Kgaolo ya Borobongwe
Ke Mang yo o Tla Busang Lefatshe?
1-3. Tlhalosa toro le diponatshegelo tse Daniele a neng a nna le tsone mo ngwageng wa ntlha wa go busa ga ga Beleshasare.
BOPOROFETI jwa ga Daniele jo bo gapang mogopolo jaanong bo re busetsa kwa ngwageng wa ntlha wa ga Kgosi Beleshasare wa Babelona. Daniele ga a bolo go nna motshwarwa mo Babelona, le fa go ntse jalo ga a ise a ko a tsamaye a reketle mo bothokgaming jwa gagwe mo go Jehofa. Jaanong moporofeti yo o ikanyegang yono, yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo70, o bona “[toro] le diponatshegelo tsa tlhogo ya gagwe mo bolaong jwa gagwe.” Mme a bo diponatshegelo tseno di mo tshosa jang ne!—Daniele 7:1, 15.
2 “Bonang!” go kua Daniele. “Diphefo tse nne tsa legodimo tsa photsega mo lewatleng le legolo. Mme ga tlhatloga ditshedi di le nne tse ditona mo lewatleng, go se na sepe se se tshwanang le se sengwe.” A bo e le ditshedi tse di tshosang jang ne! Ya ntlha ke tau e e nang le diphuka, mme ya bobedi e tshwana le bera. Morago ga moo go tlhaga lengau le le nang le diphuka di le nnè le ditlhogo di le nnè! Setshedi sa bonè se se nonofileng ka tsela e e sa tlwaelegang se na le meno a magolo a tshipi le dinaka di le lesome. Mo gare ga dinaka tseno tsa sone tse di lesome go tlhaga lonaka “lo lonnye” lo lo nang le “matlho a a tshwanang le matlho a motho” le “molomo o o buang dilo tse dikgolo.”—Daniele 7:2-8.
3 Morago ga moo ponatshegelo ya ga Daniele e re isa legodimong. Mogologolo wa Malatsi o a galalela mo setulong sa bogosi e le Moatlhodi mo Kgotleng ya selegodimo. ‘Go na le ba ba makgolokgolo ba ba nnang ba ntse ba mo direla, le ba ba makgolo a makgolokgolo ba ba nnang ba eme fa pele ga gagwe.’ O naya dibatana tseno katlholo e e botlhoko ka go tsaya bobusi mo go tsone a bo a senya sebatana sa bonè. “Mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho” o newa gore a buse “ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo” ka bosakhutleng.—Daniele 7:9-14.
4. (a) Daniele o ne a leba kae go bona tshedimosetso e e ka ikanngwang? (b) Ke ka ntlha yang fa se Daniele a neng a se bona le go se utlwa mo bosigong joo se le botlhokwa mo go rona?
4 “Ka ga me,” Daniele a rialo, “mowa wa me wa hutsafala mo gare ga mmele wa me, le diponatshegelo tsa tlhogo ya me tsa mphudua.” Ka jalo o batla “boammaaruri ka ga dilo tsotlhe tse” mo moengeleng mongwe. Eleruri moengele yono a mo naya “phuthololo ya dilo tseo.” (Daniele 7:15-28) Re kgatlhegela thata go itse se Daniele a neng a se bona a bo a se utlwa mo bosigong joo, ka gonne se ne se bontsha ditiragalo tsa lefatshe tsa mo isagweng tsa go tla go fitlha mo metlheng ya rona, fa “mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho” a neilwe go busa “ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo.” Ka thuso ya Lefoko la Modimo le moya wa gagwe, le rona re ka kgona go tlhaloganya se se bolelwang ke diponatshegelo tseno tsa boporofeti.a
DITSHEDI DI LE NNÈ DI TSWA MO LEWATLENG
5. Lewatle le le fuduiwang ke diphefo le tshwantshetsa eng?
5 “Ga tlhatloga ditshedi di le nne tse ditona mo lewatleng,” go rialo Daniele. (Daniele 7:3) Ke eng se se neng se tshwantshediwa ke lewatle leno le le fuduiwang ke diphefo? Dingwaga moragonyana, moaposetoloi Johane o ne a bona setshedi sa naga se se ditlhogo di supa se tswa mo “lewatleng.” Lewatle leo le ne le tshwantshetsa “ditšhaba, le boidiidi jwa batho, le merafe, le dipuo”—boidiidi jo bogolo jwa batho jo bo furaletseng Modimo. Ka gone, lewatle ke tshwantshetso e e tshwanelang sentle ya boidiidi jo bogolo jwa batho jo bo furaletseng Modimo.—Tshenolo 13:1, 2; 17:15; Isaia 57:20.
6. Ditshedi tse nnè di tshwantshetsa eng?
6 “Ditshedi tse ditona tseo tse nne, ke dikgosi di le nne, tse di tlaa tsogang mo lefatsheng,” moengele wa Modimo a rialo. (Daniele 7:17) Moengele o tlhalosa ka phepafalo gore ditshedi di le nnè tse Daniele a di boneng ke “dikgosi di le nne.” Ka gone, ditshedi tseno di tshwantshetsa mebuso ya lefatshe. Efe?
7. (a) Baakgedi bangwe ba Baebele ba reng ka ponatshegelo ya toro ya ga Daniele ya ditshedi tse nnè le toro ya ga Kgosi Nebukadenesare ya setshwantsho se se boitshegang? (b) Nngwe le nngwe ya dikarolo tse nnè tsa metale tsa setshwantsho e emelang?
7 Baakgedi ba Baebele gantsi ba golaganya ponatshegelo ya toro ya ga Daniele ya ditshedi tse nnè le toro ya ga Nebukadenesare ya setshwantsho se se boitshegang. Ka sekai, The Expositor’s Bible Commentary e bolela jaana: “Kgaolo 7 [ya Daniele] e tsamaisana le kgaolo 2.” The Wycliffe Bible Commentary e bolela jaana: “Go dumelwa gore go latelana ga dipuso tse nnè tsa Baditšhaba . . . [tse di mo go Daniele kgaolo 7] go tshwana le ga tse go tlotliwang ka tsone mo go [Daniele] kgaolo 2.” Mebuso e le menè ya lefatshe e e neng e emelwa ke dimmetale di le nnè tsa toro ya ga Nebukadenesare e ne e le Mmusomogolo wa Babelona (tlhogo ya gauta), Bameda le Baperesia (sehuba le mabogo tsa selefera), Gerika (mpa le dirope tsa kgotlho) le Mmusomogolo wa Roma (maoto a tshipi).b (Daniele 2:32, 33) Mma re bone gore magosi ano a tsamaisana jang le ditshedi tse ditona tse nnè tse Daniele a neng a di bona.
SE BOGALE JAAKA TAU, SE BOFEFO JAAKA NTSU
8. (a) Daniele o ne a tlhalosa jang setshedi sa ntlha? (b) Setshedi sa ntlha se ne se emela mmusomogolo ofe, mme se ne sa dira jang jaaka tau?
8 A bo Daniele a ne a bona ditshedi tse di gakgamatsang jang ne! Fa a ne a tlhalosa nngwe ya tsone, o ne a re: “Sa ntlha se ne se tshwana le tau, mme sa bo se na le diphuka tsa ntswi yo motona. Ka leba ga tsamaya diphuka tsa sone tsa khumolwa, mme sa tsholediwa fa fatshe, sa emisiwa ka dinao di le pedi jaaka motho, mme sa newa pelo ya motho.” (Daniele 7:4) Setshedi seno se ne se tshwantshetsa jone bobusi jo bo neng bo tshwantshediwa ke tlhogo ya gauta ya setshwantsho sele se se boitshegang, Mmuso wa Lefatshe wa Babelona (607-539 B.C.E.). Jaaka “tau” e e gagolakang phologolo go e ja, Babelona e ne ya kometsa ditšhaba ka bogale, go akaretsa le batho ba Modimo. (Jeremia 4:5-7; 50:17) Jaaka e kete e ne e fofa ka diphuka tsa ntsu, “tau” eno e ne ya betsega e ya go fenya ka bogale.—Dikhutsafalo 4:19; Habakuke 1:6-8.
9. Setshedi seno se se tshwanang le tau se ne sa tlelwa ke diphetogo dife, mme diphetogo tseno di ne tsa se ama jang?
9 Fa nako e ntse e tsamaya, tau eno ya mofuta wa yone fela e e nang le diphuka e ne ya “khumolwa” diphuka tsa yone. Fa mmuso wa ga Kgosi Beleshasare o ne o ela go fela, Babelona e ne ya latlhegelwa ke lebelo le e neng e tsamaya e fenya ka lone le go busa ga yone ditšhaba jaaka tau. E ne jaanong e tsamaya ka lobelo lwa motho a tsamaya ka dinao. E ne ya re fa e newa “pelo ya motho,” ya nna bokoa. E re ka jaanong Babelona e ne e se na “pelo ya tau,” e ne e ka se tlhole e itshwara jaaka kgosi “mo gare ga diphologolo tsa sekgwa.” (Bapisa 2 Samuele 17:10; Mika 5:8.) E ne ya fenngwa ke setshedi se sengwe se segolo fela thata.
SE GAGOLAKA JAAKA BERA
10. “Bera” e ne e tshwantshetsa go tlhatlhamana ga babusi bafe?
10 “Bonang!” Daniele a rialo, “setshedi se sengwe, e le sa bobedi, se tshwana le bera, mme sa bo se tsholeletsegile lotlhakore lo longwe, mme go le dikgopo di le tharo mo ganong la sone gare ga meno a sone. Mme ba se raya jaana, ba re: ‘Nanoga, o je nama thata.’” (Daniele 7:5) Kgosi e e neng e tshwantshediwa ke “bera” e ne e le yone e e neng e emelwa ke sehuba le mabogo tsa selefera tsa setshwantsho sele se segolo—go tlhatlhamana ga babusi ba Bameda le Baperesia (539-331 B.C.E.) go simolola ka Dario wa Momeda le Kurose yo Mogolo mme go khutla ka Dario III.
11. Go tsholetsega ga bera eno ya tshwantshetso kafa letlhakoreng le le lengwe le go nna ga yone le dikgopo di le tharo mo molomong wa yone go ne go rayang?
11 Bera eno ya tshwantshetso e ne e ‘tsholetsegile kafa letlhakoreng le le lengwe,’ gongwe e le gore e siamele go tlhasela le go fenya ditšhaba mme e nne mmuso wa lefatshe. Kana boemo jono bo ka tswa bo ne bo bontsha gore babusi ba ba tlhatlhamanang ba Baperesia ba ne ba tla tlhatlosiwa boemo gore ba buse kgosi e le nngwe fela ya Momeda, e bong Dario. Dikgopo di le tharo mo gare ga meno a bera eno di ka tswa di ne di tshwantshetsa dintlha di le tharo tse e neng ya tswela kwa go tsone go ya go fenya. “Bera” eno ya Bameda le Baperesia e ne ya ya kwa bokone go ya go gapa Babelona ka 539 B.C.E. Morago ga moo e ne ya ya kwa bophirima ya feta e raletse Asia Minor mme ya fitlha kwa Thrace. Labofelo “bera” eno e ne ya ya kwa borwa go ya go fenya Egepeto. E re ka palo ya tharo ka dinako tse dingwe e tshwantshetsa go gatelela, dikgopo tse tharo di ka nna tsa bo gape di gatelela tsela e bera eno ya tshwantshetso e neng e tla gabalalela phenyo ka teng ka bopelotshetlha.
12. Go utlwa taelo e e reng: “Nanoga, o je nama thata” ga bera ya tshwantshetso go ne ga felela ka eng?
12 “Bera” eno e ne ya tlhasela ditšhaba morago ga gore e tewe go twe: “Nanoga, o je nama thata.” Ka go kometsa Babelona go ya kafa thatong ya Modimo, Bameda le Baperesia ba ne ba le mo boemong jwa go direla batho ba ga Jehofa tiro nngwe e e botlhokwa. Mme ba ne ba dira fela jalo! (Bona “Kgosi E e Sa Gagamatsang Letsogo Thata,” mo tsebeng ya 149.) Bameda le Baperesia ba ne ba golola batshwarwa ba Bajuda ba Babelona ka Kurose yo Mogolo, Dario I (Dario yo Mogolo), le Aretaserese I, ba bo ba ba thusa go aga tempele ya ga Jehofa sesha le go baakanya dipota tsa Jerusalema. Fa nako e ntse e tsamaya, Bameda le Baperesia ba ne ba feleletsa ba busa dikgaolo tse di laolang di le 127, mme monna wa ga Kgosigadi Esethere, e bong Ahasueruse (Serese I), e ne e le “kgosi go tloga kwa India go fitlha kwa Ethiopia.” (Esethere 1:1) Le fa go ntse jalo, setshedi se sengwe se ne se tloga se tlhatloga.
SE BOFEFO JAAKA LENGAU LE LE NANG LE DIPHUKA!
13. (a) Setshedi sa boraro se ne se tshwantshetsang? (b) Go ka bolelwang ka lobelo lwa setshedi sa boraro le karolo e se neng se e busa?
13 Setshedi sa boraro se ne se “tshwana le nkwe, se na le diphuka di le nne tsa nonyane mo mokwatleng wa sone; setshedi seo se ne se bile se na le ditlhogo di le nne; mme sa newa puso.” (Daniele 7:6) Jaaka molekane wa yone—mpa le dirope tsa kgotlho tsa setshwantsho sa toro ya ga Nebukadenesare—nkwe eno e e diphuka di nnè, le ditlhogo tse nnè, e ne e tshwantshetsa go tlhatlhamana ga babusi ba Bamakedonia kana Bagerika, go simolola ka Alexander yo Mogolo. Ka majato le lobelo lwa nkwe, Alexander o ne a feta a raletse Asia Minor, a ya kwa borwa mme a tsena mo Egepeto, a bo a fetela kwa molelwaneng o o kwa bophirima jwa India. (Bapisa Habakuke 1:8.) Puso ya gagwe e ne e le kgolo go feta ya “bera,” ka gonne e ne e akaretsa Makedonia, Gerika, le Mmusomogolo wa Peresia.—Bona “Kgosi e Potlana e Fenya Lefatshe” mo tsebeng ya 153.
14. Go tlile jang gore “nkwe” e nne le ditlhogo di le nnè?
14 “Nkwe” e ne ya nna le ditlhogo di le nnè fa Alexander a sena go swa ka 323 B.C.E. Ba le banè ba bajenerale ba gagwe ba ne labofelo ba nna batlhatlhami ba gagwe mo dikarolong tse di farologaneng tsa puso ya gagwe. Seleucus o ne a tshwere Mesopotamia le Siria. Ptolemy o ne a laola Egepeto le Palesetina. Lysimachus o ne a busa Asia Minor le Thrace, mme Cassander ene o ne a tshwere Makedonia le Gerika. (Bona “Bogosi jo Bogolo bo a Kgaogana,” mo tsebeng ya 162.) Morago ga moo go tlhaga selo se sengwe se se tshosang.
SETSHEDI SE SE BOIFISANG SE ITSHUPA SE FAROLOGANE LE TSE DINGWE
15. (a) Tlhalosa setshedi sa bonè. (b) Setshedi sa bonè se ne se tshwantshetsang, mme se ne sa thubaganya jang sa bo sa kometsa sengwe le sengwe se se mo tseleng ya sone?
15 Daniele o ne a tlhalosa setshedi sa bonè e le se se ‘boifisang e bile se boitshega mme se nonofile ka tsela e e sa tlwaelegang.’ O ne a tswelela jaana: “Se ne se na le meno a magolo a tshipi; mme sa suputsa, sa thubaganya, mme mo go setseng sa gataka ka maroo; se ne se sa tshwane le sepe sa ditshedi tse di tsileng pele ga sone; sa bo se na le dinaka di le some.” (Daniele 7:7) Setshedi se se boifisang seno se simolotse e le mmuso wa bopolotiki le wa sesole wa Roma. Ka iketlo se ne sa gapa dikarolo di le nnè tsa Gerika tsa Mmusomogolo wa Gerika, mme ka ngwaga wa 30 B.C.E., Roma e ne e tlhagile go nna mmuso o o latelang wa lefatshe wa boporofeti jwa Baebele. Ka go tsamaya o fenya sengwe le sengwe se se mo tseleng ya one ka sesole, Mmusomogolo wa Roma kgabagare o ne wa gola mme wa akaretsa karolo e e tswang kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Boritane le go ralala karolo e kgolo ya Yuropa, karolo yotlhe e e dikologang Mediterranean, le go pota ka kwa ga Babelona go ya kwa Kgogometsong ya Peresia.
16. Moengele o ne a ntsha tshedimosetso efe kaga setshedi sa bonè?
16 E re ka Daniele a ne a eletsa go tlhomamisa bokao jwa setshedi seno se se “boitshegang thata,” o ne a reetsa ka tlhoafalo fa moengele a tlhalosa jaana: “Ka ga dinaka [tsa sone] tse some, dikgosi di le some di tlaa tsoga mo bogosing jo; e nngwe e tlaa tsoga morago ga tsone; e tlaa nna e sele mo go tsa pele, mme e tlaa gatela dikgosi di le tharo.” (Daniele 7:19, 20, 24) ‘Dinaka tseno tse di lesome,’ kana “dikgosi di le lesome” e ne e le eng?
17. “Dinaka tse some” tsa setshedi sa bonè di tshwantshetsang?
17 Jaaka fa Roma e ne e ntse e huma thata e bile e ntse e senyegela pele ka ntlha ya botshelo jwa go tlhoka boitshwaro jwa setlhopha sa yone se se busang, puso ya yone ya sesole e ne ya koafala. Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga simolola ga bonala sentle gore sesole sa Roma se a koafala. Kgabagare mmusomogolo ono o o nonofileng o ne wa thubega wa nna magosi a mantsintsi. E re ka Baebele gantsi e dirisa palo ya lesome go bontsha botlalo, “dinaka tse some” tsa setshedi sa bonè di emela magosi otlhe a a neng a nna teng ka ntlha ya go thubega ga Roma.—Bapisa Duteronome 4:13; Luke 15:8; 19:13, 16, 17.
18. Roma e ne ya tswelela pele jang e laola Yuropa yotlhe ka makgolokgolo a dingwaga morago ga go tlosiwa ga mmusimogolo wa yone wa bofelo?
18 Le fa go ntse jalo, Mmuso wa Lefatshe wa Roma ga wa ka wa fela fa mmusimogolo wa one wa bofelo a ne a tlosiwa kwa Roma ka 476 C.E. Ka makgolo a le mantsi a dingwaga, Roma e e laolwang ke mopapa e ne ya tswelela e na le taolo ya sepolotiki, mme segolobogolo ya bodumedi, mo Yuropa. E ne ya dira jalo ka thulaganyo ya go laola babusiwa ka tsela e e feletseng, thulaganyo e mo go yone bontsi jwa baagi ba Yuropa ba neng ba le ka fa tlase ga beng ba bone, mme beng bone ba le kafa tlase ga kgosi. Mme dikgosi tsotlhe di ne di tlotla taolo ya mopapa. Ka gone Mmusomogolo wa Roma o o Boitshepo, o Roma e e laolwang ke mopapa e neng e le karolo ya one ya konokono, o ne o laola dilo tsa lefatshe mo lobakeng loo lotlhe lo loleele lwa hisitori lo lo neng lo bidiwa Metlha ya Lefifi.
19. Go ya ka mokwalahisitori mongwe, Roma e ne e le jang fa e bapisiwa le mebuso e mengwe e megolo e e tlileng pele ga yone?
19 Ke mang yo o ka ganetsang gore setshedi sa bonè e ne e le se “sele mo magosing otlhe”? (Daniele 7:7, 19, 23) Mo ntlheng eno, mokwalahisitori H. G. Wells o ne a kwala jaana: “Mmuso ono o mosha wa Roma . . . e ne e le selo se se farologaneng ka ditsela di le mmalwa le epe ya mebuso e mengwe e megolo e, go tla go fitlha mo lobakeng lono, e neng ya busa batho ba maemo a bone a botshelo a gatetseng pele. . . . [O] ne o akaretsa mo e ka nnang batho botlhe ba Bagerika mo lefatsheng, mme batho ba one ba ne ba se na bo-Hamite le bo-Semite thata go feta ba mmusomogolo ope o o fetileng . . . Go tla go fitlha mo lobakeng lono, o ne o tlisitse mokgwa o mosha mo hisitoring . . . Mmusomogolo wa Roma e ne e le letlhogela, letlhogela le le sa rulaganyediwang, e bile e le le le sa tlwaelegang; batho ba Roma ba ne ba iphitlhela ba tshwaregile ba sa lemoge mo tekeletsong e kgolo ya botsamaisi.” Le fa go ntse jalo, setshedi sa bonè se ne se tlile go nna le letlhogela le lengwe gape.
LONAKA LO LONNYE LO NNA LE TAOLO
20. Moengele o ne a reng ka go tlhoga ga lonaka lo lonnye mo tlhogong ya setshedi sa bonè?
20 “Ka akanya dinaka,” Daniele a rialo, “mme bonang, ga tlhoga lonaka lo longwe gare ga tsone, e le lo lonnye, lo di le tharo tsa dinaka tsa pele tsa khumolwa ka metswe fa pele ga lone.” (Daniele 7:8) Malebana le letlhogela leno, moengele o ne a bolelela Daniele jaana: “E nngwe e tlaa tsoga morago ga tsone [dikgosi di le lesome]; e tlaa nna e sele mo go tsa pele, mme e tlaa [“kokobetsa,” NW] dikgosi di le tharo.” (Daniele 7:24) Kgosi eno ke mang, e tsogile leng, mme e ne ya kokobetsa dikgosi dife tse tharo?
21. Go ne ga tla jang gore Boritane e nne lonaka lo lonnye lwa tshwantshetso lwa setshedi sa bonè?
21 Ela tlhoko ditiragalo tse di latelang. Ka 55 B.C.E., Mojenerale wa Roma e bong Julius Caesar o ne a tlhasela Britannia mme a retelelwa ke go tlhoma boagi jwa leruri gone. Ka 43 C.E., Mmusimogolo Claudius o ne a simolola phenyo ya leruri mo karolong e e kwa borwa ya Boritane. Morago ga moo, ka 122 C.E., Mmusimogolo Hadrian o ne a simolola go aga lebota go tswa kwa Nokeng ya Tyne go fitlha kwa Solway Firth, go tshwaya molelwane o o kafa bokone wa Mmusomogolo wa Roma. Mo masimologong a lekgolo la botlhano la dingwaga, mephato ya masole a Roma e ne ya tswa kwa setlhaketlhakeng seno. “Mo lekgolong la bosomethataro la dingwaga,” go tlhalosa jalo mokwalahisitori mongwe, “Engelane e ne e le mmuso wa maemo a bobedi. Mahumo a yone a ne a le mannye fa a bapisiwa le a Netherlands. Baagi ba yone ba ne ba le bannye thata go feta ba Fora. Mephato ya yone ya sesole (go akaretsa le dikepe tsa yone tsa ntwa) e ne e le mennye mo go ya Spain.” Go bonala Boritane e ne e le bogosi jo bonnye thata ka nako eo, e le lonaka lo lonnye lwa tshwantshetso lwa setshedi sa bonè. Mme seo se ne se tlile go fetoga.
22. (a) Lonaka “lo lonnye” lo ne lwa fenya dinaka dife tse dingwe tse tharo tsa setshedi sa bonè? (b) Morago ga moo Boritane e ne ya tlhagelela e le eng?
22 Ka 1588, Philip II wa Spain o ne a bolotsa Ntwa e Kgolo ya Spain ka Dikepe kgatlhanong le Boritane. Setlhopha se segolo seno sa dikepe di le 130, di rwele banna ba ba fetang 24 000, se ne sa ralala English Channel, mme sa fitlha sa fenngwa ke sesole sa mo lewatleng sa Maboritane le go tlhaselwa ke diphefo tse di neng di tlhabagane le sone le ke difefo tse di maatla tsa Atlantic. Tiragalo eno “e ne ya bontsha kwantle ga pelaelo gore masole a a nonofileng a mo lewatleng ga e tlhole e le a Spain, mme jaanong ke a Engelane,” go ne ga rialo mokwalahisitori mongwe. Mo lekgolong la bo17 la dingwaga, Ma-Dutch a ne a nna le dikepe tse dintsi thata tsa kgwebo mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, e re ka Boritane e ne e nna le dikolone di le dintsi thata kwa moseja, e ne ya fenya bogosi joo. Mo lekgolong la bo18 la dingwaga, Maboritane le Mafora ba ne ba lwantshana kwa Amerika Bokone le kwa India, mo go neng ga felela ka gore go nne le Ditherisano kwa Paris ka 1763. Mokwadi William B. Willcox o bolela gore ditherisano tseno “di ne di bontsha fa Boritane e na le boemo jo bosha jaaka mmusomogolo wa Yuropa mo dinageng tse e seng tsa Yuropa.” Bogolo jwa Boritane bo ne jwa tlhomamisiwa ke fa Napoléon wa Fora a ne a fenngwa botlhoko ka 1815 C.E. Ka gone “dikgosi di le tharo” tse Boritane e neng ya di ‘kokobetsa’ e ne e le Spain, Netherlands, le Fora. (Daniele 7:24) Ka ntlha ya moo, Boritane e ne ya tlhagelela e le mmusomogolo thata wa dikolone le wa kgwebo mo lefatsheng lotlhe. Ee, lonaka “lo lonnye” lo ne lwa gola go nna mmuso wa lefatshe!
23. Lonaka lo lonnye lwa tshwantshetso lo ne lwa “suputsa lefatshe lotlhe” ka tsela efe?
23 Moengele o ne a bolelela Daniele gore setshedi sa bonè, kana bogosi jwa bonè, bo ne “bo tla suputsa lefatshe lotlhe.” (Daniele 7:23) Go ne ga nna jalo ka porofense nngwe ya Roma e e kileng ya bo e itsiwe e le Britannia. Kgabagare e ne ya nna Mmusomogolo wa Boritane mme wa ‘suputsa lefatshe lotlhe.’ Ka nako e le nngwe fela, mmusomogolo ono o ne wa gapa nngwennèng ya karolo e e omileng ya lefatshe le nngwennèng ya baagi ba lone.
24. Mokwalahisitori mongwe o ne a reng ka go farologana ga Mmusomogolo wa Boritane?
24 Jaaka fa Mmusomogolo wa Roma o ne o sa tshwane le mebuso e e tlileng pele ga one ya lefatshe, kgosi e e tshwantshediwang ke lonaka “lo lonnye” le yone e ne e tla nna “e sele mo go tsa pele.” (Daniele 7:24) Malebana le Mmusomogolo wa Boritane, mokwalahisitori e bong H. G. Wells o ne a kwala jaana: “Ga go ise go ke go nne le ope o o tshwanang le one. Selo se se tlang pele e bile e le sone sa botlhokwatlhokwa mo thulaganyong eno yotlhe e ne e le ‘repaboliki e e busiwang ke kgosi,’ ya Magosi a a Kopaneng a Boritane . . . Go ne go se na lephata lepe la puso la botsamaisi le fa e le motho ope yo o neng a kgona go tlhaloganya Mmusomogolo wa Boritane o feletse. O ne o tswakantse matlhogela le mekoa e e neng e farologane gotlhelele le selo sepe fela se pele se neng se bidiwa mmusomogolo.”
25. (a) Mo ditiragalong tsa lone tsa bofelo, ke eng se e nnang lonaka lo lonnye lwa tshwantshetso? (b) Lonaka “lo lonnye” lo na le “matlho a a tshwanang le matlho a motho” le “molomo o o buang dilo tse dikgolo” ka kgopolo efe?
25 Lonaka “lo lonnye” lono lo ne lo akaretsa se se fetang fela go nna Mmusomogolo wa Boritane. Ka 1783, Boritane e ne ya amogela kemonosi ya dikolone tse 13 tsa yone tsa Amerika. Kgabagare United States of America e ne ya golagana le Boritane, mme go tloga ka Ntwa ya Lefatshe II ya tlhagelela e le naga e e laolang ya lefatshe. Le jaanong e sa ntse e na le ditlamo tse di nonofileng le Boritane. Mmuso wa lefatshe o o maphata mabedi o o neng wa feleletsa o le gone wa Maesemane le Maamerika o nna ‘lonaka lo lo nang le matlho.’ Ee ruri, mmuso ono wa lefatshe o ntshitse matlho dinameng, o bonokopela! O ‘bua dilo tse dikgolo,’ o bolelela karolo e kgolo ya lefatshe se le tshwanetseng go se dira e bile o dira jaaka mmueledi wa lone, kana “moporofeti yo e seng ene.”—Daniele 7:8, 11, 20; Tshenolo 16:13; 19:20.
LONAKA LO LONNYE LO GANETSA MODIMO LE BAITSHEPI BA GAGWE
26. Moengele o ne a bolelela pele eng ka puo le ditiro tsa lonaka lono lwa tshwantshetso mo go Jehofa le batlhanka ba gagwe?
26 Daniele o ne a tswelela go tlhalosa ponatshegelo ya gagwe, a re: “Ka leba, mme lonaka loo lwa tlhabana le baitshepi, mme lwa ba fenya.” (Daniele 7:21) Malebana le “lonaka” lono, kana kgosi, moengele wa Modimo o ne a bolelela pele jaana: “E tlaa bua mafoko a a nyatsang Mogodimodimo, e tlaa lapisetsa ruri baitshepi ba Mogodimodimo; e tlaa solofela go fetola metlha le molao; mme ba tlaa tsenngwa mo seatleng sa yone go ba go tla go feta motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha.” (Daniele 7:25) Karolo eno ya boporofeti e ne ya diragadiwa jang, mme leng?
27. (a) “Baitshepi” ba ba bogisiwang ke lonaka “lo lonnye” ke bomang? (b) Lonaka lono lwa tshwantshetso lo ne lwa ikaelela jang go “fetola metlha le molao”?
27 “Baitshepi” ba ba bogisiwang ke lonaka “lo lonnye”—Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika—ke balatedi ba ga Jesu ba ba tloditsweng ka moya ba ba mo lefatsheng. (Baroma 1:7; 1 Petere 2:9) Dingwaga di le dintsi pele ga Ntwa ya Lefatshe I, masalela a batlodiwa bano a ne a tlhagisa phatlalatsa gore 1914 e ne e tla nna bokhutlo jwa “metlha ya baditšhaba.” (Luke 21:24) E rile go runya ntwa mo ngwageng oo, go ne go bonala sentle gore lonaka “lo lonnye” lo ne lo itlhokomolositse tlhagiso eno, ka gonne lo ne lwa tswelela fela lo tshwenya “baitshepi” ba ba tloditsweng. Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika o ne wa ba wa ganetsa le maiteko a bone a go diragatsa se Jehofa a se tlhokang mo go bone (kana “molao”) wa gore basupi ba gagwe ba rere dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Ka gone lonaka “lo lonnye” lo ne lwa leka go “fetola metlha le molao.”
28. “Motlha, le metlha le ntlha nngwe ya motlha” ke lobaka lo lo kana kang?
28 Moengele wa ga Jehofa o ne a bua ka lobaka lwa boporofeti lwa “motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha.” Ke lobaka lo lo kana kang? Gantsi baakgedi ba Baebele ba a dumalana gore polelo eno e raya metlha e le meraro le sephatlo—motlha o le mongwe, metlha e le mebedi, le ntlha nngwe ya motlha fa di kopantswe. E re ka “metlha e supa” ya botsenwa jwa ga Nebukadenesare e ne e le dingwaga di le supa, metlha e le meraro le bontlhanngwe jwa motlha ke dingwaga di le tharo le sephatlo.c (Daniele 4:16, 25) An American Translation e balega jaana: “Ba tla e neelwa ka sebaka sa ngwaga, dingwaga tse pedi, le sephatlo sa ngwaga.” Thanolo ya ga James Moffatt e bolela jaana: “Dingwaga di le tharo le sephatlo.” Lone lobaka loo lo a umakiwa mo go Tshenolo 11:2-7, e e bontshang gore basupi ba Modimo ba ne ba tla rera ba apere letsela la kgetsi dikgwedi di le 42, kana malatsi a le 1 260, mme morago ga moo ba tla bolawa. Lobaka lono lo simolotse leng mme lwa khutla leng?
29. Dingwaga di le tharo le sephatlo tsa boporofeti di ne tsa simolola leng mme jang?
29 Mo Bakereseteng ba ba tloditsweng, Ntwa ya Lefatshe I e ne e bolela motlha wa go lekwa. Fa 1914 e wela, ba ne ba lebeletse go bogisiwa. Tota e bile, temana ya ngwaga e e neng e tlhophetswe 1915 e ne e le potso e Jesu a neng a e botsa barutwa ba gagwe, “A lo kgona go nwa ga senwelo sa me?” E ne e theilwe mo go Mathaio 20:22, King James Version. Ka gone, go simolola ka December 1914, setlhophanyana seo sa basupi se ne se rera se “apere letsela la kgetsi.”
30. Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba tshwenngwa jang ke Mmuso wa Lefatshe wa Maesemane le Maamerika ka nako ya Ntwa ya Lefatshe I?
30 Fa ntwa e ntse e fagile, kganetso e ne e ntse e oketsega mo Bakereseteng ba ba tloditsweng. Bangwe ba bone ba ne ba tsenngwa mo kgolegelong. Batho bangwe, ba ba tshwanang le Frank Platt kwa Engelane le Robert Clegg kwa Canada, ba ne ba bogisiwa ke babusi ba ba setlhogo thata. Ka February 12, 1918, British Dominion of Canada e ne ya thibela bolumo ya bosupa e e neng e sa tswa go gatisiwa ya Studies in the Scriptures, ya setlhogo se se reng The Finished Mystery, mmogo le pampitshana ya setlhogo se se reng The Bible Students Monthly. Mo kgweding e e latelang, Lephata la Bosiamisi la United States le ne la bolela gore go anamisa bolumo eno ya bosupa go ne go se kafa molaong. Go ne ga felela ka eng? Ebu, go ne ga phuruphutshiwa matlo, batho ba amogiwa dibuka tsa bone, mme baobamedi ba ga Jehofa ba tshwarwa!
31. “Motlha, le metlha le ntlha nngwe ya motlha” di ne tsa khutla leng, mme jang?
31 Go tshwenngwa ga batlodiwa ba Modimo go ne ga gakala ka June 21, 1918, fa moporesidente J. F. Rutherford, le maloko a a eteletseng pele a Watch Tower Bible and Tract Society a ne a atlholelwa lobaka lo loleele mo kgolegelong ka ditatofatso tsa maaka. Ka boikaelelo jwa go “fetola metlha le molao,” lonaka “lo lonnye” lo ne lo kgonne go fedisa tiro ya go rera e e rulagantsweng. (Tshenolo 11:7) Ka jalo lobaka lo lo boleletsweng pele lwa “motlha, le metlha le ntlha nngwe ya motlha” lo ne lwa khutla ka June 1918.
32. Ke ka ntlha yang fa o ka bolela gore “baitshepi” ga ba ka ba nyelediwa ke lonaka “lo lonnye”?
32 Mme “baitshepi” ga ba a ka ba nyelediwa ke go tshwenngwa ke lonaka “lo lonnye.” Jaaka go boleletswe pele mo bukeng ya Tshenolo, morago ga go nna ba sa dire ka lobakanyana, Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba boa ba tshela gape mme ba simolola go tlhagafala gape. (Tshenolo 11:11-13) Ka March 26, 1919, moporesidente wa Watch Tower Bible and Tract Society le ditsala tsa gagwe ba ne ba gololwa mo kgolegelong, mme moragonyana ba gololwa mo ditatofatsong tsa maaka tse ba neng ba latofadiwa ka tsone. Ka bonako fela morago ga moo, masalela a a tloditsweng a ne a simolola go rulaganyetsa tiro e nngwe gape. Le fa go ntse jalo, go ne go tlile go direga eng ka lonaka “lo lonnye”?
MOGOLOGOLO WA MALATSI O TSHWARA TSHEKO
33. (a) Mogologolo wa Malatsi ke mang? (b) ‘Dibuka tse di neng tsa petlekwa’ mo Tshekong ya selegodimo e ne e le eng?
33 Morago ga go re bolelela ka ditshedi tse nnè, Daniele jaanong o tswa mo setsheding sa bonè gore a lebe se se diregang kwa legodimong. O bona Mogologolo wa Malatsi a nna mo setulong sa gagwe sa bogosi se se galalelang thata e le Moatlhodi. Mogologolo yono wa Malatsi ga se ope fa e se Jehofa Modimo. (Pesalema 90:2) Fa Tsheko ya selegodimo e tsena, Daniele o bona ‘dibuka di petlekwa.’ (Daniele 7:9, 10) E re ka Jehofa a sa bolo go nna a ntse a le teng go tswa bosasimologeng, o itse hisitori yotlhe ya batho jaaka e kete e kwadilwe mo bukeng. O ntse a etse tlhoko ditshedi tsotlhe tse nnè tsa tshwantshetso mme o kgona go di atlhola go ya ka se ene ka boene a se itseng.
34, 35. Go tlile go diregang ka lonaka “lo lonnye” le mebuso e mengwe ya sekaditshedi?
34 Daniele o tswelela pele jaana: “Ka leba ka lobaka loo ka ntlha ya lentswe la mafoko a magolo a lonaka lo a buang; ka nna ka leba fela ga tsamaya setshedi seo sa bolawa, le setoto sa sone sa senngwa, sa neelwa molelo go fisiwa. Ka ga ditshedi tse dingwe, puso ya tsone ya tlosiwa; le fa go ntse jalo botshelo jwa tsone jwa lelefadiwa ka motlha le lobaka.” (Daniele 7:11, 12) Moengele o bolelela Daniele jaana: “Tsheko e tlaa dula, mme ba tlaa e tlosetsa puso, go e nyeletsa le go e senya go ya kwa bokhutlong.”—Daniele 7:26.
35 Ka taelo ya Moatlhodi yo Mogolo, Jehofa Modimo, lonaka lo lo neng lwa tlhapaola Modimo lwa ba lwa tshwenya “baitshepi” ba gagwe lo tla diragalelwa ke se se diragaletseng Mmusomogolo wa Roma, o o neng wa bogisa Bakeresete ba ntlha. Bobusi jwa lone ga bo na go tswelela. Le jwa “dikgosi” tse dinnye tsa sekadinaka tse di neng tsa tswa mo Mmusomogolong wa Roma ga o na go tswelela. Le fa go ntse jalo, go tweng ka dipuso tse di tswang mo magosing a nako e e fetileng a sekaditshedi? Jaaka go boleletswe pele, matshelo a tsone a ne a lelefadiwa “ka motlha le paka.” Dinaga tsa teng di sa ntse di na le baagi go tla go fitlha mo motlheng wa rona. Ka sekai, Iraq e mo nageng e pele go neng go le Babelona wa bogologolo mo go yone. Peresia (Iran) le Gerika di sa ntse di le teng. Masalela a dipuso tseno tsa lefatshe ke karolo ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng. Magosi ano le one a tla nyelediwa fa mmuso wa lefatshe wa bofelo o nyelediwa. Dipuso tsotlhe tsa batho di tla nyelediwa kwa “ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe.” (Tshenolo 16:14, 16) Mme ka nako eo, ke mang yo o tla busang lefatshe?
PUSO E E NNETSENG RURI E GAUFI THATA!
36, 37. (a) “Mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho” ke mang, mme o ne a tlhagelela mo Tshekong ya selegodimo leng mme ka ntlha yang? (b) Ke eng se se neng sa tlhongwa ka 1914 C.E.?
36 “Ka leba mo diponatshegelong tsa bosigo, mme bonang!” go kua Daniele. “Ga tla mo marung a legodimo mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho, a tla fela kwa go [Mogologolo wa Malatsi], mme ba mo atametsa fa pele ga gagwe.” (Daniele 7:13) Fa Jesu Keresete a ne a le mo lefatsheng o ne a ipitsa “Morwa motho,” a bontsha kamano e a nang le yone le batho. (Mathaio 16:13; 25:31) Jesu fa a ne a bua le Sanehederine, kana kgotlatshekelokgolo ya Bajuda, o ne a re: “Lo tla bona Morwa motho a ntse kafa seatleng sa moja sa maatla mme a tla ka maru a legodimo.” (Mathaio 26:64) Ka jalo mo ponatshegelong eno ya ga Daniele, yo o tlang, a sa bonale mo matlhong a batho, mme a kgona go ya go tsena kwa go Jehofa Modimo e ne e le Jesu Keresete yo o tsositsweng, yo o galaleditsweng. Seno se ne sa direga leng?
37 Modimo o dirile kgolagano ya Bogosi le Jesu Keresete, fela jaaka a ne a e dirile le Kgosi Dafide. (2 Samuele 7:11-16; Luke 22:28-30) Fa “metlha ya baditšhaba” e ne e khutla ka 1914 C.E., Jesu Keresete, jaaka moruaboswa wa segosi wa ga Dafide, o ne a ka amogela puso ya Bogosi ka tshwanelo. Pego ya ga Daniele ya boporofeti e balega jaana: “A newa puso, le kgalalelo, le bogosi, gore batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo ba mo direle; puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, e e se ketlang e feta, le bogosi jwa gagwe ke jo bo se ketlang bo senngwa.” (Daniele 7:14) Ka gone Bogosi jwa Bomesia bo ne jwa tlhongwa kwa legodimong ka 1914. Le fa go ntse jalo, bobusi bo neelwa le ba bangwe gape.
38, 39. Ke bomang ba ba tla amogelang bobusi jo bo nnetseng ruri godimo ga lefatshe?
38 “Baitshepi ba Mogodimodimo ba tlaa amogela bogosi,” moengele o ne a rialo. (Daniele 7:18, 22, 27) Jesu Keresete ke moitshepi yo mogolo. (Ditiro 3:14; 4:27, 30) “Baitshepi” ba bangwe ba ba nang le seabe mo go buseng ke Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba ba ikanyegang ba ba 144 000, ba e leng baruaboswa ba Bogosi le Keresete. (Baroma 1:7; 8:17; 2 Bathesalonika 1:5; 1 Petere 2:9) Ba tsosiwa mo baswing e le mewa e e sa sweng gore ba ye go busa le Keresete kwa Thabeng ya Siona ya selegodimo. (Tshenolo 2:10; 14:1; 20:6) Ka gone, Keresete Jesu le Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba tsositsweng ba tla busa lefatshe la batho.
39 Malebana le bobusi jwa Morwa motho le “baitshepi” ba bangwe ba ba tsositsweng, moengele wa Modimo o ne a bua jaana: “Bogosi le puso, le bogolo jwa magosi a a tlase ga legodimo lotlhe, bo tlaa newa ba ga bone baitshepi ba Mogodimodimo; bogosi jwa gagwe ke bogosi jo bo sa khutleng, le dipuso tsotlhe di tlaa mo direla, di ineela mo go ene.” (Daniele 7:27) A bo batho ba ba kutlo ba tla segofala jang ne mo Bogosing joo!
40. Re ka solegelwa molemo jang ke go ela tlhoko toro le diponatshegelo tsa ga Daniele?
40 Daniele o ne a sa itse ka ditsela tse di molemolemo tse diponatshegelo tsa gagwe tse a di neilweng ke Modimo di neng di tla diragadiwa ka tsone. O ne a re: “Bokhutlo ke jone jo: Ka ga me, ke le Daniele megopolo ya me e ne ya mphudua thata, le sefatlhogo sa me sa fetoga mo go nna; mme selo seo ka se ipolokela mo pelong.” (Daniele 7:28) Le fa go ntse jalo, rona re tshela mo nakong e re kgonang go tlhaloganya go diragadiwa ga se Daniele a se boneng. Go ela tlhoko boporofeti jono go tla nonotsha tumelo ya rona go bo go thatafatsa tshepo ya rona gore Kgosi ya ga Jehofa ya Bomesia e tla busa lefatshe.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Gore re kgone go tlhaloganya seno sentle, le gore re se ka ra boaboeletsa dintlha di le dingwe fela, re tla tlotla ditemana tse di tlhalosang ponatshegelo eno tse di mo go Daniele 7:15-28 re di kopantse le tsa ponatshegelo ya Daniele 7:1-14 tse di tlotlwang temana ka temana.
b Bona Kgaolo 4 ya buka eno.
c Bona Kgaolo 6 ya buka eno.
O LEMOGILENG?
• Sengwe le sengwe sa ‘ditshedi tse dikgolo tse nnè tse di tlhatlogang di tswa mo lewatleng’ se tshwantshetsang?
• Lonaka “lo lonnye” lo emelang?
• “Baitshepi” ba ne ba tshwenngwa jang ke lonaka lo lonnye lwa tshwantshetso ka Ntwa ya Lefatshe I?
• Go tlile go diregang ka lonaka lo lonnye lwa tshwantshetso le mebuso e mengwe ya sekaditshedi?
• O solegetswe molemo jang ke go ela tlhoko toro ya ga Daniele le diponatshegelo tsa gagwe ka “ditshedi di le nnè tse ditona”?
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 149-152]
KGOSI E E SA GAGAMATSANG LETSOGO THATA
MOKWADI mongwe wa Mogerika wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. o mo gakologelwa e le kgosi e e sa gagamatsang letsogo thata le e e tlhomang sekao se se molemolemo. Mo Baebeleng o bidiwa “motlodiwa” wa Modimo le “nong e e phamolang” e e tlang “e tswa botlhabatsatsi.” (Isaia 45:1; 46:11) Kgosi e go buiwang jalo ka yone ke Kurose yo Mogolo, wa Peresia.
Go dira kgatelopele ga ga Kurose mo go neng ga felela ka gore a tume go ne ga simolola mo e ka nnang ka 560/559 B.C.E. fa a ne a tlhatlhama rraagwe e bong Cambyses I mo setulong sa bogosi sa Anshan, e bong motse kana kgaolo nngwe ya Peresia wa bogologolo. Ka nako eo, Anshan e ne e buswa ke Kgosi ya Media e bong Astyages yo o neng a busa dikgosi tse dingwe. Fa Kurose a ne a tsuologela bobusi jwa Media, o ne a fenya ka bonako ka gonne Astyages o ne a tlhanogelwa ke masole a gagwe. Ka go rialo Kurose a simolola go ikanngwa ke Bameda. Morago ga moo, Bameda le Baperesia ba ne ba lwa ba le seoposengwe ka fa tlase ga boeteledipele jwa gagwe. Puso ya Bameda le Baperesia e ne ya simolola jalo mme fa nako e ntse e tsamaya ya anama go tswa kwa Lewatleng la Aegean go fitlha kwa Nokeng ya Indus.—Bona mmapa.
Ka masole a a kopaneng a Bameda le Baperesia, Kurose o ne a simolola ka go ya go gapa lefelo le le neng le mo tshwenya—kgaolo e e kafa bophirima ya Media moo Kgosi ya Lidia e bong Croesus a neng a atolosetsa puso ya gagwe mo nageng ya Media gone. Kurose o ne a ya kwa molelwaneng o o kafa botlhaba wa Mmusomogolo wa Lidia kwa Asia Minor, mme a fenya Croesus a ba a gapa motsemogolo wa gagwe, e leng Saredise. Morago ga moo Kurose a fenya metse ya Ionia mme a dira gore Asia Minor yotlhe e nne karolo ya Mmusomogolo wa Bameda le Baperesia. Ka go dira jalo o ne a nna moganetsi yo mogolo wa Babelona le kgosi ya teng, e bong Nabonidase.
Morago ga moo Kurose o ne a ipaakanyetsa go ya go thulana le Babelona yo o nonofileng. Mme go tswa mo lobakeng lono go ya pele, o ne a nna le seabe mo go diragadiweng ga boporofeti jwa Baebele. Mo e ka nnang makgolo a le mabedi a dingwaga pelenyana, Jehofa o ne a umaka Kurose ka moporofeti Isaia, jaaka mmusi yo o neng a tla thankgola Babelona a bo a golola Bajuda mo botshwarong. Ke ka ntlha ya go tlhomiwa ga ga Kurose go sa le gale ka tsela eno go bo Dikwalo di mmitsa “motlodiwa” wa ga Jehofa.—Isaia 44:26-28.
Fa Kurose a ne a tsogologela Babelona ka 539 B.C.E., o ne a lebana le bothata jo bo seng kana ka sepe. Motse ono o o neng o dikologilwe ke dipota tse dikgolo le mosele o o boteng o o atlhameng o o neng o dirilwe ke noka ya Euferatese, o ne o bonala go ka se kgonege go tsena mo go one. Moo Euferatese e neng e ralala Babelona gone, go ne go na le lobota lo e neng e kete ke thaba, lo na le dikgoro tse dikgolo tsa kgotlho go ya le losi lwa noka. Kurose o ne a ka kgona jang go gapa Babelona?
Mo e ka nnang go feta lekgolo la dingwaga pelenyana, Jehofa o ne a bolelela pele “leuba mo dinokeng tsa gagwe” a ba a bolela gore “di tla tšha.” (Jeremia 50:38) Fela jaaka boporofeti jono bo ne jwa bolela, Kurose o ne a faposa metsi a Noka ya Euferatese dikilometara di sekae kafa bokone jwa Babelona. Morago ga moo masole a gagwe a ne a gobua mo moseleng oo wa noka, ba palama motlhatlogo o o yang kwa loboteng, mme ba tsena motlhofo fela mo motseng ka gonne dikgoro tsa kgotlho di ne di tlogetswe di butswe. Jaaka “nong e e phamolang” e e tlolelang ka bonako mo selong se e batlang go se bolaya, mmusi yono go “tswa botlhabatsatsi”—kwa botlhaba—o ne a gapa Babelona mo bosigong bo le bongwe fela!
Mo Bajudeng ba ba kwa Babelona, phenyo ya ga Kurose e ne e bolela go fitlha ga go gololwa ga bone mo botshwarong mo ba sa bolong go nna ba go letetse le bokhutlo jwa go swafala ga nagagae ya bone mo go tsereng dingwaga di le 70. A bo ba tshwanetse ba bo ba ne ba itumetse jang ne fa Kurose a ntsha taelo ya gore ba boele kwa Jerusalema ba bo ba age tempele sesha! Kurose gape o ne a ba busetsa le dilwana tse di tlhwatlhwakgolo tsa tempele tse Nebukadenesare a neng a di isitse kwa Babelona, a ntsha tetla ya segosi ya gore ba romelelwe dikgong go tswa kwa Lebanona, a ba a dumelela gore go dirisiwe madi a a tswang mo ntlong ya kgosi go duelela ditshenyegelo tsa kago.—Esera 1:1-11; 6:3-5.
Gantsi Kurose o ne a le pelontle e bile a sa gagamatse letsogo thata fa a dirisana le batho ba a neng a ba fentse. Lengwe la mabaka a go bo a ne a dira jalo e ka tswa e ne e le bodumedi jwa gagwe. Go ka direga gore Kurose o ne a tshwareletse mo dithutong tsa moporofeti wa Moperesia e bong Zoroaster e bile a obamela Ahura Mazda—modimo o go neng go dumelwa gore ke mmopi wa sengwe le sengwe se se molemo. Farhang Mehr o kwala jaana mo bukeng ya gagwe ya The Zoroastrian Tradition: “Zoroaster o ne a tlhalosa Modimo a itekanetse mo boitshwarong. O ne a bolelela batho gore Ahura Mazda ga a ke a ipusolosetsa mme o siame e bile, ka ntlha ya moo, ga a tshwanela go boifiwa mme o tshwanetse go ratiwa.” Go dumela mo modimong o o nang le boitshwaro le o o siameng go ka nna ga bo go ile ga ama tsela e Kurose a neng a dira dilo ka yone mme ga mo dira gore a nne pelonomi le tshiamo.
Le fa go ntse jalo, kgosi eno e ne e sa kgone go itshokela maemo a bosa a kwa Babelona. O ne a sa kgone go itshokela dikgwedi tse di fisang thata tsa selemo tsa koo. Ka jalo le fa Babelona e ne ya tswelela e le motse wa segosi wa mmusomogolo ono, e bile e le lefelo la bodumedi le setso, gantsi o ne a e dirisetsa fela go nna motse o a fetisang mariga mo go one. Tota e bile, morago ga go fenya Babelona, Kurose o ne a boela ka bonako kwa motsemogolong wa gagwe wa selemo wa Ekabatana, o o ka nnang dimitara di le 1 900 go tswa mo bogodimong jwa lewatle, fa mohapheng wa Thaba ya Alwand. Koo, o ne a rata mariga a a neng a se tsididi go le kalo ka ntlha ya mogote o o itumedisang wa selemo se se neng se sa tswa go feta. Kurose gape o ne a aga ntlo e ntle ya segosi mo motsemoshateng wa gagwe wa pele, e bong Pasargadae (gaufi le Persepolis), dikilometara di le 650 go ya kwa borwabotlhaba jwa Ekabatana. Bonno koo o ne a bo dirisetsa go ikhutsa.
Ka gone Kurose o tla nna a gakologelwa e le mofenyi yo o pelokgale le kgosi e e sa gagamatsang letsogo thata. Puso ya gagwe ya dingwaga di le 30 e ne ya khutla fa a swa ka 530 B.C.E. fa a ne a le mo letsholong la sesole. Morwawe e bong Cambyses II o ne a mo tlhatlhama mo setulong sa bogosi sa Peresia.
O LEMOGILENG?
• Kurose wa Moperesia o ne a itshupa jang e le “motlodiwa” wa ga Jehofa?
• Kurose o ne a direla batho ba ga Jehofa tiro efe e e botlhokwatlhokwa?
• Kurose o ne a tshwara jang batho ba a neng a ba fentse?
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
MMUSOMOGOLO WA BAMEDA LE BAPERESIA
MAKEDONIA
Memphis
EGEPETO
ETHIOPIA
Jerusalema
Babelona
Ekabatana
Susa
Peresepolisa
INDIA
[Setshwantsho]
Lebitla la ga Kurose, kwa Pasargadae
[Setshwantsho]
Leje le le betlilweng kwa Pasargadae, le le nang le setshwantsho sa ga Kurose
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 153-161]
KGOSI E POTLANA E FENYA LEFATSHE
DINGWAGA di ka nna 2 300 tse di fetileng, mojenerale mongwe wa sesole yo o neng a na le meriri e mesetlha, a le mo dingwageng tsa bo20, o ne a eme mo losing lwa Lewatle la Mediterranean. O ne a tlhomile matlho kwa motseng wa setlhaketlhake o o neng o le bokgakala jwa sekgala sa kilometara go tswa fa go ene. E re ka a ile a kganelwa go tsena mo go one, mojenerale yo o neng a galefile yono o ne a ikaelela gore o tla gapa motse oo. O ne a rulagantse go o tlhasela jang? Go aga letsibogo le le kgabaganyetsang kwa setlhaketlhakeng seno a bo a bolotsa masole a gagwe gore a ye go tlhasela motse ono. Letsibogo le ne le setse le simolotse go agiwa.
Mme molaetsa mongwe go tswa kwa kgosing e kgolo ya Mmusomogolo wa Peresia o ne wa thiba mojenerale yo mmotlana yono. E re ka mmusi wa Peresia a ne a gakaletse go dira kagiso, o ne a mo solofetsa mpho e e sa tlwaelegang: ditalenta di le 10 000 tsa gouta (diranta di feta dikete di le dimilione di le 12 go ya ka madi a gompieno), go mmeelela mongwe wa bomorwadia kgosi gore a mo nyale, le go mo dira mmusi wa karolo yotlhe e e kafa bophirima ya Mmusomogolo wa Peresia. Mojenerale yono o ne a solofetswa gore o tla newa gotlhe gono fa a ka busa lelapa la kgosi, le a neng a le gapile.
Molaodi yono wa sesole yo o neng a lebanwe ke go dira tshwetso ya gore a ke a amogele kana a gane mpho eno e ne e le Alexander III wa Makedonia. A o tshwanetse go amogela mpho eno? “E ne e le nako ya go dira tshwetso e e botlhokwa thata mo lefatsheng leo la bogologolo,” go bolela jalo mokwalahisitori e bong Ulrich Wilcken. “Eleruri diphelelo tsa tshwetso ya gagwe di ama ditiragalo go ralala Metlha ya Bogare go tla go fitlha mo motlheng wa rona, kwa Botlhaba fela jaaka kwa Bophirima.” Pele ga re tlhatlhoba karabo ya ga Alexander, mma re bone gore ke ditiragalo dife tse di neng tsa gogela kwa lobakeng lono lo lo botlhokwatlhokwa.
SE SE MO DIRILENG MOFENYI
Alexander o tsholetswe kwa Pella, kwa Makedonia, ka 356 B.C.E. Rraagwe e ne e le Kgosi Philip II, mme mmaagwe e le Olympias. Alexander o ne a rutwa ke mmaagwe gore dikgosi tsa Makedonia di ne di tswa mo go Hercules, morwa modimo wa Gerika e bong Zeus. Go ya ka Olympias, mogologolwane wa ga Alexander e ne e le Achilles, mogale mo lebokong la ga Homer la Iliad. E re ka a ne a bopilwe mogopolo jalo ke batsadi ba gagwe gore e nne mofenyi le go bona kgalalelo ya segosi, Alexander yo mmotlana yono o ne a sa kgatlhegele dilo tse dingwe. Fa a ne a bodiwa gore a o ne a ka thuba lobelo mo Metshamekong ya Diolimpiki, Alexander o ne a bontsha gore o ne a ka dira jalo fa e le gore o ne a tla bo a taboga le dikgosi. Keletso ya gagwe e ne e le go dira dilo tse dikgolo go feta tsa ga rraagwe le go bona kgalalelo ka go fitlhelela dilo tse dintsi.
Fa a le dingwaga di 13, Alexander o ne a rutiwa ke rafilosofi wa Mogerika e bong Aristotle, yo o neng a mo thusa go nna le kgatlhego mo dilong tsa filosofi, kalafi, le saense. Ga go itsiwe gore dithuto tsa filosofi tsa ga Aristotle di fetotse tsela ya go akanya ya ga Alexander go le kana kang. “Go bonala banna ba babedi bano ba ne ba sa dumalane mo dilong di le dintsi,” go bolela jalo Bertrand Russell, rafilosofi wa lekgolo la bo20 la dingwaga. “Dikgopolo tsa ga Aristotle tsa sepolotiki di ne di theilwe mo pusong e e ikemetseng ka nosi ya Gerika e e neng e setse e nyelela.” Kgopolo ya go nna le puso e nnye e e ipusang e ne e ka se ka ya kgatlha kgosana eno e e batlang maemo e e neng e batla go aga mmusomogolo thata o o laolang gotlhe. Alexander gape o tshwanetse a bo a ne a sa tshepe thuto ya ga Aristotle ya go tshwara batho ba e seng Bagerika jaaka makgoba, ka gonne o ne a ipona a bopile mmusomogolo o mo go one go neng go tla nna le bolekane jo bogolo mo gare ga bafenyi le bafenngwa.
Le fa go ntse jalo, ga go na pelaelo gore Aristotle o ne a dira gore Alexander a rate go bala le go ithuta. Alexander o ne a fetsa botshelo jotlhe jwa gagwe e le sebadi, a rata thata dibuka tsa ga Homer. Go bolelwa gore o ne a ithuta maboko a Iliad—mela yotlhe e le 15 693 ya maboko ao—ka tlhogo.
Go rutwa ke Aristotle go ne ga kgaotsa ka tshoganyetso fela ka 340 B.C.E. fa kgosana eno ya dingwaga di le 16 e ne e boela kwa Pella go ya go busa Makedonia fa rraagwe a ne a seyo. Mme kgosana eno e e neng e tlhatlhama mo setulong sa bogosi ga ya ka ya tlhola e senya nako go itshupa mo ditirong tsa sesole. Se se neng sa itumedisa Philip ke gore ka bonako o ne a fedisa lotso lo lo tsuololang lwa kwa Thrace lwa Maedi, a gapa motse wa bone o mogolo, mme a bitsa lefelo leo ka leina la gagwe a re Alexandroúpolis.
GO TSWELELA PELE KA PHENYO
Go lobelwa dintsi ga ga Philip ka 336 B.C.E. go ne ga dira gore Alexander wa dingwaga tse 20 a nne mojaboswa wa setulo sa bogosi sa Makedonia. Fa Alexander a tsena Asia kafa Hellespont (e jaanong e leng Dardanelles) ka dikgakologo tsa 334 B.C.E., o ne a simolola letsholo la go fenya ka mophato o monnye mme o nonofile wa masole a le 30 000 a a tsamayang ka dinao le a le 5 000 a a palamang dipitse. Ba ba neng ba tsamaya le masole a gagwe e ne e le baenjeniri, batlhatlhobi ba naga, batlhami ba dipolane, baitsesaense, le bakwalahisitori.
Kwa Nokeng ya Granicus kwa sekhutlong se se kafa bokonebophirima jwa Asia Minor (e jaanong e leng Turkey), Alexander o ne a fenya ntwa ya gagwe ya ntlha kgatlhanong le Baperesia. Mo marigeng ao o ne a fenya karolo e e kwa bophirima ya Asia Minor. Letlhabula le le latelang ntwa ya bobedi ya makgaolakgang le Baperesia e ne ya lwelwa kwa Issus, kwa sekhutlong se se kwa borwabotlhaba jwa Asia Minor. Kgosi Dario III yo mogolo wa Peresia o ne a tla go kgatlhantsha Alexander koo ka mophato wa banna ba ka nna sephatlo sa milione. Dario yo o neng a itshepile thata o ne a tla gape le mmaagwe, mosadi wa gagwe le maloko a mangwe a lelapa la gagwe gore ba tle go bona se e neng e tlile go nna phenyo e e kgatlhang thata. Mme Baperesia ba ne ba sa ipaakanyetsa tlhaselo ya ka tshoganyetso le e e bogale ya Bamakedonia. Masole a ga Alexander a ne a fenya masole a Peresia ka mo go feletseng, mme Dario a tlhanola direthe, a tlogela lelapa la gagwe mo diatleng tsa ga Alexander.
Go na le gore a lelekise Baperesia ba ba tshabang, Alexander o ne a gwantela kwa borwa go bapa le Lotshitshi lwa Mediterranean, a gapa mathibelelo a a nonofileng a dikepe tsa ntwa tsa Peresia. Mme motse o o mo setlhaketlhakeng wa Ture o ne wa emelana le tlhaselo eno. E re ka a ne a ikaeletse go o gapa, Alexander o ne a simolola go o dikanyetsa sebaka sa dikgwedi di le supa. Fa a ntse a o dikanyeditse jalo Dario o ne a mo solofetsa mpho e e umakilweng pelenyana ya gore ba dire kagiso. Mpho eno e ne e le e e gogelang tota mo e leng gore go begwa fa mogakolodi yo o ikanyegang wa ga Alexander e bong Parmenio a ne a bolela jaana: ‘Fa nka bo ke le Alexander, ke ne ke tla e amogela.’ Mme mojenerale yo mmotlana ene a araba ka gore: ‘Le nna ke ne ke tla e amogela, fa ke ne ke le Parmenio.’ Alexander o ne a gana go tsenela ditherisano ka seno mme a tswelela a o dikanyeditse mme a senya mohumagadi yoo yo o ikgantshang wa lewatle ka July 332 B.C.E.
E ne ya re fa Alexander a rekegela Jerusalema, e e neng ya ineela mo go ene, a ya kwa borwa, a gapa Gaza. Egepeto e e neng e lapisitswe ke puso ya Peresia e ne ya mo amogela jaaka mogolodi. Fa a le kwa Memphis o ne a ntshetsa poo ya Apis ditlhabelo, ka go dira jalo a itumedisa baperesiti ba Egepeto. Gape o ne a thaya motse wa Alexandria, oo moragonyana o neng o gaisana le wa Athena jaaka lefelo la konokono le go ithutelwang mo go lone mme o sa ntse o bidiwa ka leina la gagwe.
Morago ga moo, Alexander a leba kwa bokonebotlhaba, a feta ka Palesetina le go ela kwa Nokeng ya Tigris. Ka ngwaga wa 331 B.C.E., o ne a lwa lekgetlho la boraro le Baperesia, e le ntwa ya makgaolakgang kwa Gaugamela, lefelo le le seng kgakala thata le matlotla a a wang a Ninefe. Fano banna ba le 47 000 ba ga Alexander ba ne ba fekeetsa masole a a neng a rulagantswe sesha a Peresia a a neng a ka nna 250 000! Dario a tswa a tshaba mme moragonyana a bolawa ke batho ba gagwe ka namana.
Ka ntlha ya phenyo e a neng a e bone, Alexander o ne a leba kwa borwa mme a gapa motsemogolo wa Peresia wa mariga e leng Babelona. Gape o ne a nna mo metsemegolong ya Susa le Peresepolisa, a gapa bobolokelomatlotlo jo bogolo thata jwa Peresia a ba a ja ntlo e tona ya segosi ya ga Serese ka molelo. Kgabagare motsemogolo wa Ekabatana wa wela kafa go ene. Mofenyi yo o bofefo yono o ne jaanong a fenya karolo yotlhe e e setseng ya Peresia, a ya go fitlha le kwa botlhaba kwa Nokeng ya Indus, e e mo go se gompieno e leng Pakistan.
E rile Alexander a kgabaganya Indus, kgaolo e e leng molelwane wa porofensi ya Peresia ya Taxila, a kopana le moemakgatlhanong le ene yo mogolo thata, kgosi ya India e bong Porus. Alexander o ne a lwa le ene a lwa ntwa ya bonè e bile e le ya bofelo e kgolo, ka June 326 B.C.E. Mophato wa ga Porus o ne o akaretsa masole a le 35 000 le ditlou di le 200, tse di neng di tshosa dipitse tsa Bamakedonia. E ne e le ntwa ya matlho mahibidu le tshololo e kgolo ya madi, mme masole a ga Alexander a ne a fenya. Porus o ne a ineela mme a nna mothusi wa gagwe.
Go ne go fetile dingwaga di le robedi fa e sa le masole a Makedonia a kgabaganyetsa kwa Asia, mme masole ano jaanong a ne a lapile e bile a tlhologeletswe gae. E re ka a ne a lapisitswe ke go lwa ntwa e e matlho mahibidu le Porus, a ne a batla go boela gae. Le fa Alexander a ne a okaoka kwa tshimologong, kgabagare o ne a dira jaaka ba ne ba eletsa. Eleruri, Gerika e ne e fetogile mmuso wa lefatshe. E re ka go ne go tlhomilwe dikolone tsa Gerika mo mafatsheng a a fentsweng, puo ya Segerika le setso sa teng di ne tsa anamela mo pusong yotlhe ya yone.
MONNA YO O DIRISANG THEBE
Selo se se neng se dira gore masole a Makedonia a nne a ntse a le mmogo mo dingwageng tseno tsotlhe tsa phenyo e ne e le botho jwa ga Alexander. Morago ga dintwa, Alexander o ne a tlwaetse go nna a tlhola ba ba gobetseng, a lekola dintho tsa bone, a baka masole ka ntlha ya bogatlhamela masisi jwa one, a ba a a leboga ka go a ntshetsa moneelo wa madi go ya ka tsela e a dirileng ka yone. Fa e le ka ba ba swetseng mo ntweng, Alexander o ne a ba rulaganyetsa phitlho e e tlotlegang. Batsadi le bana ba banna ba ba swetseng kwa ntweng ba ne ba rebolwa mo go dueleng makgetho le ditirelo tse dingwe. Go ba lapolosa morago ga ntwa, Alexander o ne a rulaganya metshameko le dikgaisano dingwe. Nako nngwe o ne a ba a rulaganyetsa gore banna ba ba neng ba sa tswa go nyala ba tlogedisiwe tiro ka nakwana, go dira gore ba kgone go fetsa mariga ba na le basadi ba bone, kwa Makedonia. Dilo tse di tshwanang le tseno di ne di dira gore banna ba gagwe ba mo rate ba bo ba mo tlotle.
Malebana le go nyala ga ga Alexander Mohumagatsana wa Bactria e bong Roxana, mokwalahisitori ya matshelo a batho wa Mogerika e bong Plutarch o kwala jaana: “Ba ne ba ratana tota, le fa go ntse jalo go bonala seno e ne e le ka ntlha ya se a neng a batla go se fitlhelela. Ka gonne go ne go itumedisa batho ba ba fentsweng go mmona a tlhopha mosadi mo gare ga bone, mme go ne ga dira gore ba ikutlwe ba mo rata thata, go fitlhela gore mo mothong a le esi fela yo ene, motho yo o kgonang go itshwara go ba feta botlhe, a neng a fentswe ke lorato lwa gagwe, o ne a kgona go ithiba go fitlhela a mo newa semolao le ka tsela e e tlotlegang.”
Alexander gape o ne a tlotla manyalo a batho ba bangwe. Le mororo mosadi wa ga Kgosi Dario e ne e le motshwarwa wa gagwe, o ne a tlhokomela gore o tshwarwa ka tsela e e tlotlegang. Ka tsela e e tshwanang, e rile a utlwa gore masole a mabedi a Makedonia a ile a sotla basadi ba batswakwa bangwe, o ne a laela gore ba bolawe fa ba ka bonwa molato.
Fela jaaka mmaagwe, e bong Olympias, Alexander e ne e le motho yo o ineetseng thata mo bodumeding. O ne a tle a ntshe ditlhabelo pele ga ntwa nngwe le nngwe le morago ga yone a bo a botsa baitseanape ba gagwe ka se se bolelwang ke ditshupo dingwe tse di bolelelang pele isagwe. Gape o ne a botsa mo moperesiting wa sesadi wa kwa Amone, kwa Libia. Mme kwa Babelona o ne a latela ditaelo tsa Bakaladea malebana le ditlhabelo, bogolo jang tse di ntshediwang modimo wa Babelona e bong Bel (Maraduke).
Le mororo Alexander e ne e le motho yo o lekanyetsang mo tseleng e a neng a ja ka yone, la bofelo o ne a ineela go nwa bobe. O ne a bua bobe fa a ntse a nwa senwelo sengwe le sengwe sa beine a tla a ntse a ikgantsha ka dilo tse a di fitlheletseng. Nngwe ya ditiro tse di maswe thata tse Alexander a neng a di dira e ne e le go bolaya tsala ya gagwe e bong Clitus, fa a ne a galefile morago ga go tlhapelwa. Mme Alexander o ne a ikwatlhaya fela thata mo e leng gore o ne a fetsa malatsi a le mararo a robetse mo bolaong, a sa je lefa e le go nwa sepe. Kgabagare ditsala tsa gagwe di ne tsa kgona go mo dira gore a je.
Fa nako e ntse e tsamaya, go eletsa kgalalelo ga ga Alexander go ne ga nna le diphelelo tse dingwe tse di sa siamang. O ne a simolola go dumela ditatofatso dingwe le dingwe fela tsa maaka mme a simolola go otlhaya ka bosetlhogo jo bogolo thata. Ka sekai, e rile a sena go bolelelwa gore Philotas o ne a le gareng ga ba ba neng ba leka go mmolaya, Alexander o ne a dira gore ene le rraagwe, e bong Parmenio, mogakolodi yo a kileng a bo a mo ikanya thata, ba bolawe.
GO FENNGWA GA GA ALEXANDER
Ka bonako fela morago ga go boela kwa Babelona, Alexander o ne a tshwarwa ke letshoroma la malaria, le le neng la se ka la tlhola le fola. Ka June 13, 323 B.C.E., morago ga go tshela dingwaga di le 32 fela le dikgwedi di le 8, Alexander o ne a ineela mo mmabeng yo mogolo go gaisa botlhe, e leng loso.
Go ne go ntse fela jaaka motlhalefi mongwe wa Moindia a ne a bolela a re: “Ao wena Kgosi Alexander, mongwe le mongwe o ruile karolo e nnye fela ya lefatshe, jaaka eno e re leng mo go yone; mme wena, le mororo o le motho fela jaaka batho ba bangwe, kwantle fela ga gore o ditiro dintsi e bile ga o ineele, o kgarakgatshega mo lefatsheng leno lotlhe kgakala le legae, o tshwenyegile wena ka bowena, e bile o tshwenya le ba bangwe. Mme go ise go ye kae o tlile go swa, mme o tla rua fela karolonyana ya lefatshe e e lekaneng go go fitlha.”
O LEMOGILENG?
• Alexander yo Mogolo o godile jang?
• Ka bonako fela morago ga go newa setulo sa bogosi sa Makedonia, Alexander o ne a simolola letsholo la eng?
• Tlhalosa dingwe tsa diphenyo tsa ga Alexander.
• Go ka tweng ka botho jwa ga Alexander?
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
DIPHENYO TSA GA ALEXANDER
MAKEDONIA
EGEPETO
Babelona
Noka ya Indus
[Setshwantsho]
Alexander
[Setshwantsho]
Aristotle le morutwa wa gagwe e bong Alexander
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe]
[Setshwantsho]
Metale o go tweng o ne o na le setshwantsho sa ga Alexander yo Mogolo
[Lebokoso/Setshwantsho 162, 163]
BOGOSI JO BOGOLO BO A KGAOGANA
MALEBANA le bogosi jwa ga Alexander yo Mogolo, Baebele e ne ya bolelela pele gore bo tla thujwa bo bo bo kgaoganngwa “mme e seng kwa go ba losika lwa ga yone.” (Daniele 11:3, 4) Ka gone, mo nakong ya dingwaga di le 14 morago ga loso lwa tshoganyetso lwa ga Alexander ka 323 B.C.E., morwawe wa ka fa molaong e bong Alexander IV le morwawe wa dikgora e bong Heracles ba ne ba lobelwa dintsi.
Ka ngwaga wa 301 B.C.E., bajenerale ba le banè ba ga Alexander ba ne ba itlhoma go nna babusi mo pusong e kgolo thata e molaodi wa bone wa masole a neng a e agile. Mojenerale Cassander o ne a busa Makedonia le Gerika. Mojenerale Lysimachus o ne a newa Asia Minor le Thrace. Mesopotamia le Siria di ne tsa ya kwa go Seleucus I Nicator. Mme Ptolemy Lagus, kana Ptolemy I, o ne a busa Egepeto le Palesetina. Ka gone go tswa mo bogosing bo le bongwe jo bogolo jwa ga Alexander go ne ga tsoga magosi a le manè a Gerika.
Mo magosing a manè ano a Gerika, jwa ga Cassander bo ne jwa tsaya nako e khutshwane thata. Dingwaga di le mmalwa morago ga gore Cassander a simolole go busa, banna botlhe ba losika lwa gagwe ba ne ba fela, mme ka 285 B.C.E., Lysimachus o ne a tsaya karolo e e kwa Yuropa ya Mmusomogolo wa Gerika. Dingwaga di le nnè moragonyana, Lysimachus o ne a swela mo ntweng fa a ne a lwa le Seleucus I Nicator, mme seo sa dira gore a buse karolo e kgolo ya dinaga tsa Asia. Seleucus o ne a nna wa ntlha wa losika lwa dikgosi lwa ga Seleucus kwa Siria. O ne a thaya Antioka kwa Siria mme a e dira motsemogolo wa gagwe o mosha. Seleucus o ne a bolawa ka 281 B.C.E., mme losika lwa segosi lo a neng a lo tlhomile lo ne lwa tswelela lo busa go fitlha ka 64 B.C.E. fa Mojenerale wa Roma e bong Pompey a ne a dira Siria porofensi ya Roma.
Mo dikarolong di le nnè tsa mmuso wa ga Alexander, bogosi jwa ga Ptolemy bo ne jwa tsaya lobaka lo loleele. Ptolemy I o ne a simolola go bidiwa kgosi ka 305 B.C.E. mme a nna wa ntlha wa dikgosi tsa Makedonia, kana Bofaro, ba Egepeto. Fa a ne a dira gore Alexandria e nne motsemogolo, ka yone nako eo o ne a simolola thulaganyo ya go dira metsesetoropo. Nngwe ya dikago tse dikgolo tsa gagwe e ne e le Alexandrian Library e e itsegeng thata. Ptolemy o ne a tlisa mokanoki mongwe yo o itsegeng thata wa Moathena go tswa kwa Gerika, e bong Demetrius Phalereus gore a tle go lebelela kago eno. Go begwa gore ka lekgolo la ntlha la dingwaga C.E., laeborari eno e ne e na le memeno e le milione o le mongwe. Losika lwa segosi lwa ga Ptolemy lo ne lwa tswelela lo busa kwa Egepeto go fitlha e digwa ke Baroma ka 30 B.C.E. Ka nako eo Roma e ne ya tsaya boemo jwa Gerika jwa go nna mmusomogolo wa lefatshe.
O LEMOGILENG?
• Mmusomogolo wa ga Alexander o ne wa kgaoganngwa jang?
• Losika lwa dikgosi lwa ga Seleucus lo ne lwa tswelela lo busa go fitlha leng kwa Siria?
• Bogosi jwa ga Ptolemy jwa Egepeto bo ne jwa khutla leng?
[Mmapa]
(For fully formatted text, see publication)
GO KGAOGANA GA MMUSOMOGOLO WA GA ALEXANDER
Cassander
Lysimachus
Ptolemy I
Seleucus I
[Ditshwantsho]
Ptolemy I
Seleucus I
[Setshwantsho mo go tsebe 139]
(For fully formatted text, see publication)
MEBUSO YA LEFATSHE YA BOPOROFETI JWA GA DANIELE
Setshwantsho se se boitshegang (Daniele 2:31-45)
Ditshedi tse nnè tse di tswang mo lewatleng (Daniele 7:3-8, 17, 25)
BABILONIA go tloga ka 607 B.C.E.
BAMEDA LE BAPERESIA go tloga ka 539 B.C.E.
GERIKA go tloga ka 331 B.C.E.
ROMA go tloga ka 30 B.C.E.
MMUSO WA LEFATSHE WA MAESEMANE LE MAAMERIKA go tloga ka 1763 C.E.
LEFATSHE LE LE KGAOGANENG KA DIPOLOTIKI mo motlheng wa bofelo
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 128]
[Setshwantsho se se tletseng mo go tsebe 147]