dirise madi ka tsela e e sa tshwanelang, le eleng lefa ngaka e e tlhoafetseng e ka bolela gore ba tlhoka go tshelwa madi. A ka nna a dumela gore melemo e e ka bonwang ka go tshelwa madi e feta bodiphatsa jwa madi ka boone. Mme Mokeresete a ka se ka a itlhokomolosa bodiphatsa jo bogolwane le go feta, bodiphatsa jwa go latlhegelwa ke go amogelwa ke Modimo ka go dumela go dirisa madi ka tsela e e sa tshwanelang. Paulo o kile a bua ka bao ba ‘leofang ka boomo ba sena go amogela kitso ya boammaaruri.’ Ke ka ntlha yang fa boleo bope jwa mofuta oo bo ne bo le masisi? Gonne motho yo o ntseng jalo o ‘gatakile Morwa Modimo ka dinao, a ba a kaya madi a kgolagano ao a itshepisitsweng ka one a re ke selo se se sa itshepang.’—Bahebera 9:16-24; 10:26-29.
Thusa Ba Bangwe Gore ba Bone Kaelo
10. Ke eng se se tshwanetseng go nonotsha go ikeetleetsa ga rona go ithiba mo mading?
10 Rona ba re anaanelang setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo re itisa gore re se ka ra dira boleo, gore re se ka ra gana molemo wa madi a gagwe a a bolokang botshelo. Fa re setse re akantse ka kgang eo, re lemoga gore go leboga Modimo fela ka go bo a re neile botshelo go tshwanetse go re tlhotlheletsa go gana go tlola melao epe fela ya gagwe e e siameng, eo re tlhomamisang gore e tlhometswe go re solegela molemo—go re itumedisa ka lobaka lo loleele. (Duteronome 6:24; Diane 14:27; Moreri 8:12) Go tweng he, ka bana ba rona?
11-13. Ke kgopolo efe e e phoso e batsadi ba bangwe ba Bakeresete ba nang nayo ka bana ba bone le madi?
11 Lemororo bana ba rona e ka tswa e le masea kana ba le bannye thata go tlhaloganya, Jehofa Modimo a ka ba leba ba le phepa ebile a ba amogela fa rona re ineetse. (1 Bakorintha 7:14) Ka jalo go boammaaruri gore masea a a leng mo magaeng a Bakeresete a ka tswa a ise a tlhaloganye kana a ise a dire tshwetso ya go ikobela molao wa Modimo ka madi. Lefa go ntse jalo, a re dira bojotlhe jwa rona go ba kaela mo kgannyeng e e botlhokwa eno? Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go akanyetsa seo thata, ka go bo batsadi ba bangwe ba lebega ba na le kgopolo e e phoso ka bana ba bone le ka madi. Ba bangwe go lebega ba akanya gore totatota ga ba na thata ya go laola gore bana ba bone ba babotlana ba tshelwe madi kana nnyaa. Ke ka ntlha yang fa go na le kakanyo e e phoso eno?
12 Dinaga tse dintsi di na le melao kana mekgatlho ya puso e e tlhokomelang bana ba ba latlhilweng kana ba ba sotliwang. Bana ba Basupi ba ga Jehofa ga ba latlhiwe kana go sotliwa ke batsadi fa ba dira tshwetso ya gore morwa kana morwadi wa bone yo ba mo ratang a se ka a tshelwa madi, mme ka nako e e tshwanang ba kopa gore go dirisiwe kalafi e nngwe mo boemong jwa madi eo borakalafi ba segompieno ba ka e mo nayang. Le eleng mo kalafing, seno ga se go latlha ngwana kana go mo sotla, fa go akanngwa ka dikotsi tse di itseweng tsa kalafi ya tshelo ya madi. Ke go dirisa tshwanelo ya gago ya go sekaseka bodiphatsa jo bo ka nnang gone le go itlhophela kalafi.a Lefa go le jalo, batho ba tsa kalafi ba ile ba dirisa dilo dingwe tse di mo molaong fa ba batla thata ya go pateletsa go tshela motho madi a sa batle.
13 Batsadi ba bangwe, ka ba lemoga gore batho ba tsa kalafi ba kgona go bona tshegetso ya kgotlatshekelo go tshela ngwana yo mmotlana madi motlhofo fela, ba ka nna ba ikutlwa ba paletswe, gore ga go na sepe se motsadi a ka se dirang kana a tlhokang go se dira. Abo kgopolo eo e le phoso jang ne!—Diane 22:3.
14. Dafide le Timotheo ba ne ba rutiwa jang fa ba ne ba santse ba le basha?
14 Re tlhokometse gore Dafide o ne a rutilwe tsela ya Modimo go tloga fela a santse a le mosha. Seo se ne sa mo tlhomelela go leba botshelo jaaka mpho e e tswang kwa Modimong le go itse gore madi a emela botshelo. (Bapisa 2 Samuele 23:14-17.) Timotheo o ne a rutiwa kafa Modimo o tsayang dilo ka gone “mo bonyaneñ” jwa gagwe. (2 Timotheo 3:14, 15) A o a dumela gore le eleng lefa Dafide le Timotheo ba ne ba le kafa tlase ga dingwaga tse di bolelwang ka molao gore di kafa tlase ga bogodi, ba tshwanetse ba bo ba ne ba kgona go tlhalosa dikgang tse di amang go rata ga Modimo? Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba babotlana gompieno ba tshwanetse go rutiwa tsela ya Modimo le pele ba gola.
15, 16. (a) Ke kgopolo efe e e ileng ya nna gone mo mafelong a mangwe kaga ditshwanelo tse bana ba babotlana ba nang le tsone? (b) Ke eng se se neng sa dira gore ngwana mongwe yo o kafa tlase ga tlhokomelo ya batsadi a tshwelwe madi?
15 Mo mafelong a mangwe bana ba go tweng ke ba ba kafa tlase ga dingwaga tsa bogodi mme ba tsewa gore ba bagolwane ba kgona go newa ditshwanelo tse di tshwanang fela le tsa bagolo. Mosha a ka lejwa a godile ka mo go lekaneng go itirela ditshwetso ka kalafi go ikaegilwe ka dingwaga kana tsela e a akanyang dilo ka yone ya bogolo kana tsoopedi. Le eleng lefa seno e se molao, baatlhodi, kana balaodi ba ka nna ba reetsa thata mosha yo a kgonang go tlhalosa tshwetso ya gagwe ka madi a nonofile. Se se farologaneng le seo, fa mosha a sa kgone go tlhalosa seo a se dumelang ka phepafalo le jaaka motho yo o godileng, kgotlatshekelo e ka nna ya akanya gore e tshwanetse go dira tshwetso e e akanyang gore e siame, fela jaaka e ka dira ka losea.
16 Lekawana lengwe le ne le ntse le ithuta Bibela le ntse le etla le tlogela ka dingwaga tse dintsi mme le sa kolobediwa. Lemororo a ne a na le dibeke di le supa fela go tshwara dingwaga tsa fa a ne a tla bona “tshwanelo ya go gana kalafi e a sa e batleng,” kokelo e e neng e mo alafela kankere e ne ya kopa tshegetso ya kgotlatshekelo gore e mo tshele madi kgatlhanong le keletso ya gagwe le ya batsadi ba gagwe. Moatlhodi yono yo o kelotlhoko o ne a mmotsa kaga dilo tse a di dumelang ka madi mmogo le dipotso dingwe tsa motheo, jaaka maina a dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Bibela. Lekawana leno le ne la palelwa ke go bolela maina a tsone kana go naya bosupi jo bo tlhatswang pelo jwa gore o tlhaloganya mabaka a go bo a ne a gana madi. Ka mo go utlwisang botlhoko, moatlhodi yoo o ne a laola gore a tshelwe madi a akgela jaana: “Go gana ga gagwe go tshelwa madi ga go a ikaega ka go tlhaloganya ga gagwe jaaka motho yo o godileng dilo tse a di dumelang tsa bodumedi.”
17. Ke boemo bofe jo mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse 14 a neng a bo tsaya kaga go tshelwa madi, mme go ne ga felela jang?
17 Dilo di ka nna ka tsela e e farologaneng tota ka ngwana yo o rutilweng ditsela tsa Modimo sentle ebile a tsamaya mo boammaaruring jwa Gagwe a tlhagafetse. Mokeresete mongwe yo mmotlana le ene o ne a na le mofuta o o sa tlwaelegang thata oo wa kankere. Mosetsana yono le batsadi ba gagwe ba ne ba dumela kalafi e go dirisiwang dikhemikale mo go yone mo ngakeng ya setswerere kwa kokelong nngwe e e itsegeng thata. Lefa go le jalo, kgetse eo e ne ya isiwa kwa kgotlatshekelong. Moatlhodi o ne a kwala jaana: “D.P. o boletse gore o tla gana go tshelwa madi ka tsela epe fela e a ka e kgonang. O ne a leba go tshelwa madi jaaka tlhaselo mo mmeleng wa gagwe mme o ne a go tshwantshanya fela le go betelelwa. O ne a kopa Kgotlatshekelo gore e reetse tlhopho ya gagwe mme e mo letle gore a nne mo [kokelong] mme a sa tshelwe madi a Kgotlatshekelo e kopilweng gore e laele gore a a tshelwe.” Katiso ya Bokeresete e a neng a e bone e ne ya mo thusa mo nakong e e thata eno.—Bona lebokose.
18. (a) Mosetsanyana mongwe yo a neng a boga thata o ne a tsaya boemo bofe jo bo nonofileng kaga go tshelwa madi? (b) Moatlhodi o ne a dira tshwetso efe mabapi le kalafi ya gagwe?
18 Mosetsanyana mongwe wa dingwaga tse 12 o ne a alafelwa leukemia. Lekgotlana lengwe la tlhokomelo ya bana le ne la isa kgang eno kwa kgotlatshekelong gore a tshelwe madi a sa batle. Moatlhodi o ne a swetsa jaana: “L. o boleletse kgotlatshekelo eno ka phepafalo le ka tlhamalalo fela gore, fa go ka lekwa go mo tshela madi o tla lwa ka maatla a a ka a kgonang kgatlhanong le tshelo eo ya madi. O boletse, ebile ke a mo dumela, gore o tla goa, a lwe le gore o tla kgomola sedirisiwa se se dirisiwang go tlhabela madi mo letsogong la gagwe mme o tla leka gape go tsholola madi a a mo kgetseng e e fa godimo ga bolao jwa gagwe. Ke gana go ntsha tetla epe e e tla dirang gore ngwana yono a diragalelwe ke seo . . . Mo molwetsing yono, kalafi e e akantshiwang ke kokelo e alafa bolwetsi jo bo mo mmeleng fela. Ga e kgone go alafa maikutlo a gagwe le se se dumelwang ke bodumedi jwa gagwe.”
Batsadi—Rutang Sentle
19. Ke boikarabelo bofe jo bo botlhokwa joo batsadi ba nang le jone ka bana ba bone?
19 Ditiragalo tse di ntseng jalo di na le molaetsa o o nonofileng thata mo batsading ba ba batlang gore botlhe mo malapeng a bone ba tshele go ya ka molao wa Modimo o o mabapi le madi. Lebaka le lengwe la go bo Aberahame e ne e le tsala ya Modimo ke gore O ne a itse gore tlhogo eno ya lotso e ne e tla ‘laola bana ba yone le ba ntlo ya yone fa morago ga gagwe, gore ba boloke tsela ya ga Jehofa le go dira ka tshiamo.’ (Genesise 18:19) A batsadi ba Bakeresete ga ba a tshwanela go dira seno gompieno? Fa o le motsadi, a o ruta bana ba gago ba o ba ratang go tsamaya mo tseleng ya ga Jehofa gore ba nne ba “iketleeditse ka metlha eotlhe go hetola motho moñwe le moñwe eo o . . . botsañ kaga cholohèlō e e mo go [bone], gore e cwa kae? leha go nntse yalo e nnè ka boikokobeco le poihō”?—1 Petere 3:15.
20. Ke eng se segolo seo re batlang bana ba rona ba se itse le go se dumela ka madi? (Daniele 1:3-14)
20 Lemororo go tla bo go le molemo gore bana ba rona ba itse ka dikotsi tsa malwetsi le bodiphatsa jo bongwe jwa go tshelwa madi, go ruta bana ba rona molao o o itekanetseng wa Modimo ka madi totatota ga go reye gore re batla go ba tsenya poifo ka madi. Fa ka sekai, moatlhodi a ne a botsa mosetsanyana yole gore ke ka ntlha yang fa a sa batle go tshelwa madi mme a ile a araba ka gore tota e ne e le gonne a ne a akanya gore madi a diphatsa kana a a mo tshosa, o akanya gore seo se ka bo se nnile le matswela afe? Moatlhodi a ka nna a bo a ile a swetsa ka gore ga a ise a gole sentle kana o ne a tshositswe fela thata, fela jaaka fa a tshaba karo ya go ariwa lelana gore o ne a tla lela mme a gane karo eo batsadi ba gagwe ba neng ba akanya gore e siame. Mo godimo ga moo, re tlhokometse pelenyana gore lebaka la konokono la go bo Bakeresete ba gana go tshelwa madi ga se gore madi a na le ditwatsi mme gore a botlhokwa thata mo Modimong wa rona le Moneibotshelo. Bana ba rona ba tshwanetse go itse seo, mmogo le gore mathata a a ka nnang gone a kalafi ka madi a nonotsha boemo jo re bo tsayang jwa bodumedi.
21. (a) Ke eng seo batsadi ba tshwanetseng ba se ithuta ka bana ba bone le ka kgopolo ya Bibela ka madi? (b) Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang mo kgannyeng ya madi?
21 Fa o na le bana, a o tlhomamisega gore ba dumalana le seo Bibela e se tlhalosang kaga go tshelwa madi le gore ba ka kgona go se tlhalosa? A ka boammaaruri ba dumela gore go tsaya boemo jono ke se Modimo o se batlang? A ba tlhatswegile pelo gore go tlola molao wa Modimo go masisi mo go ka bayang tebelelo ya Mokeresete ya botshelo jo bo sa khutleng mo kotsing? Batsadi ba ba botlhale ba tla boeletsa dikgang tseno le bana ba bone, ba le babotlana thata kana ba setse ba godile. Batsadi ba ka nna ba katisa bana ba bone ba dira gore mosha mongwe le mongwe a bodiwe dipotso tse a ka nnang a di bodiwa ke moatlhodi kana molaodi wa kokelo. Mokgele wa seno ga se gore ngwana a boeletse ka tlhogo dintlha dingwe tse di tlhophilweng kana dikarabo tse di jalo. Go botlhokwa gore ba itse gore ba dumela eng, le gore ke ka ntlha yang. Legale, kwa kgotlatshekelong, batsadi mmogo le ba bangwe ba tla bolela tshedimosetso nngwe kaga bodiphatsa jwa madi le gore go na le dikalafi tse dingwe tse di ka dirisiwang. Mme seo moatlhodi kana molaodi a tla batlang go se itse ka bana ba rona ke gore a ba tlhaloganya sentle boemo jwa bone le se ba tshwanetseng go se dira le gore dilo tse di botlhokwa le tseo ba tlhatswegileng pelo tota ka tsone ke dife.—Bapisa 2 Dikgosi 5:1-4.
22. Ke matswela afe a goyagoile a re ka a bonang ka go rutiwa ke Modimo ka madi?
22 Rotlhe re tshwanetse go tsaya tsia tsela eo Modimo a lebang madi ka yone le go ititaya dihuba gore re tla e ngaparela. Tshenolō 1:5 e tlhalosa Keresete jaaka “eo o re ratañ, me a re golola mo dibiñ tsa rona ka madi a gagwè.” Maleo a rona a ka itshwarelwa ka botlalo le ka bosakhutleng fa re amogela boleng jwa madi a ga Jesu. Baroma 5:9 e bolela jaana fela ka phepafalo: “Ha e le hoo, bogolo thata re tla gololwa mo bogaleñ yoa Modimo ka èna, ka yana re siamisicwe ka madi a gagwè.” Abo go tla bo go le botlhale jang mo go rona le mo baneng ba rona gore Jehofa a re rute ka kgang eno le go ititaya dihuba gore re tla tsamaya mo tseleng ya gagwe ka bosakhutleng!
[Ntlha e e kwa tlase]
a Bona Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang?, e e gatisitsweng ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, ditsebe 21-2, 28-31.
Dintlha tsa Konokono tsa Thuto
◻ Re tshwanetse go leba jang go rutiwa ke Jehofa?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa thata jaana go ikobela molao wa Modimo ka madi?
◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore basha ba kgone go tlhalosa dilo tse ba di dumelang ka madi ka phepafalo le ka tsela e e nonofileng?
◻ Batsadi ba Bakeresete ba ka thusa bana ba bone go itse melao ya ga Jehofa ka madi jang?
[Lebokoso mo go tsebe 17]
KGOTLATSHEKELO E NE YA KGATLHEGA TOTA
Tshwetso ya kgotlatshekelo e ne ya bolelang kaga D.P. yo o umakilweng go serapa 17?
“Kgotlatshekelo e ne e kgatlhilwe tota ke botlhale, go tlhomama, le seriti, mmogo le go bua ga mosha yono wa dingwaga tse 14-1/2 a gagametse. A ka tswa a ne a amegile thata ke go itse gore o na le mofuta o o bolayang wa kankere . . . Lefa go ntse jalo, o ne a tla go naya bosupi kwa Kgotlatshekelong jaaka motho yo mosha yo o godileng sentle. O ne a lebega a ne a tlhomile mogopolo wa gagwe ka tsela e e phepafetseng mo tirong e e bokete e e neng e mo lebane. O ne a ile kwa dikokoanong tse di neng di mo naya kgakololo, a dumetse tsela e a neng a tlile go alafiwa ka yone, a akanyeditse ka botlhale kafa a tla lebanang ka gone le kgwetlho eno ya kalafi, mme o ne a tla kwa Kgotlatshekelong ka kopo eno e e amang pelo: tlotlang tshwetso ya me . . .
“Mo godimo ga go supa fa a godile sentle, D.P. o ne a naya Kgotlatshekelo bosupi jo bo lekaneng jwa tshwetso ya gagwe gore e kgone go dira go ya ka jone. Thulaganyo ya kalafi e e neng e akaretsa go tshelwa madi e ne e tla gobatsa semoya, tlhaloganyo, boitsholo, le boikutlo jwa gagwe. Kgotlatshekelo e tla tlotla tsela e a e tlhophileng ya kalafi.”
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Moatlhodi kana molaodi wa kokelo a ka nna a batla go itse tota se mosha wa Mokeresete a se dumelang, le mabaka a go bo a dumela jalo