LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/05 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 7/05 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo July 15

Mo hisitoring ya dingwaga di le diketekete ya batho, go nnile le ditumelo di le dintsi thata tse di farologaneng. A o akanya gore go ka kgonega go itse gore ke dife tse di boammaaruri le gore ke dife tse e seng tsa boammaaruri? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o a tlhalosa gore o ka bona kae dithuto tsa boammaaruri tse di itumedisang Modimo.” Bala 2 Timotheo 3:16.

Tora ya Tebelo Aug. 1

“Gompieno, batho ba le bantsi ba lwantshana le maikutlo a go ikutlwa ba se na mosola. O akanya gore ba ka thusiwa jang? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla kafa Baebele e ka thusang batho ba ba ntseng jalo ka gone gore ba bone boitumelo jwa mmatota.” Mmontshe ditemana tse di kwadilweng ka mokwalo o o sekameng tsa bontsho jo bo tseneletseng mo setlhogong se se reng “Baebele E ka Go Thusa go Bona Boitumelo.”

Tsogang! Aug. 8

“Go utlwisa botlhoko tota go bona batho ba boga ka ntlha ya masetlapelo a tlholego. [Umaka sekai sa masetlapelo mangwe a batho ba itseng ka one mo lefelong la gaeno.] A o akanya gore masetlapelo a ntse a oketsega? [Mo letle gore arabe.] Makasine ono o araba potso eno. Gape o gomotsa batho ba ba swetsweng ke baratiwa ba bone ka ntlha ya masetlapelo ao.” Bala Johane 5:28, 29.

“Batho ba le bantsi ba tshelela mo poifong. O akanya gore ke eng se se dirang gore ba boife jaana? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o re naya dikakantsho tse di mosola tsa kafa re ka itshireletsang ka gone mo dikotsing tse di diragalelang batho ba le bantsi. Gape, o tlotla ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya lefatshe le le se nang poifo.” Bala Isaia 11:9.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela