Dirisa Dipampitshana Tsa Taletso ka Tsela e e Molemo
1 Dipampitshana tsa taletso tsa phuthego di thusa thata go itsise batho ba lefelo leo aterese ya Holo ya Bogosi le nako e e siameng ya dipokano. Go tla nna molemo go tlogela e le nngwe le mongwe le mongwe yo o kopanang le ene. Go fitlhelela seo, phuthego nngwe le nngwe e tshwanetse go nna le palo e e lekaneng mo setokong sa yone. Mo diphuthegong tse di fetolang dinako tsa tsone ngwaga le ngwaga, ka January, go tshwanetse ga otariwa dipampitshana tsa taletso tse disha ka October wa ngwaga o o fetang gore go tle go nne le dipampitshana tse di nang le nako e ntšha ya dipokano. Go tshwanetse ga dirisiwa foromo ya Handbill Order go di kopa. Fa lo setse lo na le tsone, lo ka dirisa dipampitshana tseno tsa taletso jang ka tsela e e molemo thata?
2 Baboledi ba le bantsi ba fitlhela gore go naya motho e le nngwe ke tsela e e molemo ya go ikitsise le go simolola motlotlo. Go mmontsha thulaganyo ya dipokano kana molaetsa o o ka fa morago go ka bula tsela ya go tlotla ka tiro ya rona le maikaelelo a yone. Batsadi ba ka akaretsa bana ba bone ba babotlana mo bodireding ka go dira gore ba tsamaise dipampitshana tseno mo matlong. Baboledi ba ba neelang bosupi ka go kwala makwalo ba tshwanetse go tsenya pampitshana ya taletso mo lekwalong la bone mme ba laletse motho yoo go ya dipokanong. Go ka nna ga tlogelwa dipampitshana kwa matlong a go se nang batho kwa go one, fela fa e le gore go tla tlhokomelwa gore di tsenngwa ka fa tlase ga lebati gore di se ka tsa bonwa ke ba bangwe gotlhelele.
3 Dipampitshana tsa taletso di ile tsa dirisiwa ka tsela e e molemo thata go kaela batho ba ba pelo di ikanyegang kwa boammaaruring. Maitemogelo mangwe a bolela ka mosadi mongwe, yo ka ntlha ya pampitshana ya taletso, a neng a fitlhelela keletso e a sa bolong go nna le yone botshelo jotlhe ya go tlhaloganya Baebele. Fa a sena go nna bosigo jotlhe a rapela Modimo, banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba kokota mo lebating la gagwe mo mosong. Fa a lebelela ka lerobanyana la mo mojakong, o ne a ba bolelela gore a ka se kgone go ba bulela ka nako eo. Basupi bano ba ne ba tsenya pampitshana ya taletso mo tlase ga lebati. E ne e balega jaana: “Itse Baebele ya Gago.” O ne a e bona mme a bula lebati. Ba ne ba simolola thuto ka yone nako eo, mme moragonyana o ne a kolobediwa. Ka go sa nyatse maatla a moya wa Modimo le ka motlha, e kete re ka dirisa dipampitshana tsa taletso ka tsela e e molemo ka metlha fa re ntse re diragatsa bodiredi jwa rona ka botlalo.—Bona gape le Tirelo ya Rona ya Bogosi ya February 1994, tsebe 1.