LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 3/00 ts. 1
  • Re Rera Dikgang Tse di Molemo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Re Rera Dikgang Tse di Molemo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • ‘Go Tlisa Dikgang Tse di Molemo Tsa Sengwe se se Botoka’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Etsa Jehofa, ‘Modimo wa Rona yo o Itumetseng’
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • “Dikgang Tse di Molemo”!
    Opelelang Jehofa ka Boitumelo
  • Dikgang Tse di Molemo Tse Botlhe ba di Tlhokang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2000
km 3/00 ts. 1

Re Rera Dikgang Tse di Molemo

1 A bo re na le tshiamelo e e molemolemo jang ne ya go nna bareri ba “dikgang tse di molemo tsa dilo tse di molemo!” (Bar. 10:15) Re na le molaetsa o o lapolosang o re tshwanetseng go o abela batho ba ba leng mo dikhuduegong le mo tlalelong. Re ka ba thusa jang gore ba lemoge gore re tsamaisa “dikgang tse di molemo tsa sengwe se se botoka”?—Isa. 52:7, NW.

2 Baakanyetsa Molaetsa o o Itumedisang: Motlotlo wa rona mo bodireding o solegela batho molemo fa re tlhoma mogopolo mo dilong tse di agang. Ka gone, fa re baakanyetsa puisano ya rona le go sekaseka kgatiso e re tlileng go e tsamaisa, re tshwanetse go gatelela dilo tse di itumedisang tsa molaetsa ono. Fa re ruta batho tsholofelo ya rona e e theilweng mo Baebeleng ka bopelokgale le ka tlhagafalo, re ka nna le matswela a a kgothatsang.—Dia. 25:11.

3 Le mororo re utlwela batho botlhoko fa ba bolela ka fa ba amilweng ka gone ke maemo a lefatshe a a ntseng a nnela maswe go ya pele, re tshwanetse go ba tlhalosetsa gore se se tla rarabololang mathata a batho ke Bogosi jwa Modimo. Tota le fa re bolela ka go tla ga “letsatsi la pusoloso” la ga Jehofa, re batla go bontsha ka fa seno se bolelang ‘mafoko a a molemo mo go ba ba pelonolo’ ka gone. (Isa. 61:1, 2) Re ka tlhomamisetsa bareetsi ba rona gore sengwe le sengwe se Jehofa a se dirang, kgabagare se tla itumedisa thata le go lere melemo e e gaisang yotlhe.

4 Bolela Boammaaruri ka Boipelo jo Bogolo: Fa batho ba bona difatlhego tsa rona tse di itumetseng mme re utlwala re tlhomamisegile ka se re se buang, ba ka nna ba reetsa. Fa re bontsha gore re na le tsholofelo, bareetsi ba rona ba tla lemoga gore re ‘ipela mo tsholofelong.’ (Bar. 12:12) Ka gone, ba ka nna ba batla go amogela dikgang tse di molemo. Ee ruri, re na le lebaka le le utlwalang la gore ka metlha re bontshe boikutlo jo bo siameng, le boipelo mo karolong nngwe le nngwe ya bodiredi jwa rona.

5 Go nna ga rona badiredi ba dikgang tse di molemo ga go felele fela ka go bolelela batho. Tiro ya rona ya go rera e neela batho tsholofelo e e tlhomameng ya botshelo jo bo botoka gone jaanong le mo isagweng. (1 Tim. 4:8) Fa re ntse re buisana le mongwe le mongwe, boikutlo jwa rona jo bo siameng bo tla bonala mo go se re se buang mme bo tla thusa batho go amogela dikgang tse di molemo. A re tlhotlheletseng batho ba ba dipelo tse di ikanyegang go amogela dikgang tse di molemo tse di itumedisang tse re di rerang ka go ela tlhoko se re se buang le tsela e re se buang ka yone!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela