Ba ne Ba Tlhoma Sekao sa Boikanyegi
1 Ka 1937 go ne ga simologa karolo e ntšha ya tirelo ya nako e e tletseng—e leng tiro ya bobulatsela jo bo kgethegileng. Banna le basadi ba ba nang le bokgoni, ba ba nang le maitemogelo mo bodireding jwa Bokeresete, ba ne ba amogela ka go rata dikabelo tsa go direla gongwe le gongwe kwa mokgatlho o neng o ba abela gone. Gone jaanong, masome a dingwaga moragonyana, babulatsela ba ba kgethegileng ba tswelela ba tlhoma sekao sa boikanyegi se ba bangwe ba ka se etsang.—Baheb. 6:12.
2 Ba ne Ba di Goga Kwa Pele: Kwa tshimologong, babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba etelela pele tiro ya go rera ka go dirisa fonokerafa e potlana ba eme fa kgorong ya mong wa ntlo. Gape ba ne ba dirisa dipuo tse di rekotilweng go tlotla ka Baebele fa ba dira maeto a go boela. Seno se ne se dirwa mo metseng e megolo kwa diphuthego di neng di setse di tlhomilwe gone. Moragonyana, babulatsela ba ba kgethegileng ba ne ba romelwa kwa mafelong a go neng go tlhokega baboledi ba Bogosi thata gone. Ba ne ba etela batho botlhe ba ba neng ba kgatlhega le go tshwara dithuto tsa Baebele. Ka ntlha ya maiteko a bone a a tlhoafetseng, diphuthego tse disha di le makgolokgolo di ne tsa tlhomiwa. Tiro ya bone ya bonatla ya go rera dikgang tse di molemo e ne ya thusa thata mo go goleng ga phuthego mo re go bonang gompieno. (Isa. 60:22) Babulatsela ba ba kgethegileng ba sa ntse ba nna le seabe se se botlhokwa mo go anamiseng dikgang tse di molemo “mo popong yotlhe e e kafa tlase ga legodimo.”—Bakol. 1:23.
3 Sekao Se re Ka se Etsang: Babulatsela bangwe ba ba kgethegileng ba ntse ba le mo bodireding jwa nako e e tletseng ka masomesome a dingwaga. Go ralala dingwaga, tumelo ya banna le basadi bano ba ba ikanyegang e ile ya ntlafadiwa fa ba ntse ba lebana le maemo a a farologaneng. (1 Pet. 1:6, 7) Ba ntse ba iketleeleditse go itima dilo dingwe gore ba direle kwa mafelong a a tlhokang thuso. Bangwe gone jaanong ba godile e bile ba a lwala kgotsa ba lebana le maemo a mangwe a a boima. (2 Bakor. 4:16, 17) Le fa go ntse jalo, ba “nna ba tlhogonolofala mo botlhogoputsweng.” (Pes. 92:14) Ba ikanya Jehofa le go segofadiwa ke ene.—Pes. 34:8; Dia. 10:22.
4 Eleruri babulatsela ba ba kgethegileng ba tshwanelwa ke go akgolwa. Fa phuthego ya lona e na le tshiamelo eo ya go nna le babulatsela ba ba kgethegileng, dirisa tshono eo ka botlalo go nna le nako le bone le go solegelwa molemo ke maitemogelo a bone. Anaanela tirelo ya bone ya go nna baboledi ba ba ikanyegang ba Bogosi. Kgothadiwa ke go nitama ga bone. Botlhe ba ba etsang tumelo ya bone le bone ba ka amogelwa le go segofadiwa ke Jehofa ka gonne “ba ba dirang ka boikanyegi ba a mo ipedisa.”—Dia. 12:22.