LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 11/04 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka November 8
  • Beke e e Simololang ka November 15
  • Beke e e Simololang ka November 22
  • Beke e e Simololang ka November 29
  • Beke e e Simololang ka December 6
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2004
km 11/04 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ela Tlhoko: Tirelo ya Rona ya Bogosi e tlile go nna le thulaganyo ya Pokano ya Tirelo ya beke nngwe le nngwe ka nako ya dikopano. Diphuthego di ka nna tsa dira diphetogo tse di tlhokegang gore di kgone go nna gone kwa Kopanong ya Kgaolo ya “Tsamaya le Modimo.” Fa go tshwanela, dirisang metsotso e le 15 mo Pokanong ya Tirelo ya bofelo pele ga lo ya kopanong go boeletsa dikgakololo tse di tswang mo tsenyeletsong ya October tse di tshwanelang phuthego ya lona. Ka kgwedi ya February, 2005, go tla nna le Pokano ya Tirelo e go tla boelediwang dintlhakgolo tsa kopano mo go yone. E le gore re ipaakanyetse puisano eo, rotlhe re ka kwala dintlha tsa botlhokwa kwa kopanong, go akaretsa le lenaane la dintlha tse re ka ratang go di dirisa ka namana mo matshelong a rona le mo bodireding jwa tshimo. Ka jalo re ka kgona go kgothatsa ba bangwe ka go tlhalosa gore re dirisitse dikakantsho tseo jang.

Beke e e Simololang ka November 8

Pina 180

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Dikitsiso tse di tlhophilweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Ka November re tla tsamaisa buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. Boeletsa ka bokhutshwane dipuisano tse di akantshitsweng mo kgatisong ya May 2004 ya Tirelo ya Rona ya Bogosi, tsebe 3.

15 mets: A o Buile le Mothapi wa Gago? Puo le motlotlo le bareetsi e e neelwang ke mogolwane, o o theilweng mo setlhogong se se reng “A Wena o Tla Bo o Le Teng?” mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi ya October 2002, tsebe 1. Akaretsa le dikakgelo tse di tswang mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 67.

20 mets: “Nna le Boikutlo Jwa go Potlaka!”a Akaretsa le dikakgelo tse di tswang mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 15, 2000, tsebe 12-13.

Pina 19 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka November 15

Pina 170

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Fa e le gore dikakantsho tse di mo tsebeng 4 di tshwanela tshimo ya phuthego ya lona, di dirise go bontsha kafa re ka tsamaisang makasine wa Tora ya Tebelo ya November 15 le Tsogang! ya December 8 ka teng. Go ka nna ga dirisiwa le dipuisano tse dingwe tse di tshwanelang.

20 mets: A o Itse Gore go Aba go Itumedisa Jang? Puo e e theilweng mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 2004, tsebe 19-23.

15 mets: Itumelele go Thusa ba Bangwe. (Johane 4:34) Dipotsolotso. Go a itumedisa go bona kafa motho a tlalang boipelo ka teng fa a ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. (w94-TN 3/1 ts. 29 dir. 6-7) Botsolotsa baboledi kana babulatsela ba le babedi kana ba le bararo ba ba nnang le matswela fa ba dirisa Baebele mo bodireding le fa ba simolola dithuto tsa Baebele le go di tshwara. Ba tlhagolela jang kgatlhego e batho ba nang le yone? Ke eng se se ba itumedisang fa ba dira jalo? Dira gore ba bolele kana ba dire pontsho ka maitemogelo a ba nnileng le one mo bodireding.

Pina 66 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka November 22

Pina 199

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Pego ya diakhaonto.

20 mets: Dilo tse phuthego ya lona e tlhokang go di ela tlhoko.

15 mets: Solegelwa Molemo Thata ke Pokano ya Tirelo. Motlotlo le bareetsi o o theilweng mo bukeng ya Bodihedi jwa Rona, tsebe 71-2. Pokano ya Tirelo e re thusa ka ditsela dife tse tlhano go tokafatsa bodiredi jwa rona jwa Bokeresete? Umaka dikai tse di tswang mo thulaganyong ya kgwedi e re leng mo go yone. Go baakanyetsa go sa le gale go solegela molemo jang? Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna gone ka metlha? Pokano eno e theilwe mo sekaing sefe se se tswang mo Dikwalong?

Pina 58 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka November 29

Pina 23

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Gakolola bareetsi go tlisa dipego tsa tirelo ya tshimo ya November. Dira pontsho ya kafa re ka tsamaisang Tora ya Tebelo ya December 1 le Tsogang! ya December 8 ka teng.

10 mets: Lebokoso la Dipotso. Puo e e neelwang ke mogolwane.

25 mets: “Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele—Karolo 3.”b Dirisa dipotso tse di mo setlhogong seno. Fa lo sena go tlotla ka serapa 3, dira pontsho e khutshwane ya go tshwara thuto ya Baebele ka boroutšhara jwa Re Direng, thuto 5, serapa 1. Serapa se setse se badilwe le potso e setse e arabilwe. Motshwari wa thuto le moithuti ba bala le go tlotla ka Isaia 45:18 le Moreri 1:4. Motshwari wa thuto o dirisa dipotso tse di motlhofo go rotloetsa moithuti gore a tlhalose kafa temana nngwe le nngwe e amanang ka gone le ntlha e go tlotlwang ka yone.

Pina 178 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka December 6

Pina 96

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego. Itsise gore go tla tsamaisiwa kgatiso efe ka December. Dira pontsho e le nngwe kana tse pedi tse di ka dirisiwang go tsamaisa buka ya Monna Yo Mogolo.

20 mets: “A o Ka Kgona go Thusa?”c Botsolotsa mmoledi kana baboledi ba le babedi ba ba anaanelang kafa ba ileng ba thusiwa kana go kgothadiwa ke ba bangwe ka gone.

15 mets: Maitemogelo a lefelo la lona. Kopa bareetsi gore ba bolele kafa ba itumetseng ka gone go bereka tshimo e e sa abiwang kana fa ba ne ba bereka tshimo e phuthego e sa e berekeng ka metlha. Fa e le gore phuthego ga ya ka ya bereka mo ditshimong tseno, ba kope gore ba bolele maitemogelo a ba nnileng le one fa ba neela bosupi jo e seng jwa tlwaelo, fa ba bereka tshimo ya phuthego ya kgwebo le mo tshimong e e tlwaelegileng. Rulaganya go sa le gale gore go dirwe pontsho ka mangwe a maitemogelo a a tlhomologileng. Akgola botlhe ba ba ileng ba tshegetsa letsholo leno la tshimo e e sa abiwang.

Pina 101 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela