LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 79-84
  • Buka ya Bibela ya bo 14—2 Ditihalō

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 14—2 Ditihalō
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO DITIHALŌ WA BOBEDI
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • Dintlha Tsa 2 Ditiragalo
    Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha
  • Dintlhakgolo Tsa Buka ya Ditiragalo wa Bobedi
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Buka ya Bibela ya bo 11—1 Dikgosi
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Buka ya Bibela ya bo 12—2 Dikgosi
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 79-84

Buka ya Bibela ya bo 14—2 Ditihalō

Mokwadi: Esere

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Jerusalema (?)

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 460 B.C.E.

Lobaka Lo Lo Tserweng: 1037–537 B.C.E.

1. Esere o ne a wetsa Ditihalō leng, mme ka boikaelelo bofe?

EREKA Ditihalō wa Ntlha le wa Bobedi go lebega kwa tshimologong e ne e le buka e le nngwe, mabaka a a utlwalang ao a filweng mo kgaolong e e fetileng mabapi le tlholego ya yone, mokwadi, nako e e kwadilweng ka yone, go nna ga yone karolo ya Dikwalo, le go nna boammaaruri ga yone go ama dibuka tsoopedi. Go ya ka bosupi jo bo neetsweng, Esere o ne a wetsa Ditihalō wa Bobedi mo e ka nnang ka 460 B.C.E., goo go lebegang e ne e le kwa Jerusalema. E ne e le boikaelelo jwa ga Esere gore a boloke dilo tsa hisitori tseo di neng di ka nna tsa latlhega. A thusiwa ke moya o o boitshepo, o patagane le nonofo ya gagwe jaaka raditiragalo go bona le go tlhopha dilo tse di amegang, seno se ne sa thusa Esere gore a kwale rekoto eno e e tlhomameng le e e nnetseng ruri. O ne a boloka dintlha tseo a neng a di leba jaaka tsa hisitori go dirisiwa mo isagweng. Esere o ne a dira seo ka nako e e tshwanetseng ka go ne go tlhokega gore go phuthiwe ditlhopha tsa mekwalo yotlhe ya Sehebera e e boitshepo eo e neng e ntse e kwadilwe go kgabaganya makgolo a dingwaga.

2. Ke ka ntlhayang fa go sa utlwale go belaela gore Ditihalō ke ya boammaaruri?

2 Bajuda ba motlha wa ga Esere ba ne ba solegelwa molemo thata ke ditiragalo tse di tlhotlheleditsweng tseno tsa ga Esere. Di ne di kwadilwe gore di ba kaele le go ba kgothatsa gore ba itshoke. Ba ne ba ka kgona go nna le tsholofelo, ka kgothatso e e tswang mo Dikwalong. Ba ne ba amogela buka ya Ditihalō jaaka karolo ya Bibela ya Dikwalo tse di boitshepo. Ba ne ba itse gore ba ka e ikanya. Ba ne ba ka kgona go sekaseka fa e tlhomame ka dikwalo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng le ka ditiragalo tse dingwe tse di kwadilweng tseo Esere a neng a tsopola mo go tsone. Lemororo ba ne ba letla hisitori ya batho fela e e sa tlhotlhelediwang go latlhega, ba ne ba boloka Ditihalō. Baranodi ba Septuagint ba ne ba akaretsa Ditihalō jaaka karolo ya Bibela ya Sehebera.

3. Dikwalo tse dingwe di bontsha jang gore Ditihalō ke ya boammaaruri?

3 Jesu Keresete le bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ba ne ba e amogela fa e le boammaaruri ebile e tlhotlheleditswe. Ga go belaetse gore Jesu o ne a akantse ka ditiragalo tseo di kwadilweng mo go 2 Ditihalō 24:21 fa a ne a bolela gore Jerusalema e ne e le mmolai ebile o ne a kgobotleditse baperofeti le batlhanka ba ga Jehofa ka maje. (Math. 23:35; 5:12; 2 Ditihalo 36:16) Fa Jakobe a ne a bitsa Aberahame “tsala ea Modimo,” gongwe o ne a umaka polelo ya ga Esere e e mo go 2 Ditih. 20:7. (Yak. 2:23) Buka eno gape e na le boperofeti jo bo ileng jwa diragadiwa kwantle ga phoso.—2 Ditih. 20:17, 24; 21:14-19; 34:23-28; 36:17-20.

4. Ke dilo dife tse di bonweng ke baithutamarope tse di tlhomamisang gore Ditihalō wa Bobedi ke ya boammaaruri?

4 Baithutamarope le bone ba tlhomamisa fa Ditihalō wa Bobedi e le boammaaruri. Fa go ne go epiwa mo lefelong la Babelona wa bogologolo go ne ga epololwa matlapa a mmu ao e neng e le a nako ya puso ya ga Nebukadenesare, ao lengwe la one le umakang “Yaukine, kgosi ya naga ya Yahude,” ke gore, “Yehoiakine, kgosi ea Juda.”a Seno se dumalana sentle le pego ya Bibela ya go tseelwa ga ga Jehoiakine kwa Babelona mo ngwageng wa bosupa wa puso ya ga Nebukadenesare.

5. Ditihalō wa Bobedi e akaretsa lobaka lo lo kae lwa nako, mme ke ka ntlhayang fa e bua thata ka hisitori ya Juda go na le go bua ka ya bogosi jwa ditso tse di lesome?

5 Pego e e mo go Ditihalō wa Bobedi e latedisa ditiragalo tsa Juda go tloga ka puso ya ga Solomone, go simolola ka 1037 B.C.E., go fitlha fa Kurose a ne a ntsha molao wa go tsosolosa ntlo ya ga Jehofa kwa Jerusalema ka 537 B.C.E.. Mo hisitoring eno ya dingwaga di le 500, bogosi jwa ditso tse di lesome bo umakiwa fela fa bo ne bo amega mo ditiragalong tsa Juda, mme go senngwa ga bogosi joo jwa kwa bokone ka 740 B.C.E. ga go umakiwe. Ke ka ntlhayang fa go le jalo? Ka gonne moperisiti Esere o ne a amegile thata ka kobamelo ya ga Jehofa kwa lefelong la yone le le tshwanetseng, Ntlo ya Gagwe kwa Jerusalema, le ka bogosi mo moralong wa ga Dafide, yoo Jehofa a neng a dirile kgolagano ya Gagwe le ene. Ka gone, Esere o tlhokometse thata bogosi jo bo kwa bokone a tshegetsa kobamelo ya boammaaruri le go lebelela gore mmusi o tla tswa kwa Juda.—Gen. 49:10.

6. Ditihalō wa Bobedi e nonotsha le go kgothatsa jang?

6 Esere o na le pono e e nametsang. Mo dikgaolong tse 36 tsa Ditihalō wa Bobedi, tse 9 tsa ntlha di bua ka puso ya ga Solomone, mme tse 6 tsa tseno di bua fela ka go baakanyetsa le go neelwa ga ntlo ya ga Jehofa. Rekoto eno ga e umake go senyega ga ga Solomone. Mo dikgaolong tse 27 tse di setseng, tse 14 di bua ka dikgosi di le tlhano tseo di neng tsa latela sekao sa ga Dafide sa go ineela ka botlalo mo kobamelong ya ga Jehofa: Asa, Jehoshafate, Jothame, Hesekia, le Josia. Le eleng mo dikgaolong tse dingwe tse 13, Esere o etse tlhoko go tlhomolola dilo dingwe tse di molemo tse di dirilweng ke dikgosi tseo di neng di le bosula. O otlelela ka metlha ditiragalo tse di amanang le go tsosolosiwa le go bolokiwa ga kobamelo ya boammaaruri. Abo seno se kgothatsa jang ne!

SEO SE LENG MO GO DITIHALŌ WA BOBEDI

7. Jehofa o ne a dira Solomone go nna ‘yo mogolo thata’ jang?

7 Kgalalelo ya puso ya ga Solomone (1:1–9:31). Fa Ditihalō wa Bobedi e simolola, re bona morwa wa ga Dafide Solomone a nonofa mo bogosing jwa gagwe. Jehofa o na nae mme o nna a “mo godisa mo go heteletseñ.” Fa Solomone a isa ditlhabelo kwa Gibeona, Jehofa o itlhagisa mo go ene mo bosigong joo, a mo raya a re: “Lōpa se ke tla gu se naeañ.” Solomone o kopa kitso le botlhale gore a kgone go busa batho ba ga Jehofa sentle. Ka ntlha ya kopo eno ya gagwe e eseng bogagapa, Modimo o solofetsa Solomone go mo naya botlhale le kitso mme gape le khumo le thoto le tlotlo “tse di se kañ tsa bōnwa ke dikgosi dipè, tse di kileñ tsa nna pele ga gago, le ha e le tse di tla tlañ moragō ga gago ga go ketla go na le dipè tse di tla bōnañ yalo.” Ka jalo go tla thoto e kgolo mo motsemogolong oo mo eleng gore ka nako ya ga Solomone “selefera le gouda tsa nna yaka mayè mo Yerusalema.”—1:1, 7, 12, 15.

8. Tiro ya tempele e tswelela jang, mme dikarolo tse dingwe tsa kago eno ke dife?

8 Solomone o bitsa badiri go tla go aga ntlo ya ga Jehofa, mme Kgosi Hurame wa Ture o dirisana le ene ka go mo romelela dikota le badiri ba ba ditswerere. Mme go simololwa go agwa ka “ñwaga wa bonè oa pushō ea [ga Solomone],” mme e wediwa dingwaga di le supa le sephatlo moragonyana, ka 1027 B.C.E. (3:2) Tempele ka boyone e na le mathudi a magolo ao a leng bogodimo jwa dikubita di le 120 (dimetara di le 53,4). Fa pele ga mathudi go na le dipilara tse pedi tse ditona tsa kgotlho, tseo e nngwe ya tsone e bidiwang Jakine, eo e kayang “A [Jehofa] a Tlhome,” mme e nngwe Boase, eo go lebegang e kaya “Nonofo.” (3:17) Ntlo yone ka boyone e nnye, dikubita di le 60 ka boleele (dimetara di le 26,7) bogodimo jwa dikubita di le 30 (dimetara di le 13,4) le dikubita di le 20 ka bophara (dimetara di le 8,9), mme mabota a yone le sileng ya yone di kgabisitswe ka gouta; mme kamore e e kwa tengteng, Boitshepo jwa Maitshepo, e kgabisitswe ka botswerere ka gouta. E na le ditšheruba tsa gouta gape di le pedi, nngwe le nngwe kafa letlhakoreng la kamore, tseo diphuka tsa tsone di tsharaletseng mme di kopana fa gare.

9. Tlhalosa mekgabisa le didirisiwa tsa lolwapa le tsa tempele.

9 Mo lolwapaneng lo lo kafa teng, go na le sebeso se segolo sa kgotlho se se dikubita di le 20 (dimitara di le 9) le dikubita di le 10 (dimitara di le 4, 5) ka boleele. Sengwe seo se kgatlhang mo lolwapaneng e ne e le lewatle le le nyerolositsweng, sejana se segolo sa kgotlho seo se neng se ntse mo godimo ga dipoo di le 12 tsa kgotlho tseo di neng di lebile ka kwa ntle, di le tharo kafa letlhakoreng lengwe le lengwe. Lewatlana leno le kgona go tshela “dinkgwana di le makgolo a mashomè mararo” (66 000 l) tsa metsi ao baperisiti ba neng ba tlhapa ka one. (4:5) Gape mo lolwapeng go na le dijana di le lesome tse dinnye tsa kgotlho tseo di neng di ntse mo ditlhomong tse di kgabisitsweng ka kgotlho, mme mo metsing ano, go ne go tlhatswiwa dilo tseo di dirisediwang ditlhabelo tse di fisiwang. Di ne di tladiwa kwa lewatleng le le nyerolositsweng mme di kgaramelediwa koo metsi a batlegang gone. Mo godimo ga moo, go na le ditlhomo tsa dipone tsa gouta di le lesome le dijana tse dingwe tse dintsi, dingwe e le tsa gouta dingwe e le tsa kgotlho, tseo di dirisediwang kobamelo ya tempele.b

10. Go diragala eng fa Letlole le tlisiwa mo lefelong la Boitshepo jwa Maitshepo?

10 Kgabagare, ntlo ya ga Jehofa e ne ya wediwa morago ga dingwaga di le supa le sephatlo. (1 Dikg. 6:1, 38) Letsatsi leo e neng e neelwa ka lone ke nako ya go lere seo se tshwantshetsang go nna gone ga ga Jehofa mo ntlwaneng e e kwa tengteng ya kago eno e ntle. Baperisiti ba tlisa “letlole ya kgōlaganō ya ga Yehofa mo bonnoñ yoa yeōna, mo bobueleloñ yoa ntlo, mo heloñ ga boitshèpō yo bo itshepileñ, eboñ ha tlhatse ga diphuka tsa dicheruba.” Mme go diragala eng? Jaaka baopedi ba Balefi le baletsi ba baka le go leboga Jehofa ba kopanetse pina, ntlo e tlala ka leru, mme baperisiti ga ba kgone go ema ba dira tiro ya bone ka gonne “kgalalèlō ea ga Yehofa” e tletse ka ntlo ya Modimo wa boammaaruri. (2 Ditih. 5:7, 13, 14) Ka gone, Jehofa o bontsha gore o amogela tempele eno mme e emela go nna ga gagwe mo go bone.

11. Solomone o rapela jang, mme o kopa eng?

11 Go ne ga agiwa serala sa kgotlho sa dikubita di le tharo (dimetara di le 1,3) se agelwa nako eno, mme se tsentswe mo lolwapeng lo lo kwa gare gaufi le sebeso se segolo sa kgotlho. A le kwa lefelong leno le le kwa godimo, Solomone o kgonwa go bonwa ke bontsintsi jwa batho jo bo phuthegileng go tla go neela tempele. Morago ga go itshupa ga ga Jehofa gore o gone ka kgakgamatso ka kgalalelo ya leru, Solomone o khubama fa pele ga bontsintsi jwa batho mme o rapela thapelo e e tshikinyang maikutlo ya tebogo le pako, eo e akaretsang dikopo di le dintsi tsa boitshwarelo le masego. Mo konelong ya gagwe o kopa jaana: “Me yana, Modimo oa me, kea gu rapèla, a matlhō a gago a budulogè, a ditsèbè tsa gago di sekègèlè morapèlō o o dihwañ mo heloñ ha. Yehofa Modimo, u se ka ua bosa sehatlhōgō sa motlodiwa oa gago: u gakologèlwè mapelonomi a ga Dafide motlhanka oa gago.”—6:40, 42.

12. Jehofa o araba thapelo ya ga Solomone jang, mme moletlo wa malatsi a le 15 o felela ka eng se se itumedisang?

12 A Jehofa o utlwa thapelo eno ya ga Solomone? Erile fela Solomone a fetsa go rapela, molelo wa hologa kwa legodimong mme wa fisa tshupelo e e fisiwang le ditlhabelo, mme “kgalalèlō ea ga Yehofa” e tlala ka ntlo. Seno se dira batho gore ba obame fa fatshe ba leboga Jehofa, “gonne o molemō, le boutlwèlō botlhoko yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ.” (7:1, 3) Jehofa o direlwa setlhabelo se segolo. Moletlo wa go neela o o tsayang lobaka lwa beke o latelwa ke Moletlo wa go Phutha oo le one o tsayang lobaka lwa beke le sabata ya go ikhutsa mo tirong. Morago ga moletlo ono o o itumedisang, o o nonotshang mo semoyeng wa malatsi a le 15, Solomone o phatlalatsa batho go ya magaeng a bone ba itumetse ba bile ba le pelo e monate. (7:10) Jehofa le ene o itumetse. O tlhomamisetsa Solomone gape kgolagano ya gagwe ya Bogosi, ka nako e e tshwanang a mo tlhagisa ka matswela a a seng monate a go tlhoka kutlo.

13. (a) Ke tiro efe ya go aga eo e latelang morago ga ya tempele? (b) Kgosigadi ya Sheba e bua eng fa e bona bogosi jwa ga Solomone?

13 Solomone jaanong o tswelela ka tiro e kgolo ya go aga go ralala bogosi jwa gagwe, a sa ikagele fela ntlo ya bogosi mme a aga gape le metse e e thata, metse ya bobolokelo, metse ya dikara tsa ntwa, le metse ya bapagami ba dipitse, mmogo le sengwe le sengwe fela seo a eletsang go se aga. Ke nako e e itumedisang ya tswelelopele le kagiso ka gonne kgosi mmogo le batho ba tlhokometse kobamelo ya ga Jehofa. Le eleng kgosigadi ya Sheba, e e tswang bokgakala jwa dikilometara tse di fetang 1 900, e utlwa ka tswelelopele le botlhale jwa ga Solomone mme e tsaya loeto lo loleele, lo lo lapisang go iponela ka boyone. A o a swabisiwa? Legoka, ka go bo o bua go tswa mo pelong a re: “Leha go nntse yalo ga kea ka ka dumèla mahoko a batho, go tsamaea ka tla, me matlhō a me a bōna; me bōna, leha e le bontlha ñwe yoa bogolo yoa botlhale yoa gago ke ne ke sa bo bolèlèlwa: u heta tumedi e ke e utlwileñ. Batho ba gago ba segō, le batlhanka ba, ba gago ba segō.” (9:6, 7) Ga go kgosi epe mo lefatsheng e e fetang Solomone ka khumo le botlhale. O busa Jerusalema ka dingwaga di le 40.

14. Ke ka ntlhayang fa Iseraele e latlhegelwa ke kgalalelo ya yone ka bonako jo bo kana?

14 Puso ya ga Rehoboame le Abija (10:1–13:22). Puso e e gatelelang ya morwa wa ga Solomone Rehoboame e dira gore ditso tse di lesome tse di kwa bokone tseo di busiwang ke Jeroboame di tsuologe ka 997 B.C.E. Lefa go ntse jalo, baperisiti le Balefi ba ba mo magosing ano ba ema le Rehoboame, ba supa go ikanyega ga bone mo kgolaganong ya Bogosi go na le mo bomorafeng. Go ise go e kae Rehoboame o tlogela molao wa ga Jehofa, mme kgosi Shishake wa Egepeto o a tlhasela, a tsena mo Jerusalema mme a gapa dikhumo tsotlhe tsa ntlo ya ga Jehofa. Abo seo se utlwisa botlhoko jang ne ka go bo kgalalelo ya dikago tseno tseo di neng di kgabisitswe bontle jaana e ne ya senngwa morago fela ga dingwaga di le 30! Lebaka: Morafe oo o “leohetse Yehofa.” Ka yone nako eo Rehoboame o a ikokobetsa, mo eleng gore Jehofa ga a senye morafe oo gotlhelele.—12:2.

15. Go ne ga nna le dintwa dife morago ga loso lwa ga Rehoboame, mme ke ka ntlhayang fa Juda e itshupile e nonofile go feta Iseraele?

15 Fa Rehoboame a tlhokafala mongwe wa barwa ba gagwe ba ba 28, Abija o dirwa kgosi. Fa puso ya dingwaga tse tharo ya ga Abija e ntse e busa go nna dintwa tse di tshololang madi gareng ga yone le Iseraele kwa bokone. Bajuda ba fetwa ka palo ya motho a le mongwe go ba babedi, masole a bone a a ka nnang 400 000 a lwa kgatlhanong le a le 800 000 a a eteletsweng pele ke Jeroboame. Mo dintweng tse dikgolo tse di latelang, palo ya masole a Iseraele e fokotsega go ya kwa tlase ka selekanyo sa halofo, mme palo ya baobamedi ba namane ba ba bolailweng e ka nna halofo ya milione. Bomorwa Juda ba itshupa ba nonofile ka gonne ba “ikaegile mo go Yehofa, Modimo oa borrabō.”—13:18.

16. Jehofa o arabela thapelo ya ga Asa e e dirwang ka potlako jang?

16 Kgosi Asa yo o boifang Jehofa (14:1–16:14). Abija o tlhatlhangwa ke morwawe Asa. Asa o tsweledisa kobamelo ya boammaaruri. O dira tlhaselo ya go phepafatsa naga yotlhe a tlosa kobamelo ya ditshwantsho. Mme ebu! Juda e tshosediwa ke masole a mantsi a a ka nnang milione a Baithiopia. Asa o rapela jaana: “Re thusè, Yehofa Modimo oa rona; gonne re ikaegile mo go wèna me re bololetse bontsi yo ka leina ya gago.” Jehofa o araba ka go ba naya phenyo.—14:11.

17. Asa o kgothalediwa jang go dira diphetogo tsa kobamelo mo Juda, mme o kgalemelelwa eng?

17 Moya wa ga Jehofa o tla mo go Asaria mme o raya Asa a re: “Yehofa o na le lona, ha lo sa nntse lo na le èna; ha lo mmatla, o tla bōnwa ke lōna.” (15:2) A kgothaditswe ke seo fela thata, Asa o dira diphetogo tsa kobamelo mo Juda, mme batho ba dira kgolagano ya gore mongwe le mongwe yo a tla sekang a batla Jehofa o tshwanetse go bolawa. Lefa go ntse jalo, fa Baashe, kgosi ya Iseraele, e tlhoma molelwane go thibela Baiseraele go ya kwa Juda, Asa o dira phoso e kgolo ka go thapa Benehadade, kgosi ya Siria, go lwa kgatlhanong le Iseraele go na le go kopa thuso mo go Jehofa. Jehofa o mo kgalemelela seno. Lefa go ntse jalo, pelo ya ga Asa e ne e “itekanetse ka metlha eotlhe ea gagwè.” (15:17) O swa mo ngwageng wa bo 41 wa puso ya gagwe.

18. (a) Jehoshafate o tswelela pele jang go tlhabanela go busetsa kobamelo ya boammaaruri, mme o felela jang? (b) Kgolagano ya gagwe ya lenyalo e ne ya batla e lebisa kwa masetlapelong jang?

18 Puso e e molemo ya ga Jehoshafate (17:1–20:37). Morwa wa ga Asa Jehoshafate o tswelela a lwa kgatlhanong le kobamelo ya ditshwantsho mme o simolola thulaganyo e e kgethegileng ya thuto, a dira gore go nne le barutisi ba ba ralalang metse ya Juda, ba ruta batho dilo tse di mo bukeng ya Molao wa ga Jehofa. Go latela nako ya tswelelopele le kagiso, mme Jehoshafate o tswelela pele a “kokotlègèla thata.” (17:12) Mme o dira kgolagano le Kgosi e e boikepo ya Iseraele Ahabe mme o tsamaya a ya go mo thusa go lwa kgatlhanong le puso ya Siria, a itlhokomolosa moperofeti wa ga Jehofa Mikaia mme a batla a swa fa Ahabe a swela mo ntweng eo kwa Ramothe-gileada. Moperofeti wa ga Jehofa Jehu o kgala Jehoshafate ka go bo a ne a dumalana le tsela ya ga Ahabe yo o boikepo. Morago ga foo Jehoshafate o tlhoma baatlhodi go ralala naga yotlhe, mme o ba laela gore ba dire ditiro tsa bone ka go boifa Modimo.

19. Fa puso ya ga Jehoshafate e ne e le kwa setlhoeng sa yone, ntwa e ne ya itshupa e le ya Modimo jang?

19 Puso ya ga Jehoshafate jaanong e fitlhile kwa setlhoeng sa yone. Masole a a kopaneng a Bamoaba le Baamona, le a Seira e e mo dithabeng a tsogologela Juda ka maatla a magolo. Ba tla ba thologa ka sekaka sa Ene-gedi. Batho baa tshoga. Jehoshafate le Juda yotlhe, mmogo le “banyana ba bōnè, le basadi ba bōnè, le bana ba bōnè,” ba ema fa pele ga ga Jehofa mme ba mo rapela. Moya wa ga Jehofa o tla mo go Jahasiele wa Molefi, yo a buang le batho ba ba phuthegileng bao a re: “Reetsañ, lona lotlhe ba Yuda, le lona banni ba Yerusalema, le wèna kgosi Yehoshafate: Yehofa o lo raea yana, a re, Lo se ka loa boiha, le gōna lo seka loa rèrèga ka ntlha ea bontsi yo bogolo yo; gonne tlhabanō ga se ea lona, ke ea Modimo. E re ka moshō lo bololè lo eè go tlhabana nabō. . . . Yehofa o na le lona.” Ba tsoga mo mosong, Juda e gwanta jalo e eteletswe pele ke baopedi ba Balefi. Jehoshafate o ba kgothatsa jaana: “Lo dumeleñ mo go Yehofa Modimo oa lona, . . . dumèlañ baperofeti ba gagwè, yalo lo tla tlhōgōnōlōhala.” Baopedi ba baka Jehofa ka boitumelo, ba re: “Boutlwèlō botlhokō yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ.” (20:13, 15-17, 20, 21) Jehofa o ba bontsha boutlwelobotlhoko jwa gagwe jo bo lorato ka tsela e e gakgamatsang, a lalela masole ao a tlhaselang mo eleng gore bone ka bobone baa bolaana. Fa ba tla fa toreng e e kwa godimo kwa nageng, Bajuda ba ba itumetseng ba bona ditopo fela. Ka boammaaruri, ntwa ke ya Modimo! Jehoshafate o tsamaya ka boikanyegi fa pele ga ga Jehofa go fitlha kwa bokhutlong jwa puso ya gagwe ya dingwaga tse 25.

20. Ke ditiragalo dife tse di utlwisang botlhoko tseo di neng tsa diragala mo pusong ya ga Jehorame?

20 Dipuso tse di boikepo tsa ga Jehorame, Ahasia, le Athalia (21:1–23:21). Morwa wa ga Jehoshafate Jehorame o simolola a le bosula ka go bolaya bomorwarraagwe botlhe. Lefa go ntse jalo, Jehofa o a mmoloka ka ntlha ya kgolagalano ya Gagwe le Dafide. Edoma e simolola go tsuologa. Elija o romela lokwalo a le felo gongwe, a tlhagisa Jehorame gore Jehofa o tla itaya ntlo ya gagwe ka titeo e e botlhoko mme ene o tla swa loso lo lo botlhoko. (21:12-15) Bafilisitia le Baarabia ba tlhasela le go thopa Jerusalema go ya fela kafa boperofeti bo neng bo boleletse pele ka gone, mme kgosi e bolawa ke bolwetsi jo bo maswe thata jwa mala, morago ga go busa ka dingwaga di le robedi.

21. Ke dilo dife tse di bosula tseo di neng tsa nna gone fa Athalia a ne a busa Juda, mme Jehoiada o ne a atlega jang mo go busetseng setulo sa ga Dafide sa bogosi?

21 Jehorame o tlhatlhangwa ke morwawe yo o setseng a le esi fela, Ahasia (Jehoahase), mme o tlhotlhelediwa ke mmaagwe ebong Athalia, yoo e leng morwadia Ahabe le Jesebele gore a nne bosula. Puso ya gagwe e kgaupediwa morago ga ngwaga fa Jehu a tlhasela ntlo ya ga Ahabe. Fa go diragala seno, Athalia o bolaya ditlogolwana tsa gagwe a bo a itseela setulo sa bogosi. Lefa go ntse jalo, mongwe wa bana ba ga Ahasia o a falola. Ke Joashe yo o nang le ngwaga o le mongwe fela, yoo a fitlhiwang mo ntlong ya ga Jehofa ke rakgadiagwe Jehoshabeathe. Athalia o busa ka dingwaga di le thataro, mme moragonyana monna wa ga Jehoshabeathe, moperisiti yo mogolo Jehoiada, ka bopelokgale o tsaya Joashe yo mmotlana mme o mo dira kgosi, jaaka mongwe wa “bomorwa Dafide.” Fa a tla kwa ntlong ya ga Jehofa, Athalia o ikgagola diaparo a bo a tlhaeletsa a re, “Moōkō! Moōkō!” Mme ga go thuse sepe. Jehoiada o mo latlhela kwa ntle ga tempele mme o a bolawa.—23:3, 13-15.

22. Puso ya ga Joashe e simolola sentle jang mme e felela ka bosula jang?

22 Dipuso tsa ga Joashe, Amasia, le Usia di simolola sentle mme di felela ka bosula (24:1–26:23). Joashe o busa dingwaga di le 40, mme fa Jehoiada a santse a tshela a mo tlhotlheletsa go dira molemo, o dira se se siameng. O kgatlhegela ntlo ya ga Jehofa mme o a e kgabisa. Lefa go ntse jalo, fa Jehoiada a tlhokafala, Joashe o tlhotlhelediwa ke dikgosana tsa Juda go tloga mo kobamelong ya ga Jehofa go direla dipale tse di boitshepo le medimo ya disetwa. Fa moya wa Modimo o tlhotlheletsa Sekaria morwa wa ga Jehoiada go kgalema kgosi, Joashe o laela gore moperofeti yono a bolawe ka go kgobotlediwa ka maje. Go ise go e kae morago ga foo, masole a sekae fela a Basiria aa tlhasela, mme lesomo le legolo la masole a Juda ga le kgone go ba fenya ka gonne ba “latlhile Yehofa Modimo oa borrabō.” (24:24) Jaanong batlhanka ba e leng ba ga Joashe ba a mo tsuologela mme ba mmolaya.

