Buka ya Bibela ya bo 18—Yobe
Mokwadi: Moshe
Lefelo Leo E Kwaletseng kwa go Lone: Kwa Gareng ga Naga
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 1473 B.C.E.
Lobaka Lo Lo Tswerweng: Dingwaga tse di fetang 140 fa gare ga 1657 le 1473 B.C.E.
1. Leina la ga Jobe le kaya eng, mme buka ya Yobe e araba dipotso dife?
ENO KE nngwe ya dibuka tsa bogologolo tsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng! Ke buka e e tseelwang kwa godimo thata le eo e tsopolwang kgapetsa kgapetsa, lefa go le jalo batho ga ba e tlhaloganye mo go kalo. Ke ka ntlhayang fa buka eno e ne ya kwalwa, mme e na le mosola ofe mo go rona gompieno? Re bona karabo mo go seo se kaiwang ke leina la ga Jobe: “Yo o Sotliwang.” Ee, buka eno e araba dipotso tse pedi tseno tsa botlhokwa: Ke ka ntlhayang fa batho ba ba senang molato ba boga jaana? Ke ka ntlhayang fa Modimo o dumeletse boikepo mo lefatsheng? Re ka bona dikarabo tsa dipotso tseno ka go sekaseka rekoto ya go boga ga ga Jobe le go itshoka ga gagwe. E ile ya kwalwa, fela jaaka Jobe a ne a kopa.—Yobe 19:23, 24.
2. Ke eng se se supang gore Jobe e ne e le motho wa mmatota?
2 Jobe o ile a itsiwe ka bopelotelele le boitshoko. Mme a go kile ga nna le monna yo o tshwanang le Jobe? Karabo ya seno e papametse, lemororo Diabolo a ne a leka go tlosa sekao seno se se molemo sa mmolokabothokgami gore go se nne ope yo o tla itseng ka sone mo botshelong jotlhe. Jobe e ne e le motho tota! Jehofa o mo umaka ka leina fa a bua ka basupi ba gagwe, Noa le Daniele, mme ebile Jesu Keresete o ne a dumela gore o kile a nna gone. (Esek. 14:14, 20; bapisa Mathaio 24:15, 37.) Morafe wa bogologolo wa Bahebera o ne o leba Jobe jaaka motho wa mmatota. Mokwadi mongwe wa Mokeresete Jakobe o umaka sekao sa ga Jobe sa boitshoko. (Yak. 5:11) Baobamedi ba Modimo ba ka tlhatswiwa pelo tota ke sekao se se kileng sa nna gone eseng se se itlhametsweng fela gore bothokgami bo ka bolokiwa kafa tlase ga maemo ape fela. Mo godimo ga moo, puo e e nonofileng le e e bothito e e fitlhelwang mo go Yobe e tlhomamisa tota gore dilo tsotlhe ke tse di diragetseng.
3. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore buka eno ya Yobe e tlhotlheleditswe?
3 Go akaretsa ga Bahebera ba bogologolo buka ya Yobe mo dikwalong tsa bone tsa Bibela go supa gore e tlhomame ebile e tlhotlheleditswe, seo ruri e leng selo se se gakgamatsang ereka Jobe e ne e se Moiseraele. Mo godimo ga go umakiwa ke Esekiele le Jakobe, moaposetoloi Paulo le ene o tsopola mo bukeng eno. (Yobe 5:13; 1 Bakor. 3:19) Go dumalana ga buka eno ka mo go gakgamatsang le dintlha tse di tlhomamisitsweng fa di le boammaaruri tsa saense ke bosupi jo bo maatla jwa gore e tlhotlheleditswe. Go ne go ka itsiwe jang gore Jehofa o ‘lepeleditse lefatshe kwa go seng sepe’ fa batho ba bogologolo ba ne ba gopola gore le tshegeditswe ka sengwe. (Yobe 26:7) Mo metlheng ya bogologolo go ne go akanngwa gore lefatshe le ne le tshegeditswe ke khudu e kgolo ya lewatle. Ke ka ntlhayang fa buka ya Yobe e sa umake selo se se ntseng jalo se se senang tlhaloganyo? Go phepafetse gore ke ka go bo Jehofa jaaka Mmopi a ne a senotse boammaaruri ka tlhotlheletso. Ditlhaloso tse dingwe tse dintsi tsa lefatshe le dilo dingwe tsa lone tse di gakgamatsang le tsa diphologolo tsa naga le dinonyane le kwa di nnang gone di tlhomame mo go supang gore ke Jehofa Modimo fela a neng a ka nna Mokwadi le Motlhotlheletsi wa buka ya Yobe.a
4. Terama eno e ne ya diragalela kae le gone leng, mme buka ya Yobe e ne ya wediwa leng?
4 Jobe o ne a nna kwa Usa eo ba thutafatshe ba e supang fa e le kwa bokone jwa Arabia gaufi le naga ya Baedoma le kafa botlhaba jwa lefatshe le le neng le solofeditswe ditlogolwana tsa ga Aberahame. Basabea ba ne ba le kafa borwa, mme Bakaladea ba le kafa botlhaba. (1:1, 3, 15, 17) Jobe o ne a lekwa nako e telele morago ga metlha ya ga Aberahame. E ne e le ka nako ya fa go ne go se “opè eo o chwanañ [le Jobe] mo lehatshiñ, e le monna eo o itekanetseñ, eo o siameñ.” (1:8) Seno go lebega e le mo lobakeng lo lo fa gare ga loso lwa monna yo a neng a na le tumelo e kgolo, Josefa (1657 B.C.E.), le nako ya fa Moshe a ne a simolola botshelo jwa gagwe jwa go boloka bothokgami. Jobe o ne a tlhomologile mo go tshegetseng kobamelo e e itshekileng mo lobakeng lono lwa fa Baiseraele ba ne ba tseneletse mo kobamelong ya bodimona ya Egepeto. Mo godimo ga moo, ditiro tse di umakilweng mo kgaolong ya ntlha ya Yobe, le go amogela ga Modimo Jobe jaaka moobamedi wa boammaaruri, di supa fa e le tsa nako ya ditlhogo tsa lotso eseng tsa nako ya morago ga 1513 B.C.E. go ya pele, fa Modimo o ne o dirisana fela le Baiseraele ba ba neng ba le kafa tlase ga Molao. (Amose 3:2; Baef. 2:12) Ka gone, go lebega gore buka eno ka e umaka botshelo jotlhe jwa ga Jobe e tsere lobaka lo lo fa gare ga 1657 B.C.E. le 1473 B.C.E., ngwaga oo Moshe a neng a tlhokafala ka one; Moshe o ne a fetsa go kwala buka eo nakonyana morago ga loso lwa ga Jobe le fa Baiseraele ba ne ba santse ba le kwa gare ga naga.—Yobe 1:8; 42:16, 17.
5. Ke eng se se bontshang gore Moshe o kwadile buka ya Yobe?
5 Ke ka ntlhayang fa re re e kwadilwe ke Moshe? Re bua jalo ka ntlha ya dipolelo tsa Bajuda tsa bogologolo, le tsa bakanoki ba Bajuda le ba Bakeresete ba pele. Mokgwa o o nonofileng wa boammaaruri wa go kwalwa ga maboko a Sehebera o o dirisitsweng mo bukeng ya Yobe o supa tota gore e ne e kwadilwe lantlhantlha ka Sehebera, puo e Moshe a neng a e bua. Ga e kake ya bo e ranotswe go tswa mo puong e nngwe jaaka Searabia. Gape, dikarolo tseo mo go tsone go buang motho a le mongwe di tshwana thata le tsa Dikwalo tsa Ntlha Tse Tlhano tsa Bibela go na le tsa dibuka tse dingwe tsa Bibela. Mokwadi wa tsone o tshwanetse ya bo e ne e le Moiseraele, jaaka Moshe, ka gonne “mancwe a Modimo a ne a bèwa mo tishoñ” ya Bajuda. (Bar. 3:1, 2) Fa Moshe a sena go gola, o ne a nna dingwaga di le 40 kwa Midiana, gaufi le Usa, koo a tshwanetseng a bo a ile a bona tshedimosetso e e tletseng e a e kwadileng mo go Yobe gone. Moshe o ne a ka nna a bo a ile a utlwa a bo a kwala ditiragalo tse di konelang mo bukeng eno, moraganyana fa a ne a feta gaufi le nagagae ya gaabo Jobe mo loetong lwa Baiseraele lwa dingwaga tse 40 mo nageng.
6. Ke ka ditsela dife buka ya Yobe e leng buka e e fetang fela sengwe se se kwadilweng ka matsetseleko?
6 Go ya ka The New Encyclopædia Britannica, gantsi buka ya Yobe e “umakiwa le dibuka tse di kwadilweng ka botswerere tsa lefatshe.”b Lefa go ntse jalo, buka eno e feta fela go nna buka e e kwadilweng ka botswerere. Yobe e tlhomologile mo dibukeng tse dingwe tsa Bibela ka go goletsa maatla a ga Jehofa, tshiamiso, botlhale, le lorato lwa gagwe. E senola kganetsano e kgolo ya lobopo lotlhe ka phepafalo. E sedifatsa dilo tse dintsi tse go buiwang ka tsone mo dibukeng tse dingwe tsa Bibela, segolo bogolo Genesise, Ekesodo, Moreri, Luke, Baroma, le Tshenolō. (Bapisa Yobe 1:6-12; 2:1-7 le Genesise 3:15; Ekesodo 9:16; Luke 22:31, 32; Baroma 9:16-19 le Tshenolō 12:9; gape le Yobe 1:21; 24:15; 21:23-26; 28:28 ka go latelelana ga tsone le Moreri 5:15; 8:11; 9:2, 3; 12:13.) E araba dipotso tse dintsi ka botshelo. Eleruri ke karolo ya botlhokwa thata ya Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, leo e le tlatsang segolo thata ka go dira gore le solegele ba ba le tlhaloganyang molemo.
SEO SE LENG MO GO YOBE
7. Re fitlhela Jobe a le mo boemong bofe fa buka eno e simolola?
7 Ketapele ya buka ya Yobe (1:1-5). Seno se re itsise Jobe, monna yo o “na a itekanetse, a le thōkgamō, e le motho eo o boihañ Modimo, a tshaba boshula.” Jobe o itumetse, ka a na le barwa ba le supa le barwadi ba bararo. Ke mohumi yo o nang le lefatshe yo o nang le matsomane a le mantsi le metlhape. O na le batlhanka ba bantsi mme ebile o “heta bana botlhe ba kwa botlhabatsatsi ka bogolo.” (1:1, 3) Lefa go ntse jalo, ga a rate dilo tse di bonalang, ka go bo ga a ikanye dilo tse a nang le tsone tse di bonalang. O humile gape mo semoyeng, o humile gape ditiro tse di molemo, a ntse a iketleeditse ka metlha go thusa ba ba tlhokang le ba ba nang le mathata, kana go naya ope fela yo o tlhokang diaparo. (29:12-16; 31:19, 20) O tlotliwa ke mongwe le mongwe. Jobe o obamela Modimo wa boammaaruri Jehofa. O gana go ikobela letsatsi, ngwedi, le dinaledi jaaka merafe ya baheitane e ne e dira, mme o ikanyega mo go Jehofa, a boloka bothokgami mo Modimong wa gagwe le go ipelela kamano e e gaufi thata le Ene. (29:7, 21-25; 31:26, 27; 29:4) Jobe o direla jaaka moperesiti mo lelapeng la gagwe ka go isa ditshupelo ka metlha, fa ba dirile boleo.
8. (a) Satane o ne a leka bothokgami jwa ga Jobe jang? (b) Jehofa o araba kgwetlho eo jang?
8 Satane o gwetlha Modimo (1:6–2:13). Se se kgatlhang ke gore lesire la dilo tse di sa bonaleng le a tlosiwa mme re kgona go bona dilo tsa selegodimo. Jehofa o bonwa a tsamaisa pokano ya barwa ba Modimo. Satane le ene o mo go bone. Jehofa o mmotsa ka motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang Jobe, mme Satane o belaela boikanyegi jwa ga Jobe, a bolela gore Jobe o direla Modimo ka ntlha ya dilo tse di bonalang tse a nang natso. Gore fa Modimo a ka letla Satane gore a di tlose, Jobe o tla latlha boikanyegi jwa gagwe. Jehofa o amogela kgwetlho eo, mme o thibela Satane gore a seka a ama Jobe ka boene.
9. (a) Jobe o welwa ke teko efe e e botlhoko? (b) Ke eng se se supang gore o bolokile bothokgami?
9 Jobe o simolola go diragalelwa ke matlhotlhapelo a mantsi. Basabea le Bakaladea ba a mo tlhasela ba mo thukhutha dikhumo tsotlhe tsa gagwe. Barwa ba gagwe le bomorwadie ba bolawa ke sefefo. Teko e e botlhoko eno ga e dire gore Jobe a hutse Modimo kana a mo latlhe. Go na le moo, a re, “A go bakwè leina ya ga Yehofa.” (1:21) Satane ka a fentswe ebile a supilwe fa a le maaka mo lekgetlong leno, o ya kwa go Jehofa gape a bo a re: “E, cotlhe tse motho o nañ nacō o tla di ntshetsa botshelō yoa gagwè.” (2:4) Satane o bolela gore Jobe o tla itatola Modimo fa a ka letlwa go ama mmele wa ga Jobe. Satane fa a letliwa gore a dire sengwe le sengwe mme a seka a bolaya Jobe, o itaya Jobe ka bolwetsi jo bo maswe. Nama ya gagwe e “apesicwe diboko le lorole lo lo makotè,” mme mmele wa gagwe le mohemo wa gagwe di nkgela mosadi wa gagwe le balosika lwa gagwe. (7:5; 19:13-20) Go bontsha gore Jobe ga aa roba bothokgami jwa gagwe, mosadi wa gagwe o mo raya a re: “A u sa nntse u tshegeditse bosenañ molato yoa gago? itatolè Modimo, me u shwè.” Jobe o a mo kgalema mme ga a “ka a leoha ka molomo oa gagwè.”—2:9, 10.
10. Satane o mo tlisetsa ‘bagomotsi’ bafe ba ba sa thuseng sepe?
10 Satane jaanong o tlisa ditsala tse tharo tseo di tlang go “gomotsa” Jobe. Ke Elifase, Biledade, le Sofare. Ga ba kgone go lemoga Jobe fa ba santse ba le kgakala, mme ba tlhatlosa mantswe a bone ba lela ba itshela mmu mo ditlhogong. Morago ba nna fa pele ga gagwe mo mmung ba sa bue sepe. Morago ga malatsi a le supa le masigo a one ba ntse ba didimetse jalo, Jobe kgabagare o bua ka boleele le batho bano ba ba tlileng go mo gomotsa.—2:11.
11-13. Jobe o simolola kgang jang, mme Elifase o mo latofatsa ka eng, mme Jobe o araba ka botlhaga jang?
11 Kganetsano: lekgetlo la ntlha (3:1–14:22). Go tloga fano go ya pele, terama eno e simolola ka leboko la maemo a a kwa godimo la Sehebera. Jobe o hutsa letsatsi le a tshotsweng ka lone mme o gakgamadiwa ke lebaka la go bo Modimo o ntse o mo letlile go tshela.
12 Elifase o araba ka go latofatsa Jobe ka gore ga aa thokgama. O bolela gore bathokgami ga ba ise ba ko ba nyelele. O gakologelwa ponatshegelo nngwe ya bosigo eo mo go yone a neng a utlwa lentswe le mmolelela gore Modimo ga o ikanye batlhanka ba one, segolobogolo ka e le mmopa fela, e le lorole lwa lefatshe. O bontsha gore Modimo Mogodimodimo o otlhaya Jobe ka go mmogisa.
13 Jobe o araba Elifase a le tlhaga. O lelela kwa godimo jaaka setshedi sengwe le sengwe se se bogisiwang kana se se utlwang botlhoko. Loso lo ne lo ka mo falotsa. O kgoba ditsala tsa gagwe ka ntlha ya fa di mo logetse maano mme o di raya a re: “Nthutañ, me ke tla didimala: ntlhaloganyetseñ ha ke timetseñ gōna.” (6:24) Jobe o supa fa a siame fa pele ga Modimo, “molebedi oa batho.”—7:20.
14, 15. Biledade o bua jang, mme ke ka ntlhayang fa Jobe a boifa gore Modimo o tla mmona molato?
14 Biledade jaanong o bua mafatlha a gagwe, a bolela gore barwa ba ga Jobe ba dirile boleo le gore Jobe ga aa thokgama, gore fa a ne a sa nna jalo Modimo o ne o tla mo utlwa. O laela Jobe gore a sekaseke dikokomana tsa pele mme a batle kaelo mo dilong tse di neng tsa batlwa ke borraabonemogolo.
15 Jobe o araba ka gore Modimo o o tshedisang ga o na tshiamololo. Le gone Modimo ga o na molato ope le motho, ka go bo O dira “dilō tse di kgolo tse di senañ botlhotlhomishō; E, dilō tse di gakgamatsañ tse di senañ palō.” (9:10) Jobe ga a kake a fenya Jehofa fa a ka ganetsana le ene ka molao. A ka kopa fela gore Modimo o mo amogele. Mme gone, a go batla go dira molemo go na le mosola mongwe? “O senya moitekanedi le moikepi.” (9:22) Ga go atlholwe ka tshiamo mo lefatsheng. Jobe o tshoga gore Modimo o tla mmona molato. O tlhoka motsereganyi. O botsa gore ke ka ntlhayang a lekwa mme o kopa Modimo gore o gakologelwe gore o dirilwe ka “lecopa.” (10:9) O anaanela bopelonomi jo Modimo o kileng wa bo mo direla, mme o bolela gore Modimo o tla tloga o galefa fa a ntse a o kopa, lemororo a sena phoso epe. A bogolo a swe!
16, 17. (a) Sofare o mo naya kgakololo efe ya boipelafatso? (b) Jobe o bolela gore ‘bagomotsi’ ba gagwe ke batho ba ba ntseng jang, mme o supa go tlhomamisega ga gagwe jang?
16 Sofare jaanong o tsenelela mo kgannyeng. Se a se buang tota ke go re: A re bananyana ba ba ka reetsang puo e e lolela eno? O bolela gore ruri ga o na molato, mme fa Modimo o ne o ka bua o ne o tla senola molato wa gago. O botsa Jobe jaana: “A u ka lemoga Modimo ka go kheleisa?” (11:7) O gakolola Jobe gore a tlogele ditiro tse di bosula, gonne ba ba dirang jalo ba tla segofala, fa “matlhō a baikepi a tla kalèga.”—11:20.
17 Jobe o tlhaeletsa jaana a ba sotla: “Ga go na pelaèlō, ke lona batho tōta, me botlhale bo tla shwa le lona.” (12:2) A ka tswa a tshegwa ke batho botlhe, mme ga ba mo gaise ka sepe. Ditsala tsa gagwe di ne di ka ithuta sengwe fa di ne di ka leba popo ya Modimo. Nonofo le botlhale di tswa kwa Modimong o o laolang tsotlhe, ebile “o ntsihatsa merahe, me o e senye.” (12:23) Jobe o itumelela go ganetsana le Modimo ka se a buang ka sone, mme fa e le kaga ‘bagomotsi’ ba bararo bano ba gagwe—ke ‘balogi ba maaka, le dingaka tse di senang tiro.’ (13:4) Ba ne ba ka supa fa ba le botlhale fa ba ne ba ka didimala! O supa fa a tlhomamisegile gore ga a na molato mme o kopa Modimo gore o mo reetse. O boeletsa polelo e e reng “motho eo o tsecweñ ke mosadi o malatsi mannye, o bile o tletse khuduègō.” (14:1) Motho o nyelela ka bonako, jaaka sethunya kana moriti. Ga o kake wa ntsha motho yo o senang molato mo go yo o bosula. Jobe o kopa seno fa a rapela gore Modimo o mo fitlhe mo Sheol go fitlha bogale jwa Gagwe bo feta: “Ha monna a shwa a o tla ba a tshela?” O supa fa a na le tsholofelo e e nonofileng fa a araba a re: “Ke ne ke tla lebèlèla ka malatsi aotlhe a ntwa euō ea me, kgololō ea me e be e tsamaee e tle.”—14:13, 14.
18, 19. (a) Elifase o simolola lekgetlo la bobedi la kganetsano a kgala ka go reng? (b) Jobe o leba ‘kgomotso’ ya ditsala tsa gagwe jang, mme o lebeletse eng kwa go Jehofa?
18 Kganetsano: lekgetlo la bobedi (15:1–21:34). Elifase o simolola kgang ya gagwe mo kganetsanong eno ya bobedi ka go kgala Jobe ka kitso e a nang le yone a re ‘o kgorisitse mpa ya gagwe ka phefo ya botlhabatsatsi.’ (15:2) O ganetsa Jobe gore ga aa thokgama jaaka a bolela, a bolela gore ga go na motho ope yo o swang lefa e le baengele tota yo a ka reng o na le tumelo fa pele ga matlho a ga Jehofa. O kgala Jobe mme a sa mo tlhamalaletse a re o itira yo mogolo mo Modimong le gore ke motenegi, o dira ka bonokwane, le ka tsietso.
19 Jobe o bolelela ditsala tsa gagwe gore ke ‘bagomotsi ba ba lapisang ba ba buang mafoko a boithamako.’ (16:2, 3) Fa ba ne ba le mo boemong jo a leng mo go jone, o ne a se kitla a ba sotla. O eletsa gore a supiwe gore o siame, mme o lebeletse kwa go Jehofa, yo a itseng gotlhe ka ene mme a tla sekang molato wa gagwe. Jobe ga a bone ditsala tsa gagwe di le botlhale ka gope. Ba nyeletsa tsholofelo epe fela e e leng gone. ‘Kgomotso’ ya bone e tshwana le fa ba re motshegare ke bosigo. Se se botoka fela ke go ‘fologela mo Bobipong.’—17:15, 16.
20, 21. Biledade o supa fa a galefetse eng, mme ke eng se Jobe o gananang le sone, mme Jobe o supa fa a ikanya eng?
20 Kgang jaanong e a gotela. Biledade jaanong o galefile, ka go bo o akanya gore Jobe o tshwantshitse ditsala tsa gagwe le dibatana tse di senang tlhaloganyo. O botsa Jobe a re, “A lehatshe le tla latlhwa ka ntlha ea gago?” (18:4) O tlhagisa Jobe gore o tla nna sekao sa ba bangwe ka go wela mo seraing se se kotsi. Jobe ga a kitla a nna le losika lo lo tshelang morago ga gagwe.
21 Jobe o araba jaana: “Lo tla nna lo chwenya mōea oa me lo nthubaganya ka mahoko, ka lobaka lo lo kaee?” (19:2) Ga a tlhole a na le lelapa le ditsala, mosadi wa gagwe le ba ntlo ya gagwe ba mo tlogetse, mme ene o “halotsè ka nama ea marinini hèla.” (19:20) O solofela gore go tla tla morekolodi mongwe yo a tla tlang a seka kgang ya gagwe, gore kwa bokhutlong a tle a ‘bone Modimo.’—19:25, 26.
22, 23. (a) Ke ka ntlhayang fa Sofare a utlwile botlhoko, mme o bua eng kaga maleo a a pegiwang Jobe? (b) Jobe o araba jang?
22 Sofare jaaka Biledade le ene o utlwile botlhoko fa a utlwa ‘kgalemelo e e tlhabisang ditlhong’ ya ga Jobe. (20:3) O boeletsa gape gore Jobe o boga ka ntlha ya maleo a gagwe. Sofare o bolela gore Modimo ka metlha o itaya baikepi, mme Sofare o bolela gore, ga ba na boikhutso bope le eleng lefa ba tswelela pele.
23 Jobe o ba araba ka karabo e e ba kokobetsang a re: Fa e le gore Modimo o otlhaya baikepi ka gone, ke ka ntlhayang fa baikepi ba tswelela ba tshela, ba tsofala, ba nna le dikhumo tse dintsi? Ba tshela malatsi a bone ba itumetse. Ba diragalelwa ke matlhotlhapelo ga kae? O bontsha gore bahumi le bahumanegi ba swa ka go tshwana. Ebile tota, motho yo o boikepo gantsi o swa “a ituletse gotlhe hèla” fa mosiami a ka nna a swa a le “mōea o o botlhoko.”—21:23, 25.
24, 25. (a) Elifase yo o itebang a siame o latofatsa Jobe a mo pateletsa gore ke moaki yo o senyang ba bangwe jang? (b) Jobe o araba a ganela ebile a gwetlha jang?
24 Kganetsano: lekgetlo la boraro (22:1–25:6). Elifase o boa a tlhasela Jobe gape a galefile a kgala go ipolela ga gagwe a le tshiamo fa pele ga Mothatayotlhe. O latofatsa Jobe ka gore ke moaki yo o senyang ba bangwe, a bolela gore o bosula, o patikile bahumanegi, o ne a tima ba ba tshwerweng ke tlala dijo, o diretse mosadi wa motlholagadi le lesiela bosula. Elifase o bolela gore botshelo jwa ga Jobe ga bo phepa jaaka ene a ipolela mme boemo jwa gagwe bo supa seo. Mme “ha u boèla kwa go Mothataeotlhe,” ga bua jalo Elifase a bua ekete o a opela, “o tla gu utlwa.”—22:23, 27.
25 Jobe o araba ka go ganetsa tatofatso e e maswe eo ya ga Elifase, a bolela gore o batla go seka fa pele ga Modimo o o itseng gore ga a na molato. Go na le bao ba gatelelang masiela, batlholagadi, le bahumanegi le bao ba bolayang, ba utswang ba bo ba akafala. Lemororo ba ka lebega ba atlega ka nako e e rileng, ba tla bona tuelo ya bone. Ba tla senngwa. “Ha go sa nna yalo yanoñ, e mañ eo o tla ntlhōmamisañ, go re, ke moaki,” Jobe o ba gwetlha jalo.—24:25.
26. Ke eng seo Biledade le Sofare ba se buang gape?
26 Biledade o bua go sekae, a tatalala ka gore ga go motho ope yo a ka nnang a sena molato fa pele ga Modimo. Sofare ga a nne le seabe sepe mo lekgetlong leno la boraro. Ga go sepe se a ka se buang.
27. Jobe o godisa bogolo jwa Mothatayotlhe jang?
27 Kakgelo e Jobe a konelang ka yone (26:1–31:40). Jobe o didimatsa ditsala tsa gagwe ka puo ya gagwe ya bofelo. (32:12, 15, 16) O bua jaana a sotla: “Ana u thusitse yañ èna eo o senañ thata! . . . Ana u gakolotsè yañ èna eo o senañ botlhale!” (26:2, 3) Lefa go ntse jalo, lefa e le jone Bobipo ga bo kake jwa thiba sepe gore Modimo a seka a se bona. Jobe o tlhalosa botlhale jwa Modimo ka loapi, lefatshe, maru, lewatle, le phefo—tsotlhe tse motho a di bonang. Tseno ke ditshupo tse di potlana fela tsa ditsela tsa Mothatayotlhe. Ke mokgwasanyana fela wa bonatla jwa Mothatayotlhe.
28. Ke polelo efe e e tlhamaletseng eo Jobe a e bolelang ka bothokgami?
28 O bua jaana a tlhatswegile pelo tota gore ga a na molato: “Ga nketla ke itlosa thōkgamō ea me, go ba ke tla ke shwa.” (27:5) Nnyaa, Jobe ga a na molato ope gore a ka bo a tlhagetswe ke se se mo diragaletseng. Lemororo ba mo latofatsa jalo, Modimo o tla duela bothokgami jwa gagwe ka go dira gore dilo tse baikepi ba di kgobokanyang fa ba ntse ba atlega di ruiwe ke basiami.
29. Jobe o tlhalosa botlhale jang?
29 Motho o itse kwa letlotlo la lefatshe (selefera, gouta, kgotlho) le tswang gone, mme “botlhale bo cwa kae?” (28:20) O bo batlile mo bathong ba ba tshelang; o bo batlile mo lewatleng; ga bo rekwe ka selefera le gouta. Modimo ke one fela o itseng gotlhe ka botlhale. O kgona go bona kwa bokhutlong jwa lefatshe le legodimo, o kgaoganya diphefo le metsi, o laola pula le maru a difefo. Jobe o konela jaana: “Bōna, go boiha Morèna ke yōna botlhale; le go kgaogana le boshula ke eōna tlhaloganyō.”—28:28.
30. Jobe o eletsa go tsosolosiwa gofe mme o mo boemong bofe jaanong?
30 Morago Jobe yo o patikegileng o bua hisitori ya botshelo jwa gagwe. O eletsa ekete a ka nna gape le kamano e e gaufi le Modimo, fa a ne a tlotliwa le eleng ke baeteledipele ba motse. O ne a falotsa ba ba patikwang ebile a le matlho a ba ba foufetseng. O ne a na le dikgakololo tse di molemo, mme batho ba ne ba tlhola ba eletsa go utlwa mafoko a gagwe. Mme jaanong, go na le gore a bo a tlotliwa, o tshegiwa le eleng ke ba babotlana mo go ene, bao borraabo ba neng ba ka se nne le fa gare ga dintša tsa matsomane a gagwe. Ba mo kgwela mathe ebile ba a mo kgala. Jaanong, ba mmogisa tota, ga a bone boikhutso.
31. Jobe o supa fa a ikanya katlholo ya ga mang, mme o bua eng ka rekoto ya boammaaruri ya botshelo jwa gagwe?
31 Jobe o tlhalosa gore ke monna yo o ineetseng mme o kopa gore Jehofa a mo atlhole. “A ke lekañwè mo selekanyoñ sa pègō se se lekalekanyeñ, gore Modimo o tlo o itse thōkgamō ea me.” (31:6) Jobe o buelela ditiro tsa gagwe tsa pele gore di siame. Ga a ise a akafale, kana gone go logela ba bangwe maano. Ga a ka a tlogela bahumanegi fela a sa ba thuse. O ne a sa ikanye dikhumo tsa gagwe, lemororo a ne a humile. Ga a ise a ko a obamele letsatsi, ngwedi, le dinaledi, ka go bo seo “e ne e tla nna boikèpō yoa go bediwa ke baatlhodi: gonne ke tla bo ke akeditse Modimo o o kwa godimo.” (31:28) Jobe o laletsa bao ba mo ganetsang ka molao gore ba mo pege molato ka rekoto ya botshelo jwa gagwe e e boammaaruri.
32. (a) Ke mang yo o buang jaanong? (b) Ke ka ntlhayang fa bogale jwa ga Elihu bo tukela Jobe le ditsala tsa gagwe, mme o patelediwa ke eng go bua?
32 Elihu o a bua (32:1–37:24). Elihu, setlogolwana sa ga Busa, morwa Nahore, mme ka gone e le losika lwa ga Aberahame lefa ba sa atamalana thata, o ne a ntse a reeditse kganetsano eno. O ne a ntse a reeditse ka a ne a akanya gore ba bagolwane mo dingwageng ba tshwanetse ba bo ba na le kitso e kgolwane. Lefa go ntse jalo, bogolo ga bo nee motho tlhaloganyo, mme moya wa Modimo ke one o nayang tlhaloganyo. Elihu o galefela Jobe ka go bo a “itshiamisa bogolo go Modimo,” o galefela le ditsala tse tharo tsa ga Jobe le eleng go feta ka ntlha ya go tlhoka botlhale ga bone le ka go bo ba rile Modimo o boikepo. Elihu o ne a “kgotshè mahoko,” mme moya wa Modimo o ne o mo tlhotlheletsa gore a bue mme a sa tlhaole kana gone go “raea ōpè maina a a hakañ.”—Yobe 32:2, 3, 18-22; Gen. 22:20, 21.
33. Jobe o dirile phoso efe, lefa go le jalo Modimo o tlile go mo direla eng se se molemo?
33 Elihu o bua a tlhoafetse, a dumela gore Modimo ke ene Mmopi. O supa gore Jobe o ne a ikgoletsa mme a sa goletse Modimo. Modimo o ne o sa tlhoke go araba mafoko otlhe a ga Jobe, jaaka ekete O ne o tshwanetse go buelela ditiro tsa One gore di siame, mme Jobe o ne a buile kgatlhanong le Modimo. Lefa go ntse jalo, fa moya wa ga Jobe o setse o tla swa, Modimo o mo romelela morongwa, a re: “Mo gololè, gore a se ka a hologèla mo moletiñ, ke bonye thekololō. Nama ea gagwè e tla shahala bogolo go ea ñwanyana, o tla boèla mo malatsiñ a bokau yoa gagwè.” (Yobe 33:24, 25) Basiami ba tla tsosolosiwa!
34. (a) Elihu o ba laya gape jang? (b) Jobe o tshwanetse go dira eng go na le go godisa tshiamo ya gagwe fela?
34 Elihu o kopa ba ba botlhale gore ba reetse. O kgalemelela Jobe go bo a rile ga go thuse sepe go boloka bothokgami, a re: “A go nnè kgakala le Modimo, ha o ka diha boshula, le Mothataeotlhe, ha a ka diha boikèpō. Gonne o tla lehèla motho kaha tihoñ ea gagwè.” (34:10, 11) O kgona go tlosa maatla a botshelo, mme nama yotlhe e swe. Modimo ga o tlhaole fa o atlhola. Jobe o ne a gatelela gore o siame thata. O ne a itlhaganela go bua, mme e se ka boikaelelo, mme e le ka a ne a “sena kicō”; mme Modimo o ne o ntse o le pelotelele le ene. (34:35) Re tshwanetse go bua go le gontsi go goletsa Modimo. Matlho a Modimo ga a ke a lesa go leba basiami, mme o tla ba kgalemela. “Ga o boloke botshelō yoa ba ba boshula: me o naea ba ba patikwañ tshiamèlō ea bōnè.” (36:6) Jobe o tshwanetse go godisa ditiro tsa Gagwe, ka gonne Modimo ke Mokaedi o mogolo.
35. (a) Jobe o tshwanetse go tlhokomela eng? (b) Ke bomang bao Jehofa a tla ba direlang molemo?
35 Elihu fa a bua jaaka ekete o mo sefefong se se tshosang, o bua ka dilo tse dikgolo tse Modimo o di dirileng le go laola ga Gagwe dilo tse di maatla tsa tlholego tse O di laolang. O raya Jobe a re: “A u ko u reetsè se: èma hèla, me u akanyè ditihō tse di gakgamatsañ tsa Modimo.” (37:14) Akanya ka go galalela ga Modimo jaaka gouta le bogolo jwa gagwe jo bo boitshegang, joo motho a ka sekang a itse selekanyo sa jone. “O tlotlometse mo thateñ: mo katlholoñ le mo tshiamishoñ e e tletseñ, ga a ketla a patika.” Ee, Jehofa o tla tlhokomela ba ba mmoifang, eseng “bapè ba ba pelo e tlhalehileñ.”—37:23, 24.
36. Jehofa jaanong o ruta Jobe ka dilo dife tse di bonalang le ka go mmotsa dipotso dife tse di latelelanang?
36 Jehofa o araba Jobe (38:1–42:6). Jobe o ne a kopile Modimo gore o bue nae. Mme jaanong Jehofa o mo araba a le mo sefefong. O botsa Jobe dipotso di le dintsi tse di rutang motho gore o mmotlana le gore Modimo o mogolo. “E erile ke thaea methèō ea lehatshe ua bo u le ha kae? . . . Eo o beileñ lencwè ya kgōkgōchō ya yeōna e mañ? Yale ka dinaledi tsa moshō di ōpèla mmōgō, le bomorwa Modimo botlhe ba thèla loshalaba loa boitumèlō?” (38:4, 6, 7) E ne e le bogologolo pele Jobe a nna gone! Go nna go bodiwa dipotso tse Jobe a sa kgoneng go di araba ka bongwe ka bongwe, jaaka Jehofa a bua ka lewatle la lefatshe, seaparo sa lone sa maru, mahube a letsatsi, dikgoro tsa loso, le lesedi le lefifi. “U tla bo u itse, gonne yale u nu u tsecwe, palō ea malatsi a gago [e] kgolo!” (38:21) Mme go tweng ka mabolokelo a kapoko le sefako, sefefo le pula le monyo, metsi a a gatsetseng le segagane, dinaledi tse dikgolo tsa legodimo ka masomosomo a tsone, dikgadima le maru, dibatana le dinonyane?
37. Ke dipotso dife tse dingwe gape tse di neng tsa dira gore Jobe a ikokobetse, mme ke eng seo a patelesegang go se dumela?
37 Jobe o dumela jaana ka boikokobetso: “Bōna, ga ke sepè; ke tla gu hetola ke reñ? ke ipaea seatla mo molomuñ hèla.” (40:4) Jehofa o laela Jobe gore a lebagane le kgang eno. O mmotsa dipotso tse dingwe gape tse dintsi tse di gwetlhang tseo di goletsang go tlotlega ga gagwe, bogolo jwa gagwe, le nonofo jaaka di bontshiwa ke dilo tse a di tlhodileng. Le eleng Kubu le Kwena di nonofile go feta Jobe! Jobe o dumela a ikokobeditse tota gore kgopolo ya gagwe e ne e le phoso, mme o dumela gore o buile ka go tlhoka kitso. Ka jaanong a bona Modimo, mme a sa mo utlwele ka magatwe mme a mo tlhaloganya, o boela kwa morago a ikwatlhaya a le “mo loroleñ le molōra.”—42:6.
38. (a) Jehofa o fetsa jang kgang ya gagwe le Elifase le ditsala tsa gagwe? (b) O direla Jobe melemo efe a bo a mo segofatsa jang?
38 Katlholo ya ga Jehofa le tshegofatso ya gagwe (42:7-17). Jehofa jaanong o pega Elifase le ditsala tsa gagwe tse pedi molato ka go bo ba se kile ba bua boammaaruri ka Ene. Ba tshwanetse go mo direla tshupelo mme Jobe a ba rapelele. Morago ga seno Jehofa o golola Jobe, mme o mo segofatsa ka go mo naya dilo tsa gagwe tsa pele di menagane sebedi. Bomorwarraagwe, bokgaitsadie, le ditsala tsa gagwe tsa pele di mo naya dimpho, mme o nna le dinku, dikamela, dikgomo le diesele tse di namagadi di menagane sebedi go gaisa pele. O nna le bana ba ba lesome gape, barwadi ba gagwe ba bararo ba bantle go gaisa basadi botlhe mo nageng yotlhe. Botshelo jwa gagwe bo okediwa ka kgakgamatso ka dingwaga di le 140, mo a tshelang go fitlha a bona dikokomana di le nnè tsa ditlogolwana tsa gagwe. O swa a “cohetse a le malatsi a a tletseñ.”—42:17.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
39. Buka ya Yobe e godisa e bo e baka Jehofa ka ditsela dife tse di farologaneng?
39 Buka ya Yobe e godisa Jehofa mme e supa botlhale le maatla a gagwe tse di ka se kang tsa lekanngwa. (12:12, 13; 37:23) Modimo o umakiwa jaaka Mothatayotlhe ka makgetlo a le 31, mo bukeng eno e le nosi fela, ao eleng makgetlo a mantsi go feta mo Dikwalong tsotlhe. Pego eno e mo supa fa e le wa bosaengkae le gore boemo jwa gagwe ke jo bo kwa godimo (10:5; 36:4, 22, 26; 40:2; 42:2) mmogo le tshiamiso ya gagwe, bopelonomi jo bo lorato jwa gagwe, le boutlwelobotlhoko (36:5-7; 10:12; 42:12). E supa gore go golediwa ga Jehofa go botlhokwa go feta go bolokiwa ga batho. (33:12; 34:10, 12; 35:2; 36:24; 40:8) Go supiwa gape gore Jehofa Modimo wa Iseraele ke Modimo wa ga Jobe.
40. (a) Buka ya Yobe e godisa e bo e tlhalosa dilo tse di bopilweng ke Modimo jang? (b) E re bolelela ka dilo dife tse di tla tlang ebile e dumalana jang le dithuto tsa Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika?
40 Pego e e kwadilweng mo go Yobe e goletsa ebile e tlhalosa tiro ya Modimo ya popo. (38:4–39:30; 40:15, 19; 41:1; 35:10) E dumalana le polelo e e mo go Genesise ya gore motho o dirilwe ka lorole le gore o boela mo go lone. (Yobe 10:8, 9; Gen. 2:7; 3:19) E dirisa mareo “morekolodi,” “thèkololō,” le ‘go tshela gape,’ ka gone e supela kwa pele kwa dithutong tse dikgolo tse di mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika. (Yobe 19:25; 33:24; 14:13, 14) Baperofeti le bakwadi ba Bakeresete ba ile ba dirisa dipolelo tsa buka eno kana ba tshwantsha ka tsone. Ka sekai bapisa, Yobe 7:17—Pesalema 8:4; Yobe 9:24—1 Yohane 5:19; Yobe 10:8—Pesalema 119:73; Yobe 12:25—Duteronome 28:29; Yobe 24:23—Diane 15:3; Yobe 26:8—Diane 30:4; Yobe 28:12, 13, 15-19—Diane 3:13-15; Yobe 39:30—Mathaio 24:28.c
41. (a) Yobe e gatelela ditekanyetso dife tsa bolegodimo? (b) Motlhanka wa Modimo Jobe ke sekao se se molemo jang mo go rona gompieno?
41 Go na le ditemana tse dintsi tse di buang ka ditekanyetso tsa tshiamo tse Jehofa a di tlhomileng tsa botshelo. Buka eno e kgala go rata dilo tse di bonalang tota (Yobe 31:24, 25), kobamelo ya medimo ya disetwa (31:26-28), boaka (31:9-12), go tshega ba ba patikegileng (31:29), go tlhoka tshiamo le go tlhaola (31:13; 32:21), bogagapa (31:16-21), go sa ikanyegeng le go aka (31:5), e bontsha gore motho yo o dirang dilo tseno ga a kitla a amogelwa ke Modimo mme a bona botshelo jo bosakhutleng. Elihu o tlhomile sekao se se molemo sa go bontsha tlotlo e e boteng le boikokobetso, mmogo le go tlhoka poifo, bopelokgale, le go goletsa Modimo. (32:2, 6, 7, 9, 10, 18-20; 33:6, 33) Re ithuta sengwe ka tsela eo Jobe a neng a dirisa botlhogo jwa gagwe ka yone, kafa a neng a tlhokomela lelapa la gagwe ka gone, le kafa a neng a tshola baeng ka gone. (1:5; 2:9, 10; 31:32) Lefa go ntse jalo, Jobe o gakologelwa thata ka go boloka bothokgami ga gagwe le go itshoka ga gagwe ka bopelotelele, a tlhoma sekao seo se neng sa itshupa e le lorako mo batlhankeng ba Modimo ba dingwaga tsotlhe segolobogolo mo metlheng eno e e lekang tumelo. “Lo utlwile kaga bopelotelele yoa ga Yobe, me lo bonye bohèlèlō yoa Morèna yaka Morèna a tletse bopelotlhomogi, me a le boutlwèlō botlhoko.”—Yak. 5:11.
42. Yobe e sedifatsa kganetsano efe ya motheo ya Bogosi, mme e tlhalosa dikarolo dife tsa botlhokwa tsa kganetsano eno?
42 Jobe e ne e se mongwe wa losika lwa ga Aberahame leo le neng le solofeditswe Bogosi, lefa go le jalo rekoto e e buang ka bothokgami jwa gagwe e sedifatsa go tlhaloganngwa ga boikaelelo jwa Bogosi jwa ga Jehofa. Buka eno ke karolo ya botlhokwa ya rekoto ya bomodimo, ka go bo e senola kganetsano ya botlhokwa e e fa gare ga ga Satane le Modimo, eo e amang bothokgami jwa motho mo go Jehofa jaaka Molaodi wa gagwe. E bontsha gore baengele, bao ba neng ba bopiwa pele ga lefatshe le motho, le bone ba lebile mme ba kgatlhegela lefatshe leno thata le ka moo kganetsano eno e tla felelang ka gone. (Yobe 1:6-12; 2:1-5; 38:6, 7) E bontsha gore kganetsano eno e simolotse pele ga motlha wa ga Jobe le gore tota Satane ke motho wa semoya. Fa e le gore buka ya Yobe e kwadilwe ke Moshe, he polelwana has·Sa·tanʹ mo mokwalong wa Sehebera wa Bibela e tlhagelela la ntlha fano, mme e supa sentle gore “nōga ea bogologolo” ke mang. (Yobe 1:6; Tshen. 12:9) Buka eno e supa gape gore Modimo ga se one o bakang gore batho ba boge, ba lwale, ba bo ba swe, mme e tlhalosa gore ke ka ntlhayang fa basiami ba bogisiwa, fa baikepi le boikepo di tlogelwa fela di tswelela. E bontsha gore Jehofa o batla gore kganetsano eno e tswelele go fitlha kwa bokhutlong jwa yone.
43. Malebana le dilo tsotlhe tsa bomodimo tse di senotsweng mo bukeng ya Yobe ke tsela efe e botlhe ba ba batlang masego a Bogosi jwa Modimo ba tshwanetseng go e tsaya?
43 Jaanong ke nako ya gore botlhe bao ba batlang go busiwa ke Bogosi jwa Modimo ba fetole “mopateletsi,” Satane, ka go boloka bothokgami. (Tshen. 12:10, 11) Babolokabothokgami ba tshwanetse go nna ba ntse ba rapelela gore leina la Modimo le itshepisiwe le gore Bogosi jwa gagwe bo tle go tlosa Satane le losika lotlhe lwa gagwe lo lo bosula le eleng lefa ba ntse ba le mo gare ga ‘diteko tse di gakgamatsang.’ Leo e tla bo e le “letsatsi ya dira le ntwa,” la Modimo, leo le tla latelwang ke kgololesego le masego ao Jobe le ene a neng a solofetse go a ipelela.—1 Pet. 4:12; Math. 6:9, 10; Yobe 38:23; 14:13-15.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 280-1, 663, 668, 1166; Bol. 2, ditsebe 562-3.
b 1987, Bol. 6, tsebe 562.
c Insight on the Scriptures, Bol. 2, tsebe 83.