Neela Bosupi ka Bopelokgale mo Tshimong ya Kgwebo
1. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgobega marapo fa re ikutlwa re boifa go neela bosupi mo tshimong ya kgwebo?
1 A o boifa go neela bosupi mo tshimong ya kgwebo? Fa go le jalo, o se ka wa kgobega marapo ka gonne le e leng Paulo yo e neng e le modiredi yo o pelokgale e bile a se na poifo, o ne a tshwanelwa ke go ‘nna pelokgale’ gore a kgone go rera. (1 Thess. 2:2) Re tlile go tlotla ka dikgwetlho tse di tlwaelegileng le dikakantsho tsa kafa re ka di fenyang ka gone.
2. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tshwenyega ka gore re tla itaya babereki tsebe?
2 A go Itaya Babereki Tsebe Go ka Ba Galefisa? Tiro ya babereki mo dikgwebong di le dintsi ke go thusa batho mme ba nna ba lebeletse gore ba ka itewa tsebe. Gantsi ba ka nna maitseo fa ba bua le wena, e re ka ba tsaya gore o ka nna moreki. Go apara ka tsela e e nang le seriti le go nna botsalano, go tla dira gore ba go tlotle.
3. Re ka tila jang go tshwenya bareki?
3 A Nka Buisana le Ene fa Pele ga Bareki ba Bantsi? Fa go kgonega, tlhopha nako e ka yone batho ba sa tlalang thata mo mabenkeleng, jaaka nako e go bulwang ka yone. Leta nako e manejara kgotsa morekisi a leng nosi ka yone, pele ga o bua le ene. Khutshwafatsa puisano ya lona.
4. Re ka reng fa re bereka mo tshimong ya kgwebo?
4 Nka Reng? Bua le motho yo o ikarabelelang ka lefelo leo fa e le gore go na le babereki ba le mmalwa. O ka nna wa re: “Ga go motlhofo go fitlhela batho ba ba nang le dikgwebo kwa malapeng a bone, ka jalo re go etetse mo mmerekong wa gago. Ke a itse gore o a bereka, ka jalo ke tla bua ka bokhutshwane fela.” Ka jalo, gore go se ka ga akanngwa gore re a rekisa, gantsi go molemo gore re se ka ra umaka thulaganyo ya moneelo ntle le fa ba re botsa gore tiro ya rona e tshegediwa jang ka madi. Go ikaegile ka gore ke kgwebo ya mofuta mang, o ka kopa tetla kwa manejareng ya go bua le babereki ka bokhutshwane. Le bone ba bolelele puisano e o sa tswang go tlotla le manejara ka yone. Fa mmereki a bonala a tshwaregile, khutshwafatsa puisano ya gago mme o mo tlogelele pampitshana. Fa e le gore ga go kgonege gore o bue le babereki, gongwe o ka letlelelwa go tlogela kgatiso mo phaposing e babereki ba ikhutsang mo go yone kgotsa mo lefelong le lengwe le ba ka e bonang mo go lone.
5. Re na le mabaka afe a go rera ka bopelokgale mo tshimong ya kgwebo?
5 Jesu le Paulo ba ne ba rerela batho kwa mafelong a kgwebo ka bopelokgale, mme le wena o ka kgona. (Math. 4:18-21; 9:9; Dit. 17:17) Kopa Jehofa gore a go thuse gore o nne le pelo e e ritibetseng le go go naya bopelokgale. (Dit. 4:29) Mo tshimong ya kgwebo re fitlhela batho ba le bantsi, ka jalo, ke eng fa re sa leke mofuta ono wa go rera o o nang le diphelelo tse di molemo?