23. Amasia o latela sekao sefe sa go sa ikanyegeng?

23 Amasia o busa sefularong sa ga Joashe rraagwe. O simolola puso ya gagwe ya dingwaga di le 29 sentle mme moragonyana Jehofa ga a tlhole a mo amogela ka gonne a ne a simolola kobamelo ya medimo ya disetwa ya Edoma. “Modimo o laotsè go gu senya,” moperofeti wa ga Jehofa o mo tlhagisa jalo. (25:16) Lefa go ntse jalo, Amasia o a ikgogomosa mme o tlhasela Iseraele e e kwa bokone. Fela jaaka Modimo o ne o buile, o fenngwa ke Baiseraele. Morago ga go fenngwa goo, batsuolodi ba a mo tsuologela mme ba a mmolaya.

24. Nonofo ya ga Usia e ne ya nna bokoa jwa gagwe jang, mme ga felela ka eng?

24 Usia morwa wa ga Amasia o tsamaya mo dikgatong tsa ga rraagwe. O busa sentle mo dingwageng tse dintsi tsa tse 52, a itsege jaaka lesole le le botlhale thata, le moagi wa dikago tse di godileng, le ka go “rata tihō ea masimo.” (26:10) O naya masole didirisiwa ebile o ba naya dibolao. Lefa go ntse jalo, nonofo ya gagwe e nna yone bokoa jwa gagwe. O a ikgogomosa mme o tsaya tiro ya boperisiti ya go isa maswalo mo tempeleng ya ga Jehofa. Jehofa o mo itaya ka lepero ka ntlha ya seno. Go felela ka gore, a isiwe go ya go tshela kwa bothokong, kgakala le ntlo ya ga Jehofa le ntlo ya kgosi, koo morwawe Jothame a atlholang batho mo boemong jwa gagwe gone.

25. Ke ka ntlhayang fa Jothame a ne a atlega?

25 Jothame o direla Jehofa (27:1-9). Go farologana le rraagwe, Jothame ga a “ka a tsèna mo tempeleñ ea ga Yehofa.” Go na le moo, “a diha se se siameñ mo matlhoñ a ga Yehofa.” (27:2) Mo pusong ya gagwe ya dingwaga tse 16, o dira tiro e kgolo ya go aga mme o atlega mo go thibeleng botsuolodi jwa Baamona.

26. Ahase o ne a tsenelela mo boikepong go le kana kang?

26 Kgosi Ahase yo o boikepo (28:1-27). Ahase morwa wa ga Jothame o itshupa e le mongwe wa dikgosi tse di bosula thata mo dikgosing tse 21 tsa Juda. O dira se se maswe go feta ka go isa bomorwawe ditlhabelo a di isetsa medimo ya baheitane. Kgabagare Jehofa o a mo tlogela mme o mo naya masole a Basiria, Baiseraele, Baedoma, le Bafilisitia. Ka jalo Jehofa o kokobetsa Juda ka gonne Ahase “a dihile ka botlhōka ditlhoñ mo Yuda, me a leohèla Yehofa mo go botlhoko.” (28:19) A ntse a sulafalela kwa pele, Ahase o isetsa medimo ya Siria ditlhabelo ka gonne Basiria ba ne ba itshupa ba nonofile thata mo ntweng. O tswala dikgoro tsa ntlo ya ga Jehofa mme a emisetsa kobamelo ya ga Jehofa ka kobamelo ya medimo ya baheitane. Go ise go e kae, puso ya ga Ahase e khutla morago ga dingwaga tse 16.

27. Hesekia o ne a bontsha go tlhagafalela kobamelo ya ga Jehofa jang?

27 Kgosi e e ikanyegang Hesekia (29:1–32:33). Hesekia, morwa Ahase, o busa mo Jerusalema ka dingwaga di le 29. Kgato ya ntlha e a e tsayang ke go bula dikgoro tsa ntlo ya ga Jehofa le go e baakanya. Morago o phutha baperisiti le Balefi mme a bo a ba laela go phepafatsa tempele le go itshekisa tirelo ya ga Jehofa. O ba bolelela gore o batla go dira kgolagano le Jehofa go busa bogale jwa Gagwe jo bo tukang. Kobamelo ya ga Jehofa e simololwa gape mme ka tsela e kgolo.

28. Ke moletlo ofe o mogolo oo Hesekia a o tshwarang mo Jerusalema, mme batho ba supa boipelo jwa bone jang?

28 Go rulaganyediwa Tlolaganyo e kgolo, mme ereka go sena nako ya go e baakanyetsa mo kgweding ya ntlha, paakanyetso e e mo Molaong ya ba thusa, mme e ketekiwa mo kgweding ya bobedi ya ngwaga wa ntlha wa puso ya ga Hesekia. (2 Ditih. 30:2, 3; Dipa. 9:10, 11) Kgosi ga e laletse fela ba ba mo Juda mme e laletsa le Baiseraele gape, mme lemororo bangwe ba kwa Eferaima, Manase, le Sebuluna ba sa batle go reetsa taletso eo, bangwe ba a ikoba mme ba tla kwa Jerusalema le botlhe ba Juda. Morago ga Tlolaganyo, go tshwarwa Moletlo wa Dinkgwe tse di sa Bedisiwang. Abo e ne e le moletlo o o itumedisang jang ne wa malatsi a le supa! Eleruri, e ne e le o o nonotshang, mo phuthego yotlhe e neng ya lelefatsa moletlo ka malatsi a mangwe a supa. Go na le “boitumèlō yo bogolo mo Yerusalema: gonne e sa le ka lobaka loa ga Solomone morwa Dafide kgosi ea Iseraela, go no go e se go ko go nne mo go nntseñ yalo mo Yerusalema.” (2 Ditih. 30:26) Batho ba ba tsosolositsweng mo semoyeng ba tswelela pele ka go senya kobamelo ya medimo ya disetwa mo Juda le mo Iseraele, fa Hesekia, kafa letlhakoreng le lengwe, a dira gore meneelo ya dilo tse di bonalang ya Balefi ya ditirelo tsa tempele e ntshiwe gape.

29. Jehofa o ne a duela go ikanya ga ga Hesekia mo go Ene jang?

29 Kgosi ya Asiria Senakeribe e tlhasela Juda mme e tshosetsa Jerusalema. Hesekia o nna pelokgale, o baakanya boiphemelo jwa motse, mme o kgala mmaba yono. Ka a ikanya Jehofa thata, o nna a ntse a mo rapela gore a mo thuse. Jehofa o araba thapelo ya gagwe ya tumelo ka kgakgamatso. O tswelela pele a “roma moengele, a kgaola digañka cotlhe tse di pelokgale, le bagogi, le balaodi, mo bothibeleloñ yoa kgosi ea Asiria.” (32:21) Senakeribe o boela gae a tlhabilwe ke ditlhong. Le eleng medimo ya gagwe ga e kgone go mo tlosa ditlhong, ka go bo moragonyana o bolawa ke barwa ba gagwe a le fa sebesong sa one. (2 Dikg. 19:7) Jehofa o lelefatsa botshelo jwa ga Hesekia ka kgakgamatso, mme o nna le dikhumo di le dintsi le kgalalelo, mme o tlotliwa mo Juda yotlhe fa a tlhokafala.

30. (a) Manase o ne a retologela kwa go direng boikepo bofe, mme ke eng seo se neng sa latela fa a ikotlhaya? (b) Go diragalang mo pusong e khutshwane ya ga Amone?

30 Manase le Amone ba busa ka boikepo (33:1-25). Morwa wa ga Hesekia Manase o boela kwa tseleng e e bosula ya ga rraagwemogolo Ahase, a dirolola molemo otlhe o o fitlheletsweng mo pusong ya ga Hesekia. O aga mafelo a a tlotlometseng gape, a tlhoma dipale tse di boitshepo, a bo a isetsa medimo ya maaka ditlhabelo ka bomorwawe. Kgabagare, Jehofa o dira gore kgosi ya Asiria e tlhasele Juda, mme Manase o isiwa botshwaro kwa Babelona. Koo o ikotlhaela phoso eo a e dirileng. Jehofa o mmontsha bopelotlhomogi mme a mmusetsa go nna kgosi, o dira boiteko jwa go tlosa kobamelo ya badimo mme a busetse bodumedi jwa boammaaruri. Lefa go ntse jalo, fa Manase a tlhokafala morago ga puso ya gagwe e telele ya dingwaga di le 55, morwawe Amone o nna mo setulong sa gagwe sa bogosi mme o tsweledisa kobamelo ya maaka gape. Morago ga dingwaga di le pedi, o bolawa ke batlhanka ba gagwe.

31. Ke dilo dife tse dikgolo tseo di diragalang mo pusong ya ga Josia yo o bopelokgale?

31 Puso ya bopelokgale ya ga Josia (34:1–35:27). Josia yo mmotlana, morwa Amone, o dira boiteko ka bopelokgale go busetsa kobamelo ya boammaaruri. O senya dibeso tsa Baale le ditshwantsho tse di setilweng, mme o baakanya ntlo ya ga Jehofa, koo go bonwang “lokwalō loa molaō oa ga Yehofa o o beilweñ ka Moshe,” mme kwantle ga pelaelo seno e ne e le sekaelo sa ntlhantlha. (34:14) Lefa go le jalo, Josia yo o siameng o bolelelwa gore naga e tla tlelwa ke matlhotlhapelo ka ntlha ya go sa ikanyegeng goo go neng go setse go dirilwe, mme eseng mo motlheng wa gagwe. Mo ngwageng wa bo 18 wa puso ya gagwe, o rulaganyetsa moletlo o mogolo wa Tlolaganyo. Josia o tlhokafala morago ga go busa ka dingwaga di le 31 morago ga fa a sena go palelwa ke go thibela masole a Baegepeto go ralala naga fa ba ne ba fetela kwa Euferatese.

32. Dikgosi tse nnè tsa bofelo di ne tsa dira gore Juda e felele ka matlhotlhapelo jang?

32 Jehoahase, Jehoiakime, Jehoiakine, Sedekia, le go senngwa ga Jerusalema (36:1-23). Boikepo jwa dikgosi tse nnè tsa bofelo tsa Juda go ise go e kae bo lere morafe oo kwa bokhutlong jwa one. Morwa wa ga Josia Jehoahase o busa ka dikgwedi di le tharo fela, a tlosiwa ke Faro Neko wa Egepeto. O tseelwa puso ke morwarraagwe Eliakime, yo leina la gagwe le fetolelwang go nna Jehoiakime, yo mo pusong ya gagwe Juda e neng ya busiwa ke mmuso o mosha wa lefatshe, Babelona. (2 Dikg. 24:1) Fa Jehoiakime a tsuologa, Nebukadenesare o tla kwa Jerusalema go tla go mo otlhaya ka 618 B.C.E., mme Jehoiakime o swa mo go one ngwaga oo, morago ga go busa dingwaga di le 11. O tlhatlhangwa ke morwawe Jehoiakine yo o dingwaga di 18. Morago ga go busa ka dikgwedi tse tharo fela, Jehoiakine o ineela mo go Nebukadenesare mme o isiwa botshwara kwa Babelona. Nebukadenesare jaanong o tlhoma morwa wa boraro wa ga Josia, malomaagwe Jehoiakine Sedekia, mo setulong sa bogosi. Sedekia o busa dingwaga di le 11 mme a le bosula, a gana go “ikokobetsa ha pele ga Yeremia moperofeti ha a bua ka molomo oa ga Yehofa.” (2 Ditih. 36:12) Baperisiti le batho ka go tshwana ba leswefatsa ntlo ya ga Jehofa ka bosaikanyegeng jwa bone jo bogolo.

33. (a) Tshwafalo ya dingwaga di le 70 e simolola jang, “go dihatsa lehoko ya ga Yehofa”? (b) Ke taolo efe e e sa lebalesegeng e e kwadilweng mo ditemaneng tse pedi tsa bofelo tsa Ditihalō wa Bobedi?

33 Kgabagare, Sedekia o tsuologa kgatlhanong le jokwe ya Babelona, mme ka nako eno Nebukadenesare gaa mo utlwele botlhoko. Bogale jwa ga Jehofa bo bogolo, mme ga bo fodisiwe ke sepe. Jerusalema e a wa, tempele ya yone e a thopiwa e bo e tshubiwa, mme bao ba falolang go dikaganyediwa ga bone ka dikgwedi tse 18 ba tsewa jaaka ditshwarwa ba isiwa Babelona. Juda e tlogelwa e le marope fela. Ka gone, tshwafatso e tla mo go one ngwaga oo wa 607 B.C.E., “go dihatsa lehoko ya ga Yehofa ka molomo wa ga Yeremia. . . . Go hetisa dinyaga di le mashomè a shupa.” (36:21) Mokwaladitiragalo jaanong o tlola lobaka lono lo lo ka nnang dingwaga di le 70 go ya go kwala ka taolo e e neng ya ntshiwa ke Kurose ka 537 B.C.E. mo ditemaneng tse pedi tsa bofelo. Batshwarwa ba Bajuda jaanong ba tshwanetse go gololwa! Jerusalema e tshwanetse go tsosolosiwa gape!

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

34. Ke eng seo se otlelelwang ke ka moo Esere a tlhophileng dilo tseo a di kwadileng ka gone, mme seno se ne se solegela morafe molemo jang?

34 Ditihalō wa Bobedi e oketsa bosupi jwa basupi ba bangwe ka bosupi jwa yone jo bo nonofileng kaga paka eno e e tletseng ditiragalo, 1037-537 B.C.E. Mo godimo ga moo, e re naya tshedimosetso nngwe gape e e thusang eo e sa fitlhelweng mo ditiragalong tse dingwe tseo eleng karolo ya Dikwalo, ka sekai, mo go 2 Ditihalō dikgaolo 19, 20, 29 go fitlha go 31. Go tlhopha ga ga Esere dilo tseo a di kwadileng go otlelela dikarolo dingwe tsa motheo le tsa goyagoile tsa hisitori ya morafe, jaaka boperisiti le tirelo ya jone, tempele, le kgolagano ya Bogosi. Seno se ne se le mosola mo go kopanyeng morafe mo go lebeleleng ga one Mesia le Bogosi jwa gagwe.

35. Ke dintlha dife tse di botlhokwa tseo di otlelelwang mo ditemaneng tse di konelang tsa Ditihalō wa Bobedi?

35 Ditemana tse di konelang tsa Ditihalō wa Bobedi (36:17-23) di re naya bosupi jo bo nonofileng jwa go diragadiwa ga Yeremia 25:12 mme, mo godimo ga moo, di bontsha gape dingwaga tse 70 tse di tletseng tseo di tshwanetseng go balwa go tloga ka tshwafatso e e feletseng ya naga eo go fitlha ka go tsosolosiwa ga kobamelo ya ga Jehofa mo Jerusalema ka 537 B.C.E. Ka gone, tshwafatso eno e simolola ka 607 B.C.E.c—Yer. 29:10; 2 Dikg. 25:1-26; Esere 3:1-6.

36. (a) Ke kgothatso efe e e nonofileng e e leng gone mo go Ditihalō wa Bobedi? (b) E nonotsha tumelo ya rona malebana le Bogosi jang?

36 Ditihalō wa Bobedi e kgothatsa bao ba sepelang mo tumelong ya Bokeresete ka tsela e e nonofileng. Ka jalo bontsi jwa dikgosi tsa Juda bo ne jwa simolola sentle mme morago jwa sala ditsela tse di boikepo morago. Abo rekoto eno ya hisitori e bontsha gore go atlega go ikaegile ka go ikanyega mo Modimong jang ne! Ka gone re tshwanetse ra utlwa tlhagiso ya gore re se ka ra nna ‘ba ba ikgogonelang kwa tatlhegong, mme re nne ba ba nang le tumelo e e isang polokong ya moya.’ (Baheb. 10:39) Le eleng Kgosi Hesekia yo o ikanyegang o ne a nna boikgogomoso fa a ne a fola mo bolwetsing jwa gagwe, mme o ne a kgona go falola bogale jwa ga Jehofa fela ka go ikoba ka bonako. Ditihalō wa Bobedi e goletsa dinonofo tsa ga Jehofa tse di molemo mme e goletsa leina la gagwe le bolaodi jwa gagwe. Hisitori yotlhe e lebisitse thata mo boineelong jo bo feletseng mo go Jehofa. Jaaka e tlhomolola moralo wa bogosi jwa Juda, e nonotsha tebelelo ya rona ya go bona kobamelo e e itshekileng e goleditswe kafa tlase ga Bogosi jo bosakhutleng jwa ga Jesu Keresete, “morwa Dafide” yo o ikanyegang.—Math. 1:1; Dit. 15:16, 17.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 147.

b Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 750-1; Bol. 2, ditsebe 1076-8.

c Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 463; Bol. 2, tsebe 326.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela