Nna le Boikutlo Jwa go Potlaka!
1 Jesu o ne a itse gore nako ya gagwe ya go fetsa tiro ya ga Rraagwe mo lefatsheng e khutshwafetse. (Joh. 9:4) Ka jalo, o ne a dira bodiredi jwa gagwe ka tsela e e bontshang gore dinako di potlakile, mme o ne a thapisa barutwa ba gagwe gore le bone ba dire jalo. (Luke 4:42-44; 8:1; 10:2-4) Dikhumo e ne e se dilo tse di botlhokwa mo go ene. (Math. 8:20) Ka jalo, o ne a kgona go wetsa tiro e Jehofa a neng a mo file yone.—Joh. 17:4.
2 Nako e Khutshwafetse: Nako ya go rera dikgang tse di molemo mo “lefatsheng lotlhe le le nang le banni” le yone e khutshwafetse. (Math. 24:14) Boporofeti jwa Baebele bo supa gore re tshela mo bokhutlong jwa metlha ya bofelo. Go ise go ye kae “ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo kaga Morena wa rona Jesu . . . ba tla tlelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego ya bosakhutleng.” (2 Bathes. 1:6-9) Katlholo eo e tla tla ka bofefo jo bo gakgamatsang. (Luke 21:34, 35; 1 Bathes. 5:2, 3) Batho ba tshwanetse go lemoga boemo jo bo kotsi jo ba leng mo go jone. Ke boikarabelo jwa rona go ba thusa gore ba batle go amogelwa ke Jehofa fa go sa ntse go na le nako.—Sefa. 2:2, 3.
3 Go Dira Sotlhe Se re Ka se Kgonang: Ka ntlha ya go bo batlhanka ba Modimo ba lemoga gore “nako e e setseng e khutshwafetse,” ba dira gore tiro ya go rera e tle pele mo matshelong a bone. (1 Bakor. 7:29-31; Math. 6:33) Bangwe ba ile ba tlogela ditshono tsa go huma kana dilo tse dingwe tse ba batlang go di dira gore ba oketse bodiredi jwa bone. (Mar. 10:29, 30) Ba bangwe ba tswelela go nna le “mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena,” le fa gone ba lebane le diteko. (1 Bakor. 15:58) Ba bangwe ba feditse masome a dingwaga ba ntse ba rera dikgang tse di molemo phatlalatsa ba sa tlogele. (Baheb. 10:23) Jehofa o anaanela thata ditlhabelo tse di ntseng jalo tse di direlwang dilo tsa Bogosi.—Baheb. 6:10.
4 Fa kobamelo ya ga Jehofa e le yone e tlang pele mo matshelong a rona, go akaretsa le tiro ya go rera, seno se re thusa go nna re gopotse letsatsi la ga Jehofa. Go re thusa gore re se ka ra itewa tsebe ke lefatshe la ga Satane mme go re nonotsha go tswelela re na le boitshwaro jo itshekileng. (2 Pet. 3:11-14) Ee ruri, go dira bodiredi jwa rona ka boikutlo jwa go potlaka go ka boloka matshelo a rona le a batho ba ba re reetsang.—1 Tim. 4:16.