“Mo Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega”
1 Tiro e kgolo ya phuthego ya Bokeresete ke go rera molaetsa wa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. (Math. 24:14) Eno ke namane e tona ya tiro. Mo bathong ba le bantsi ba ba lebeletseng, go lebega tiro eno e tlhoka dilo di le dintsi go feta tse re nang le tsone. Mo go ba bangwe, ga go lebege re ka kgona go diragatsa kabelo eno ka gonne re a sotliwa, re a ganediwa e bile re a bogisiwa. (Math. 24:9; 2 Tim. 3:12) Batho ba ba ratang go belaela dilo bone ba dumela gore ga go kgonege go dira tiro eno. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bolela jaana: “Mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.”—Math. 19:26.
2 Dikao Tse di Molemo Tse Re ka Di Etsang: Fa Jesu a simolola bodiredi jwa gagwe o ne a bo simolola jaaka motho a le mongwe a tlile go lebana le lefatshe lotlhe. Baganetsi ba gagwe ba ne ba leka go mo thiba gore a se ka a atlega ka go mo tlontlolola ka ditsela tsotlhe, mme kgabagare ba mmolaya setlhogo. Le fa go ntse jalo, kwa bokhutlong, Jesu o ne a bua jaana ka bopelokgale: “Ke fentse lefatshe.” (Joh. 16:33) Ee, o fitlheletse tiro e kgolo thata!
3 Barutwa ba ga Jesu le bone ba ne ba bontsha boikutlo jono jwa go nna pelokgale le go tlhoafala mo bodireding jwa Bokeresete. Ba le bantsi ba ne ba kgwatha, ba itewa, ba tsenngwa mo kgolegelong tota le go bolawa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba “ipela ka gonne ba ne ba kailwe ba tshwanela go tlontlololelwa leina la gagwe.” (Dit. 5:41) Le fa maemo e ne e se a a ba itumedisang, ba ne ba dira tiro eno e e neng e lebega e sa kgonege ya go rera dikgang tse di molemo “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe.”—Dit. 1:8; Bakol. 1:23.
4 Kafa re ka Atlegang ka Teng mo Motlheng wa Rona: Le rona re dira tiro ya go rera ka Bogosi ka tlhoafalo le fa re lebane le maemo a go lebegang go ka se kgonege go lebana le one. Le fa re thibelwa, re bogisiwa, re tsenngwa mo kgolegelong, e bile go lekwa le ditsela tse dingwe tse di maswe tsa go re thibela, re a atlega. Seno se kgonega jang? “‘E seng ka mophato wa sesole, le fa e le ka maatla, mme ka moya wa me,’ go buile Jehofa wa masomosomo.” (Seka. 4:6) Fa Jehofa a re ema nokeng, ga go na sepe se se ka emisang tiro ya rona!—Bar. 8:31.
5 Fa re rera, ga re na lebaka la go tshaba kana go boifa kana go ikutlwa re sa tshwanelege. (2 Bakor. 2:16, 17) Re na le mabaka a le mantsi a go tswelela pele re anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Ka thuso ya ga Jehofa, re tla kgona go dira “dilo tse di sa kgonegeng”!—Luke 18:27.