LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/05 ts. 11
  • A o Dirisa Dipampitshana Tsa Taletso?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Dirisa Dipampitshana Tsa Taletso?
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dirisa Dipampitshana Tsa Taletso ka Tsela e e Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Itsise Kopano ya Kgaolo ya “Kgololo e Atametse!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Phasalatsa Kopano ya Kgaolo ya “Latela Keresete!”
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2007
  • Go Neela Mafoko a a Molemo—Ka Dipampitshana le Dipampitshana Tsa Taletso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2005
km 10/05 ts. 11

A o Dirisa Dipampitshana Tsa Taletso?

Letsatsi lengwe mosimane mongwe yo o nang le dingwaga di le 11 o ne a sela pampitshana ya taletso e mo go yone batho ba neng ba lalediwa go tla go reetsa puo e e buang ka dihele. Moragonyana o ne a bolela jaana: “Ke ne ka kgatlhegela kgang eo fela thata e re ka ke ne ke ikutlwa ke dira dilo tse di sa siamang ka dinako tsotlhe, e bile ke ne ke tshwenngwa thata ke kgang ya gore ke tlile go ya diheleng fa ke swa.” O ne a ya go reetsa puo eo mme morago ga ngwaga a kolobediwa fa a sena go nna a ithuta Baebele makgetlo a le mmalwa. Eno ke tsela e Karl Klein a neng a nna Mokeresete ka yone mme moragonyana a fetsa dingwaga di le dintsi e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Go nna Mokeresete ga gagwe go simologile fela ka gore a sele pampitshana ya taletso.

Dipampitshana tsa taletso e sa ntse e le didirisiwa tse di molemo tota tsa go neela bosupi gompieno. Baboledi ba le bantsi ba fitlhela gore tsela e e molemo ya go ikitsise mo mothong ke go mo naya pampitshana ya taletso ba bo ba simolola motlotlo le ene. Batsadi ba ka dira gore bana ba bone ba nne le seabe mo bodireding ka go ba naya pampitshana ya taletso gore ba e neye mong wa ntlo fa a bula kgoro. Baboledi ba ba neelang bosupi ka go kwala makwalo ba ka itsise batho ba ba ba kwalelang makwalo ano ka dipokano tsa bone ka go tsenya pampitshana ya taletso mo lekwalong. Tota e bile, dipampitshana tsa taletso di dira gore go nne motlhofo go laletsa batho ba re ithutang le bone Baebele mmogo le ba bangwe ba ba kgatlhegang gore ba tle kwa dipokanong tsa rona.

Mo tsebeng ya ntlha ya pampitshana ya taletso, go tlhalosiwa ka bokhutshwane pokano nngwe le nngwe ya phuthego. E re ka e se na aterese ya Holo ya Bogosi le dinako tsa dipokano, o tla tshwanelwa ke go tsenya tshedimosetso eo fa o naya motho pampitshana eo. Go na le sebaka mo pampitshaneng eo se o ka kwalang kgotsa o ka tempang tshedimosetso eo mo go sone fa o rata. A o dirisa dipampitshana tsa taletso ka tsela e e molemo fa o le mo bodireding?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela