Kafa re ka Rerang ka Gone mo Tshimong ya Kgwebo
1. Go rera mo tshimong ya kgwebo go na le melemo efe?
1 A o ne o ka rata go rera mo tshimong e batho ba ba leng mo go yone ba amogelang baeng e bile ba nna ba le teng? O ka kgona go dira jalo teng mo tshimong ya phuthego ya lona. Jang? Ka go etela dikgwebo tse di fitlhelwang foo. Gantsi baboledi ba ba neelang bosupi mo mabenkeleng ba nna le matswela a a molemo.
2. Tshimo ya kgwebo e ka rulaganngwa jang?
2 Diphuthego dingwe di abetswe mafelo a kgwebo e le karolo ya tshimo ya tsone. Mokaulengwe yo o ikarabelang ka tshimo eo a ka dira dimmapa tse di kgethegileng tsa mafelo ano a a tletseng ka dikgwebo. Dimmapa le fa e ka nna dife tsa tshimo ya mo motseng tse mo go tsone go nang le tshimo ya kgwebo di tshwanetse tsa bontsha sentle gore mafelo ao a kgwebo ga a tshwanela go berekiwa fa go berekiwa tshimo eo. Mo mafelong a mangwe tshimo ya kgwebo e ka berekiwa le tshimo ya mo motseng. Fa e le gore ga o ise o tsamaye o bereke tshimo ya kgwebo, o ka nna wa simolola ka go rera mo mabenkeleng a sekae a mannye.
3. Ke eng se se tla re thusang gore re nne le matswela fa re rera mo mabenkeleng?
3 Dirisa Mokgwa o o Bonolo wa go Simolola Motlotlo: Fa o rera mo mabenkeleng, go botlhokwa gore o apare ka tsela e o neng o tla apara ka yone fa o ya kwa pokanong kwa Holong ya Bogosi. Gape go molemo gore o tlhophe nako e babereki ba sa tshwaregang thata ka yone. Fa go kgonega, tsena fa o bona go se na bareki ba ba letileng go thusiwa. Kopa go bua le manejara kgotsa motho mongwe yo o ikarabelang. Nna mafoko makhutshwane, o bue se o tlileng ka sone o se ka wa nnela go dikologa. O ka reng?
4-6. Re ka reng fa re rerela mong wa lebenkele kgotsa manejara?
4 Fa o bua le mong wa lebenkele kgotsa manejara o ka nna wa re: “Batho ba dikgwebo ba nna ba tshwaregile jaana mo re sa nkeng re ba fitlhela kwa magaeng a bone, ka jalo re go etetse mo o berekang teng. Dimakasine tsa rona di bontsha tsela e batho lefatshe ka bophara ba lebang ditiragalo tsa bosheng ka gone.” Morago ga moo mmontshe ntlha nngwe mo makasineng.
5 Kgotsa o ka nna wa leka mokgwa ono o o bonolo wa go simolola motlotlo: “Batho ba le bantsi ba ka rata go itse mo go oketsegileng ka Baebele mme ga ba na nako. Pampitshana eno e tlhalosa ka thulaganyo ya thuto ya mahala e e leng teng e e ka go thusang go bona dikarabo tsa dipotso tse o nang le tsone ka Baebele.” Morago ga moo mmontshe tsebe 4-5 ya pampitshana e e reng A o Ka Rata go Itse mo go Oketsegileng ka Baebele?
6 Fa go bonala motho yo o ikarabelang ka kgwebo eo a tshwaregile, o ka nna wa mmontsha pampitshana fela o bo o re: “Ke tla boa gape fa o sa tshwarega thata. Ke tla rata go itse gore o akanya eng ka pampitshana eno.”
7. Re ka godisa jang kgatlhego e re e fitlhelang mo tshimong ya kgwebo?
7 Go Godisa Kgatlhego e e Bontshitsweng: O ka nna wa bo wa kgona go tshwara thuto ya Baebele mo tshimong ya kgwebo. Mmulatsela mongwe yo o kgethegileng o ne a isetsa rakgwebo mongwe dimakasine ka metlha. Fa monna yono a ne a bontsha kgatlhego mo go se a se balang, mmulatsela o ne a mmontsha tsela ya go tshwara thuto ya Baebele a dirisa boroutšhara jwa Re Direng. Ba ne ba simolola go tshwara thuto teng koo, mo lefelong le monna yono a berekang mo go lone. Mmulatsela o ne a akanyetsa maemo a gagwe mme a dira gore nako le nako thuto e nne metsotso e le 10 go ya go e le 15. A le rona ka tsela e e tshwanang re tswelele go batla ba ba tshwanelegang ka go rera mo tshimong ya kgwebo.