Dira se se Molemo O bo O Abalane Dilo le ba Bangwe
1 Dorekase ‘o ne a tletse ka ditiro tse di molemo le dimpho tsa kutlwelobotlhoko.’ (Dit. 9:36, 39) Moya o a neng a o bontsha wa go aba ka seatla se se bulegileng o ne wa dira gore a ratwe ke Jehofa Modimo le ke batho ba ba neng ba mo itse. Bahebera 13:16 ya re: “Lo se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” Rona gompieno re ka dira jang se se molemo le go abalana dilo le ba bangwe?
2 Tsela nngwe e re ka direlang ba bangwe molemo ka yone ke ka go ba abela ‘dilo tsa rona tse di tlhwatlhwakgolo.’ (Dia. 3:9) Meneelo e re e ntshetsang tiro ya lefatshe lotlhe e dira gore Diholo Tsa Bogosi, Diholo Tsa Dikopano le dikago tsa makala di kgone go agiwa mo lefatsheng lotlhe. Go aba ga rona ka seatla se se bulegileng go thusitse batho ba le dimilione go solegelwa molemo ke thuto e ba e newang ya dilo tsa semoya le go nna mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya.
3 Gomotsa ba Bangwe: Fa go tlhaga kotsi nngwe ya masetlapelo, batho ba ga Jehofa ba iketleeleditse ‘go dira se se molemo,’ ba direla badumedi ka bone mmogo le ba bangwe ba ba sa kopaneleng le rona mo tumelong. (Bagal. 6:10) Morago ga thunyo nngwe e e neng ya direga mo lefelong lengwe le go direlwang dikhemikale mo go lone kwa Fora, banyalani bangwe ba ba neng ba nna gaufi le lefelo leo ba ne ba bolela jaana: “Ka yone nako eo bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ba ne ba tla go re thusa go phepafatsa kamore e re nnang mo go yone le tse dingwe tse di mo kagong ya rona. Baagelani ba rona ba ne ba gakgamaletse go bona batho ba bantsi jalo ba tla go thusa.” Kgaitsadi yo mongwe o ne a oketsa jaana: “Bagolwane ba ne ba tla go re thusa. Ba ne ba tla go re kgothatsa. Tota e bile re ne re tlhoka dikgothatso tseno go feta thuso ya dilo tse di bonalang.”
4 Le fa gone go na le dilo di le dintsi tse re ka di dirang go dira se se molemo mo baagelaning ba rona, tsela nngwe e e molemolemo e re ka ba thusang ka yone ke go ba abela kitso e e botlhokwa thata ya boammaaruri, e e akaretsang “tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng” jo Jehofa ka boene a bo solofeditseng. (Tito 1:1, 2) Molaetsa wa Baebele o lere kgomotso ya mmatota mo go ba ba hutsafaditsweng ke maemo a lefatshe le ke boemo jwa bone jwa go nna baleofi. (Math. 5:4) E kete re ka dira se se molemo mme re abelane le ba bangwe fa go le mo maatleng a rona go dira jalo.—Dia. 3:27.