LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w97 11/1 ts. 13-18
  • Go Nna mo Lefatsheng Mme re se Karolo ya Lone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Nna mo Lefatsheng Mme re se Karolo ya Lone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Gola ga Mebuso ya Lefatshe
  • Puso e e Tlang ya Bogosi Jwa Modimo
  • Go Tila “Letshwao” la “Phologolo”
  • “Phologolo” le “Kaesara”
  • Baagi ba ba Ikanyegang
  • Baitlhaodi ba Bakeresete mo Metlheng ya Bofelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Modimo le Kaesare
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • Lefatshe
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Go Emelana le Dibatana Tse Pedi Tse di Galefileng
    Tshenolo—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
w97 11/1 ts. 13-18

Go Nna mo Lefatsheng Mme re se Karolo ya Lone

“Gonne ga lo karolo ya lefatshe, . . . lefatshe le lo tlhoile.”—JOHANE 15:19.

1. Bakeresete ba na le kamano efe le lefatshe, le fa go ntse jalo lefatshe le ba leba jang?

MO BOSIGONG jwa gagwe jwa bofelo le barutwa ba gagwe, Jesu o ne a ba bolelela jaana: “Ga lo karolo ya lefatshe.” O ne a bua ka lefatshe lefe? A o ne a sa bolela jaana mo lekgetlhong lengwe pelenyana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo o bileng wa ntsha Morwaone yo o tsetsweng a le esi, e le gore mongwe le mongwe yo o supang tumelo mo go ene a tle a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng”? (Johane 3:16) Kwantle ga pelaelo barutwa e ne e le karolo ya lefatshe leo ka gonne e ne e le bone ba ntlha go nna le tumelo mo go Jesu go bona botshelo jo bo sa khutleng. Ke ka ntlha yang he, fa Jesu jaanong a bolela gore barutwa ba gagwe ba ne ba kgaogane le lefatshe? Mme ke ka ntlha yang fa a ne a bolela gape jaana: “Gonne ga lo karolo ya lefatshe, . . . ka lebaka leno lefatshe le lo tlhoile”?—Johane 15:19.

2, 3. (a) Bakeresete ba ne ba tshwanetse gore ba se nne karolo ya “lefatshe” lefe? (b) Baebele ya reng malebana le “lefatshe” le Bakeresete ba seng karolo ya lone?

2 Karabo ke gore Baebele e dirisa lefoko “lefatshe” (Segerika, koʹsmos) ka ditsela tse di farologaneng. Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong se se fetileng, ka dinako tse dingwe “lefatshe” mo Baebeleng le kaya batho ka kakaretso. Ke lone lefatshe le Modimo a le ratileng le le Jesu a le swetseng. Le fa go ntse jalo, The Oxford History of Christianity e bolela jaana: “‘Lefatshe’ gape ke lefoko le mo Bokereseteng le dirisediwang go kaya sengwe se se kgakala le Modimo se se lwantshanang le ene.” Seo se boammaaruri jang? Mokwadi wa Mokatoliki e bong Roland Minnerath, mo bukeng ya gagwe ya Les chrétiens et le monde (Bakeresete le Lefatshe), o tlhalosa jaana: “Fa le dirisiwa ka tsela e e sa siamang, lefatshe . . . le nna lefelo le babusi ba ba lwantshanang le Modimo ba dirang dilo tsa bone mo go lone e bile e le le ka go supa go ganetsa ga bone puso ya ga Keresete e e fenyang le itirang mmusomogolo wa baba o o laolwang ke Satane.” “Lefatshe” leno ke boidiidi jwa batho ba ba kgakala le Modimo. Bakeresete ba boammaaruri ga se karolo ya lefatshe leno, mme le ba tlhoile.

3 Go ya kwa bofelong jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, Johane o ne a akantse ka lefatshe leno fa a ne a kwala jaana: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe lefa e le dilo tse di mo lefatsheng. Fa motho a rata lefatshe, lorato lwa ga Rara ga lo yo mo go ene; ka gonne sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a itshedisang ka sone—ga se thaege mo go Rara, mme se thaega mo lefatsheng.” (1 Johane 2:15, 16) O ne a kwala gape jaana: “Re itse gore re thaega mo Modimong, mme lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Jesu ka boene o ne a bitsa Satane “mmusi wa lefatshe leno.”—Johane 12:31; 16:11.

Go Gola ga Mebuso ya Lefatshe

4. Mebuso e mogolo ya lefatshe e ne ya simologa jang?

4 Lefatshe la batho le le leng teng gone jaanong le le kgakala le Modimo le ile la simologa ka bonakonyana morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, fa ditlogolwana tse dintsi tsa ga Noa di ne di tlogela go tlhola di obamela Jehofa Modimo. Motho yo o neng a le kwa setlhoeng mo metlheng ya bogologolo e ne e le Nimerote, moagi wa motse le “motsomi yo o nonofileng fa pele ga Jehofa.” (Genesise 10:8-12) Mo dingwageng tseo, bontsi jwa lefatshe leno le ne le rulagantswe ka mebuso e mennye ya motse, e gangwe le gape e neng e kopana mme e bo e tlhaselana ntweng. (Genesise 14:1-9) Mengwe ya mebuso eno ya metse e ne ya nna le taolo mo godimo ga e mengwe mme ya nna mebuso ya kgaolo. Kgabagare mebuso mengwe ya kgaolo e ne ya gola ya nna mebuso e megolo ya lefatshe.

5, 6. (a) Mebuso e mogolo e supa ya lefatshe ya hisitori ya Baebele ke efe? (b) Mebuso e megolo eno ya lefatshe e tshwantshediwa jang mme maatla a tsone a tswa kae?

5 Ka go latela motlhala wa ga Nimerote, babusi ba mebuso ya lefatshe ba ne ba sa obamele Jehofa, e leng selo se se neng se supiwa ke ditiro tsa bone tse di setlhogo tsa thubakanyo. Mebuso eno ya lefatshe e tshwantshediwa e le diphologolo tsa naga mo Dikwalong mme go ralala makgolo a dingwaga, Baebele e ile ya tlhalosa e le merataro ya yone e e ileng ya nna le maatla a magolo mo bathong ba ga Jehofa. Mebuso eno e ne e le Egepeto, Asiria, Babilone, Meda le Peresia, Gerika le Roma. Morago ga Roma, go ne ga porofetiwa ka go tlhaga ga mmuso o mogolo wa lefatshe wa bosupa. (Daniele 7:3-7; 8:3-7, 20, 21; Tshenolo 17:9, 10) E ile ya itshupa e le Mmusomogolo wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika, o o neng o bopiwa ke Mmusomogolo wa Boritane le tsala ya yone e leng United States, eo kgabagare e ileng ya feta Boritane ka maatla. Mmusomogolo wa Boritane o ne wa simolola go gola fa motlhala wa bofelo wa Mmusomogolo wa Roma o sena go nyelela kgabagare.a

6 Mebusomegolo ya lefatshe e supa e e latelanang e tshwantshediwa mo bukeng ya Tshenolo ke ditlhogo tsa phologolo ya naga ya ditlhogo tse supa e e tlhatlogang go tswa mo lewatleng la batho ba ba sa iketlang. (Isaia 17:12, 13; 57:20, 21; Tshenolo 13:1) Ke mang yo o nayang phologolo eno e e busang maatla a yone? Baebele e araba jaana: “Kgogela ya naya phologolo eno maatla a yone le setulo sa yone sa bogosi le taolo e kgolo.” (Tshenolo 13:2) Kgogela eno ga se ope fa e se Satane Diabolo.—Luke 4:5, 6; Tshenolo 12:9.

Puso e e Tlang ya Bogosi Jwa Modimo

7. Bakeresete ba solofetse mo go eng mme seno se ama jang kamano ya bone le mebuso ya lefatshe?

7 Mo e ka nnang dingwaga di le 2000, Bakeresete ba ntse ba rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Basupi ba ga Jehofa ba itse gore ke Bogosi jwa Modimo fela jo bo tla tlisang kagiso ya mmatota mo lefatsheng. E re ka e le batho ba ba elang tlhoko thata boporofeti jwa Baebele, ba dumela gore thapelo eno e tla tloga e arabiwa le gore go ise go ye kae Bogosi bo tla laola dikgang tsa lefatshe. (Daniele 2:44) Go tshegetsa ga bone Bogosi jono go dira gore ba nne ba itlhaotse mo dikgannyeng tsa mebuso ya lefatshe leno.

8. Mebuso e itshwara jang malebana le puso ya Bogosi jwa Modimo, jaaka go boleletswe pele mo go Pesalema 2?

8 Ditšhaba dingwe di bolela gore di latela melaometheo ya bodumedi. Le fa go ntse jalo, totatota ba itlhokomolosa ntlha ya gore Jehofa ke Molaodimogolo wa Lobopo le gore o tlhomile Jesu go nna Kgosi ya selegodimo gore a laole lefatshe. (Daniele 4:17; Tshenolo 11:15) Pesalema nngwe ya boporofeti e bolela jaana: “Dikgosi tsa lefatshe di a ikemisa, le balaodi ba logisanya maano, ka ga Jehofa, le ka Motlodiwa wa gagwe [Jesu], ba re: ‘A re kgaoleng dithapo tsa bone, le megala ya bone re e latlhe mo go rona.’” (Pesalema 2:2, 3) Mebuso ga e amogele “dikgole” kana “dithapo” dipe tsa Modimo tse di tla kganelang tsela e ba dirisang bolaodi jwa bone jwa bosetšhaba ka yone. Ke ka moo he, Jehofa a bolelelang Jesu, Kgosi ya gagwe e a e tlhophileng a re: “Ntopa, mme ke tlaa go naya merafe go nna boswa jwa gago, le dikhutlo tsa lefatshe go nna thuo ya gago. O tlaa ba thubakanya ka tsamma ya tshipi; o tlaa ba phatlakanya jaaka sejana sa mmopi.” (Pesalema 2:8, 9) Le fa go ntse jalo, lefatshe la batho le Jesu a le swetseng le ka se ka la ‘thubakanngwa’ gotlhelele.—Johane 3:17.

Go Tila “Letshwao” la “Phologolo”

9, 10. (a) Re tlhagisiwa ka eng mo bukeng ya Tshenolo? (b) Ke eng se se tshwantshediwang ke go nna le ‘letshwao la phologolo’? (c) Batlhanka ba Modimo ba amogela matshwao afe?

9 Tshenolo e e amogetsweng ke moaposetoloi Johane e ne ya tlhagisa gore lefatshe la batho le le kgakala le Modimo le ka batla dilo tse dintsi pele fela ga bokhutlo jwa lone, le “patelela batho botlhe, ba bannye le ba bagolo, le bahumi le bahumanegi, le bagololesegi le batlhanka, gore bano ba tshwaiwe mo seatleng sa bone sa moja kgotsa mo phatleng ya bone, le gore go se nne le ope yo o ka kgonang go reka kgotsa go rekisa fa e se motho yo o nang le letshwao.” (Tshenolo 13:16, 17) Seo se kaya eng? Go nna le letshwao kafa seatleng sa moja ke sesupo se se tshwanelang sa kemo nokeng e e nonofileng. Go tweng ka letshwao mo phatleng? The Expositor’s Greek Testament e bolela jaana: “Go umakiwa ga setshwantsho seno sa maemo a a kwa godimo go amana le tlwaelo ya go tshwaya masole le makgoba ka letshwao la mmala kana letshwao le le dirilweng ka go fisiwa le le bonalang sentle . . . ; kana, se se bileng se tlwaelegile thata, go amana le tlwaelo ya bodumedi ya go rwala leina la modimo mongwe e le pheko mo go wena.” Batho ba le bantsi ka ditiro tsa bone le mafoko a bone ba rwala letshwao leno ka tsela ya tshwantshetso, ba itlhaola e le “makgoba” kana “masole” a “phologolo.” (Tshenolo 13:3, 4) Malebana le isagwe ya bone, Theological Dictionary of the New Testament e bolela jaana: “Baba ba Modimo ba dumela gore [letshwao] la phologolo, e leng palo ya masaitsiweng e e nang le leina la yone, le gatisitswe mo diphatleng tsa bone le mo seatleng se le sengwe. Seno se ba naya ditshono di le dintsi tsa go bona melemo ya itsholelo le ya kgwebo, mme go dira gore Modimo o ba galefele e bile go dira gore ba se bone puso ya dingwaga tse di sekete, Tshen. 13:16; 14:9; 20:4.”

10 Go tlhokega bopelokgale jo bogolo thata le boitshoko go emelana le kgatelelo ya go amogela “letshwao.” (Tshenolo 14:9-12) Le fa go ntse jalo, batlhanka ba Modimo ba na le nonofo e e ntseng jalo, mme ka ntlha ya seno, gantsi ba a tlhoiwa le go tlhapadiwa. (Johane 15:18-20; 17:14, 15) Go na le gore ba bo ba na le letshwao la phologolo, Isaia o ne a bolela gore ba tla kwala ka tsela ya tshwantshetso mo diatleng tsa bone, “Wa ga Jehofa.” (Isaia 44:5) Mo godimo ga moo, e re ka ba ‘fegelwa le go sonelelela’ dilo tse di makgapha tse di dirwang ke bodumedi jwa botenegi, ba amogela letshwao la tshwantshetso mo diphatleng tsa bone le le ba tlhaolang go nna ba ba tshwanelwang ke go bolokiwa fa Jehofa a diragatsa dikatlholo tsa gagwe.—Esekiele 9:1-7.

11. Ke mang yo o nayang mebuso ya batho tetla ya go busa go fitlha Bogosi jwa Modimo bo tla go busa mo lefatsheng?

11 Modimo o dumelela mebuso ya batho go busa go fitlha ka nako ya fa Bogosi jwa ga Keresete jwa selegodimo bo busa ka botlalo mo lefatsheng leno. Porofesa Oscar Cullmann mo bukeng ya gagwe ya The State in the New Testament o bua ka go dumelela gono ga Modimo mebuso ya bopolotiki. O kwala jaana: “Kgopolo e e raraaneng ya go nna gone ka ‘nakwana’ ga Puso ke lebaka la go bo boikutlo jwa Bakeresete ba ntlha malebana le Puso bo sa tlhomama, mme go na le moo bo bonala bo ikganetsa. Ke a gatelela, gore go bonala go ntse jalo. Re tlhoka fela go umaka Baroma 13:1, ‘A mongwe le mongwe a nne mo taolong ya mebuso e e leng teng . . . ,’ mmogo le Tshenolo 13: Puso e le phologolo e e tswang mo moleteng.”

“Phologolo” le “Kaesara”

12. Ke boikutlo bofe jo bo lekalekaneng jo Basupi ba ga Jehofa ba nang najo malebana le mebuso ya batho?

12 Go tla bo go sa siama go swetsa ka gore batho botlhe ba ba leng mo taolong ya puso ke didirisiwa tsa ga Satane. Ba le bantsi ba itshupile e le batho ba ba siameng jaaka molaodi wa kgaolo e bong Seregio Paulose, yo o tlhalosiwang mo Baebeleng e le “monna yo o kgeleke.” (Ditiro 13:7) Babusi bangwe ba ile ba femela ditshwanelo tsa batho ba maemo a a kwa tlase ka bopelokgale, ba kaelwa ke segakolodi sa bone se ba se filweng ke Modimo tota le fa ba ne ba sa itse Jehofa le maikaelelo a gagwe. (Baroma 2:14, 15) Gakologelwa gore Baebele e dirisa lefoko “lefatshe” ka ditsela tse pedi tse di farologaneng: lefatshe la batho, le Modimo a le ratang le le rona re tshwanetseng go le rata, le lefatshe la batho ba ba kgakala le Jehofa, le Satane e leng modimo wa lone le le re tshwanetseng go kgaogana le lone. (Johane 1:9, 10; 17:14; 2 Bakorintha 4:4; Jakobe 4:4) Ka jalo, batlhanka ba ga Jehofa ba na le boikutlo jo bo lekalekaneng malebana le puso ya batho. Ga re tseye letlhakore mo dikgannyeng tsa bopolotiki e re ka re le baemedi kana babueledi ba Bogosi jwa Modimo mme re neetse matshelo a rona mo Modimong. (2 Bakorintha 5:20) Ka fa letlhakoreng le lengwe, re ikobela ba ba mo taolong ka boikanyegi.

13. (a) Jehofa o leba mebuso ya batho jang? (b) Bakeresete ba ikobela mebuso ya batho go ya bokgakaleng bofe?

13 Mokgwa o o lekalekaneng ono o supa boikutlo jwa ga Jehofa Modimo ka boene. Fa mebuso e megolo ya lefatshe, kana Dinaga tse dinnye di sa dirise taolo ya tsone ka tsela e e tshwanetseng, di gatelela batho ba tsone, kana di bogisa ba ba obamelang Modimo, eleruri e tshwanelwa ke tlhaloso ya boporofeti ya gore ke diphologolo tse di setlhogo. (Daniele 7:19-21; Tshenolo 11:7) Le fa go ntse jalo, fa mebuso ya ditšhaba e diragatsa boikaelelo jwa Modimo ka go boloka molao le tolamo ka tshiamiso, o e tsaya e le ‘batlhanka ba gagwe mo setšhabeng.’ (Baroma 13:6) Jehofa o lebeletse gore batho ba gagwe ba tlotle mebuso ya batho le go e ikobela mme boikobo jwa bone bo na le mo bo felelang teng. Fa batho ba batla gore batlhanka ba Modimo ba dire dilo tse molao wa Modimo o di iletsang kana fa ba ba thibela go dira dilo tse Modimo a batlang gore batlhanka ba gagwe ba di dire, batlhanka ba gagwe ba tla latela boemo jo bo neng jwa tsewa ke baaposetoloi e leng: “Re tshwanetse go utlwa Modimo jaaka mmusi bogolo go batho.”—Ditiro 5:29.

14. Go ikobela mebuso ya batho ga Bakeresete go tlhalosiwa jang ke Jesu? ke Paulo?

14 Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba tla ikarabela mo mebusong le mo Modimong fa a ne a bolela jaana: “Jalo, lefang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo . . . Mme fa e le gore lo dira se se bosula, nnang mo poifong: gonne ga bo a tshola tšhaka kwantle ga boikaelelo; gonne ke modiredi wa Modimo, mmusolosi yo o bontshang tšhakgalo mo go yo o dirang se se bosula e le tlwaelo. Jalo go na le lebaka le le patelelang gore lona lo nne mo taolong, e seng fela ka ntlha ya tšhakgalo eo mme le ka ntlha ya segakolodi sa lona. Gonne ke gone ka moo gape lo duelang makgetho.” (Baroma 13:1, 4-6) Go tloga ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. go fitlha gompieno, Bakeresete ba ile ba tshwanelwa ke go akanyetsa dilo tse Puso e di batlang. Ba ile ba tlhoka go tlhokomela gore fa ba dumela go dira dilo tseo go se ka ga kgoreletsa kobamelo ya bone kana gore a dilo tse di ntseng jalo ke tse di tshwanelang mme di tshwanetse go dirwa ka kelotlhoko.

Baagi ba ba Ikanyegang

15. Basupi ba ga Jehofa ba lefela jang Kaesara ka boikanyegi dilo tse ba tshwanetseng go di mo naya?

15 “Babusi ba bagolo” ba bopolotiki ke “modiredi” wa Modimo fa ba diragatsa tiro e ba e filweng ke Modimo, e e akaretsang taolo ya go “diragats[a] kotlhao mo badirabosuleng mme ba bake badiri ba molemo.” (1 Petere 2:13, 14) Batlhanka ba ga Jehofa ba tlhokomela gore ba neye Kaesara dilo tse a di batlang tse di tshwanelang ka go ntsha makgetho mme ba dira go ya bokgakaleng jo digakolodi tsa bone tse di thapisitsweng ka Baebele di ba letlelelang ka jone go nna “kutlo mo dipusong le mo balaoding jaaka babusi, ba [iketleeditse] tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (Tito 3:1) ‘Tiro e e molemo’ e akaretsa go thusa ba bangwe, jaaka fa go nna le masetlapelo. Ba le bantsi ba ile ba supa ka bomolemo jo Basupi ba ga Jehofa ba bo bontshitseng bathokabone mo maemong ano.—Bagalatia 6:10.

16. Basupi ba ga Jehofa ba direla mebuso le bathokabone ditiro dife tse di molemo?

16 Basupi ba ga Jehofa ba rata bathokabone mme ba akanya gore tiro e e molemolemo e ba ka e dirang ke go ba thusa go bona kitso ya boammaaruri ka maikaelelo a Modimo a go tlisa “magodimo a masha le lefatshe le lesha” la tshiamo. (2 Petere 3:13) Ka go ruta le go latela melaometheo ya Baebele ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo, ba thusa setšhaba thata, ba thusa batho ba le bantsi ba ba utlwang gore ba se ka ba itshwara ka tsela e e sa siamang. Batlhanka ba ga Jehofa ba ikobela molao e bile ba tlotla badiredi ba puso, badiredibagolo, baatlhodi le badiredi ba motse, ba naya ‘ba ba tshwanetsweng ke tlotlo’ tlotlo. (Baroma 13:7) Batsadi ba Basupi ba itumelela go dirisana mmogo le barutabana ba sekolo ba bana ba bone mme ba thusa bana ba bone go ithuta sentle, gore moragonyana ba kgone go itshedisa mme ba se ka ba nna morwalo mo setšhabeng. (1 Bathesalonika 4:11, 12) Mo diphuthegong tsa bone, Basupi ba lwantshana le go tlhaolana ka lotso le go tlhaolana ka maemo mme ba tsaya go nonotsha botshelo jwa lelapa e le selo se se botlhokwa thata. (Ditiro 10:34, 35; Bakolosa 3:18-21) Ka jalo, ka ditiro tsa bone, ba supa gore ditatofatso tsa gore ga ba rate go nna le malapa kana ga ba rate go thusa mo tikologong ke tsa maaka. Ka jalo, mafoko a ga moaposetoloi Petere a itshupa a le boammaaruri: “Thato ya Modimo e ntse jalo, gore ka go dira molemo lo tle lo bofe puo ya bosenangkitso ya batho ba ba se nang kakanyetso.”—1 Petere 2:15.

17. Bakeresete ba ka tswelela pele jang ba “tsamaya ka botlhale malebang le ba ba kwa ntle”?

17 Ka jalo le mororo balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ‘e se karolo ya lefatshe,’ ba sa ntse ba le fa gare ga batho mme ba tshwanetse go tswelela pele ba “tsamaya ka botlhale malebang le ba ba kwa ntle.” (Johane 17:16; Bakolosa 4:5) Fa fela Jehofa a sa ntse a letlelela babusi ba bagolo go dira jaaka badiredi ba gagwe, re tla ba bontsha tlotlo e e tshwanetseng. (Baroma 13:1-4) Le fa re nna re itlhaotse mo bopolotiking, re rapelela “dikgosi le botlhe ba ba mo maemong a a kwa godimo,” segolobogolo fa bano ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso tse di tla amang kgololesego ya kobamelo. Re tla tswelela pele re dira seno “gore re tle re tswelele re tshela botshelo jo bo sisibetseng le jo bo didimetseng ka boineelo jo bo tletseng jwa bomodimo le bomasisi,” gore ‘batho ba mefuta yotlhe ba tle ba bolokiwe.’—1 Timotheo 2:1-4.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Bona buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone e e Molemolemo e Atametse!, kgaolo 35, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

Dipotso Tsa Poeletso

◻ Bakeresete ke karolo ya “lefatshe” lefe mme ga ba tshwanela go nna karolo ya “lefatshe” lefe?

◻ Ke eng se se tshwantshediwang ke “letshwao” la “phologolo” mo seatleng sa motho kana mo phatleng ya gagwe mme ke matshwao afe a batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba nang le one?

◻ Bakeresete ba boammaaruri ba na le boikutlo bofe jo bo lekalekaneng malebana le mebuso ya batho?

◻ Dingwe tsa ditsela tse Basupi ba ga Jehofa ba thusang ka tsone mo setšhabeng ke dife?

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Baebele e tlhalosa gore mebuso ya batho ke phologolo ya naga e bile ke motlhanka wa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

E re ka Basupi ba ga Jehofa ba amega ka lorato ka ba bangwe, ba thusa thata mo ditikologong tsa bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela