LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/04 ts. 1
  • A o Ka Kgona go Thusa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ka Kgona go Thusa?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o “Batla” go Thusa ba Bangwe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Akanyetsa Batho ba ba Godileng ba ba Ikanyegang
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • A o Ka Laletsa Mongwe?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • Ke Eng Se se Ka re Thusang go Ema re Nitame mo Tumelong?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 11/04 ts. 1

A o Ka Kgona go Thusa?

1 Ka metlha Jehofa o batla ditshono tsa go thusa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (2 Ditir. 16:9; Isa. 41:10, 13) Isaia o ne a kwala jaana a mo tshwantsha le modisa yo o amegang: “O tla phutha dikwanyana mmogo ka lebogo la gagwe; mme o tla di tshola mo sehubeng sa gagwe. Tse di amusang o tla di etelela pele ka tlhoko.” (Isa. 40:11) Akanya ka ditsela dingwe tse re ka etsang tsela e Jehofa a amegang ka ba bangwe ka lorato ka tsone.

2 Thusa Ba ba Sa Tswang go Kopanela: Re ka thusa ba ba sa tswang go kopanela ka go ba laletsa go tla go itumelela le rona botsalano jo bo agang. (Dia. 13:20) Fa mokaulengwe mongwe a gakologelwa tsela e ba bangwe ba neng ba rata go mo thusa ka yone fa a ne a simolola go kopanela le phuthego, o ne a re: “Ka makgetlho mangwe, malapa mangwe a ne a ntaletsa go nna gone mo thutong ya bone ya lelapa. Fa ke ntse ke gatela pele, banyalani bangwe ba basha ba babulatsela ba ne ba ntaletsa ka metlha gore ke dire le bone mo bodireding letsatsi lotlhe. Re ne re nna le metlotlo e e molemo ya semoya ka metlha.” O ne a oketsa ka go re: “Pele ke nna Mokeresete, ke ne ke tlhola ke ikitsha ka Bolabotlhano le Bomatlhatso maitseboa. Mme nako e ke neng ka e fetsa le bakaulengwe e ne ya dira gore ke se ka ka tlhoka ditsala.” Tsela e phuthego e neng e kgatlhegela mokaulengwe yono ka lorato ka yone e ne ya mo thusa gore a nitame le go tlhomama mo tumelong, mme gone jaanong ke mongwe wa ba ba direlang kwa lelapeng la Bethele.—Bakol. 2:6, 7.

3 Lo Agane: Re ka bona ditshono tsa go thusa bakaulengwe ba rona fa ba le mo mathateng. A o ka rulaganya go neela bosupi jwa thelefouno le mmoledi mongwe yo o bokoa mo mmeleng kana go mo laletsa go tsamaya le wena kwa thutong ya gago ya Baebele, gongwe o laletsa moithuti kwa ntlong ya mokaulengwe yono? A gongwe motsadi yo o nang le ngwana yo monnye o tlhoka go thusiwa ka ngwana mo bodireding? A go na le bangwe ba ba ditlhong ba ba ka ratang gore o ba thuse fa ba dira maeto a go boela kana fa ba nna le seabe mo karolong e nngwe ya bodiredi? Fa re kgatlhegela bakaulengwe ba rona ka lorato go tla re tlhotlheletsa go batla ditshono tsa go ba aga.—Bar. 14:19.

4 Fa re ntse re etsa tsela e Jehofa a amegang ka lorato ka batlhanka ba gagwe ka yone, re a nonotshana, re thusa gore phuthego e utlwane ka lorato le go galaletsa Rraarona yo o kwa legodimong.—Baef. 4:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela