LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 6/15 ts. 19-21
  • Basha—A Lo Tla Falola Teko ya go Ikanyega Jaaka Bakeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basha—A Lo Tla Falola Teko ya go Ikanyega Jaaka Bakeresete?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgatelelo ya go Dira ka go Tlhoka Boikanyego
  • Go Tshela Ka Bonokwane
  • ‘Siamisang Ditsela tsa Lona’ le Modimo
  • O Ka Supa Jang Gore O Ikanyega ka Boammaaruri?
  • Go Fenya Kgwetlho ya Boikanyego
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Bonang Batho ba ba Boikanyego!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • ‘Wena o le Nosi o a Ikanyega’
    Atamalana le Jehofa
  • A O Ka Supa Boikanyego go sa Kgathalesege Se Se Ka Diragalang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 6/15 ts. 19-21

Basha—A Lo Tla Falola Teko ya go Ikanyega Jaaka Bakeresete?

“GA O akanye gore boitsholo jo bo sa siamang ke go sa ikanyegeng. O ijesa monate fela. Ka boammaaruri gone o a itse gore fa batsadi ba gago kana bagolwane ba ne ba ka itse, seo se ne se tla ba utlwisa botlhoko le go tsosa mathata a le mantsi. Mme fa o ijesa monate jalo, o tlosa dikgopolo tseo mo go wena.”

Lekawana le le sa tswang go tsopolwa fano le ne le gokafala mo sephiring. Le ne le tshela ka bolotsana, le tsietsa batsadi ba lone le phuthego ya Bokeresete. O ne a sa lemoge gore o ne a palelwa mo tekong ya go ikanyega jaaka Mokeresete.

Diketekete tsa basha ba Bakeresete di ne tsa palelwa ke teko e e tshwanang le eo ya boikanyegi. Mme seo ga se gakgamatse! Ka go bo, Satane Diabolo o ‘tlhasetse’ batho ba Modimo, o dira sengwe le sengwe go senya bothokgami jwa bone. (Tshenolō 12:17) Mme o lebisitse ‘maano a gagwe a a boferefere’ segolobogolo mo basheng. (Baefesia 6:11) Ka gone go batla gore o dire maiteko o bo o ititeye sehuba gore o tla nna o ntse o ikanyega.

Tota boikanyego ke eng? Mo Dikwalong tsa Sehebera, lefoko la ntlhantlha mo puong eo le le neng le dirisediwa “boikanyego” le supa go kgomarela motho ka lorato ka boikaelelo bongwe. (Pesalema 18:25) Ga le tlhalose botsalano bongwe jo bo sa nonofang jo bo ka nnang jwa senyega bonolo fela mme ke kgolagano eo e nnang gone go fitlha fa se se ikaeletsweng le motho yoo se diragadiwa. Mo Dikwalong tsa Segerika, lefoko la puo ya ntlhantlha le le dirisediwang “boikanyego” le akantsha go nna boitshepo, tshiamo, kana go tlotlega.

Ka gone boikanyego bo ama thata go nna le kamano e e siameng le Modimo. Baefesia 4:24 e re bolelela gore re “aparè motho eo mosha, eo . . . o bopilweñ mo tshiamoñ le mo boitshepoñ yoa boamarure.” A o batla go ikanyega mo go Jehofa? He o tshwanetse wa dira gore o nne le botsalano le ene, kgolagano e e ka se kang ya rojwa, boiketleetso jwa go rata go mo itumedisa ka ditsela tsotlhe. O tshwanetse wa kgomarela ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa tshiamo—lemororo o ka tswa o raelwa thata go dira ka tsela e sele!

Kgatelelo ya go Dira ka go Tlhoka Boikanyego

Basha ba bantsi ba ba leng mo gare ga Basupi ba ga Jehofa ba akgolelwa go leka ga bone go nna ba ikanyega, mme go felela ka gore ba itumelele go nna le digakolodi tse di phepa. Lefa go ntse jalo moaposetoloi Paulo o ne a perofesa gore mo “metlheñ ea bohèlō” batho ka kakaretso ba tla tlhoka boikanyego. (2 Timotheo 3:1, 2) Ka tsela e e utlwisang botlhoko, basha bangwe ba Bakeresete ba ile ba letla go sa ikanyegeng ga lefatshe leno go ba ‘dira gore ba bopege jaaka lone.’ (Baroma 12:2) Satane o ile a kgona go dira seno jang?

Kgatelelo ya bankane ke nngwe ya didirisiwa tse di dirang tota tsa ga Satane. Batho ba bantsi ba rata gore ba bangwe ba ba tseye jaaka ba ba molemo, mme Satane o itse go dirisa keletso eno ya tlholego. Basha bangwe ba Bakeresete ba ile ba eletsa go lejwa jaaka batho ba ba tlwaelegileng ka go tsenelela mo metlotlong e e sa ageng, boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, go goga motsoko, botagwa—le eleng go dirisa diokobatsi—fela gore ditsala tsa bone di ba amogele.

Satane o batla gore re ‘dire go ya ka dithato tsa nama ya rona, re dira dikeletso tsa nama.’ (Baefesia 2:3) O itse sentle gore kgogedi ya keletso ya tlhakanelodikobo e nonofile tota mo “bosheng.” (1 Bakorintha 7:36, NW) Mme o batla gore o dire go ya ka dikeletso tseo. Basha bangwe ba Bakeresete ba wela mo diatleng tsa gagwe ba sa lemoge ka go bala dibuka tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo, dibaesekopo, le di-video kana ka go iphoraphora dirwe tsa tlhakanelodikobo. Kwa bokhutlong, dilo tseno gantsi di gogela motho gore a dire ditiro tse di masisi tota tsa go tlhoka boikanyego. A lefatshe la ga Satane le go dirile gore o ‘bopege jaaka lone,’ mo go dingwe tsa dikarolo tseno?

Go Tshela Ka Bonokwane

Ereka go dira phoso e e masisi tota jaaka kgokafalo ka bogone fela e le kgang e e masisi, basha ba bangwe ba oketsa mathata a bone. Ba tshwana le “batho ba boithamakō,” ba go buiwang ka bone mo go Pesalema 26:4, ba “baitimokanyi.” Basha ba ba ntseng jalo ba tshela ka bonokwane, ba itshwara ka tsela nngwe fa ba na le batsadi ba bone kana Bakeresete ba bangwe ba ba godileng ba bo ba itshwara ka tsela e nngwe fa ba na le bankane ba bone.

Lefa go ntse jalo, go tshela matshelo a mabedi ga go thuse sepe ebile go kotsi. Fa motho a sa ithibe mo tirong e e bosula o tla dira e nngwe gape e e bosula. Lemororo segakolodi sa motho se ka nna sa tshwenyega kwa tshimologong fa motho a ntse a ganeletse mo go direng phoso, segakolodi sa gagwe se khutla go mmolelela ka tsela e e tshwanang le ya pele fa a dira phoso e nngwe. Totatota motho o ‘felelwa ke maikutlo’ a go utlwa gore o dira phoso.—Baefesia 4:19.

Fa a setse a fitlhile fano go nna bokete tota gore a ipolele phoso ya gagwe mme a bone thuso. Seno se ntse jalo segolobogolo fa basha ba bangwe ba Bakeresete le bone ba tseneletse mo go direng diphoso. Gantsi ba leba boikanyego ka tsela e e phoso. Mosha yo a neng a umakiwa kwa tshimologong o ne a bolela jaana: “O a lemoga gore o dira phoso, ebile o a itse gore go phoso. O dumalana le ba bangwe ba le bone ba amegang mo go seno gore ope a se ka a itse gore le bone ba se ka ba tsena mo mathateng.”

Lemororo motho a ka nna ‘moitimokanyi’ mo batsading ba gagwe kana mo phuthegong, a ka se ka a iphitlhela Jehofa. “Ga go na sebopiwa sepè se se sa bōnatshegeñ mo matlhoñ a ōna: me dilō cotlhe di apogile, di senogile ha pele ga matlhō a ōna o re nañ le go dihana naō.” (Bahebera 4:13) Bibela e re tlhomamisetsa jaana: “Eo o bipañ ditlolō tsa gagwè ga a ketla a tlhōgōnōlōhala: me eo o di ipolèlañ a ba a di bakèla, o tla bōna boutlwèlō botlhoko.” (Diane 28:13) Fa nako e ntse e tsamaya tiro e e phoso eo e tla senoga. Ga go na motho yo a ka kgonang go tsietsa Jehofa. Diane 3:7 e bolela jaana: “U se ka ua nna botlhale mo matlhoñ a gago; boiha Yehofa, u bo u kgaoganè le boshula.” Gakologelwa gape gore “Matlhō a ga Yehofa a mo maheloñ aotlhe, a lebeletse ba ba boshula le ba ba molemō.”—Diane 15:3.

Mosha yo a neng a umakiwa kwa tshimologong, mmogo le ba bangwe gape ba le mmalwa ba ne ba dira diphoso dingwe mo sephiring, mme ene mmogo le ditsala tsa gagwe ba ne ba bonwa ba bo ba kobiwa mo phuthegong ya Bokeresete. Moragonyana ba ne ba tsogologa semoyeng mme ba busediwa gape. Lefa go le jalo, abo ba ile ba ithuta se se kaiwang ke boikanyego ka tsela e e thata jang ne!

‘Siamisang Ditsela tsa Lona’ le Modimo

Go tweng fa e le gore mongwe o setse a itshupile a sa ikanyege ka tsela nngwe, gongwe ka go dira tiro nngwe e e phoso? Go motlhofo gore o itsietse le go sa bone botlhokwa jwa go siamisa dilo. Mosha mowgwe yo a neng a gokafala mo sephiring o ne a bolela jaana: “Ke ne ka oketsa bodihedi jwa me jwa tshimo, ke akanya gore seno ka tsela nngwe se ne se tla bipa phoso ya me.” Morafe o o neng o sena tsebe wa Iseraele le one ka tsela e e tshwanang o ne wa leka go itumedisa Jehofa ka ditlhabelo. Mme Jehofa ga a ka a amogela boineelo jo bo ntseng jalo jwa boitimokanyi. O ne a ba kgothatsa jaana: “Tlhapañ, lo intlahatsè: tlosañ boshula yoa ditihō tsa lona ha pele ga matlhō a me; bakèlañ go diha boshula.” Seno se boammaaruri le mo go bao ba ka nnang ba dira diphoso gompieno.—Isaia 1:11, 15-18.

Motho ga a kake a baakanya dilo le Jehofa fela ka go bolelela monkane wa gagwe. Selo sa botlhokwa ke gore, ga se ka metlha bankane ba motho ba ka mo nayang kgakololo e e molemo, ereka ka dinako tse dintsi ba se na boitemogelo jo bo kalo ka botshelo jaaka ene. Se se botlhokwa le go feta seo, ba ka se kgone go go itshwarela dibe. Ke Modimo fela a ka dirang jalo. Ka jalo “tshèlañ dipelo tsa lona ha pele ga ōna” ka go ipobola. (Pesalema 62:8) Lemororo boitsholo jwa gago bo ka go tlhabisa ditlhong, tlhomamisega gore Jehofa o ‘tla go itshwarela ka botlalo.’—Isaia 55:7.

O tla tlhoka thuso e nngwe gape. “Itsise batsadi ba gago, itsise bagolwane ka bonako—fela kwa tshimologong,” go kgothatsa jalo Mokeresete mongwe yo mmotlana yo a neng a solegelwa molemo ke thuso eo. Ee, batsadi ba gago ba mo boemong jo bo molemo tota go go thusa. Ba ‘neye pelo ya gago,’ o dire gore ba itse bothata jotlhe jwa gago. (Diane 23:26) Ba ka rulaganyetsa gore o bone thuso e e oketsegileng ya bagolwane ba phuthego fa go tlhokega.—Yakobe 5:14, 15.

O Ka Supa Jang Gore O Ikanyega ka Boammaaruri?

Legale, go tla nna molemo tota fa le ka motlha o ka se ka wa wela mo boitsholong jo bo maswe. Pesalema 18:25 e re bolelela jaana: “Eo o kutlwèlō botlhoko [Jehofa] u tla mo ichupetsa ha u le kutlwèlō botlhoko, monna eo o boitekanèlō u tla mo ichupetsa u le boitekanèlō.” Jehofa o segofatsa bao ka boikanyego ba tshegetsang selekanyo se se kwa godimo tota sa boitsholo fela thata.

Lefa go le jalo, go na le ditsela tse dingwe gape tse boikanyego jwa rona bo lekwang ka tsone. Ka sekai, a re re gongwe tsala ya gago e tsenelela mo tseleng ya boganana. A o tla letla go batla go ikanyega mo tsaleng eo ya gago go fekeetsa go ikanyega ga gago mo go Jehofa? Selo se se lorato se o ka se dirang ke go bua le tsala ya gago mme o e kgothaletse gore e begele batsadi kana bagolwane kgang eo. Bolelela tsala ya gago gore fa e sa dire jalo mo lobakeng lo lo tlhomilweng, o tla tshwanela go dira jalo ka bowena. Diane 27:5 e bolela jaana: “Kgalemō e e bonatshegañ e molemō bogolo go loratō lo lo shubegileñ.” Fa o thusa tsala ya gago ka tsela eno, o tla bo o sa supe fela gore o tsala ya mmatota mme o tla bo o supa kafa o ikanyegang ka gone ka tsela e e boteng mo go Jehofa.

Lefa teko e ka nna e e ntseng jang, o ka nna le nonofo ya go supa boikanyego fela fa o na le kamano e e nonofileng ka namana le Jehofa. Thapelo e e nang le bokao tota le go ithuta ka namana ka botlhaga di botlhokwa thata gore re ipelele kamano e e ntseng jalo. Se se kgatlhang ke gore, basha botlhe ba ba neng ba dira diphoso ba ba neng ba umakiwa pelenyana ba ne ba dumela gore ba ne ba rapela ebile ba ithuta ka namana mme ba go dira e le seomodiro fela—mme ba ne ba na le lobakanyana ba sa go dire. Jehofa o ne a se ka a tlhola a nna wa mmatota mo go bone, mme go ise go e kae ba ne ba tsenelela mo boitsholong jo bo seng phepa. A wena, o nonotsha kamano ya gago le Jehofa ka thapelo le ka go ithuta ka namana, gore o tle o nne o ntse o ikanyega?

Go boammaaruri gore ka dinako tse dingwe o ka nna wa ipotsa gore a o fetiwa ke monate mongwe. “Batho ba lefatshe ka dinako dingwe ba ka lebega ekete ba ijesa monate,” go ne ga bolela jalo lekgarebe lengwe. “Mme fa o ka tsena mo boemong joo, o kgona go bona gore eleruri ga go na monate ope mo teng.” O ne a bua jalo ka ntlha ya se se neng sa mo diragalela, ereka a ne a tlhakanela dikobo le mongwe, a ithwala a bo a ntsha mpa. “Go nna mo boammaaruring go a sireletsa,” o bolela jalo—thuto e a neng a e ithuta botlhoko tota. Pesalema 119:165 e re gakolola gore “ba ba ratañ molaō oa [Modimo] ba na le kagishō e kgolo.”

Ka gone, dira sengwe le sengwe se o ka se kgonang gore o nne o ntse o ikanyega. Dira gore o nne le kamano e e tla nnelang ruri le Jehofa. Ila boikepo o kgomarele se se molemo. (Baroma 12:9) Pesalema 97:10 e re bolelela jaana: “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ boshula: o tlamèla meōea ea baitshepi ba gagwè; o ba golola mo seatleñ sa baikepi.” Ee, jaaka mosha wa Mokeresete, o tla solegelwa molemo ke go sirelediwa ke Jehofa le go ipelela botshelo jo bo sa khutleng fa o ka fenya teko ya go ikanyega jaaka Mokeresete.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela