Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo July 15
“Loso lwa batho ba re ba ratang lo ka baka kutlobotlhoko e kgolo. A o akanya gore go na le karolo nngwe ya bone e e tswelelang e tshela? [Mo letle gore a arabe.] Jesu o ne a solofetsa jaana ka tsela e e kgothatsang. [Bala Johane 5:28, 29.] E re ka Jesu a rile nako ya tsogo ya baswi ‘e etla,’ makasine ono o tlhalosa go tswa mo Baebeleng gore baswi ba kae gone jaanong.”
Tsogang! July
“Batho ba le bantsi ba tshela botshelo jwa bone ka tsela e e molemo kafa ba ka kgonang ka teng e bile ba tsaya gore go botlhokwa go nna motho yo o molemo. A ke tsela e o lebang botshelo ka yone? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko kotsi ya seo fa se re se tsayang se le molemo se farologane le se Modimo a reng se molemo. [Bala Diane 14:12.] Setlhogo seno se bontsha gore go kaya eng go nna motho yo o molemo mo matlhong a Modimo.” Buelela setlhogo se se simololang mo tsebeng ya 20.
Tora ya Tebelo Aug. 1
“Ke rata go utlwa gore o akanya eng ka sengwe se Jesu a kileng a se bua. [Bala Mathaio 5:3.] A o akanya gore go rata dilo tsa semoya go botlhokwa gore motho a itumele? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa se Baebele e se bolelang ka dilo tsa mmatota tsa semoya le kafa re ka di bonang ka gone.”
Tsogang! Aug.
“O akanya gore batsadi ba ka bona kae kgakololo e tota e tla ba thusang? [Mo letle gore a arabe.] Ela tlhoko tsholofetso eno e e boletsweng mo Baebeleng. [Bala 2 Timotheo 3:16.] Makasine ono o bontsha kafa Baebele e ka nnang mosola ka gone mo go thuseng batsadi go godisa bana ba ba itumetseng.”