O se Ka wa Okaoka!
1. Ga re “gane ka molemo” ka tsela efe?
1 Ka go nna le seabe ka tlhagafalo mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi, ga re “gane ka molemo” mo go ba ba mo tshimong ya rona. (Dia. 3:27) Ga go na dikgang tse di molemo tse re ka di bolelelang batho go gaisa tsa go ba itsise ka dinako tse di itumedisang tse di tlileng go nna gone mo pusong ya Modimo. Le mororo o ka tswa o nna le seabe mo go boleleleng batho tsholofelo ya Bogosi le fa o se mo bodireding kana o tle o ba abele dibuka, ke eng fa o sa ipeele mokgele wa go nna le thuto ya legae ya Baebele, fa e le gore ga o na yone?
2. Ke eng se se ka re dirang gore re okaoke go simolola thuto ya Baebele?
2 Ka dinako dingwe, selo se segolo se se ka re kgoreletsang go tshwara thuto ya Baebele ke tsela e re ikutlwang ka yone ka kgang eno. Bangwe ba okaoka go tshwara thuto ya Baebele ka ntlha ya go bo ba ikutlwa ba sa tshwanelege kana ka ntlha ya go bo ba tshwaregile thata. Dikakantsho tse di latelang di ka go thusa gore o se ka wa okaoka mo tirong ya go tshwara dithuto tsa Baebele.—Math. 28:19; Dit. 20:20.
3. Ke ka ntlha yang fa re tshwanelega go ruta Baebele?
3 Go se Itshepe: Gongwe o na le thutego e e potlana ya lefatshe kana ka ntlha ya mabaka a rileng ga o ikanye bokgoni jwa gago jwa go tshwara thuto ya Baebele. Badiredi ba ba atlegileng ba Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga e ne e le batho “ba ba sa rutegang e bile e le batho fela.” Ke eng se se neng sa ba thusa go ruta ba bangwe boammaaruri? “Ba [ne] ba kile ba bo ba na le Jesu.” (Dit. 4:13) Ba ithutile mo Morutising yo Mogolo, Jesu, yo Dikwalo di re bolelelang ka dithuto tsa gagwe le ditsela tse a neng a ruta ka tsone. Le fa o sa rutega go le kalo, re newa thuto ya semoya e e di gaisang tsotlhe.—Isa. 50:4; 2 Bakor. 3:5.
4. Re ka ithuta eng mo sekaing sa ga Amose?
4 Ka dinako tse dingwe Jehofa o ne a dirisa baporofeti go kgalema babusi le batho bangwe ba maemo a a kwa godimo ba ba neng ba dira diphoso. Bangwe, ba ba jaaka Amose ba ne ba tswa mo malapeng a maemo a a kwa tlase. Amose o ne a dumela jaana: “Ke ne ke se moporofeti, le gone ke ne ke se morwa moporofeti; mme ke ne ke le modisa e bile ke le mopomi wa difeige tsa ditlhare tsa mosikamore.” (Amos. 7:14) Le fa go ntse jalo, Amose ga a ka a okaoka go isa molaetsa wa dikatlholo tsa ga Jehofa kwa go moperesiti Amasia yo o neng a obamela namane. (Amos. 7:16, 17) Re tshwanetse go gakologelwa gore re dira tiro ya Modimo mme o tla re dira gore re tshwanelege ka botlalo go dira tiro e a re neileng yone.—2 Tim. 3:17.
5. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leka go simolola thuto ya Baebele tota le fa re se na nako?
5 Go se Nne le Nako: Le fa o le motho yo o se nang nako, o ka tswa o ipeetse nako ya go nna le seabe mo bodireding ka metlha. Go nna le thuto ya Baebele e ka nna karolo nngwe e e itumedisang thata mo bodireding jwa rona. Ke tshiamelo go bona Lefoko la ga Jehofa le na le matswela mo botshelong jwa motho. (Baheb. 4:12) Jehofa o a itumela fa re ithontsha dilo dingwe gore re thuse mongwe gore a “tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Tim. 2:4) Tota le baengele ba a itumela fa mongwe a ikwatlhaela tsela ya gagwe e e fitileng mme a gatela pele semoyeng.—Luke 15:10.
6. Re na le tshiamelo efe e botlhokwa ya go dira thato ya Modimo?
6 ‘Thato ya Modimo ke gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.’ (1 Tim. 2:4) A bo re na le tshiamelo e e botlhokwa jang ne ya go dira dilo go ya ka thato ya Modimo, re sa okaoke go tshwara dithuto tsa Baebele!