LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w99 3/15 ts. 21-23
  • Se Fekeediwe ke Tlhobaelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se Fekeediwe ke Tlhobaelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mo o Ka Nnang Tekatekano Teng
  • Moshe fa Pele ga Faro
  • Go Laola Dikakanyo Tsa Gago
  • Thuso e Gone
  • “Solofela Fela mo Modimong”
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Latlhela Tlhobaelo Yotlhe ya Gago mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
  • Nka Lebana Jang le go Tlhobaela?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Go Tlhobaela
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
w99 3/15 ts. 21-23

Se Fekeediwe ke Tlhobaelo

“LO SE ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.” (Mathaio 6:34) Ruri kgakololo eno ya ga Jesu Keresete e ka re thusa rotlhe ba re tshelang mo lefatsheng leno la gompieno le le sa iketlang le le le ngomolang pelo.

Le fa go ntse jalo, a go a kgonega gore re se ka ra tlhobaela ka mathata a rona, ditshwetso le maikarabelo? Dimilionemilione tsa batho di tshwenyega thata mo maikutlong, di ngomoga pelo le go imelwa ke mathata. Ke gone ka moo diokobatsi tse di ritibatsang motho maikutlo e leng kgwebo e e dirang dimilionemilione tsa diranta.

Mo o Ka Nnang Tekatekano Teng

Re tshwanetse ra rulaganya le go ipaakanyetsa maikarabelo, ditiro, ditshwetso le mathata a rona—e ka ne a potlakile kana nnyaa. Baebele e re kgothaletsa ‘go nna pele fa fatshe mme re bale ditshenyegelo’ pele ga re dira sepe fela se segolo. (Luke 14:28-30) Seno se akaretsa go sekaseka ditsela tse di farologaneng tse re ka di dirisang, go tlhatlhoba matswela a a ka tlhagang le go sekaseka gore selo seo se tla go ja nako, maatla le madi a a kana kang.

Le fa gone go tshwanetse gore motho a akanyetse se se ka nnang sa tlhaga ka kelotlhoko, ga go kgonege kana e bile ga go thuse go leka go akanyetsa sengwe le sengwe ka botlalo. Ka sekai, ka go bo o amega ka tshireletsego ya lelapa la gago, o ka nna wa akanyetsa se o ka se dirang fa go ka direga gore ntlo ya gago e she. O ka nna wa reka le go tsenya dilo tse di dupelelang mosi le tse di timang molelo. O ka nna wa rulaganyetsa le go ikatisetsa ditsela tsa go tshaba mo ntlong ka nako eo ya kotsi. Mme gone, ke leng motho a tla bong a sa tlhole a le tekatekano, a feteletsa dilo e bile a tlhobaela go sa tlhokege? Go tlhobaela go go ntseng jalo go direga fa motho a simolola go ikatla tlhogo ka dilo tse dintsintsi tse bontsi jwa tsone di ka nang tsa se ka tsa direga jaaka a akantse. Go ikgobera maikutlo jalo go ka fekeetsa, go go dira gore o nne le maikutlo a gore o tshwanetse wa bo o ile wa tlhokomologa sengwe kana gore ga wa sireletsa lelapa la gago ka tsela e e lekaneng. Go ikatla tlhogo jalo go ka go imetsa thata jaana mo go ka dirang gore o lale o sa robala.

Moshe fa Pele ga Faro

Jehofa Modimo o ne a naya Moshe moporofeti wa gagwe tiro e e boima. Sa ntlha, Moshe o ne a tshwanetse go ema fa pele ga Baiseraele le go ba kgona ka mabaka gore Jehofa o ne a mo tlhomile go nna mogolodi wa bone mo Egepeto. Go tswa foo, Moshe o ne a tshwanetse go ya fa pele ga Faro le go mo kopa gore a golole Baiseraele. Kwa bofelong, Moshe o ne a tshwanetse go etelela pele boidiidi jwa batho ba le dimilione go kgabaganya naga le go ba tsenya mo nageng ya batho ba ba seng botsalano. (Ekesodo 3:1-10) Dilo tseno tsotlhe di ne di ka nna tsa tshosa Moshe thata, mme gone, a o ile a letla gore maikarabelo ano a mo tlhobaetse ka tsela e e feteletseng?

Ga go pelaelo gore Moshe o ne a tshwenyegile ka dilo di le mmalwa. O ile a kopa Jehofa jaana: “E tlaa re ke fitlha mo baneng ba Iseraele ke ba raya ke re: ‘Modimo wa borraeno o nthomile kwano go lona,’ mme ba nthaya ba re: ‘Leina la one ke mang?’ Ke ba reye ke reng?” Jehofa o ne a mo araba. (Ekesodo 3:13, 14) Moshe o ne a tshwenyegile le ka ga gore go ne go tla direga eng fa Faro a ka gana go mo dumela. Gape, Jehofa o ile a araba moporofeti yono. Bothata jwa bofelo—Moshe o ne a re “ga ke motho yo o itseng go bua sentle.” Jono bo ne bo ka rarabololwa jang? Jehofa o ne a dira gore Arone e nne mmueledi wa ga Moshe.—Ekesodo 4:1-5, 10-16.

Morago ga fa Moshe a sena go tlamelwa ka dikarabo tsa dipotso tsa gagwe le go nna le tumelo mo Modimong o ile a dira se Jehofa a neng a mo laetse sone. Go na le gore Moshe a ipogise ka go nnela go itshosa ka dikakanyo tsa gore ke eng se se ka nnang sa direga fa a kopana le Faro, o ile a “dira fela jalo.” (Ekesodo 7:6) Fa a ka bo a ile a letla gore go tlhobaela go mo fekeetse, seo se ka bo se ile sa koafatsa tumelo le bopelokgale tse di neng di tla mo thusa go diragatsa kabelo ya gagwe.

Tsela e e lekalekaneng e Moshe a neng a itebaganya le kabelo ya gagwe ka yone ke sekai sa se moaposetoloi Paulo a neng a se bitsa gore ke “go itekanela sentle ga mogopolo.” (2 Timotheo 1:7; Tito 2:2-6) Fa Moshe a ka bo a ile a se ka a leka go itekanela sentle mo mogopolong, a ka bo a ile a fekeediwa thata ke go tlhobaela ka kabelo ya gagwe mo gongwe a ka bong a ile a se ka a dumela go e dira.

Go Laola Dikakanyo Tsa Gago

O itshwara jang fa mo botshelong jwa gago jwa letsatsi le letsatsi o rakana le dilo tse di lekang tumelo ya gago? A o nnela go itsenya letshogo o akanya fela ka dikgoreletsi le dikgwetlho tse di go lebaneng? Kana a o di leba ka tekatekano? Batho bangwe ba tle ba re, ‘Se tshele letsibogo pele o fitlha fa go lone.’ Mme gone, go ka nna ga se ka ga tlhokega gore o tshele letsibogo leo la tshwantshetso! Ka jalo, o ipogisetsang ka selo se se ka nnang sa se ka sa direga? Baebele ya re: “Boimelesego mo pelong ya motho bo tle bo e inamise, mme lefoko le le molemo le e ipedise.” (Diane 12:25) Gantsi se se diregang ke gore, motho o tla nnela go busetsa tshwetso kwa morago go fitlha go nna thari.

Selo se se masisi go feta ke kotsi ya semoya e go tlhobaela go go feteletseng go ka e bakang. Jesu Keresete o ile a bontsha gore go anaanela “lefoko la bogosi” go ka nna ga hupediwa gotlhelele ke maatla a a tsietsang a dikhumo le “tlhobaelo ya tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 13:19, 22) Fela jaaka fa mitlwa o ka kgoreletsa semela go gola le go nna le maungo, go tlhobaela go go feteletseng le gone go ka re kgoreletsa go gatela pele semoyeng le go nna le maungo mo go bakeng Modimo. Go itsenya letshogo go ile ga dira gore bangwe ba se ka ba ineela go Jehofa. Ba itshwenya ka gore, ‘Go tweng fa nka palelwa ke go tshelela boineelo jwa me?’

Moaposetoloi Paulo o re bolelela gore mo ntweng ya rona ya semoya, re leka go “tsenya kakanyo nngwe le nngwe mo botshwarong go e dira gore e utlwe Keresete.” (2 Bakorintha 10:5) Mmaba wa rona yo mogolo e bong Satane Diabolo o tla rata thata go dirisa tlhobaelo ya rona go re kgoba marapo le go re koafatsa mo mmeleng, mo maikutlong le mo semoyeng. Ke setswerere mo go diriseng dipelaelo go raela batho ba ba sa ikeleng tlhoko. Ke gone ka moo Paulo le ene a ileng a tlhagisa Bakeresete gore ba se ka ba “letlelela Diabolo sebaka.” (Baefeso 4:27) E re ka Satane e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo” o ile a atlega mo go ‘foufatseng megopolo ya ba ba sa dumeleng.’ (2 Bakorintha 4:4) A le ka motlha re se mo letle go laola megopolo ya rona!

Thuso e Gone

Fa ngwana a lebana le mathata, a ka ya kwa go rraagwe yo o lorato mme a mo neele kaelo le go mo gomotsa. Le rona re ka ya kwa go Rraarona wa selegodimo Jehofa ka mathata a rona. Tota e bile, Jehofa o re laletsa gore re latlhele mekgweleo le ditlhobaelo tsa rona mo go ene. (Pesalema 55:22) Jaaka ngwana yo o sa tlholeng a tlhobaela ka mathata a gagwe morago ga gore rraagwe a mo kgothatse, le rona ga re a tshwanela go latlhela mekgweleo le ditlhobaelo tsa rona fela mo go Jehofa, mme gape, re tshwanetse go di tlogela mo go ene.—Jakobe 1:6.

Re latlhela ditlhobaelo tsa rona jang mo go Jehofa? Bafilipi 4:6, 7 e araba jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a ditōpō tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” Ee, Jehofa a ka araba dithapelo le mekokotlelo ya rona ka go re dira gore re ikutlwe re ritibetse maikutlo mo go tla sireletsang ditlhaloganyo tsa rona gore di se ka tsa tshwenngwa ke go tlhobaela go go sa tlhokegeng.—Jeremia 17:7, 8; Mathaio 6:25-34.

Le fa go ntse jalo, gore re dire tumalanong le dithapelo tsa rona, ga re a tshwanela go ikgogona mo bathong ba bangwe e ka ne e le ka mmatota kana ka mogopolo. (Diane 18:1) Go na le moo, go ka nna molemo fa re tsaya tsia melaometheo ya Baebele le dikaelo tsa yone tse di malebana le bothata jwa rona, ka go dira jalo re tla bo re tila go ikaega ka tlhaloganyo ya rona. (Diane 3:5, 6) Basha le bagolo ba ka dirisa Baebele le dikgatiso tsa Watch Tower go bona tshedimosetso e ntsi malebana le go dira ditshwetso le go rarabolola mathata. Mo godimo ga moo, mo phuthegong ya Bokeresete, re lesego ka gonne re na le bagolwane ba ba botlhale le ba ba nang le maitemogelo le Bakeresete ba bangwe ba ba godileng sentle ba ka metlha ba iketleeditseng go bua le rona. (Diane 11:14; 15:22) Batho ba ba sa amiwang maikutlo ke bothata jwa rona le ba ba akanyang dilo go ya kafa Modimo a di lebang ka teng ba ka re thusa go leba mathata a rona ka tsela e sele. Le fa ba se kitla ba re direla ditshwetso, ba ka re kgothatsa le go re ema nokeng thata.

“Solofela Fela mo Modimong”

Ga go ope yo o ka ganelang gore go thata tota go lebana le mathata a mantsi a mmatota a letsatsi le letsatsi kwantle ga go tla re a oketsa ka go tlhobaela ka a re akanyang gore a ka nna a tlhaga. Fa go tlhobaela ka dilo tse di ka nnang tsa direga go re dira gore re se ka ra ritibala maikutlo, he a re retologeleng kwa go Jehofa ka thapelo le mokokotlelo. Senka thuso ya Lefoko la gagwe le phuthego go bona kaelo, botlhale le go itekanela sentle ga mogopolo. Seo se tla dira gore re lemoge gore le fa go ka tlhaga maemo a a ntseng jang, re na le sengwe se se ka re thusang go lebana le one.

Mopesalema o ile a bua jaana fa a ne a ngomogile pelo e bile a tobekane maikutlo: “O inametseng wena mowa wa me? O tlhodiegetseng mo teng ga me? Solofela fela mo Modimong; gonne ke tlaa nama ke tla ke o baka, one o e leng thuso ya sefatlhogo sa me, le Modimo wa me.” (Pesalema 42:11) E kete le rona re ka ikutlwa jalo.

Ee, dira dithulaganyo tsa dilo tse o ka lebelelang gore di tla direga, mme o tlogelele Jehofa tse o sa di lebelelang. “Latlhela[ng] tlhobaelo yotlhe ya lona mo go one, ka gonne o a lo kgathalela.”—1 Petere 5:7.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Jaaka Dafide, a le wena o latlhela mekgweleo le ditlhobaelo tsa gago mo go Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela