LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 9/00 ts. 1
  • Tshegofatso ya ga Jehofa E a Re Humisa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tshegofatso ya ga Jehofa E a Re Humisa
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ga re Ise Re ko Re Nne le Dilo Tse Dintsi Jaana Tsa Semoya!
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1996
  • A o ‘Humile Malebana le Modimo’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • ‘Dinonofo Tse Moya o di Tlhagisang’ di Galaletsa Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tshegofatso ya ga Jehofa E a Re Humisa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 9/00 ts. 1

Tshegofatso ya ga Jehofa E a Re Humisa

1 Katlego ya motho gantsi e lekanngwa ka gore o amogela madi a a kana kang. Ke gone ka moo batho ba le bantsi ba tsayang gore ba ba nang le madi ke bone ba ba itumetseng thata e bile ba kgotsofetse go gaisa ba bangwe. Le fa go ntse jalo, batho ba ba akanyang gore madi a ka reka boitumelo ba dira phoso e kgolo thata. (Mor. 5:12) Ba ba “ikemiseditseng go huma” ka dilo tse di bonalang ga ba na boitumelo bope jo bo nnetseng ruri. (1 Tim. 6:9) Ka fa letlhakoreng le lengwe, batlhanka ba ga Jehofa ba itumetse tota e bile ke batho ba ba humileng go ba gaisa botlhe mo lefatsheng. (Dia. 10:22; Tshen. 2:9) Jang?

2 Bosupi Jwa Dikhumo Tsa Rona: Re na le temogo e kgolo ya semoya e bile re tlhaloganya Lefoko la Modimo, e leng Baebele. Ka phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng, Jehofa o nna a re ruta ka ga gagwe le ka ga Morwawe, gore re solegelwe molemo go ya go ile. Go tlhaloganya boammaaruri sentle go re thusa go atamelana gaufi le Jehofa le gore re nne le kamano e e molemo thata le ene. (Jak. 4:8) Go kgona go farologanya se se molemo mo go se se bosula le go latela melao ya Modimo go re sireletsa mo malwetseng mangwe le mo dikotsing dingwe. Re a itse gore Jehofa o tla re tlhokomela, mme seno se dira gore re nne le boitumelo jwa mmatota le go ritibala maikutlo.—Math. 6:33.

3 Re itumelela kagiso le kutlwano mo bokaulengweng jwa rona jwa semoya ka gonne re tlhagolela maungo a moya wa Modimo. Ka gonne re kopantswe ke sebofo se se nonofileng thata sa lorato, ga re tlhoke go ikutlwa re latlhilwe ke Modimo kana ke bakaulengwe ba rona fa re lebane le masetlapelo.—Bagal. 6:10.

4 Matshelo a rona a nna le bokao jwa mmatota le boikaelelo jwa mmatota. Re go tsaya e le tshiamelo e kgolo thata go nna le seabe mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo e e dirwang mo lefatsheng ka bophara. Seno se re leretse boitumelo jo bo nnetseng ruri fa re ntse re thusa ba bangwe go nna le kamano e e molemo le Modimo le gore re dire le bone re le seoposengwe mo kobamelong e e itshekileng. Letlotlo la rona le le ka se kang la lekanngwa le sepe la bodiredi le leretse Jehofa tlotlo e bile le re naya kgotsofalo ya go itse gore re na le seabe mo go direng gore leina la gagwe le itshepisiwe. Re nna re na le boikutlo jo bo siameng jwa mogopolo, ka re itse gore tsholofelo ya rona ka isagwe e tla tloga e diragadiwa.

5 Go Bontsha Gore re a Anaanela: E kete re ka nna re anaanela masego a ga Jehofa ka metlha, ao a re dirang batho ba ba humileng go gaisa ba bangwe botlhe mo lefatsheng. (Dia. 22:4) Go dirisa nakonyana letsatsi le letsatsi re tlhatlhanya ka se re nang le sone go re tlhotlheletsa go leboga Jehofa ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo a re bontshang lone ka bopelotshweu le gore re nne re ineele mo go ene fela.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela