LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/02 ts. 4
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 7/02 ts. 4

Se re Ka se Buang ka Dimakasine

Tora ya Tebelo July 15

“A o akanya gore baikepi ba tlhokofadiwa kwa diheleng? [Mo letle gore a arabe.] Baebele e bontsha ka phepafalo gore kotlhao ya boleo ke eng. [Bala Baroma 6:23a.] A jaanong dihele ke lefelo la go tlhokofadiwa ka molelo? A gongwe ke boemo jwa go aroganngwa le Modimo? Makasine ono o na le dikarabo tse di tswang mo Dikwalong tsa dipotso tseno.”

Tora ya Tebelo Aug. 1

“Batho ba le bantsi ba akanya gore dikgopolo tsa tumelabotlhodi le ditlwaelo tsa yone ke go itlosa bodutu fela. [Umaka ntlha e le nngwe kgotsa tse pedi mo lebokosong le le mo go tsebe 5.] A o kile wa akanya gore ke eng se se tlhotlheletsang dikgopolo tse di ntseng jalo? [Fa a sena go araba, bala 2 Bakorintha 11:14.] Makasine ono o tlhalosa kgopolo e e mo Baebeleng ka tumelabotlhodi.”

Tsogang! Aug. 8

“Batho ba le bantsi ba leba go betšha e le selo se se amogelesegang mo setšhabeng le sa go tsamaisa nako. Bangwe ba na le maikutlo a gore go senya malapa le setšhaba. Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka go betšha go ya ka patlisiso nngwe e e gatisitsweng bosheng. Gape o ka nna wa rata go bala ka fa melaometheo ya Baebele e amanang le kgang eno ka gone.” Ka sekai, bala 1 Timotheo 6:10.

“Batho ba le bantsi ba tshwentswe thata ke go oketsega ga bothubaki le borukhutlhi. Gongwe o dumalana le mafoko a a mo go Moreri 8:9. [E bale mme o mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka dithuto tsa mo nakong e e fetileng mme o bontsha ka fa go gatelelwa ga batho go tla felang ka gone mo bogautshwaneng.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela