Thulaganyo ya Lelapa—Thuto ya Lelapa
1 Mpho e kgolo e wena motsadi wa Mokeresete o ka e abelang bana ba gago ke go dira gore ba rate Jehofa fela jaaka o mo rata. Nako ya botlhokwa e o ka dirang seno ka yone ke “fa o ntse mo ntlong ya gago” o tshwere thuto ya lelapa ya Baebele e e tshwarwang beke le beke. (Dute. 6:5-7) Le fa o ka tswa o na le molekane yo e seng Mokeresete, o nna mo lelapeng la batho ba ba seng mo bodumeding jwa gago kgotsa o le motsadi yo o se nang molekane wa lenyalo, o ka kgona go thusa bana ba gago go atamalana le wena le Jehofa ka go nna le thuto ya ka metlha ya lelapa le bone.
2 Go Simolola Thuto ya Lelapa: Kgato ya ntlha ke go dira gore thuto ya lelapa e nne selo se se dirwang ka metlha. Fa o sa tlhomamisege gore lo ka tshwara thuto eno leng, ke eng fa lo sa tlotle ka gone jaaka lelapa? (Dia. 15:22) Fa e le gore o na le bana ba bannye, gongwe o ka rata go tshwara dithuto di le mmalwa tse di khutshwane mo bekeng. Lebelela gore ke thulaganyo efe e e siametseng ba lelapa la gago. Kwala nako e e tlhomameng ya go tshwara thuto ya lelapa mo thulaganyong ya lelapa la gago, mme o ikemisetse go e latela.
3 Ke eng se lo ka se ithutang? Bangwe ba baakanyetsa thuto e e tlileng go ithutiwa mo pokanong e e tlang ya Thuto ya Buka ya Phuthego kgotsa Thuto ya Tora ya Tebelo. Ba bangwe ba ithuta tshedimosetso e segolobogolo e kwaletsweng basha. Rre mongwe yo o nang le ngwana wa mosimane le wa mosetsana ba ba sa leng bannye o ne a re: “Lengwe la mabaka a a dirang gore bana ba rate thuto ya beke le beke ke gore re tshameka teramanyana re dirisa dithuto tse di mo bukeng ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Baebele. Tsela e seno se ba amang thata ka yone le kafa ba tlhaloganyang dilo ka teng e botlhokwa thata go gaisa go akaretsa dirapa di le dintsi.”
4 Ithuteng Beke le Beke: Thuto ya lelapa e tshwanetse ya tshwarwa ka metlha mme e nne monate gore botlhe mo lelapeng ba nne ba letetse nako ya yone ka boitumelo. Letsatsi le nako tse e tshwarwang ka tsone di ka nna di fetofetolwa fa e le gore go tlhaga maemo mangwe a a neng a sa lebelelwa. Gape, go ka nna ga nna le dinako dingwe tse go ka tlhokegang gore go ithutiwe tshedimosetso e nngwe e sele go na le e go neng go rulagantswe gore go tla ithutiwa yone. Mme phetogo epe fela e e dirwang ga e a tshwanela go dira gore go fete nako e telele go sa latelwe thulaganyo ya lelapa ya go ithuta. Mo legaeng lengwe, mosetsana mongwe a re: “Fa nako e re ithutang ka yone e tlhoka go fetolwa, ka dinako tsotlhe Papa o kgomaretsa pampiri e a kwadileng nako e ntšha mo go yone mo setswalong sa setsidifatsi gore rotlhe re bone gore e tla tshwarwa leng.” A bo maiteko a a ntseng jalo a go tshwara thuto ya lelapa ka metlha a le molemo jang ne! Fa o ntse o tsweletse pele ka go godisetsa bana ba gago “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa,” seno se bontsha gore o a ba rata, mme e seng bone fela, le Rre wa rona yo o kwa legodimong.—Baef. 6:4.