Thulaganyo e Ntšha ya Kopano ya Potologo
Jehofa o tshwanelwa ke go galalediwa. Re galaletsa jang Jehofa? Ke eng se se dirang gore go nne boima gore bangwe ba galaletse Jehofa? Ke masego afe a a tlelang ba ba galaletsang Modimo gone jaanong? Thulaganyo ya kopano ya potologo ya ngwaga wa tirelo wa 2008 e tla araba dipotso tseno ka tsela e e kgotsofatsang. Setlhogo sa yone sa re “Dirang Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo.” (1Bak. 10:31) Akanya gore re letetswe ke eng mo malatsing a mabedi a a tlang a go rutwa ka dilo tsa semoya.
Molebedi wa kgaolo o tla tlotla ka setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang fa re Tshwanetse go Galaletsa Modimo?” le “Tlhoma Sekao ka go Dira se Modimo a se Batlang.” O tla neela puo ya phatlalatsa e e reng, “Ke Bomang Batho ba ba Galaletsang Modimo?,” le puo ya bofelo e e reng, “Go Galaletsa Modimo mo Lefatsheng Lotlhe ka Kutlwano.” Gape o tla tshwara Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo. Molebedi wa potologo o tla tlotla ka setlhogo se se reng “Itumelele go Bonatsa Kgalalelo ya Modimo,” “Dilo Tse di Tlhokang go Elwa Tlhoko mo Potologong,” le “Nna o ‘Tlhomame mo Boammaaruring,’” se se theilweng mo go 2 Petere 1:12. Gape, re tla ithuta gore “Bodiredi Jwa Bobulatsela bo Galaletsa Modimo” jang. “Go Galaletsa Modimo mo Dikarolong Tsotlhe Tsa Botshelo Jwa Rona,” e leng setlhogo sa ntlha mo go tse pedi tsa dipuo tse di tlhotlheletsang tsa neeletsano, se tla sekaseka bokao jwa mafoko a a tlhotlheleditsweng a a mo go 1 Bakorintha 10:31. Dipuo tsa neeletsano tsa setlhogo se se reng “Go Baka Jehofa ka go Dira Tirelo e e Boitshepo” se tla tlotla ka dikarolo tse di farologaneng tsa kobamelo ya rona. Re tla itumelela tshobokanyo ya Tora ya Tebelo le motlotlo wa temana ya letsatsi ka Sontaga. Gape go tla nna le kolobetso.
Bontsi jwa batho bo gana go dumela mo Modimong. Ba le bantsi ba itewa tsebe ke maano a batho gore ba ka akanya ka kgalalelo ya ga Jehofa. (Johane 5:44) Mme re tlhatswegile pelo ka botlhokwa jwa go dirisa nako re sekaseka gore re ka “Dira Dilo Tsotlhe Kgalaletsong ya Modimo” jang. Rulaganya gore o nne gone le go solegelwa molemo ka botlalo mo mananeong otlhe a manè.