Ke Eng Se se Ka re Thusang go Ema re Nitame mo Tumelong?
1 Fa e sa le re simolola go kopanela le phuthego ya ga Jehofa, re ntse re itumedisiwa ke tsela e re gatelang pele ka yone mo semoyeng! Le fa go ntse jalo, go a tlhokega gore re tswelele pele re gola mo semoyeng gore re nne re ‘namile medi, re agiwa, le go tsepamisiwa mo tumelong.’ (Bakol. 2:6, 7) Le mororo batho ba le bantsi ba gatetse pele mo semoyeng, ba bangwe ba katogetse go sele ka gonne ba ne ba palelwa ke go ‘ema ba nitame mo tumelong.’ (1 Bakor. 16:13) Re ka thibela seno gore se se ka sa re diragalela. Jang?
2 Tiro ya Semoya e e Tlhomameng: Dira gore o nne le thulaganyo e e molemo ya semoya mo phuthegong ya ga Jehofa. Re neelwa dilo di le dintsi tse re di tlhokang mo semoyeng mo go yone. Dipokano tsa phuthego, dikopano tse dinnye le dikopano tse dikgolo di re rotloetsa gore re gole mo semoyeng le gore re tsepame, fa e le gore re nna gone ka metlha gore di re solegele molemo. (Baheb. 10:24, 25) Thulaganyo ya ka metlha ya go bala Baebele, dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!, le dibuka tse di tlotlang ka dijo tse di tiileng tsa Lefoko la Modimo di tla dira gore medi ya rona ya semoya e namele kwa teng le gore e nonofe. (Baheb. 5:14) Go ipeela mekgele ya semoya le go e gagamalela ka tlhoafalo le gone go tla lere melemo e e nnelang ruri.—Bafil. 3:16.
3 Thuso ya Batho ba ba Godileng: Senka tsela ya go pitlologa le batho ba ba godileng mo semoyeng mo phuthegong. Itlwaetse bagolwane, e re ka e le bone ba segolobogolo ba ka re nonotshang. (1 Bathes. 2:11, 12) Amogela kgakololo epe kana dikakantsho dipe tse ba ka go neelang tsone. (Baef. 4:11-16) Batlhanka ba bodiredi le bone ba kgatlhegela go thusa ba bangwe gore ba nitamisiwe mo tumelong, ka jalo tshepa gore bakaulengwe bano ba tla go kgothatsa.
4 A o tlhoka go thusiwa mo bodireding? Bua le bagolwane, mme o kope thuso. Gongwe ba ka nna ba go tsenya mo thulaganyong ya Babulatsela ba Thusa ba Bangwe. A o sa tswa go kolobediwa? Go ithuta buka ya Re Rulaganyeditswe le go dirisa se e se tshotseng go tla go thusa go tswelela pele o gola mo semoyeng. A o motsadi? Tswelela pele o nonotsha bomoya jwa bana ba gago.—Baef. 6:4.
5 Fa re nna re namile medi le go tsepamisiwa mo tumelong, re tla nna le botsala jo bogolo le Jehofa le go rata bakaulengwe ba rona ka lorato lo logolo. Seno se re thusa go fenya ditlhaselo tsa ga Satane, e bile se nonotsha tsholofelo ya rona ya isagwe e e nnetseng ruri.—1 Pet. 5:9, 10.