Letsholo la go Rera le Legolo go Gaisa Otlhe a a Kileng a Nna Gone!
Go setse go fetile dingwaga di le 100, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba rera dikgang tse di molemo. (1 Bakor. 9:23) Re rera molaetsa ono ka dipuo di le makgolokgolo ka letsholo la go rera le legolo go gaisa otlhe a a kileng a nna gone mo lefatsheng. Re o rera mo dinageng tse di fetang 230. (Math. 24:14) Ke eng fa tiro eno e tlhokega? Mme re kgona jang go e dira mo lefatsheng lotlhe?
Bidio ya Jehovah’s Witnesses—Organized to Share the Good News e araba dipotso tseno ka go tlhalosa ka botlalo dikarolo tse dintsi tsa tiro ya rona e e dirwang mo dinageng tse di farologaneng. Fa o ntse o e lebile, akanya ka dipotso tseno: (1) Tiro ya rona e rulaganngwa le go kaelwa jang? (2) Mafapha a Bokwaledi, a Boranodi, a Botaki le a Dikhasete le Dibidio a nna le seabe jang mo go anamiseng dikgang tse di molemo? (3) Boikaelelo jwa rona jwa go gatisa dibuka tse dintsi le go di romela ke bofe? (Joh. 17:3) (4) Go gatisiwa dibuka tse kae ka ngwaga? (5) Dikgatiso tsa rona tse di theilweng mo Baebeleng di kgonne go dira eng? (Baheb. 4:12) (6) Batho ba ba sa boneng le ba ba sa utlweng ba thusiwa jang ka dilo tsa semoya? (7) Tiro ya rona e tshegediwa jang ka madi? (8) Re solegelwa molemo jang ke tiro ya Lephata la Tirelo ya Tshedimosetso Kaga Dikokelo, Lefapha la Tirelo le Lefapha la Dikopano? (9) Jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, bidio eno e ile ya oketsa jang kanaanelo ya gago ka (a) matsapa a phuthego ya ga Jehofa e a dirang go rera dikgang tse di molemo? (b) magae a Bethele a a fetang 100 mo lefatsheng lotlhe? (c) thapiso e e newang balebedi le barongwa? (d) botlhokwa jwa go simolola letsatsi lengwe le lengwe ka go sekaseka temana ya Baebele le go baakanyetsa dipokano tsa phuthego beke le beke? (e) melemo ya go nna gone mo dikokoanong tsa rona tsa Bokeresete? (f) kafa Paradaise ya mo lefatsheng e tlileng go nna ka teng? (Isa. 11:9) (g) go nna le seabe ka bowena mo tirong ya thobo e e ntseng e tswelela pele?—Joh. 4:35.
Ba losika, ba o tlwaelaneng le bone, maeto a go boela le ba o ithutang Baebele le bone ba ile ba tsiboga jang ka tsela e e molemo fa o sena go ba bontsha bidio eno? Ke eng fa o sa e bontshe mongwe o sele le go tlotla le ene ka dikgang tse di molemo mo bogautshwaneng?—Math. 28:19, 20.