LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w98 6/1 ts. 9-14
  • ‘Tswelelang lo Tsamaya lo le Seoposengwe le Keresete’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘Tswelelang lo Tsamaya lo le Seoposengwe le Keresete’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A o ‘Namile Medi mo go Keresete’?
  • A o “Agiwa mo go Keresete”?
  • A o “Tsepamisiwa mo Tumelong”?
  • “Go Penologa ka Tumelo mo go Ntshiweng ga Ditebogo”
  • Buka ya Bibela ya bo 51—Bakolosa
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bagalatia, Baefeso, Bafilipi le Bakolosa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Go Sepela le Modimo—Dikgato Tsa Ntlha
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
  • A o ‘Namile Medi e Bile o Tlhomilwe mo Motheong’?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
w98 6/1 ts. 9-14

‘Tswelelang lo Tsamaya lo le Seoposengwe le Keresete’

“Jalo, e re ka lo amogetse Keresete Jesu Morena, tswelelang lo tsamaya lo le seoposengwe le ene.”—BAKOLOSA 2:6.

1, 2. (a) Baebele e tlhalosa jang botshelo jwa ga Enoke jwa go direla Jehofa ka boikanyegi? (b) Jehofa o re thusitse jang go tsamaya le ene, jaaka Bakolosa 2:6, 7 e bontsha?

A O KILE wa leba mosimane yo mmotlana a tsamaya le rraagwe? Mosimanyana yono o etsa sengwe le sengwe se rraagwe a se dirang, sefatlhego sa gagwe se phatsima ka ntlha ya lorato; rraagwe o a mo thusa, sefatlhego sa gagwe le sone se galalela ka ntlha ya lorato le kgotsofalo. Ka mo go tshwanelang, Jehofa o dirisa setshwantsho se se tshwanang go tlhalosa tsela ya go tshela ka go mo direla ka boikanyego. Ka sekai, Lefoko la Modimo le bolela gore monna yo o ikanyegang Enoke “a sepela le Modimo [wa boammaaruri, NW].”—Genesise 5:24; 6:9.

2 Fela jaaka rre yo o akanyetsang a tla thusa morwawe yo mmotlana go tsamaya le ene, Jehofa o re neile thuso e e molemolemo e re ka kgonang go e bona. O ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi mo lefatsheng. Mo kgatong nngwe le nngwe ya botshelo jwa gagwe fa a ne a le mo lefatsheng, Jesu Keresete o ne a tshwana le Rraagwe yo o kwa legodimong ka tsela e e itekanetseng. (Johane 14:9, 10; Bahebera 1:3) Ka jalo gore re tle re tsamaye le Modimo, re tlhoka go tsamaya le Jesu. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Jalo, e re ka lo amogetse Keresete Jesu Morena, tswelelang lo tsamaya lo le seoposengwe le ene, lo namile medi e bile lo agiwa mo go ene gape lo tsepamisiwa mo tumelong, fela jaaka lo ne lwa rutwa, lo penologa ka tumelo mo go ntshiweng ga ditebogo.”—Bakolosa 2:6, 7.

3. Go ya ka Bakolosa 2:6, 7, ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore go akarediwa mo gontsi mo go tsamayeng seoposengwe le Keresete go na le go kolobediwa fela?

3 E re ka baithuti ba Baebele ba ba dipelo di ikanyegang ba batla go tsamaya seoposengwe le Keresete, ba leka go latela dikgato tsa gagwe tse di itekanetseng, ba a kolobediwa. (Luke 3:21; Bahebera 10:7-9) Mo lefatsheng lotlhe, ka 1997 fela, batho ba ba fetang 375 000 ba ne ba tsaya kgato e e botlhokwa eno—e le palogare ya ba ba fetang 1000 letsatsi lengwe le lengwe. Koketsego eno e a itumedisa ruri! Le fa go ntse jalo, mafoko a ga Paulo a a kwadilweng mo go Bakolosa 2:6, 7 a bontsha gore go tsamaya seoposengwe le Keresete go akaretsa go le gontsi go feta go kolobediwa fela. Lediri la Segerika le le ranotsweng e le “tswelelang lo tsamaya” le tlhalosa kgato e e tshwanetseng go tswelela pele. Mo godimo ga moo, Paulo o oketsa ka gore go tsamaya le Keresete go akaretsa dilo di le nnè: go nama medi mo go Keresete, go agiwa mo go ene, go tsepamisiwa mo tumelong le go penologa ka ditebogo. A re sekasekeng polelwana nngwe le nngwe mme re bone kafa e ka re thusang ka teng go tswelela re tsamaya le Keresete.

A o ‘Namile Medi mo go Keresete’?

4. Go ‘nama medi mo go Keresete’ go raya eng?

4 Sa ntlha, Paulo o kwala gore, re tshwanetse go ‘nama medi mo go Keresete.’ (Bapisa Mathaio 13:20, 21.) Motho a ka dira jang gore a name medi mo go Keresete? Ebu, medi ya semela e fitlhegile, mme e botlhokwa mo semeleng—e a se nonotsha le go se otla. Ka mo go tshwanang, sekao sa ga Keresete le thuto ya gagwe di re ama pelo ka tsela e e sa bonaleng, di bo di nwelela mo megopolong le mo dipelong tsa rona. Moo di a re otla le go re nonotsha. Fa re di letla gore di laole go akanya ga rona, dikgato tsa rona le ditshwetso tsa rona, re tlhotlheletsega go neela matshelo a rona mo go Jehofa.—1 Petere 2:21.

5. Re ka “tlhologelelwa” dijo tsa semoya jang?

5 Jesu o ne a rata kitso e e tswang kwa Modimong. O bile a e tshwantsha le dijo. (Mathaio 4:4) Ebu, mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, o ne a dira dinopolo di le 21 go tswa mo dibukeng di le robedi tse di farologaneng tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Go latela sekao sa gagwe, re tshwanetse go dira jaaka moaposetoloi Petere a kgothatsa—“bopang tlhologelelo” ya dijo tsa semoya “jaaka masea a a sa tswang go tsalwa.” (1 Petere 2:2) Fa lesea le le sa tswang go tsholwa le tlhologeletswe dijo, le dira gore tlhologelelo ya lone e bonale sentle. Fa e le gore gone jaanong ga re ikutlwe jalo ka dijo tsa semoya, mafoko a ga Petere a re kgothaletsa go ‘bopa’ tlhologelelo eo. Jang? Molaomotheo o o mo go Pesalema 34:8 o ka re thusa: “A ko lo lekeng lo bone fa Jehofa a le molemo.” Fa re ‘leka’ Lefoko la ga Jehofa, e leng Baebele ka metlha, gongwe re bala karolo ya yone letsatsi le letsatsi, re tla bona gore e re otla mo semoyeng e bile e molemo. Fa nako e ntse e ya, go e tlhologelelwa ga rona go tla oketsega.

6. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tlhatlhanya ka se re se balang?

6 Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go sila dijo sentle fa re setse re di jele. Ka jalo re tlhoka go tlhatlhanya ka se re se badileng. (Pesalema 77:11, 12) Ka sekai, fa re ntse re bala buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe ba ba Kileng ba Tshela, kgaolo nngwe le nngwe e ka nna mosola fa re ema re bo re ipotsa jaana: ‘Ke karolo efe ya botho jwa ga Keresete e ke e bonang mo pegong eno mme nka e dirisa jang mo botshelong jwa me?’ Go tlhatlhanya ka tsela eo go ka re thusa go dirisa se re se ithutang. Go tswa foo, fa re tshwanetse go dira tshwetso, re ka nna ra ipotsa gore Jesu o ne a ka bo a dirile eng. Fa re dira tshwetso ya rona go ya ka seo, re supa gore tota re namile medi mo go Keresete.

7. Re tshwanetse go leba jang dijo tse di tiileng tsa semoya?

7 Paulo o re kgothaletsa gape go ja “dijo tse di tiileng,” boammaaruri jo bo kwa teng jwa Lefoko la Modimo. (Bahebera 5:14) Go bala Baebele yotlhe e ka nna ya nna mokgele wa rona wa ntlha mo ntlheng eno. Mme go na le ditlhogo tse di tlhamaletseng tsa go ithuta, tse di jaaka setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete, dikgolagano tse di farologaneng tse Jehofa a di dirileng le batho ba gagwe, kana melaetsa mengwe ya boporofeti mo Baebeleng. Go na le tshedimosetso e ntsi e e ka re thusang go ja le go sila dijo tse di ntseng jalo tse di tiileng tsa semoya. Mokgele wa go nna le kitso e e ntseng jalo ke eng? Ga se go re naya lebaka la go belafala, mme go aga lorato lwa rona mo go Jehofa le go dira gore re atamele gautshwane le ene. (1 Bakorintha 8:1; Jakobe 4:8) Fa re batla kitso eno ka tlhoafalo, re e dirisa ka namana e bile re e dirisa go thusa ba bangwe, re tla bo re etsa Keresete tota. Seno se tla re thusa gore re name medi sentle mo go ene.

A o “Agiwa mo go Keresete”?

8. Go ‘agiwa mo go Keresete’ go raya eng?

8 Mo karolong e nngwe ya go tsamaya seoposengwe le Keresete, Paulo o tloga ka bonako mo setshwantshong se sengwe sa selo se se bonalang go ya go se sengwe—o tloga mo semeleng o ya kwa kagong. Fa re akanya ka kago e e agiwang, ga re akanye fela ka motheo wa yone mme gape re akanya ka kago e e tlhatlogang gore e bonale sentle, e akareditse tiro e kgolo thata. Ka mo go tshwanang, re tshwanetse go dira ka natla thata go aga dinonofo le mekgwa e e tshwanang le ya ga Keresete. Tiro e e bonatla jalo e a bonala, fela jaaka Paulo a ile a kwalela Timotheo jaana: ‘A botswelelopele jwa gago bo bonatshege mo bathong botlhe.’ (1 Timotheo 4:15; Mathaio 5:16) Ditiro dingwe tsa Bokeresete tse di re agang ke dife?

9. (a) Gore re tle re etse Keresete mo bodireding jwa rona, re ka itlhomela mekgele efe e e molemo? (b) Re itse jang gore Jehofa o batla gore re itumelele bodiredi jwa rona?

9 Jesu o ne a re naya tiro ya go rera le ya go ruta ka dikgang tse di molemo. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) O tlhomile sekao se se molemolemo, a neela bosupi ka bopelokgale le ka tsela e e nang le matswela. Gone ke boammaaruri, le ka motlha re ka se ka ra kgona go dira sentle thata jaaka ene. Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Petere o re tlhomela mokgele ono: “Itshepiseng Keresete e le Morena mo dipelong tsa lona, ka metlha lo iketleeleditse go iphemela fa pele ga mongwe le mongwe yo o lo batlang ka kgang lebaka la tsholofelo e e mo go lona, mme lo dira jalo le ka maikutlo a a bori le tlotlo e e boteng.” (1 Petere 3:15) Fa e le gore ga o ikutlwe ka ‘metlha o iketleeleditse go iphemela,’ o se ka wa kgobega marapo. Ipeele mekgele e o ka e kgonang e e tla go thusang go fitlhelela tekanyetso eno ka bonya. Go baakanyetsa go sa le gale go ka nna ga go thusa gore o nne le dipuisano tse di farologaneng kana gore o akaretse lekwalo le le lengwe kana a mabedi. O ka nna wa itlhomela mekgele ya go tsamaisa dikgatiso tse di oketsegileng tsa Baebele, go dira maeto a go boela a a oketsegileng, kana go simolola thuto ya Baebele. Ga go a tshwanela go gatelelwa thata bontsi—jaaka palo ya diura, ya dilo tse di tsamaisitsweng kana dithuto—mme e tshwanetse go nna boleng jwa tsone. Go tlhoma mekgele e e ka fitlhelelwang le go leka go e fitlhelela go ka re thusa go intshetsa ba bangwe mo bodireding. Ke se Jehofa a se batlang—gore re mo direle “ka boipelo.”—Pesalema 100:2; bapisa 2 Bakorintha 9:7.

10. Ke ditiro dife tse dingwe tsa Bokeresete tse re tshwanetseng go di dira, mme di re thusa jang?

10 Gape go na le ditiro tse re di dirang mo phuthegong tse di re agang mo go Keresete. E e botlhokwa thata mo go tsone tsotlhe ke go ratana ga rona, ka gonne ke lotshwao lwa Bakeresete ba boammaaruri. (Johane 13:34, 35) Fa re sa ntse re ithuta, bontsi jwa rona re rata barutisi ba rona, jaaka go ntse ka tlholego. Le fa go ntse jalo, a jaanong re ka latela kgakololo ya ga Paulo ya go ‘pitlologa’ ka go dira gore re itse ba bangwe mo phuthegong? (2 Bakorintha 6:13) Bagolwane le bone ba tlhoka lorato le kanaanelo ya rona. Ka go dirisana mmogo le bone, re batla le go amogela kgakololo ya bone ya Dikwalo, re tla dira gore tiro ya bone e e boima e nne motlhofo thata. (Bahebera 13:17) Mo godimo ga moo, seno se tla thusa gore re agiwe mo go Keresete.

11. Re tshwanetse go nna le pono efe e e tshwanetseng ka kolobetso?

11 Kolobetso ke paka e e itumedisang! Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go solofela gore sengwe le sengwe mo botshelong go tloga foo se tla nna monate fela jalo. Karolo e kgolo ya go agiwa ga rona mo go Keresete e akaretsa go ‘tsamaya ka thulaganyo ka one mokgwa o o tshwanang.’ (Bafilipi 3:16) Seo ga se reye gore re nne le mokgwa wa botshelo o o sa itumediseng o o lapisang. Go raya fela go tswelela o tlhamaletse—ka mafoko a mangwe, o tlhagolela mekgwa e e siameng ya semoya le go e boloka letsatsi le letsatsi, ngwaga le ngwaga. Gakologelwa “yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.”—Mathaio 24:13.

A o “Tsepamisiwa mo Tumelong”?

12. Go “tsepamisiwa mo tumelong” go raya eng?

12 Mo polelwaneng ya gagwe ya boraro e e tlhalosang tsela ya rona ya go tsamaya seoposengwe le Keresete, Paulo o re kgothaletsa go nna re “tsepamisitswe mo tumelong.” Thanolo nngwe e balega ka gore, “go tlhomama malebana le tumelo,” ka gonne lefoko la Segerika le Paulo a le dirisitseng le ka raya “go tlhomamisega, go nna le tsholofelo, le go dira gore go se ka ga fetoga go ya kafa molaong.” Fa kitso ya rona e ntse e gola, re nna le mabaka a a oketsegileng a go bona gore tumelo ya rona mo go Jehofa Modimo e tlhomame, e bile tota, e tlhomamisitswe go ya kafa molaong. Matswela e nna gore re nna re tsepama le go feta. Go nna boima le go feta gore lefatshe la ga Satane le re laole. Seno se re gakolola ka kgakololo ya ga Paulo ya gore re “gagamaleleng kwa go goleng sentle.” (Bahebera 6:1) Go gola le go tsepama go a tsamaisana.

13, 14. (a) Bakeresete ba kwa Kolosa ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba lebana le matshosetsi afe malebana le go tsepama ga bone? (b) Moaposetoloi Paulo o ka tswa a ne a amegile ka eng?

13 Go tsepama ga Bakeresete ba kwa Kolosa ba lekgolo la ntlha la dingwaga go ne ga tshosediwa. Paulo o ne a tlhagisa jaana: “Disang: gongwe go ka tswa go na le mongwe yo o tla lo tsayang jaaka thopo ya gagwe ka botlhajana le tsietso e e lolea go ya ka ngwao ya batho, go ya ka dilo tsa tshimologo tsa lefatshe mme e seng go ya ka Keresete.” (Bakolosa 2:8) Paulo o ne a sa batle gore Bakolosa, ba ba ileng ba nna babusiwa mo “bogosing jwa Morwa wa lorato lwa [Modimo],” ba tsiediwe, ba bo ba tlosiwa mo boemong jwa bone jo bo segofetseng jwa semoya. (Bakolosa 1:13) Ba tsiediwa ka tsela efe? Paulo o ne a bua ka “botlhajana,” lekgetlho le le lengwe fela le lefoko leno le tlhagang mo Baebeleng ka lone. A o ne a bua ka batlhalefi ba Bagerika, ba ba jaaka Plato le Socrates? Le mororo bano ba ne ba tshosetsa Bakeresete ba boammaaruri, mo motlheng oo, lefoko “botlhajana” le ne le dirisiwa ka ditsela tse dintsi. Gantsi le ne le raya ditlhopha tse dintsi le batho ba thutego—tota le ba bodumedi. Ka sekai, Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba jaaka Josephus le Philo ba ne ba bitsa bodumedi jwa bone ba re ke botlhajana—gongwe e le go dira gore bo gogele thata.

14 Botlhajana bongwe jo Paulo a ka tswang a ne a amegile ka jone e ne e le jwa bodumedi. Moragonyana mo go yone kgaolo eo ya lekwalo la gagwe le a le kwaletseng Bakolosa, o ne a laela ba ba neng ba ruta ka gore, “Lo se ka lwa tshwara, lwa latswa tota le go ama,” a bua ka dikarolo dingwe tsa Molao wa ga Moshe tse di neng di fedisitswe ka loso lwa ga Keresete. (Baroma 10:4) Mo godimo ga botlhajana jwa boheitane, go ne go na le ditlhotlheletso tse dingwe tse di neng di tshosetsa bomoya jwa phuthego. (Bakolosa 2:20-22) Paulo o ne a tlhagisa kgatlhanong le botlhajana jo e neng e le karolo ya “dilo tsa tshimologo tsa lefatshe.” Thuto e e ntseng jalo ya maaka e ne e le ya batho.

15. Re ka tila jang go laolwa ke dikakanyo tse e seng tsa dikwalo tse gantsi re kopanang natso?

15 Go rotloediwa ga megopolo ya batho le megopolo e e sa theiwang ka tlhomamo mo Lefokong la Modimo go ka tshosetsa go tsepama ga Bokeresete. Rona gompieno re tshwanetse go tlhokomela matshosetsi a a ntseng jalo. Moaposetoloi Johane o ne a kgothaletsa jaana: “Baratwa, lo se ka lwa dumela dipolelwana dingwe le dingwe tse di tlhotlheleditsweng, mme tlhatlhobang dipolelwana tse di tlhotlheleditsweng go bona gore a di thaega mo Modimong.” (1 Johane 4:1) Ka jalo fa molekane wa sekolo a leka go go tlhotlheletsa gore go tshela ka melao ya Baebele go fetilwe ke nako, kana fa moagelani a rata go go tlhotlheletsa gore o nne le mokgwa wa go rata dikhumo, kana fa modirimmogo a go gatelela ka tsela e e sa bonaleng gore o senye segakolodi sa gago se se thapisitsweng ka Baebele, kana tota le e leng fa modumedikawena a bua ka tsela e e tshwayang phoso e e sa siamang ka ba bangwe mo phuthegong e le go ya ka dikakanyo tsa gagwe fela, o se ka wa amogela fela se ba se bolelang. Itlhokomolose dilo tse di sa dumalaneng le Lefoko la Modimo. Fa re dira jalo, re tla nna re tsepame fa re ntse re tsamaya seoposengwe le Keresete.

“Go Penologa ka Tumelo mo go Ntshiweng ga Ditebogo”

16. Karolo ya bonè ya go tsamaya seoposengwe le Keresete ke eng, mme re ka ipotsa potso efe?

16 Karolo ya bonè ya go tsamaya seoposengwe le Keresete e Paulo a e umakang ke ya gore re “penolog[e] ka tumelo mo go ntshiweng ga ditebogo.” (Bakolosa 2:7) Lefoko “penologa” le re gopotsa noka e e penologelang mo dintshing tsa yone. Seno se akantsha gore mo go rona jaaka Bakeresete, go ntsha ditebogo go tshwanetse ga tswelela pele kana e nne mokgwa. Mongwe le mongwe wa rona o tla bo a dira sentle fa a ipotsa gore, ‘A ke motho yo o lebogang?’

17. (a) Ke ka ntlha yang fa go ka twe rotlhe re na le dilo tse dintsi tse re ka di lebogang, tota le ka dinako tse di boima? (b) Ke dimpho dife tse di tswang go Jehofa tse re di lebogelang thata?

17 Eleruri, rotlhe re na le mabaka a mantsi a go penologa ka ditebogo mo go Jehofa letsatsi le letsatsi. Tota le mo dinakong tse di maswe thata, go ka nna ga nna le dilo tse dinnye tse di dirang gore re wele makgwafo. Tsala e e supang kutlwelobotlhoko. Moratiwa a go ama ka tsela e e supang lorato. Go ikhutsa mo go lekaneng bosigo go a lapolosa. Dijo tse di monate di tlosa tlala. Molodi wa nonyane, setshego sa ngwana, loapi lo lo pududu lo lo tsabakelang, phefonyana e e tsiditsana—re ka bona dilo tseno tsotlhe le tse dingwe tse dintsi ka letsatsi le le lengwe. Go motlhofo thata go itlhokomolosa dimpho tse di ntseng jalo. A ga di a tshwanelwa tsotlhe ke gore re re ke a leboga? Tsotlhe di tswa kwa go Jehofa, Motswedi wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng.” (Jakobe 1:17) Mme o re file dimpho tse di fetang tseno kgakala—ka sekai, botshelo ka bojone. (Pesalema 36:9) Mo godimo ga moo, o re file tshono ya go tshelela ruri. Gore a tle a re neele mpho eno, Jehofa o ne a ntsha setlhabelo se segolo thata ka go romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi, ‘yo e neng e le natefelo ya gagwe.’—Diane 8:30; Johane 3:16.

18. Re ka supa jang gore re leboga Jehofa?

18 A bo mafoko ano a ga mopesalema a le boammaaruri jang ne: “Ke selo se se molemo go ntshetsa Jehofa malebogo.” (Pesalema 92:1) Ka mo go tshwanang, Paulo o ne a gakolola Bakeresete kwa Thesalonika jaana: “Malebang le sengwe le sengwe lebogang.” (1 Bathesalonika 5:18; Baefeso 5:20; Bakolosa 3:15) Mongwe le mongwe wa rona a ka nna a ikemisetsa go nna motho yo o lebogang thata. Dithapelo tsa rona ga di tlhoke go nna tse mo go tsone re kopang Modimo fela dilo tse re di tlhokang. Dithapelo tse di ntseng jalo di siame fa go tshwanelang teng. Mme akanya fela o na le tsala e e buang fela le wena fa e tlhoka sengwe mo go wena! Ka jalo ke ka ntlha yang fa o sa rapele Jehofa o mo leboga le go mmaka fela? A bo dithapelo tse di ntseng jalo di tshwanetse tsa bo di mo kgatlha jang ne fa a leba lefatshe leno le le sa lebogeng! Molemo o mongwe wa dithapelo tse di ntseng jalo ke gore di ka re thusa gore re tlhome mogopolo mo dilong tse di siameng tsa botshelo, di re gakolola kafa re segofetseng ka teng tota.

19. Puo e Paulo a e dirisitseng mo go Bakolosa 2:6, 7 e akantsha jang gore rotlhe re ka tswelela re tokafatsa tsela ya go tsamaya le Keresete?

19 A ga go itumedise go bona gore go ka bonwa kaelo e e kanakang mo temaneng e le nngwe fela ya Lefoko la Modimo? Kgakololo ya ga Paulo ya gore re tswelele re tsamaya le Keresete ke sengwe se mongwe le mongwe wa rona a tshwanetseng go batla go se tsaya tsia. A re ititeye sehuba he gore re ‘name medi mo go Keresete,’ re “agiwe mo go ene,” re “tsepamisiwe mo tumelong,” le go ‘penologa mo go ntshiweng ga ditebogo.’ Kgakololo e e ntseng jalo e botlhokwa segolobogolo mo go ba ba sa tswang go kolobediwa. Mme e dira mo go rona rotlhe. Akanya kafa moditona o nnang o ntse o golela kwa tlase le kafa kago e e agiwang e nnang e golela kwa godimo. Fela jalo go tsamaya ga rona le Keresete le ka motlha ga go ke go fela. Re na le ditsela tse dintsi tse re ka golang ka tsone. Jehofa o tla re thusa le go re segofatsa, ka gonne o batla gore re tswelele re tsamaya le ene le Morwawe yo o rategang re sa kgaotse.

O ne O ka Araba Jang?

◻ Ke eng se se akarediwang mo go tsamayeng seoposengwe le Keresete?

◻ Go ‘nama medi mo go Keresete’ go raya eng?

◻ Re ka ‘agiwa mo go Keresete’ jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go “tsepamisiwa mo tumelong”?

◻ Re na le mabaka afe a go ‘penologa ka ditebogo’?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Medi ya setlhare e ka tswa e sa bonale, mme e se naya dijo le go se tshetlela thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela