LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/04 ts. 4
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Se re Ka se Buang ka Dimakasine
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 7/04 ts. 4

Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone

Tora ya Tebelo July 15

“Fa go ne go ka begiwa tiragalo e e tshwanang le eno [e e bontshitsweng mo tsebeng e e kafa ntle] mo dikgannyeng gompieno, batho ba le bantsi ba ne ba se kitla ba dumela. O akanyang ka seo? [Mo letle gore a arabe. Mme o bale Mareko 4:39.] Go na le bosupi bofe jwa gore dikgakgamatso tse di neng tsa dirwa ke Jesu di boammaaruri? Makasine ono wa Tora ya Tebelo o sekaseka potso eo.”

Tora ya Tebelo Aug. 1

“E re ka batho ba kgaogane thata jaana, bangwe ba akanya gore e le gore go nne le kagiso mo lefatsheng lotlhe go tshwanetse ga nna le puso e le nngwe e e tla busang lefatshe lotlhe. A o akanya gore seo se ka kgonega? [Mo letle gore a arabe. Mme o bale Daniele 2:44.] Makasine ono o tlotla ka dilo tse Bogosi Jwa Modimo bo di fitlheletseng gone jaanong le kafa bo tla tlisang kagiso ya lefatshe lotlhe mo bogautshwaneng ka gone.”

Tsogang! Aug. 8

“Mo lefatsheng la gompieno, dikebekwa di ntse di loga maano a masha a go tsietsa batho ba ba sa lemogeng. A le wena o tshwenyegile ka seno? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono wa Tsogang! o tlotla ka ditsela di le mmalwa tse di ka re thusang go itshireletsa mo go tsiediweng.” Bala Diane 22:3.

“Rotlhe re utlwisiwa botlhoko ke go utlwa ka go sotlwa ga bana. Gongwe o kile wa ipotsa gore, ‘A ruri Modimo o a amega ka seno?’ [Mo letle gore a arabe. Mme o bale Pesalema 72:12-14.] Setlhogo seno se tlotla ka tsela e Modimo a ikutlwang ka yone ka bana le gore go ise go ye kae o tla tlisa tharabololo ya leruri mo go botlhe ba ba sotliwang.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela