LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 4/05 ts. 2
  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Ditlhogwana
  • Beke e e Simololang ka April 11
  • Beke e e Simololang ka April 18
  • Beke e e Simololang ka April 25
  • Beke e e Simololang ka May 2
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 4/05 ts. 2

Thulaganyo ya Pokano ya Tirelo

Beke e e Simololang ka April 11

Pina 4

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikitsiso tse di tlhophilweng mo kgatisong ya Tirelo ya Rona ya Bogosi. Dirisa dikakantsho tse di mo go tsebe 8 (fa di tshwanela mo tshimong ya lona) go bontsha gore go ka tsamaisiwa jang Tora ya Tebelo ya April 15 le Tsogang! ya May 8. Go ka nna ga dirisiwa le ditsela tse dingwe tse di tshwanelang tsa go buelela dimakasine tseno. Dira gore nngwe ya dipontsho tseno e nne ya mmoledi a le mo tirong ya mmila.

15 mets: “O se Ka wa Kgaotsa go Dira Tiro ya go Rera.”a Fa nako e letla, kopa bareetsi go tlhalosa sengwe ka ditemana tse di umakilweng.

15 mets: “Dira se se Molemo O bo O Abalane Dilo le ba Bangwe.”b Bontsha kafa tshedimosetso eno e ka dirisiwang ka teng mo lefelong la lona, o umaka dilo dingwe tse re ka di dirang go thusa ba bangwe.

Pina 47 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 18

Pina 76

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Dikgang Tsa Puso ya Modimo.

20 mets: “Go Tshwara Dithuto Tsa Baebele Tse di Gatelang Pele—Karolo 8.”c Dira gore go nne le pontsho e khutshwane e mo go yone mmoledi a nayang motho yo o sa tswang go simolola go ithuta Baebele khopi ya boroutšhara jwa Basupi ba ga Jehofa—Ke Bomang? Ba Dumela Eng? Mmoledi o bontsha moithuti setshwantsho se se mo tsebeng ya 20 ya boroutšhara jono a bo a tlhalosa Pokano ya Phatlalatsa ka bokhutshwane. O umaka setlhogo sa puo e e latelang ya phatlalatsa mme o laletsa moithuti gore a nne teng mo pokanong eno.

15 mets: Maitemogelo a mo tshimong ya lona. Anela maitemogelo a lo nnileng le one ka nako ya fa go ne go dulwe letsholo le le kgethegileng la go tsamaisa boroutšhara jo bosha. Go ka nna ga ba ga dirwa dipontsho ka maitemogelo mangwe a a kgethegileng. Akgela ka se se neng sa fitlhelelwa, o bo o akgole bakaulengwe botlhe ka maiteko a ba neng ba a dira. Ba bangwe ba ka nna ba rata go anela maitemogelo a ba nnileng le one malebana le go ketekwa ga Segopotso le puo e e kgethegileng.

Pina 169 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka April 25

Pina 111

15 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Bala pego ya diakhaonto le makwalo a lo a amogetseng a a bontshang gore mokgatlho o amogetse meneelo ya lona. Gakolola baboledi gore ba tlise dipego tsa bone tsa tirelo ya tshimo ya April. O dirisa dikakantsho tse di mo tsebeng ya 8 (fa di tshwanela mo tshimong ya lona), dira pontsho e e bontshang kafa go ka tsamaisiwang ka gone Tora ya Tebelo ya May 1 le Tsogang! ya May 8. Go ka nna ga dirisiwa ditsela tse dingwe tse di tshwanelang tsa go tsamaisa dimakasine tseno. Mo go nngwe ya dipontsho tseno, bontsha kafa go ka arabelwang ka gone fa motho a re “Ga ke kgatlhege.” (Bona buka ya Go Fetolana, ts. 16.) Umaka ditlhogo tse di ka nnang tsa ratwa ke batho ba ba mo tshimong ya lona.

10 mets: “Ba Thuse go Bona Bosupi jo bo Oketsegileng.” Puo mme bareetsi ba tla ba nna le seabe. Bontsha kafa dintlha tsa yone di ka dirisiwang ka teng mo tshimong ya lona. Kgothaletsa botlhe gore ba tlatse foromo ya Tsweetswee Boela (S-43) ka bonako fa maemo a batla jalo.

20 mets: “Buelela Dimakasine mo Tshimong.”d Fa lo fitlha mo serapeng 3 le 4, bontsha kafa dintlha tseno di ka dirisiwang ka teng mo tshimong ya lona. Botsolotsa mmoledi a le mongwe kgotsa ba le babedi ka bokhutshwane ba ba kgonang go tsamaisa dimakasine kwa mafelong a kgwebo, mo tirong ya mmila, le mo mafelong a botlhe, kgotsa fa ba neela bosupi jo bo sa rulaganyediwang. Ba kope gore ba tlhalose gore ba dira jang gore ba tsamaise dimakasine mo maemong ano. Dira gore go nne le pontsho e khutshwane e e bontshang gore makasine o ka tsamaisiwa jang kgotsa pontsho e e bontshang se tota se kileng sa direga fa go ne go tsamaisiwa makasine.

Pina 8 le thapelo e e konelang.

Beke e e Simololang ka May 2

Pina 148

10 mets: Dikitsiso tsa phuthego ya lona. Tlotla ka bokhutshwane ka setlhogo se se reng “Go Ithuta Boroutšhara Jwa Nnang lo Disitse!” se se mo tsebeng ya 6. Tlhalosa gore setlhogo seno se bontsha thulaganyo ya fa go tla bo go ithutiwa boroutšhara jono. Kgothaletsa botlhe gore ba baakanyetse thuto eno sentle ba bo ba nne le seabe ka botlalo mo go yone, go simolola ka beke ya May 23.

15 mets: Dilo tse phuthego e tlhokang go di ela tlhoko.

20 mets: “Batho ba Mefuta Yotlhe ba Tla Bolokwa.”e Bontsha kafa dintlha tsa setlhogo seno di ka dirisiwang ka teng mo tshimong ya lona.

Pina 112 le thapelo e e konelang.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

b Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

c Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

d Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

e Matseno a gago a se ka a feta motsotso, mme go latele motlotlo wa dipotso le dikarabo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela