LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w88 9/15 ts. 16-21
  • Jehofa O Somola Tšhaka ya Gagwe!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa O Somola Tšhaka ya Gagwe!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipolelelopele Kaga Katlholo ya Jerusalema
  • Motlhabani Jehofa
  • Go Bonwa Molato ga Jerusalema
  • Ba Ne Ba Tshwanelwa ke Kotlhao
  • Go Tshwarwa ke Kgakge ga Baitimokanyi
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Bukeng ya Esekiele—I
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Buka ya Bibela ya bo 26—Esekiele
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Reetsa—Molebedi wa ga Jehofa O A Bua!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • “Jaanong Bokhutlo bo Gorogile mo go Wena”
    Jaanong Jehofa o Obamelwa ka Tsela e e mo Itumedisang!
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
w88 9/15 ts. 16-21

Jehofa O Somola Tšhaka ya Gagwe!

“Nama eotlhe e tla itse ha nna Yehofa ke shomotse chaka ea me mo kgatleñ ea eona.”—ESEKIELE 21:5.

1. Jehofa o ne a kgatikanya tšhaka ya gagwe kgatlhanong le bomang mo Juda le lseraele?

KE MATSHWANEDI gore tšhaka ya ga Jehofa e nyerise baba ba gagwe marapo. Mme fa a ne a e kgatikanya kgatlhanong le badira bosula ba bogosi jwa Juda le jwa Iseraele, a tota ba ne ba itse seo se neng se diragala? Ee, ba ne ba dirwa gore ba itse gore Jehofa o ne a somotse tšhaka ya gagwe ya tshwantshetso mo kgatleng ya yone.—Esere 9:6-9; Nehemia 1:8; 9:26-30.

2. Jehofa o ne a reng kaga “chaka” ya gagwe, seo se tsosang dipotso dife?

2 Ka moperofeti wa gagwe le molebedi Esekiele, Modimo o ne ‘wa re: “Nama eotlhe e tla itse ha nna Yehofa ke shomotse chaka ea me mo kgatleñ ea eōna.” (Esekiele 21:5) A mafoko ao a ne a dira fela mo metlheng ya bogologolo? Kana a a na le bokao bongwe go rona?

Dipolelelopele Kaga Katlholo ya Jerusalema

3. Esekiele o ne a raya batshwarwa bao ba neng ba le kwa Babelona a reng, mme se no se na le setshwani sefe sa motlha wa segompieno?

3 Kara ya ga Jehofa e ne ya suta gape, mme lefelo leo Esekiele a neng a le mo go lone le lone le ne la fetoga. Go ne ga nna jaaka ekete phuthego ya Modimo ya seka-kara ya selegodimo e ne e tlhatlogetse kwa lefelong leo e neng e bonala sentle mo go lone kwa godimo ga Thaba ya Lotlhware. Jesu o ne a bolelelapele a le koo tshenyego e e neng e tla tlela Jerusalema ka 70 C.E., eleng tshenyego eo e neng e bolelelapele bokhutlo jwa La-Bodumedi. (Mareko 13:1-20) Mo ponatshegelong, Esekiele ka boene o ne a tserwe go tswa kwa nokeng ya Kebara, mme jaanong o ne a buseditswe kwa ntlong ya gagwe ya botshwarwa kwa Babelona ka moya wa Modimo. Fa a le koo o ne a bolelela batshwarwa ba bangwe ‘tsotlhe tse Jehofa a neng a di mo supeditse.’ Ka mo go tshwanang, “molebedi” wa Modimo yo o tloditsweng le basupi-ka-ene gompieno ba bolela tsotlhe tseo ba di senoletsweng ke Mopalami wa kara ya selegodimo.—Esekiele 11:22-25.

4. Batshwarwa ba Bajuda ba ne ba itshwara jang malebana le ditiro tsa ga Esekiele tsa tshwantshetso?

4 Ka ditiro tsa tshwantshetso, Esekiele o ne a bontsha batshwarwa ba Bajuda gore masetlapelo a morafe oo a ne a le gaufi. (Bala Esekiele 12:1-7.) Moperofeti yoo o ne a sikara “thoto ea khudugō” a supa dilo di sekae fela tseo batshwarwa ba neng ba ka kgona go di sikara mo magetleng a bone. Go ne go tloga go nna le therisego mo Jerusalema yo o neng a dikaganyeditswe ke masole. Lemororo ba le bantsi ba se kile ba tsaya ditlhagiso tseo ka masisi, Esekiele o ne a tshwanetse go raya batho bao are: “Ga go ketla go tlhōla go diiwa mahoko apè.” Gompieno le gone ditlhagiso tsa bomodimo le dipolelelopele di a nyadiwa, mme re ka dira mo gontsi go thusa ba ba batlang boammaaruri go tshepa gore di tla diragadiwa.—Esekiele 12:8-28.

5. Ereka “letsatsi ya ga Yehofa” le ne le le gaufi, ke ditatofatso dife tseo di neng di tshwanela?

5 Bao ba sa reetseng molebedi wa ga Jehofa ba tshwanetse go itse gore ba tla utlwisiwa botlhoko ke “chaka” ya Modimo. Jalo, bao ba neng ba ikarabelela mo megopolong ya maaka kaga pabalesego ya Jerusalem8c le Juda ba ne ba bonwa molato. Baperofeti ba maaka ba ne ba tshwantshanngwa le bophokoje ba ba garolakang, mme go ne ga bontshiwa gore baaki ba ne ba batega dithako tse di neng di tloga di wa, kana ditiro tse dikgolo tse di senang mosola, tsa batho. Baperofeti ba sesadi ba maaka le bone ba ne ba bonwa molato. ‘Letsatsi la ga Jehofa’ le ne le le gaufi, mme o ne a lebisa sefatlhego sa gagwe go bao ba neng ‘ba itirile baeng mo go ene,’ ke gore, ‘bao ba neng ba ineetse mo go sa reetseng Modimo.’ Fa e le gore re ineetse go Jehofa, eleruri ga re kitla re batla go ikgogona mo tirelong ya gagwe e e boitshepo.—Esekiele 13:1–14:11.

6. A motho mongwe o ne a ka boloka batho ba ba neng ba le diganana ba Juda, mme sena se re ruta eng?

6 Ke mang yo o neng a ka boloka batho ba ba diganana ba Juda? Lefa e le Noa, Daniele, le Jobe bao ba neng ba siame ba ne ba sa kake ba kgona go ba golola fa Modimo o ne o lere dikatlholo tsa gagwe mo lefatsheng leo. He, gore re bolokwe, re tshwanetse go sikara boikarabelo jwa rona fa pele ga Modimo mme ra dira thato ya gagwe.—Esekiele 14:12-23; Baroma 14:12.

7. Juda o ne a tshwantshanngwa le eng, lefa go le jalo ke eng seo Modimo o neng o tla se tlhoma le ba ba ikanyegang?

7 Ka baka la baagi ba gagwe ba ba sa ikanyegeng, Juda o ne a tshwantshanngwa le mofine wa naga o o sa ungweng maungo oo o neng o tshwanetse go jewa ka molelo fela. (Esekiele 15:1-8) Gape o ne a tshwantshanngwa le lesea le le neng le latlhilwe ke batsadi ba lona leo le setsweng ke Modimo mo Egepeto mme la otliwa go fitlhela le nna mosadi. Jehofa o ne a mo tsaya go nna mosadi wa gagwe, mme a simolola go obamela medimo ya maaka ka jalo o ne a tla senngwa ka baka la go akafala ga gagwe semoyeng. Lefa go le jalo, Modimo o ne o tla ‘tlhoma kgolagano e e nnetseng ruri’ le ba ba ikanyegang—kgolagano e ntsha le Iseraele wa semoya.—Esekiele 16:1-63; Yeremia 31:31-34; Bagalatia 6:16.

8. (a) Babelona le Egepeto ba ne ba tshwantshanngwa le eng? (b) Go roba ga ga Sedekia ikano ya gagwe go tshwanetse ga re ama jang?

8 Morago ga moo, babusi ba Babelona le Egepeta ba ne ba tshwantshwanngwa le bontsu ba batona. E nngwe e ne ya roba kala e e kwa godimo ya setlhare sa mosedara ka go tlosa Kgosi Jehoiakine mme ya tlhoma Sedekia mo boemong jwa gagwe. Lemororo Sedekia a ne a ikanela gore o ne a tla ikanyega go Nebukadenesare, o ne a roba ikano eo, ka go kopa go thusiwa ka masole ke mmusi wa Egepeto, eleng ntsu yo mongwe yo motona. Fa e le gore Sedekia o ne a umaka leina la Modimo fa a ne a ikana jalo, go e roba go ne ga lere kgobo mo go Jehofa. Go akanya fela ka go lere kgobo mo Modimong go tshwanetse ga re thibela gore le ka motlha re seka ra nna batlhanka ba mafoko a rona. Eleruri re na le tshiamelo e kgolo ya go sikara leina la Modimo jaaka Basupi ba ga Jehofa!—Esekiele 17:1-21.

9, 10. (a) Ke polelelopele efe eo e kwadilweng mo go Esekiele 17:22-24, mme ke eng seo se tshwanetseng go dirwa e le gore re tle re solegelwe molemo ke tiragatso y,a yone? (b) Ke mang yo o lkarabelelang mo diphelelong tsa boitshwaro jwa rona?

9 Morago go latela polelelopele ya Bomesia e e kgothatsang. (Bala Esekiele 17:22-24.) Fano, “e e nana” ke Kgosi ya Bomesia, eleng Jesu Keresete. Ereka a jadilwe ke Jehofa mo Thabeng ya Siona ya selegodimo, o ne a tla nna “mosedara o montlè,” e le motswedi wa tshireletso le tshegofatso jaaka a ntse abusa lefatshe. (Tshenolō 14:1) Eleruri sena se tshwanetse go re kgothatsa.

10 Lefa go nt se jalo, gore re solegelwe molemo ke tiragatso ya polelelopele ya Bomesia, re tshwanetse go boloka kamano e e molemo le Jehofa. Go lebega batshwarwa-mmogo le Esekiele ba ne ba akanya gore ba ne ba na le boemo jo bo molemo fa pele ga Modimo mme ba pega bagologolwane ba bone molato wa go bo ba boga. Mme moperofeti yoo o ne a supa gore mongwe le mongwe o ikarabelela mo diphelelong tsa boitsholo jwa gagwe. (Esekiele 18:1-29; bapisa Yeremia 31:28-30.) Morago go ne ga tla ikuelo. (Bala Esekiele 18:30-32.) Ee, Jehofa o kutlwelobotlhoko go bao ba ikotlhayang mme ga a itumelele gore ope a swe. Ka jalo, Modimo wa re: ‘Sokologang mme lo nne lo tshele, lona batho ke lona.’—Bapisa 2 Petere 3:9.

11. Babusi ba Juda ba ne ba tshwantshanngwa le eng, mme o ne a tla diragalelwa ke eng fa a ne a itewa ke “chaka” ya ga Jehofa?

11 Mo pineng ya go hutsafalela go wa ga Juda, babusi ba gagwe ba ne ba tshwantshanngwa le ditawana. Kgosi Jehoahase o ne a tlhokafala a ile botshwarwa kwa Egepeto, Jehoiakime o ne a gapiwa ke Nebukadenesare, mme Jehoiakine o ne a isiwa botshwarwa kwa Babelona. Morago Nebukadenesare o ne a tlhoma Sedekia mo setulong sa bogosi sa Juda, mme ene o ne a tsuologa. Kgabagare, jaaka tau e e tlhatlhetsweng, Sedekia o ne a isiwa botshwarwa kwa Babelona. Tumalanong le pina ya khutsafalo ya polelelopele, ka 607 B.C.E., Juda o ne a fetoga mofine o o senyegileng, ‘me ga seka ga tlhola go le letlhogela le le thata la go nna thobane ya bogosi ya go busa mo go one.’ O ne a remilwe ke “chaka” ya ga Jehofa!—Esekiele 19:1-14; Yeremia 39:1-7.

12. (a) Fela jaaka bagologolwane ba bone, batho ba nako ya ga Esekiele ba ne ba dira bosula bofe? (b) Ke ka ntlhayang fa batho ba ne ba botsa gore a Ésekiele e ne e se mmui wa ditshwantsho, mme sena se re neela tlhagiso efe?

12 Morago ga go bodiwa ke “bagolwane bañwe ba Iseraela,” Esekiele o ne a bua molaetsa wa Modimo. O ne a lemotsha gore lemororo Jehofa a ne a golola Baiseraele kwa Egepeto mme a ba neetse Molao wa Gagwe, ba ne ba o tlhokomologa mme ba obamela medimo ya disetwa. Ereka batho ba nako ya ga Esekiele ba ne ba na le molato o o tshwanang, Modimo o ne o tla dira gore o ba atlhole. Go lebega batho bao ba ne ba botsa, ka lonyatso mme eseng ka go bo ba ne ba sa tlhaloganye seo Esekiele a neng a se raya, ba re: “A ga se mmui oa dichwanchō?” Ba ne ba tla tloga ba itse gore go ne go sena setshwantsho sepe kaga molaetsa oo wa moperofeti yoo. Seno se tshwanetse go re tlhagisa gore le ka motlha re seka ra nna le boikutlo jwa go nyatsa go diragadiwa ga ditlhagiso tsa Dikwalo.—Esekiele 20:1-49.

Motlhabani Jehofa

13. “Chaka” ya Modimo e kaya eng, mme “nama eotlhe” e ne e tla dirwa gore e itse eng fa tšhaka eo e ne e kgatikanngwa?

13 Mo ngwageng wa bosupa wa botshwarwa (ka Ab 10, 611 B.C.E.), go ne go setse dingwaga tse di kwa tlase ga tse pedi le sephatlo pele ga ‘tlhabano ya letsatsi la ga Jehofa’ e simologa kgatlhanong le Juda le Jerusalema. (Esekiele 13:5; 20:1) Elatlhoko seo go tswa foo Jehofa Motlhabani a neng a se bua ka Esekiele. (Bala Esekiele 21:1-5.) “Chaka” ya Modimo e kaya boemedi jwa selefatshe joo a tla bo dirisang, mme e ka nna ya akareletsa phuthego ya gagwe ya selegodimo, ya seka-kara. Baagi ba Juda le Iseraele ba ba ‘siameng’ le ba ‘baikepi,’ gammogo le batho ba ba tlhoileng batho ba Modimo, ba ne ba tla kgemethwa ke “chaka” ya Modimo. Eleruri, “nama eotlhe” e ne e tla dirwa gore e itse fa Jehofa a ne a tlhabana le bone.

14. (a) Fela jaaka Esekiele, basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa ba tlhokomedisa eng? (b) Ke eng seo se supang gore babusi ba La-Bodumedi ga ba kitla ba faiola “chaka” ya Modimo?

14 Fela jaaka Esekiele, Basupi ba ga Jehofa ba ba tloditsweng gompieno ba tlhokomedisa “chaka” e Modimo o tla e kgatikanyang kgatlhanong le badumedi ba La-Bodumedi, yo sebaka sa gagwe e leng setshwani sa “lehatshe ya Iseraela.” Ka bokhutshwane “chaka” eo e tla utlwiwa ke “nama eotlhe, go simolola kwa borwa le go ya kwa botsheka,” ke baobamedi ootlhe ba bodumedi jwa maaka. Baikgodisi ba motlha wa ga Esekiele ba ne ba sena lebaka la go kgana, ba fetsa ka gore “chaka” ya ga Jehofa e ne e se kitla ‘e ba gaila.’ “Chaka” eo e ne ya ganathobane ya segosi ya bogosi jwa Juda, fela jaaka e ile ya gana ‘setlhare’ sengwe le sengwe kana thobane. Eleruri, he, babusi ba La-Bodumedi ga ba na go falola go bolawa ke boemedi jwa Modimo.—Esekiele 21:6-17.

15. Ke tiragalo efe eo e kopanyeletsang Nebukadenesare e e bontshang gore ga go na ope yo o ka faposang “chaka” ya ga Jehofa?

15 Polelelopele ya ga Esekiele e tswelela ka go bontsha gore ga go na ope, go akareletsa le badimona, yo o ka faposang “chaka” ya ga Jehofa. (Bala Esekiele 21:18-22.) Lemororo Kgosi Nebukadenesare a ne a tla dirisa boitseanape jwa bodimona, Jehofa o ne a tla tlhomamisa gore mmusi yoo wa Babelona a ye go tlhabana le Jerusalema, eseng le motse-mogolo oo o neng o le bokoa wa Baamona ebong Raba. Nebukadenesare o ne a tla tlhopha bora jo 00 neng bo tshwaetswe Jerusalema mo sebeelong sa one. O ne a tla dirisa mereo (seo gongwe e ka neng e ne e le medimo ya disetwa ya sebopego sa motho) gape o ne a tla batla ditshupo mo sebeteng sa phologolo e e bolailweng. Lefa go ntse jalo, o ne a tla bololela go ya kwa motseng mogolo wa Juda a ba a o tlhasela. Ke boammaaruri gore Nebukadenesare o ne a dirile kgolagano le Kgosi Sedekia. Mme ka baka la go roba ikano ga bone, Sedekia le Bajuda ba bangwe ba ne ba tla “chwarwa ka lecōgō,” ba bo ba isiwa botshwarwa kwa Babelona.—Esekiele 21:23, 24.

16. (a) Go ne ga diragala eng e le tiragatso ya Esekiele 21:25-27? (b) Metlha ya Baditšhaba e simologile leng, mme e ne ya khutla ka tiragalo efe?

16 Ka go tsuolola, Sedekia o ne a itlhaba la go swa. (Bala Esekiele 21:25-27.) Fa kgosi ya Juda e ne e tlosiwa mo bogosing, tlhoro ya segosi le serwalo di ne tsa tlosiwa. (2 Dikgosi 25:1-7) Bogosi jo bo “godileñ” jwa Juda bo ne jwa ‘kokobediwa’ ka go senngwa ka 607 B.C.E. Ka gone magosi a Baditšhaba a a “kwa tlhatse” a ne a ‘golediwa,’ a leselediwa go busa lefatshe kwantle ga go kgorelediwa ke bogosi jo bo tshwantshetsang jwa Modimo. (Duteronome 28:13, 15, 36, 43, 44) Jalo go ne ga simologa ‘metlha e e tlhomilweng ya merafe’—Metlha ya Baditšhaba eo e neng ya khutla ka 1914 fa Modimo o ne o naya Jesu Keresete bogosi, ‘ene yo o nang le tshwanelo’ ya jone. (Luke 21:20-24; Pesalema 110:1, 2; Daniele 4:15-28; 7:13, 14) Ereka Jesu a le mo setulong sa bogosi sa selegodimo, merafe ya Baditšhaba ga e kake ya kgona go gataka seo Jerusalema wa bogologolo a neng a se tshwantshetsa, eleng Bogosi jwa moruaboswa yo o tshwanelegang wa ga Dafide.—Bahebera 12:22.

17. Ke “maaka” afe ao a neng a itsisiwe ke baperofeti ba Baamona?

17 Baperofeti ba Baamona ba ne ba re motsemogolo wa Baamona, ebong Raba, o ne o tla seke o senngwe ke tšhaka ya ga Nebukadenesare. Mme sena e ne e le “maaka,” ka gonne lefatshe lotlhe la Baamona le ne le tla nyelediwa. Mo motlheng wa rona, Modimo o laotse gore merafe e tla senngwa morago ga go senngwa ga La-Bodumedi, fela jaaka Raba a ne a senngwa morago ga Jerusalema.—Esekiele 21:28-32; Tshenolō 16:14-16.

Go Bonwa Molato ga Jerusalema

18. Esekiele o ne a pega Jerusalema molato wa gore o dirile dibe dife, mme re tshwanetse go itshwara jang malebana le seno?

18 Fa a ntse a bua lefoko la ga Jehofa, Esekiele o ne a latofatsa Jerusalema gore o dirile dibe tse di tshwanang le tshololo ya madi, kobamelo ya medimo ya disetwa, boitsholo jo bo repileng, boferefere, le go lebala Modimo. Dikgosana tsa gagwe tseo di neng di na le molato wa madi ba ne ba seka ba dirisa maatla a bone sentle go ya bokgakaleng jwa go atlholela batho polao, mme bapateletsi ba ne ba inamola baba ba bone ka go ba pega melato e e phoso. Baagi ba Jerusalema ba ne ba tla phatlaladiwa, ka baka la diphoso tseno. Kitso ya rona ka ga sena e tshwanetse go nonotsha maitlhomo a rona a go tila go sa diriseng maatla sentle, boitsholo jo bo repileng, go pateletsa, le dilo tse dingwe tse di masisi.—Esekiele 22:1-16.

19. Batho ba Juda ba ne ba nyerolosiwa ka tsela efe, mme ke ka ntlhayang fa go nyelediwa ga bone go ne go tlhomamisega?

19 Jehofa gape o ne a tla nyerolosa batho ba Juda mo boubelong jwa molelo. O ne a tla dira sena e se gore a ba phepafatse ka go ba leka mme e le gore a ba tlhapolose ka bogale jwa gagwe jo bogolo. (Esekiele 22:17-22) Katlholo eno e ne e tshwanela baperofeti bao ba neng ba itherile, diganana tsa baperesiti, dikgosana tse di bogagapa, le batho ba ba tshiamololo. Botlhe ba ne ba pegwa molato. Ereka go sena motho ope gareng ga bone yo o neng a emela tshiamo, Modimo o ne o tla ba nyeletsa ka molelo wa bogale jwa gagwe.—Esekiele 22:23-31.

Ba Ne Ba Tshwanelwa ke Kotlhao

20. Bogale jwa Modimo bo ne bo tshwanetse go tshololelwa mo b’asading bafe ba tshwantshetso, mme ke dintlha dife tseo o ka di ntshang mabapi le dipopego tsa bone?

20 Morago go tshololwa ga bogale jwa Modimo go ne ga tshwantshediwa ka go atlholwa ga basadi ba babedi ba tshwantshetso bao ba neng ba na le molato wa go akafala semoyeng. Yo mongwe e ne e le Ohola, eleng bogosi jwa ditso tse sorne tsa Iseraela joo motsemogolo wa jone e neng e le Samaria. E ne e le “eo mogolwane” ereka a ne a na le bontsi jwa ditso tsa Iseraele, go akareletsa le tseo e neng e le ditlogolwana tsa barwa ba bagolo ba ga Jakobe, ebong Rubene le Simeone. Monnawe e ne e le Oholiba, eleng Juda wa ditso tse pedi yo motsemogolo wa gagwe e neng e le Jerusalema. Ohola o raya gore “Motlaagana wa Gagwe.” Oholiba o raya gore “Motlaagana wa Me O mo go Ene,” seo se tshwanelang ereka motlaagana wa Modimo, kana tempele, e ne e le mo Juda.—Esekiele 23:1-4.

21. Ohola o ne a batla tshireletso kae, seo se re nayang tlhagiso efe?

21 Ohola (Iseraele) o ne a khutla go nna gone fa a ne a tlosiwa mo bogosing ke Baasiria ka 740 B.C.E. O ne a dirile eng? (Bala Esekiele 23:5-7.) Ka go tlhoka go ikanyega, Ohola o ne a kopile gore ditsala tsa gagwe tsa sepolotiki di mo sireletse, mme sena se ne sa gogela kwa go reng a inaakanye le kobamelo ya maaka ya ditsala tsa gagwe, mo e leng gore “o na a itshekolola ka medimo ea disètwa ea oonè.” Re tlhagisiwa ke go akafala semoyeng ga ga Ohola, re tshwanetse go itisa mo go nneng le ditsala tsa selefatshe tseo di ka senyang tumelo ya rona.—Yakobe 4:4; 1 Yohane 2:15-17.

22. Fela jaaka Ohola le Oholiba, La-Bodumedi o dira eng, mme o tla diragalelwa ke eng?

22 Ka baka la go bo a ne a leofile go feta mogolowe, Oholiba (Juda) o ne a tlhokofadiwa fa morafe oo otlhe o ne o lerediwe matlhotlhapelo ke Babelona ka 607 B.C.E. Bana ba gagwe ba ne ba kgemethiwa ka tšhaka kana ba isiwa botshwarwa, mme o ne a tlhabisiwa ditlhong mo merafeng yotlhe. Fela jaaka Ohola le Oholiba, La-Bodumedi o dira boaka jwa semoya, seo e leng sebe fa pele ga Modimo oo a iphakang fa a o obamela. Boporotesetanta, ka dikereke tsotlhe tsa gagwe di itshekolotse ka babusi ba kgwebo le ba bopolotiki ba lefatshe le eleng go feta mogolowe wa mosetsana, ebong Boroma Katoliki. Ka gone, Jehofa o tla tlhomamisa gore La-Bodumedi a senngwe otlhe. Ke gone batho ba tla itseng gore ke Morena wa Lobopo Jehofa. Go gakologelwa gore ditsala tsa La-Bodumedi di tla tloga di mo tlhanogela di ba di diragatsa katlholo ya Modimo mo go ene jaaka karolo e kgolo ya Babelona o Mogolo, ebong mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, go tla tiisa boikemisetso jwa rona jwa go bifela botsala jo bo sa siamang jwa selefatshe.—Esekiele 23:8-49; Tshenolō 17:1-6, 15-18.

Go Tshwarwa ke Kgakge ga Baitimokanyi

23. Jerusalema o ne a tshwantshanngwa le eng mo molaetseng wa Modimo go Esekiele kwa bofelong jwa December ka 609 B.C.E., mme o ne a tla diragalelwa ke eng?

23 Mo letsatsing leo la bofelo jwa December leo Nebukadenesare a neng a simolola go dikaganyetsa Jerusalema ka masole ka dikgwedi tse 18 ka lone (Tebeth 10, 609 B.C.E.), Modimo o ne a neela Esekiele molaetsa o mongwe wa tshwantshetso. Mo go one, Jerusalema yo o neng a dikaganyeditswe ke masole o ne a tshwantshanngwa le pitsana e e apayang eo baagi ba motse oo ba neng ba tla ‘bedisiwa’ mo go yone. Boitsholo jo bo maswe bo ne bo dirile “leshulō” mo pitsaneng e e apayang eo ya tshwantshetso. Badira-bosula ba ne ba tla ntshiwa mo Jerusalema “ka monokela” mme tatlhego ya gagwe e ne e sena go khutla go fitlhela a senngwa. Jehofa o ne a atlhotse Jerusalema go ya ka ditiro tsa gagwe tse di bosula, mme o ne a tshwanelwa go senngwa, fela jaaka La-Bodumedi a tshwanetse.—Esekiele 24:1-14.

24. (a) Ke ka ntlhayang fa Esekiele a ne a seka a hutsafala fa mosadi wa gagwe a ne a tlhokafala? (b) Fa “chaka” ya ga Jehofa e wela mo go ene, La-Bodumedi o tla itshwara jang, mme o tla simolola go itse eng?

24 Morago, Esekiele o ne a tshwanetse go itshwara ka tsela e e sa tlwaelesegang. (Bala Esekiele 24:15-18.) Ke ka ntlhayang fa moperofeti yoo a ne a sa tshwanela go hutsafala fa mosadi wa gagwe a ne a tlhokafala? E ne e le go bontsha kafa Bajuda ba neng ba tla tshwarwa ke kgakge ka gone fa Jerusalema, baagi ba gone, le tempele di ne di senngwa. Esekiele o ne a setse a buile mo go lekaneng ka dikgang tseno mme o ne a se kitla a bolela molaetsa wa Modimo gape go fitlhela a sena go begelwa fa Jerusalema a sentswe. Ka mo go tshwanang, La-Bodumedi le badumedi ba gagwe ba baitimokanyi ba tla tshwarwa ke kgakge fa ba senngwa. Mme morago ga “sepitla se segolo” se sena go simologa, seo ba setlhopha sa molebedi yo o tloditsweng ba tla bong ba setse ba se buile kaga bokhutlo jwa gagwe se tla bo se lekane. (Mathaio 24:21) Mme fa “chaka” ya Modimo e wela mo go La-Bodumedi, badumedi bao ba ba tshwerweng ke kgakge le ba bangwe ‘ba tla tshwanelwa ke go itse fa e le Jehofa.’—Esekiele 24:19-27.

O ne o ka Arabela Jang?

◻ Go ne ga diragala eng fa Jehofa a ne a kgatikanya “chaka” ya gagwe kgatlhanong le Juda le Iseraele?

◻ Re tshwanetse go amiwa jang ke go roba ga ga Sedekia ikano ya gagwe go Nebukadenesare?

◻ “Cha ka” ya Modimo e kaya eng?

◻ Ke tiragalo efe eo e kopanyeletsang Nebukadenesare e e bontshang gore ga go na ope yo o ka faposang “chaka” ya ga Jehofa?

◻ Go ne ga diragala eng tiragatsong ya Esekiele 21:25-27?

◻ Ke eng seo se neng se tshwantshediwa ke go sa hutsafaleng ga ga Esekiele fa mosadi wa gagwe a ne a tlhokafala?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Fa Sedekia a ne a roba ikano ya gagwe go Nebukadenesare mme a isiwa botshwarwa, ke polelelopele efe eo e neng ya simolola go diragadiwa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela