Dithuto Kaga Dikwa,lo tse di Tlhotlhele Ditsweng le Tshedimosetso Kaga Tsone
Thuto ya bo 6—Tshedimosetso ya Bokeresete ya Segerika ya Dikwalo tse di Boitshepo
Go kwalololwa ga mafoko a Dikwalo tsa Segerika; go ranolelwa ga one mo Segerikeng le mo dipuong tse dingwe go tla go fitlha le mo motlheng ono; gore tshedimosetso eo ya segompieno ke ya bonnete go le kana kang.
1. Thulaganyo ya Bokeresete ya go ruta e ne ya simologa jang?
BAKERESETE ba ntlha e ne e le batho ba ba neng ba ruta ebile ba bolela ‘lefoko la ga Jehofa’ le le kwadilweng mo lefatsheng lotlhe. Ba ne ba tsaya mafoko a ga Jesu a a neng a a bua fela pele ga a tlhatlogela kwa legodimong ka masisi fa a ne a re: “E tla re Mōea o o Boitshèpō o sena go tla mo go lona, lo tla bōna nonohō: me lo tla nna bashupi ba me mo Yerusalema, le mo lehatshiñ yeotlhe ya Yudea le ya Samaria, le go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” (Isa. 40:8; Dit. 1:8) Fela jaaka Jesu a ne a bolelela pele, barutwa ba ntlha ba ba 120 ba ne ba amogela moya o o boitshepo, ka maatla a one a magolo. E ne e le ka letsatsi la Pentekosete ya 33 C.E. Ka lone letsatsi leo, Petere o ne a simolola thulaganyo e ntšha ya go ruta ka go naya bosupi ka botlalo, mo go neng ga felela ka gore batho ba le bantsi ba amogele molaetsa oo ka maatlametlo mme batho ba ba fetang 3 000 ba oketsa phuthego ya Bakeresete e e neng e sa tswa go tlhongwa.—Dit. 2:14-42.
2. Ke mafoko afe a a molemo a a neng a bolelwa jaanong, mme tiro eno ya go neela bosupi e ne e le tshupo ya eng?
2 Ereka barutwa bano ba ga Jesu Keresete ba ne ba tlhotlheleleditswe go simolola tiro go feta setlhopha lefa e le sefe pele ga bone mo hisitoring yotlhe, ba ne ba tlhama thulaganyo nngwe ya go ruta eo kgabagare e neng ya dirisiwa mo karolong nngwe le nngwe ya lefatshe le le neng le itsiwe ka nako eo. (Bakol. 1:23) Ee, basupi bano ba ba ineetseng ba ga Jehofa ba ne ba tlhagafaletse go dirisa dinao tsa bone, ba tsamaya ka ntlo le ntlo, motsana le motsana, le go ya go naga nngwe le nngwe, ba bolela “mahoko a a itumedisañ, a dilō tse di molemō.” (Bar. 10:15) Mafoko a a molemo ano e ne e le kaga paakanyetso ya ga Keresete ya thekololo, tsholofelo ya tsogo, le Bogosi jwa Modimo jo bo solofeditsweng. (1 Bakor. 15:1-3, 20-22, 50; Yak. 2:5) Batho ba ne ba ise ba ko ba neelwe bosupi jo bo kalo kaga dilo tse di iseng di bonwe go tla go fitlha ka nako eno. E ne ya nna “tlhōmamishō kaga dilō tse di sa bonweñ,” tshupo ya tumelo, mo go botlhe bao jaanong ba neng ba dumela mo go Jehofa jaaka Molaodi Mogolo wa bone ka setlhabelo sa ga Jesu.—Baheb. 11:1; Dit. 4:24; 1 Tim. 1:14-17.
3. Badihedi ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. ba ne ba itsege ka eng?
3 Badihedi bano ba Bakeresete, ba e neng e le banna le basadi, e ne e le badihedi ba ba rutegileng ba Modimo. Ba ne ba kgona go bala le go kwala. Ba ne ba na le kitso ya Dikwalo Tse Di Boitshepo. E ne e le batho ba ba neng ba itse ka ditiragalo tsa lefatshe. Ba ne ba tlwaetse go eta. Ba ne ba tshwana le tsie ka jaana ba ne ba se ke ba letlelela sepe go ba kgoreletsa go gatela pele mo go gaseng mafoko a a molemo. (Dit. 2:7-11, 41; Yoele 2:7-11, 25) Mo lekgolong leo la ntlha la dingwaga la Motlha o o Tlwaelegileng, ba ne ba dira le batho ba ba neng ba tshwana le batho ba metlha ya segompieno ka ditsela di le dintsi.
4. Ke eng se se neng sa kwalwa mo metlheng ya phuthego ya ntlha ya Bakeresete, ka tlhotlheletso le ketelelopele ya ga Jehofa?
4 Jaaka bareri ba ba gatetseng pele ba “lehoko ya botshelō,” Bakeresete bano ba ntlha ba ne ba dirisa memeno epe fela ya Bibela e ba neng ba kgona go nna nayo. (Bafil. 2:15, 16; 2 Tim. 4:13) Ba le banè ba bone, eleng Mathaio, Mareko, Luke, le Johane, ba ne ba tlhotlhelediwa ke Jehofa go kwala “Mahoko a a Molemō a ga Yesu Keresete.” (Mar. 1:1; Math. 1:1) Bangwe ba bone, ba ba tshwanang le Petere, Paulo, Yohane, Yakobe, le Yude, ba ne ba kwala dikwalo ka tlhotlheletso. (2 Pet. 3:15, 16) Ba bangwe ba ne ba nna bakwalolodi ba dipuisano tse di tlhotlheleditsweng tseno, tseo di neng tsa felela di solegetse diphuthego tse di neng di oketsega molemo fela thata. (Bakol. 4:16) Mo godimo ga moo, ‘baaposetoloi le bagolwane ba ba kwa Jerusalema’ ba ne ba dira ditshwetso kaga dithuto dingwe tsa motheo ba kaelwa ke moya wa Modimo, mme ditshwetso tseno di ne tsa kwalwa e le gore di tle di dirisiwe moragonyana. Setlhopha sa konokono seno se se laolang se ne sa romela dikwalo ba neela diphuthego tse di kgakala taolo. (Dit. 5:29-32; 15:2, 6, 22-29; 16:4) Mme ba ne ba tshwanela go ipatlela tsela ya bone ya go romela dikwalo, e le gore ba kgone go dira jalo.
5. (a) Codex ke eng? (b) Bakeresete ba ntlha ba ne ba dirisa codex go ya bokgakaleng jo bo kana kang, mme mesola ya yone e ne e le eng?
5 Gore ba tle ba kgone go akofisa go abiwa ga Dikwalo, mmogo le go di kwala ka tsela e ba ka kgonang go supisa go tsone, Bakeresete ba ntlha ba ne ba tloga ba simolola go dirisa mokwalo o o kwadilweng ka seatla wa codex go na le go dirisa memeno. Codex e tshwana le dibuka tsa segompieno, ka go bo matlhare a yone a ka phuthololwa motlhofo fela go batlwa ditshupiso dingwe, go na le go dira namane e tona ya tiro ya go menolola e gantsi e neng e tlhoka go dirwa mo momenong. Mo godimo ga moo, codex e ne ya dira gore go kgonege gore mekwalo e e leng karolo ya Dikwalo e kopanngwe mmogo, fa memeno yone e ne e bolokwa e le mephutho e e sa tshwaraganang. Bakeresete ba ntlha e ne e le bone batho ba ntlha mo go diriseng codex. Ebile e ka nna ya bo e le bone ba ba neng ba e tlhama. Lefa codex e ne ya nna ya dirisiwa ka bonya fela ke bakwadi ba e neng e se Bakeresete, bontsi jwa dikoma tsa Bokeresete tsa lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga ke tsa mofuta wa codex.a
6. (a) Ke motlha ofe o mo go one go neng go buiwa Segerika sa bogologolo, se ne se akaretsa eng, mme Sekoine, kana Segerika se se neng se buiwa ke batho ka bontsi se ne sa simologa leng? (b) Ke jang le go ya bokgakaleng bofe Sekoine se neng sa nna puo e e dirisiwang ka kakaretso?
6 Puo ya Sekoine (Segerika se se Buiwang ke Batho ka Bontsi). Lobaka lo go neng go twe e ne e le nako e batho ka tlwaelo ba neng ba bua puo ya Segerika sa bogologolo ka lone e ne ya goga go simolola ka lekgolo la borobabongwe la dingwaga B.C.E. go ya lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E. Nako eno e ne e le e go neng go buiwa diteme tsa Attica le Ionia. Bakwadi ba Bagerika ba metshameko, baboki, baanedi, bakwadi ba ditiragalo, batlhalefi, le borasaense ba ne ba ntsifala ka yone nako eno, mme segolo bogolo mo lekgolong la botlhano le la bonè la dingwaga B.C.E, bao Homer, Herodotus, Socrates, Plato, le ba bangwe e neng e le ba ba itsegeng fela thata gareng ga bone. Nako ya go simolola mo e ka nnang ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E. go ya go mo e ka nnang ka lekgolo la borataro la dingwaga C.E. ke yone e e itsiweng jaaka ya fa go ne go buiwa Sekoine, kana Segerika se se neng se buiwa ke batho ka bontsi. Go simologa ga yone go ne ga bakiwa segolobogolo ke ditlhabano tsa ga Alexander yo Mogolo, yoo masole a gagwe a neng a tswa kwa dikarolong tsotlhe tsa Gerika. Ba ne ba bua diteme tse di farologaneng tsa Segerika, mme jaaka batho bano ba ntse ba tlhakatlhakana le ba bangwe, ga simologa loleme lo ba neng ba lo bua botlhe, eleng Sekoine, mme la tloga la nna yone puo e e neng e dirisiwa ka kakaretso. Go fenya Egepeto, le Asia go ya fela kwa India ga ga Alexander go ne ga dira gore Sekoine se buiwe ke batho ba le bantsi, mo se neng sa nna puo ya merafe yotlhe mme ga nna fela jalo ka makgolokgolo a dingwaga. Mafoko a Segerika a Septuagint e ne e le Sekoine se se neng se buiwa kwa Alexandria, kwa Egepeto mo motlheng oo, mo lekgolong la boraro le la bobedi la dingwaga B.C.E.
7. (a) Bibela e supa jang gore go ne go dirisiwa Sekoine mo motlheng wa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe? (b) Ke ka ntlhayang fa Sekoine se ne se siametse gore go buisanngwe Lefoko la Modimo ka sone?
7 Mo metlheng ya ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe, puo e e neng e buiwa ke merafe yotlhe mo pusong ya Roma e ne e le Sekoine. Bibela ka boyone e supela ntlha eno. Fa Jesu a ne a kokotelwa mo koteng, go ne ga tlhokega gore mafoko a a neng a le fa godimo ga tlhogo ya gagwe a kwalwe eseng fela ka Sehebera, seo e neng e le puo ya Bajuda, mme a kwalwe gape ka Selatine, seo e neng e le puo ya semmuso ya lefatshe leo, le ka Segerika, seo se neng se buiwa le ke batho fela mo Jerusalema ka tsela e e neng e batla e tshwana le kwa Roma, Alexandria, kana Athena ka boene. (Yoh. 19:19, 20; Dit. 6:1) Ditihō 9:29 e bontsha gore Paulo o ne a rerela Bajuda ba Jerusalema ba ba neng ba bua Segerika mafoko a a molemo. Ka nako eo Sekoine e ne e le puo e e nonofileng, e e tshelang, le e e rulagantsweng sentle—puo e go neng go le motlhofo go e bua le e e neng e tshwanela boikaelelo jwa maemo a a kwa godimo jwa ga Jehofa jwa go tsweledisa go bolelwa ga Lefoko la Modimo.
TSHEDIMOSETSO YA SEGERIKA LE GO ANAMISIWA GA YONE
8. Jaanong ke ka ntlhayang fa re tlhatlhobisa letangwana la mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya Dikwalo tsa Segerika?
8 Mo thutong e e fetileng, re ithutile gore Jehofa o ne a boloka metsi a gagwe a boammaaruri mo letangwaneng la mafoko a a kwadilweng—eleng Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera. Lefa go ntse jalo, go tweng ka Dikwalo tse di neng di kwadilwe ke baaposetoloi le barutwa ba bangwe ba ga Jesu Keresete? A le tsone re ne re di boloketswe ka kelotlhoko e e tshwanang? Fa go tlhatlhobisiwa letangwana le legolo la mekwalo e e kwadilweng ka seatla e e bolokilweng e kwadilwe ka Segerika, mmogo le ka dipuo tse dingwe, re bona gore go ntse jalo. Jaaka go setse go tlhalositswe, ntlha eno e e leng karolo ya dikwalo tsa Bibela e na le dibuka di le 27. Elatlhoko tsela e tshedimosetso ya dibuka tse 27 e neng e anamisiwa ka gone, seo se bontshang kafa tshedimosetso ya ntlha ya Segerika e neng ya bolokiwa ka gone go tla go fitlha motlheng wa gompieno.
9. (a) Dikwalo tsa Bokeresete di ne tsa kwalwa ka puo efe? (b) Ke eng se go lemosegang se farologane mo kgannyeng ya Mathaio?
9 Motswedi wa Mekwalo e e Kwadilweng ka Seatla ya Segerika. Dibuka tse 27 tse e leng karolo ya Dikwalo tsa Bokeresete di ne tsa kwalwa ka Segerika se se neng se buiwa ke batho ka bontsi ka nako eo. Lefa go ntse jalo, go bonala buka ya Mathaio e ne ya kwalwa lantlha ka Sehebera sa Bibela, gore e balwe ke batho ba Bajuda. Moranodi mongwe wa Bibela wa lekgolo la bonè la dingwaga ebong Jerome o tlhalosa seno, a bolela gore e ne ya re morago ya ranolelwa mo Segerikeng.b Go lebega Mathaio ka boene e le ene yo o neng a e ranola—ereka e ne e le modirelapuso ya Roma, e le mokgethisi, kwantle ga pelaelo o ne a itse Sehebera, Selatine, le Segerika.—Mar. 2:14-17.
10. Go ile ga kgonega jang gore re nne le dikwalo tsa Bibela?
10 Bakwadi ba bangwe ba Bibela ba Bakeresete, ebong Mareko, Luke, Johane, Paulo, Petere, Jakobe, le Jude, botlhe ba ne ba kwala dikwalo tsa bone ka Sekoine, e le puo e e neng e buiwa ke batho ka bontsi ka nako eo ebile e le e e dirisiwang eo e neng e tlhaloganngwa ke Bakeresete le batho ba bangwe ka bontsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga. Mokwalo wa bofelo mo go ya ntlha o ne wa kwalwa ke Johane mo e ka nnang ka 98 C.E. Go ya kafa go itsiweng ka gone, ga go na mokwalo ope o o kwadilweng ka seatla mo go yotlhe e 27 eno ya ntlha ka Sekoine o o santseng o le teng le gompieno. Lefa go ntse jalo, go tswa mo motsweding ono wa ntlhantlha, re ile ra bona dikaelo di le dintsi tsa tshedimosetso ya ntlha, ga dirwa dikaelo tsa dikaelo, le ditlhopha tsa dikaelo, go dira gore go nne le letangwana le le atlhamologileng la mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika.
11. (a) Ke letlotlo lefe la dikaelo tsa mekwalo e e kwadilweng ka seatla le le leng gone gompieno? (b) Tseno di bapa jang le dikwalo tsa bogologolo malebana le bontsi jwa tsone le bogologolo?
11 Letangwana la Mekwalo e e kwadilweng ka Seatla e e Fetang 13 000. Gompieno go na le dikaelo di le dintsi fela thata tsa dibuka tsotlhe tse 27 tse e leng karolo ya Dikwalo. Dingwe tsa tseno ke dikarolo tse dikgolo tsa Dikwalo; tse dingwe ke dikapetlana fela. Go ya ka tshekatsheko nngwe, go na le mekwalo e e kwadilweng ka seatla e le 5 000 ka Segerika sa ntlha. Mo godimo ga moo, go na le mekwalo e e kwadilweng ka seatla e le 8 000 ya dipuo tse di farologaneng—e e nnang mekwalo e e kwadilweng ka seatla e le 13 000 fa e sobokanngwa yotlhe. Go simologa ka ya lekgolo la bobedi la dingwaga C.E. go ya go ya lekgolo la bo 16 la dingwaga C.E., yotlhe e thusa mo go tlhomamiseng gore tshedimosetso e e boammaaruri ya ntlha ke efe. Mokwalo o o kwadilweng ka seatla o e leng wa bogologolo mo go e mentsi eno ke kapetlana ya koma ya Efangele ya ga Johane e e mo John Rylands Library kwa Manchester, Ennyelane, e e itsiweng ka palo ya P52, eo e leng ya sephatlo sa ntlha sa lekgolo la bobedi la dingwaga, gongwe mo e ka nnang ka 125 C.E.c Ka gone, sekaelo seno se ne sa kwalwa fela morago ga mo e ka nnang kwatara ya lekgolo la dingwaga morago ga fa go se na go kwalwa ya ntlhantlha. Fa re akanya gore go na le mekwalo e sekae fela e e kwadilweng ka seatla e e leng gone e go ka tlhomamisiwang tshedimosetso ya bakwadi ba bogologo ka yone, le gore eno ga se gantsi e le gaufi le makgolo a dingwaga morago ga tshedimosetso ya ntlha, re ka lemoga gore go na le bosupi jo bontsi tota jo bo thusang gore re bone gore tshedimosetso ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ke ya boammaaruri tota.
12. Mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya pele e ne e kwaletswe mo go eng?
12 Mekwalo e e Kwadilweng ka Seatla ya Koma. Fela jaaka go ntse ka dikaelo tsa ntlha tsa Septuagint, mekwalo ya ntlha e e kwadilweng ka seatla ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika e ne ya kwalelwa mo komeng, mme e ne ya tswelela e ntse e dirisediwa mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya Bibela go fitlha ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Go lebega bakwadi ba Bibela le bone ba ne ba dirisa koma fa ba ne ba romela dikwalo kwa diphuthegong tsa Bokeresete.
13. Ke tshedimosetso efe e e kwaletsweng mo komeng e e neng ya bonwa phatlalatsa ka ngwaga wa 1931?
13 Mephuto e mentsi ya dikwalo tse di kwaletsweng mo komeng e ile ya bonwa mo kgaolong ya Faiyūm, mo Egepeto. Kwa bokhutlong jwa lekgolo la bo 19 la dingwaga, go ne ga bonala dikarolo tse dintsi tsa Bibela tse di kwaletsweng mo komeng. Mongwe wa mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya botlhokwa mo go e e neng ya bonwa ke o o neng wa itsisiwe phatlalatsa ka 1931. E ne e le dikarolo tsa di-codex di le 11, tse di neng di na le bontlhanngwe jwa dibuka tse 8 tse di farologaneng tsa Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Sehebera le dibuka tse 15 tsa Dikwalo Tsa Bokeresete tsa Segerika, tsotlhe di kwadilwe ka Segerika. Dikoma tseno di simolotswe go kwalwa ka lekgolo la bobedi la dingwaga go ya go lekgolo la bonè la dingwaga la Motlha o o Tlwaelegileng. Bontsi jwa dikarolo tsa Dikwalo tsa Segerika tsa Bokeresete tsa tshedimosetso e e bonweng eno jaanong di mo Mephuthong ya Chester Beatty mme di reilwe maina a P45, P46, le P47, lotshwao lwa “P” le emetse “Papyrus” (koma ka Setswana).
14, 15. (a) Mengwe ya mekwalo e e kwadilweng ka seatla e e tlhomologileng ya koma ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika tse di tlhatlhamisitsweng mo lenaneong le le mo tsebeng ya 313 ke efe? (b) Bontsha kafa New World Translation e ileng ya dirisa mekwalo eno e e kwadilweng ka seatla ka gone. (c) Di-codex tsa ntlha tsa koma di tlhomamisa eng?
14 Koma ya mophutho o mongwe o o gakgamatsang e ne ya phasaladiwa mo Geneva, Switzerland, go simolola ka 1956 go ya go 1961. E bidiwa Bodmer Papyri, mme e akaretsa tshedimosetso ya ntlha ya Diefangele tse pedi (P66 le P75) e le e e yang fela kwa tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga C.E. Mo lenaneng le le latelwang ke thuto eno go thathamisitswe dingwe tsa dikoma tse di tlhomologileng tsa Bibela tsa bogologolo tsa Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika tsa Bokeresete. Mo kolomong ya bofelo, go tsopotswe ditshetla dingwe mo go New World Translation of the Holy Scriptures tseo mo go tsone dikwalo tseno tse di kwadilweng ka seatla tsa koma di tshegetsang ditlhaloso tseo di kwadilweng, mme seno se supiwa mo dintlhanyaneng tse di kwa tlase tsa ditemana tseo.
15 Go bonwa ga dikoma tseno go naya bosupi jwa gore dikarolo tsa Dikwalo tsa Bibela di ne tsa wediwa mo dingwageng tsa kwa tshimologong. Mo go Chester Beatty Papyri, di-codex di le pedi—nngwe ya tsone e kopanya dikarolo tsa Diefangele tse nnè le Ditihō (P45) mme e nngwe e tsenya makwalo a le 9 a a le 14 a ga Paulo (P46)—di bontsha gore Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng tsa Bokeresete tsa Segerika di ne tsa phuthwa ka bokhutshwane fela morago ga loso lwa baaposetoloi. Ereka go ka bo go ile ga tsaya nako gore batho botlhe ba bone di-codex tseno le gore di bo di ye go fitlha kwa Egepeto, go bonala gore Dikwalo tseno di ne di setse di phuthilwe kafa di ntseng ka gone gompieno ka lekgolo la bobedi la dingwaga, eseng morago ga foo. Ka gone, fa lekgolo la bobedi la dingwaga le ne le fela, go ne go sena pelaelo ya gore karolo ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika e ne e digetswe, e konela Dikwalo tse di tlhomameng tsa Bibela yotlhe.
16. (a) Ke mekwalo efe e e kwadilweng ka seatla ya ditlhaka tse dikgolo ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika e e santseng e le teng le gompieno? (b) Mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya ditlhaka tse dikgolo e dirisitswe go ya bokgakaleng jo bo kana kang mo go New World Translation, mme ka ntlhayang?
16 Mekwalo e e Kwadilweng ka Seatla ya Vellum le ya Matlalo. Jaaka re ile ra ithuta mo thutong e e fetileng, vellum e e thata, se e neng e le letlalokwalelo le le boleta le gantsi le neng le dirwa ka letlalo la namane, la kwanyana, kana la podi, e ne ya simololwa go dirisiwa mo boemong jwa dikoma fa go ne go kwalwa mekwalo e e kwadilweng ka seatla go simolola mo e ka nnang ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E. Mekwalo mengwe e e kwadilweng ka seatla e e botlhokwa fela thata ya Bibela e e santseng e le gone le gompieno e kwaletswe go vellum. Re setse re buile ka mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya vellum le ya letlalo ya Dikwalo tsa Sehebera. Mo lenaneong le le mo tsebeng ya 314 go thathamisitswe mengwe ya mekwalo e e kwadilweng ka seatla e e tlhomologileng ya vellum le ya letlalo ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika mmogo le tsa Sehebera. Ya Dikwalo tsa Segerika tse di kwadilweng e ne e kwadilwe yotlhe ka ditlhaka tse dikgolo mme di bidiwa di-uncials. Mo go New Bible Dictionary go kwadilwe ka mekwalo e le 274 e e kwadilweng ka seatla e e kwadilweng ka ditlhaka tse dikgolo ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, mme e le ya go simolola ka lekgolo la bonè la dingwaga C.E. go ya go lekgolo la bolesome la dingwaga C.E. Mme go tswa foo go na le mekwalo e e kwadilweng ka seatla e feta 5 000 ya ditlhaka tse dipotlana, tse di kwadilweng di tshwaragantswe.d Tseno, tse le tsone di neng di kwaletswe go vellum, di ne tsa kwalwa go simolola ka lekgolo la borobabongwe la dingwaga C.E. go fitlha ka nako ya go simololwa go gatisiwa. Ereka mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya ditlhaka tse dikgolo e ne e sa bolo go kwalwa bogologolo le go bo ka kakaretso e ne e kwadilwe ka kelotlhoko, e ne ya dirisiwa fela thata ke Komiti ya Thanolo ya Bibela ya New World fa ba ne ba kwala ka kelotlhoko mafoko a a neng a tswa mo tshedimosetsong ya Segerika. Seno se supiwa mo lenaneong le le reng “Mekwalo Mengwe e Megolo e e Kwadilweng ka Seatla ya Vellum le ya Matlalo.”
MOTLHA WA GO TSHWAYA DIPHOSO MO TSHEDIMOSETSONG LE GO PHEPAFADIWA GA YONE
17. (a) Ke ditiragalo dife tse pedi tse di neng tsa dira gore tshedimosetso ya Segerika ya Bibela e ithutiwe ka mo go oketsegileng? (b) Erasmus o itsege ka baka la tshedimosetso efe? (c) Tshedimosetso e e gatisitsweng e e leng ya motheo e dirwa jang?
17 Tshedimosetso ya ga Erasmus. Mo dingwageng tse di makgolokgolo tse di neng di bidiwa Dingwaga tsa Lefifi, fa puo ya Selatine e ne e le yone e e buiwang thata mme Yuropa Bophirima a ne a busiwa ka kgatelelo ke Kereke ya Roma Katoliki, batho ba ne ba sa kanoke dilo le go ithuta mo go kalo. Lefa go ntse jalo, fa mo Yuropa go sena go simololwa kgatiso ka ditlhaka tse di ka sutisiwang mo lekgolong la bo 15 la dingwaga le ka nako ya Diphetogo tsa kwa tshimologong ya lekgolo la bo 16 la dingwaga, go ne ga nna le kgololesego e e oketsegileng, mme batho ba ne ba boa ba kgatlhegela puo ya Segerika. Ke ka yone nako eno e batho ba neng ba boela ba simolola go ithuta e mokanoki yo o itsegeng thata wa Mo-Dutch ebong Desiderius Erasmus a neng a kwala tokololo ya gagwe ya ntlha ya tshedimosetso e e leng ya motheo ya Segerika ya “Tesetamente e Ntšha.” (Tshedimosetso ya go nna jalo e e gatisitsweng e e leng ya motheo e tlhamiwa ka gore go tshwantshanngwe mekwalo e le mmalwa e e kwadilweng ka seatla ka kelotlhoko le go dirisa mafoko ao ka kakaretso go dumelwang gore ke a puo ya ntlhantlha, a gantsi a akaretsang dintlhanyana kaga mafoko ape fela a a farologaneng mo mekwalong e mengwe e e kwadilweng ka seatla, mo dikarolonyaneng tse di fa tlase tseno.) Tokololo eno ya ntlha e ne ya gatisiwa mo Basel, Switzerland, ka 1516, ngwaga o le mongwe fela pele ga Diphetogo di simologa kwa Jeremane. Tokololo ya ntlha e ne e na le diphoso di le dintsi, mme go ne ga kwalwa tshedimosetso e e tokafaditsweng mo ditokololong tse di neng tsa latela tsa 1519, 1522, 1527, le 1535. Erasmus o ne a na le mekwalo e sekae fela e e kwadilweng ka seatla ya moragonyana e a neng a kgona go e rulaganya le go tlhama tshedimosetso ya gagwe e e leng ya motheo ka yone.
18. Tshedimosetso ya ga Erasmus e ne ya kgonisa eng, mme ke bomang ba ba neng ba e dirisa ka botlalo?
18 Tshedimosetso ya Segerika e e phepafaditsweng ya ga Erasmus e ne ya nna motheo wa dithanolo tse di botoka tsa dipuo di le mmalwa tsa mo Yuropa Bophirima. Seno se ne sa kgonisa gore go nne le diphetolelo tse e neng e le tsa maemo a a kwa godimo go na le tseo di neng di ranotswe pele go tswa go Vulgate ya Selatine. Motho wa ntlha go dirisa tshedimosetso ya ga Erasmus e ne e le Martin Luther wa Jeremane, yo o neng a wetsa thanolo ya gagwe ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika mo Jeremaneng ka 1522. William Tyndale wa Ennyelane o ne a nna wa bobedi go ranolela tshedimosetso ya ga Erasmus mo Seesemaneng, ka nako e pogiso e neng e befile fela thata ka yone, a e digela fa a ne a tshabiseditswe kwa lefatsheng la Yuropa ka 1525. Antonio Brucioli wa Italy o ne a ranolela tshedimosetso ya ga Erasmus mo Sentarianeng ka 1530. Morago ga go sena go nna le tshedimosetso ya Segerika ya ga Erasmus, jaanong go ne go simologa motlha wa go tshwaya diphoso mo tshedimosetsong. Go tshwaiwa diphoso ga tshedimosetso ke tsela e e dirisiwang go kwala tshedimosetso ya ntlha ya Bibela sesha le go e kwala jaaka e ne e ntse lantlha.
19. Hisitori ya go kgaoganngwa ga Bibela ka dikgaolo le ditemana ke efe, mme seno se ne sa kgonisa eng?
19 Go Kgaoganya ka Dikgaolo le ka Ditemana. Robert Estienne, kana Stephanus, o ne a tumile jaaka mogatisi le mokwadi wa lekgolo la bo 16 la dingwaga mo Paris. Ereka a ne a le mokwadi, o ne a bona kafa go dirisa tsamaiso ya go kgaoganya dikgaolo le ditemana e neng e na le mosola ka gone gore go nne motlhofo go lebisa go tsone, ka jalo o ne a simolola thulaganyo eno ya Tesetamente e Ntšha ya puo ya Segerika le Selatine ka 1551. Go kgaoganngwa ga ditemana go ne ga dirwa lantlha mo Dikwalong tsa Sehebera ke Bamasora, mme ke Bibela ya ga Stephanus ya Sefora ya 1553 e e neng ya bontsha tsela e Bibela yotlhe e kgaogantsweng ka yone gompieno. Tsela eno e ne ya dirisiwa mo Dibibeleng tsa morago tsa puo ya Seesemane mme ya kgonisa gore go kwalwe di-concordance tsa Bibela tse di tshwanang le ya ga Alexander Cruden ya 1737 le di-concordance tse pedi tse di dirilweng ka botlalo tsa Authorized Version ya English Bible—ya ga Robert Young, e e neng ya gatisiwa lantlha kwa Edinburgh ka 1873, le ya ga James Strong, e e neng ya gatisiwa mo New York ka 1894.
20. Textus Receptus e ne e le eng, mme e ne ya nna motheo wa eng?
20 Textus Receptus. Stephanus gape o ne a kwala dikgatiso di le mmalwa tsa “Tesetamente e Ntšha” ya Segerika. Tseno di ne di thailwe segolobogolo mo tshedimosetsong ya ga Erasmus, mme ga dirwa dipaakanyo go ya ka Complutensian Polyglott ya 1522 le mekwalo e le 15 e e kwadilweng ka seatla ya ditlhaka tse di tshwaraganeng ya moragonyana ya dingwaga di le makgolo a le mmalwa tse di fetileng. Kgatiso ya ga Stephanus ya boraro ya tshedimosetso ya gagwe ya Segerika ya 1550 tota e ne ya nna Textus Receptus (Selatine se se rayang gore “tshedimosetso e e amogetsweng”) eo go neng go thailwe diphetolelo tse dingwe tsa lekgolo la bo 16 la dingwaga tsa Seesemane le King James Version ya 1611 mo go yone.
21. Ke ditshedimosetso dife tse di phepafaditsweng tse di ileng tsa kwalwa fa esale ka lekgolo la dingwaga la bo 18, mme di ile tsa dirisiwa jang?
21 Tshedimosetso E E Phepafaditsweng ya Segerika. Moragonyana, bakanoki ba Segerika ba ne ba tswelela ka go kwala ditshedimosetso tse di phepafaditsweng. E e neng e tlhomologile e ne ya kwalwa ke J. J. Griesbach, yo o neng a kgona go dirisa mekwalo e e kwadilweng ka seatla e le makgolokgolo ya Segerika eo e neng ya nna teng gaufi le bofelo jwa lekgolo la bo 18 la dingwaga. Kgatiso e e di gaisang tsotlhe ya tshedimosetso yotlhe ya Segerika ya ga Griesbach e ne ya phasaladiwa go simolola ka 1796 go ya go 1806. Tshedimosetso ya gagwe e e leng ya motheo ke yone e Sharpe a neng a ikaegile ka yone mo thanolong ya gagwe ya Seesemane ya 1840 mme ke tshedimosetso ya Segerika e e gatisitsweng mo go The Emphatic Diaglott, e e neng ya gatisiwa lantlha e feletse ka 1864. Ditshedimosetso tse dingwe tse di molemo fela thata di ne tsa kwalwa ke Konstantin von Tischendorf (1872) le Hermann von Soden (1910), mme e e fa morago e ne ya nna motheo wa phetolelo ya ga Moffatt ya Seesemane ya 1913.
22. (a) Ke tshedimosetso efe ya Segerika eo batho ba le bantsi ba e dumelang? (b) E ile ya dirisiwa jaaka motheo wa dithanolo dife tsa Seesemane?
22 Tshedimosetso ya ga Westcott le Hort. Tshedimosetso ya motheo ya Segerika eo batho ba le bantsi ba dumelang mo go yone ke e e neng ya kwalwa ke bakanoki ba Cambridge University bo B. F. Westcott le F. J. A. Hort, ka 1881. Sekaelo sa ntlha sa tshedimosetso ya ga Westcott le Hort se ne sa dirisiwa ke British Revision Committee, eo Westcott le Hort e neng e le maloko a yone, mo phetolelong ya bone ya “Tesetamente E Ntšha” ya 1881. Tshedimosetso eno e e leng ya motheo ke yone e e neng ya dirisiwa thatathata mo go ranoleleng Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika mo Seesemaneng mo go New World Translation. Gape tshedimosetso eno ke motheo wa dithanolo tseno tse di latelang tsa Seesemane: The Emphasised Bible, American Standard Version, An American Translation (ya ga Smith le Goodspeed), le Revised Standard Version.e Thanolo eno ya bofelo gape e ne ya dirisa tshedimosetso ya ga Nestle.
23. Ke ditshedimosetso dife tse dingwe gape tse di ileng tsa dirisiwa mo go New World Translation?
23 Tshedimosetso ya ga Nestle ya Segerika (kgatiso ya bo 18, ya 1948) le yone e ne ya dirisiwa ke Komiti ya Thanolo ya Bibela ya New World ka boikaelelo jwa go tshwantshanya. Komiti eno gape e ne ya lebisa go dibuka tsa bakanoki ba Ba-Jesuit ba Bakatoliki José M. Bover (1943) le Augustinus Merk (1948). Gape go ne ga dirisiwa tshedimosetso ya United Bible Societies ya 1975 le tshedimosetso ya 1979 ya ga Nestle le Aland go tlhabolola dintlhanyana tse di kwa tlase tsa Reference Edition ya 1984.f
24. New World Translation e ile ya dirisa diphetolelo dife gape tsa bogologolo? Dikai dingwe ke dife?
24 Diphetolelo tsa Bogologolo go tswa mo Segerikeng. Mo godimo ga mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya Segerika, gape go na le mekwalo e le mentsi e e kwadilweng ka seatla gompieno ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika tse di ranoletsweng mo dipuong tse dingwe tse di ka dirisediwang go ithuta. Go na le dikapetlana tsa mekwalo e e kwadilweng ka seatla di feta 50 tsa diphetolelo tsa Selatine sa Bogologolo le mekwalo e e kwadilweng ka seatla e le diketekete ya Vulgate ya Selatine ya ga Jerome. Komiti ya Thanolo ya Bibela ya New World e lebisa go eno, mmogo le go diphetolelo tsa Se-Copt, Se-Armenia, le Se-Syria.g
25. Ke eng se diphetolelo tsa puo ya Sehebera tseo go lebisitsweng go tsone mo go New World Translation di leng botlhokwa ka sone ka mo go kgethegileng?
25 Go simolola mo e ka nnang ka lekgolo la bo 14 la dingwaga go ya pele, Dikwalo tsa Segerika di ne di setse di ranoletswe mo puong ya Sehebera. Tseno ke tsa botlhokwa ka gonne mo go di le mmalwa tsa tsone go buseditswe leina la Modimo mo Dikwalong tsa Bokeresete. New World Translation e lebisa diphetolelong tseno tsa Sehebera gantsi tlase ga tlhaka ya “J” e na le palo e e kwaletsweng kwa godimo. Go bona ditlhaloso tsa seno, bona ketapele ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References, ditsebe 9-10, le appendix 1D “The Divine Name in the Christian Greek Scriptures” (“Leina la Modimo mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika.”)
GO FAROLOGANA GA TSHEDIMOSETSO LE TLHALOSO YA GONE
26. Go ile ga tla jang gore go nne le diphapaano mo tshedimosetsong le gore go nne le ditlhopha tsa mekwalo e e kwadilweng ka seatla?
26 Mo mekwalong e e kwadilweng ka seatla e e fetang 13 000 ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, go na le diphapaano di le dintsi mo tshedimosetsong. Mo mekwalong e e kwadilweng ka seatla e le 5 000 ya puo ya Segerika e le yosi fela go na le dipharologano di le dintsi tsa go nna jalo. Re ka tlhaloganya sentle gore sekaelo sengwe le sengwe sa dikwalo tsa ntlha tse di kwadilweng ka seatla se ne se tla nna le diphoso tsa sone fela tse di dirilweng ke bakwadi. Fa mongwe wa mekwalo eno e e kwadilweng ka seatla o ne o romelwa lefelong lengwe go ya go dirisiwa koo, diphoso tseno di ne di tla nna di nna gone mo dikaelong tse di neng di dirwa mo lefelong leo mme go ne go tla nna fela jalo le mo mekwalong e mengwe e e kwadilweng ka seatla ya koo. Go ne ga dirwa ditlhopha tse di oketsegileng tsa mekwalo e e kwadilweng ka seatla ka tsela eno. Jalo a diketekete tsa diphoso tsa bakwadi ga di a tshwanela go tsibogelwa? A ga di supe gore tshedimosetso e ne ya se ka ya fetisediwa go ba bangwe jaaka e ne e ntse lantlha? Legoka!
27. Re na le tlhomamisetso efe ya gore tshedimosetso ya Segerika e ntse jaaka e ne e ntse kwa tshimologong?
27 F. J. A. Hort, yo e neng e le mokwadimmogo wa tshedimosetso ya ga Westcott le Hort, o kwala jaana: “Ga go na diphoso dipe tse di bonwang mo mafokong a Tesetamente e Ntšha ka bontsi fa go ntse go tlhatlhobisiwa, ka gonne ga e na diphapaano dipe, mme e tlhoka fela go kwalololwa jaaka e ntse. . . . Fa go ka beelwa . . . diphosonyana tse eseng tsa sepe kwa thoko, mafoko a go ya ka pono ya rona a santseng a belaesega ga e kake ya nna le fa e le bongweseketeng jwa Tesetamente e Ntšha yotlhe.”h
28, 29. (a) Re tshwanetse go fetsa jang mo tshekatshekong ya rona ya tshedimosetso e e phepafaditsweng ya Segerika? (b) Ke mafoko afe a re nang nao a a tiisetsang seno?
28 Tshekatsheko ya go Anamisiwa ga Tshedimosetso. Jalo he, phetso ke efe fa go sena go sekasekiwa gore a tshedimosetso eno e ntse jaaka e ne e ntse kwa tshimologong le gore a e boammaaruri, morago ga e sena go anamisiwa ka makgolokgolo a mantsi a dingwaga? Ga se fela gore go na le mekwalo e e kwadilweng ka seatla e le diketekete e go ka tshwantshanngwang nayo mme mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya bogologolo ya Bibela e e bonweng mo dingwageng di le masome a sekae tse di fetileng di supa gore tshedimosetso ya Segerika ke ya bogologolo jwa 125 C.E., mo e ka nnang dingwaga di le masome a mabedi fela morago ga loso lwa ga moaposetoloi Johane yo o tlhokafetseng mo e ka nna ka 100 C.E. Bosupi jono jwa mekwalo e e kwadilweng ka seatla ke tlhomamiso e e tiileng ya gore jaanong re na le tshedimosetso e e leng ya boammaaruri ya Segerika e e phepafaditsweng. Elatlhoko phetso e e dirwang ke mokaedi wa pele le ralaeborari wa British Museum, ebong Sir Frederic Kenyon, mo kgannyeng eno:
29 “Ka gone nako e e fetileng gareng ga dingwaga tsa go kwalwa ga ntlha le bosupi jwa bogologolo jo bo santseng bo le gone e nna tse eseng tsa sepe tota mo di sa tshwanelang go tsewa tsia, mme seitsetsepelo sa bofelo sa pelaelo epe ya gore a Dikwalo di tlile go rona fela jaaka di ne di kwadilwe la ntlha se tlositswe. Go ka nna ga tsewa gore kgabagare go tlhomamisitswe gore dibuka tsa Tesetamente e Ntšha di boammaaruri ebile ka kakaretso di ntse jaaka di ne di ntse kwa tshimologong. Lefa go ntse jalo, gore ka kakaretso di ntse jaaka di ne di ntse kwa tshimologong ke kgang e sele, mme gore ditlhaloso tsa tsone di a tlhomamisega ke kgang e nngwe.”i
30. Ke ka ntlhayang fa re ka tlhomamisega gore New World Translation e naya babadi ba yone “lehoko ya ga Yehofa” le ntse fela jaaka le ntse?
30 Malebana le se se umakilweng labofelo e leng gore a “ditlhaloso tsa tsone di a tlhomamisega,” tsopolo e e mo serapeng sa 27 ya ga Dr. Hort e tlhalosa seno. Ke tiro ya baphepafatsi ba tshedimosetso go baakanya dintlha, mme ba dirile jalo ka selekanyo se segolo. Ka baka leno, batho ka kakaretso ba dumela gore tshedimosetso e e phepafaditsweng ya Segerika ya Westcott and Hort ke ya maemo a a kwa godimo tota. Karolo ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ya New World Translation, ereka e thailwe mo tshedimosetsong eno e e molemolemo ya Segerika, e kgona ka baka leo go naya babadi ba yone “lehoko ya ga Yehofa” kafa le ntseng ka gone ereka jaana re ile ra e bolokelwa ka mo go gakgamatsang mo letangwaneng la mekwalo e e kwadilweng ka seatla ya Segerika.—1 Pet. 1:24, 25.
31. (a) Dilo tse di bonweng bosheng di supa eng malebana le tshedimosetso ya Dikwalo tsa Segerika? (b) Tšhate e e mo tsebeng ya 309 e supa gore motswedi o mogolo wa karolo ya New World Translation ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika ke eng, mme metswedi mengwe e mebotlana eo e neng ya dirisiwa ke efe?
31 Se se kgatlhisang gape ke dikakgelo tsa ga Sir Frederic Kenyon mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Our Bible and the Ancient Manuscripts, 1962, mo tsebeng ya 249 fa a re: “Re tshwanetse go itumelela go itse gore boammaaruri jo gantsi bo fitlhelwang mo tshedimosetsong ya Tesetamente e Ntšha bo ile jwa tshegediwa fela thata ke dilo di le dintsi tse di ileng tsa bonwa bosheng tseo di ileng tsa dira gore nako e e fa gare ga mafoko a mekwalo ya ntlha e e kwadilweng ka seatla le dikwalo tsa mekwalo e e kwadilweng ka seatla tsa bogologolo tse re santseng re na natso di se ka tsa nna tsa sepe, le gore pharologanyo ya mafoko, lefa a kgatlhisa jalo, ga e ame dithuto tse dikgolo tsa motheo tsa tumelo ya Bokeresete.” Jaaka go bontshitswe mo tsebeng ya 309 mo tšhateng ya setlhogo se se reng, “Metswedi ya Tshedimosetso ya New World Translation—Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika,” go ile ga dirisiwa makwalo a a tsamaisanang go dira tshedimosetso ya Seesemane e e ranotsweng ka kelotlhoko. Dintlhanyana tse di kwa tlase tsa botlhokwa di tshegetsa ditlhaloso tseno tse eleng tsa boammaaruri. Komiti ya Thanolo ya Bibela ya New World e ne ya dirisa diphetso tse di siameng go gaisa tsotlhe tsa bakanoki ba Bibela tseo ba neng ba di dira ka makgolokgolo a dingwaga go tlhagisa thanolo ya bone e e siameng. Abo re ka tlhomamisega jang ne gompieno gore Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, jaaka re na natso gompieno, eleruri di na le “sekaō sa mahoko a a tshedileñ” jaaka a ne a kwalwa ke barutwa ba ba tlhotlheleditsweng ba ga Jesu Keresete. Ekete ka metlha re ka ngangatlela mafoko ano a botlhokwa ka tumelo le ka lorato!—2 Tim. 1:13.
32. Ke ka ntlhayang fa go builwe ka botlalo fano kaga mekwalo e e kwadilweng ka seatla le tshedimosetso ya Dikwalo Tse Di Boitshepo, mme ka phelelo efe e e kgotsofatsang?
32 Mo thutong eno mmogo le e e fetileng go builwe thata ka mekwalo e e kwadilweng ka seatla le tshedimosetso ya Dikwalo Tse Di Boitshepo. Ke ka ntlhayang fa seno se dirilwe ka botlalo jaana? Boikaelelo e ne e le go bontsha kwantle ga pelaelo gore tshedimosetso ya Dikwalo tsa Sehebera le tsa Segerika tota e tshwana fela le tshedimosetso e e boammaaruri, ya ntlha e Jehofa a neng a tlhotlheletsa banna ba ba ikanyegang ba bogologolo go e kwala. Tshedimosetso eo ya ntlha e ne e tlhotlheleditswe. Lefa bakwalolodi ba ne ba dira ka matsetseleko, ba ne ba sa tlhotlhelediwa. (Pes. 45:1; 2 Pet. 1:20, 21; 3:16) Ka gone, go ile ga tlhokega gore dikaelo tse dintsintsi tsa mekwalo e e kwadilweng ka seatla di tlhatlhobisiwe go tlhaola ka phepafalo le kwantle ga phoso epe metsi a a phepa a boammaaruri fela jaaka a ne a elela a tswa kwa Motsweding o Mogolo, Jehofa. Malebogo otlhe a ya go Jehofa ka baka la mpho e e gakgamatsang ya Lefoko la gagwe, Bibela e e tlhotlheleditsweng, le molaetsa o o lapolosang wa Bogosi o o elelang go tswa mo ditsebeng tsa lone!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Insight on the Scriptures, Bol. 1, ditsebe 354-5.
b Bona tsebe ya 176, serapa 6.
c Insight on the Scriptures, Bol. 1, tsebe 323; New Bible Dictionary, tokololo ya bobedi, 1986, J. D. Douglas, tsebe 1187.
d New Bible Dictionary, tokololo ya bobedi, tsebe 1187.
e Bona tšhate ya setlhogo se se reng “Dithanolo Dingwe tse Dikgolo tsa Bibela tsa Dipuo tse Supa tse Dikgolo,” mo tsebeng ya 322.
f The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures, 1985, ditsebe 8-9.
g Bona dintlhanyana tse di kwa tlase tsa Luke 24:40; Yohane 5:4; Ditihō 19:23; 27:37; le Tshenolō 3:16.
h The New Testament in the Original Greek, 1974, Bol. 1, tsebe 561.
i The Bible and Archaeology, 1940, ditsebe 288-9.