Itlhomele Mekgele ya Semoya
1 A bo e tla bo e le tshiamelo jang ne go baka Jehofa ka bosakhutleng! Gore re fitlhelele mokgele oo, re ka itlhomela mekgele ya semoya gone jaanong mme re leke go e fitlhelela. Seno se re thusa go dirisa maatla a rona ka tsela e e botlhale. (1 Bakor. 9:26) Ke mekgele efe e o ka kgonang go e fitlhelela?
2 Thuto ya Baebele: A o baakanyetsa dipokano tsotlhe tsa phuthego? Fa go le jalo, a o ipha nako ya go dira dipatlisiso le go tlhatlhanya fa o ithuta? Ka sekai, fa o baakanyetsa Thuto ya Tora ya Tebelo ya beke le beke le Thuto ya Buka ya Phuthego, a o thalela fela dikarabo kgotsa o leba ditemana tse di umakilweng mme o akanye ka mabaka a ditlhaloso tse o di fitlhetseng? A o ka itirela mokgele wa go dira patlisiso ka dintlha di le mmalwa beke le beke, mo mmalong wa Baebele wa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo? Go dira dipatlisiso tse di ntseng jalo ka dilo tsa semoya, go batla nako le maiteko, mme go re tlisetsa melemo e megolo ya semoya.—Dia. 2:4, 5.
3 Dipokano Tsa Phuthego: Mokgele o mongwe o re ka itlhomelang one ke go nna teng mo dipokanong tsotlhe tse tlhano tsa phuthego ka metlha. Go goroga ka nako gore re kopane le badumedi mmogo le rona le go kopanela mo pineng e e bulang le thapelo, go thusa go aga bomoya jwa phuthego. Gape re ka leka go akgela mo pokanong nngwe le nngwe le go leka go tokafatsa dikakgelo tsa rona. Gongwe o ka bontsha kafa temana e e mo serapeng e dumalanang ka gone le se go tlotliwang ka sone, kgotsa o bontshe kafa se go ithutiwang ka sone se dirang ka gone mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi.—Baheb. 10:24, 25.
4 Tirelo ya Tshimo: Bodiredi jwa rona bo tokafala thata fa re itlhomela mekgele. A o itlhometse mokgele wa gore o tla bereka diura di le kae mo tirelong kgwedi le kgwedi? Bangwe ba fitlhela go dira jalo go thusa. A gongwe o ka tokafatsa mo dikarolong dingwe tsa bodiredi jwa gago, jaaka go dirisa Baebele mo tirong ya ka ntlo le ntlo, go dira maeto a a oketsegileng a go boela a a nang le matswela, go leka go simolola thuto ya Baebele kgotsa go ruta ka tsela e e nang le matswela mo dithutong tsa gago?
5 Batsadi, a lo kgothaletsa bana ba lona go itlhomela mekgele mo tirelong ya ga Jehofa? Ba bontsheng gore go nna mmulatsela, morongwa kgotsa leloko la lelapa la Bethele, ke tsela e e molemolemo ya go bontsha gore ba anaanela Jehofa go le kana kang.—Mor. 12:1.
6 Fa re ntse re sekaseka dilo tse re di dirang, re ipeela mekgele ya semoya re bo re leka go e fitlhelela, re tla nna le boitumelo jo bogolo mo bodireding mme re tla kgothatsa ba bangwe.—Bar. 1:12.