-
Dirisa Baebele ka Tsela e e MolemoTirelo ya Bogosi—2004 | September
-
-
2. (a) Re ka simolola motlotlo wa rona jang ka temana? (b) Ke ditlhogo dife tse di tswang mo Dikwalong tse di ka kgatlhang batho ba re kopanang le bone mo tshimong?
2 Simolola ka Temana: Baboledi bangwe ba simolola puisano ya bone ka go botsa mong wa ntlo potso e e motlhofo ka temana ya Baebele e ba tlileng go e bala e re morago ga foo ba e bale. Seno se dira gore ka bonako fela ba lebise tlhokomelo mo Lefokong la Modimo. A dingwe tsa ditsela tseno tsa go simolola motlotlo di ka nna le matswela mo tshimong ya lona?
◼ “Fa o ne o na le nonofo ya go dira jalo, a o ne o tla tlisa diphetogo tseno?” Bala Tshenolo 21:4.
◼ “Ke ka ntlha yang fa re tshela mo dinakong tsa mathata jaana?” Bala 2 Timotheo 3:1-5.
◼ “A o akanya gore lefelo le re nnang mo go lone e ne e ka nna lefelo le le molemo fa mongwe le mongwe a ne a latela kgakololo eno?” Bala Mathaio 7:12.
◼ “A o akanya gore bana ba gago ba ne ba ka itumelela maemo a a tlhalositsweng mono?” Bala Pesalema 37:10, 11.
◼ “A o akanya gore maemo a a tlhalosiwang fano a tla tsamaya a direga?” Bala Isaia 33:24.
◼ “A o ne o itse ka phetogo e e tlhalosiwang fano e e tlileng go direga mo pusong?” Bala Daniele 2:44.
◼ “A o kile wa ikutlwa o batla go botsa Modimo potso eno?” Bala Jobe 21:7.
◼ “A go ka direga gore re boe re bone baratiwa ba rona ba ba suleng?” Bala Johane 5:28, 29.
-
-
Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka GoneTirelo ya Bogosi—2004 | September
-
-
Kafa re ka Buelelang Dimakasine ka Gone
Tora ya Tebelo Sept. 15
“Dimilione tsa batho di tle di bue mafoko ano a a itsegeng thata fa di rapela. [Bala Mathaio 6:10.] O akanya gore botshelo bo ka bo bo ntse jang fa thato ya Modimo e ka bo e dirwa ka botlalo mo lefatsheng? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o sekaseka karolo nngwe le nngwe ya Thapelo ya Morena go akaretsa le karolo e re fetsang go e bala gone jaanong.”
Tora ya Tebelo Oct. 1
“Rotlhe re eletsa go bona bokebekwa, thubakanyo le ntwa di khutlisitswe. A o akanya gore re tla tsamaya re bona mafoko ano a diragadiwa? [Bala Pesalema 37:11. Morago ga moo o mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlotla kafa tsholofetso eno e amanang ka gone le maikaelelo a Modimo a neng a na le one kwa tshimologong ka batho le kafa re ka nnang le seabe mo go one ka gone.”
Tsogang! Oct. 8
“Batho ba le bantsi ba amegile thata ka bothata jo bo golang mo basheng—go nwa bobe. A o setse o kile wa utlwa ka gone? [Mo letle gore a arabe. Morago ga moo o bo o bala Diane 20:1.] Go nwa bobe go ka dira gore basha ba tlhagelwe ke dikotsi tse dintsi. Setlhogo seno se na le tshedimosetso e e ka ba thusang go gana tlhotlheletso ya go nwa bojalwa ka tsela e e sa tshwanelang.”
“A ga go utlwise botlhoko gore ngwaga le ngwaga basha ba le dimilione milione ba ba sa nyalwang ba a ima? [Mo letle gore a arabe.] Makasine ono o tlhalosa dikgato tse ba ka di tsayang gore ba kgone go lebana le dikgwetlho tsa go nna bommè ba sa ntse ba le basha. Gape o tlhalosa kafa batsadi ba ka thusang bana ba bone ka gone gore ba se ka ba wela mo bothateng jono.” Bala 2 Timotheo 3:15.
-