LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • si ts. 251-253
  • Buka ya Bibela ya bo 60—1 Petere

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Buka ya Bibela ya bo 60—1 Petere
  • “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEO SE LENG MO GO PETERE WA NTLHA
  • LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
  • A re Ngapareleng Tumelo ya Rona e e Botlhokwatlhokwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1997
  • Buka ya Bibela ya bo 61—2 Petere
    “Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
  • Makwalo a ga Petere a re Ruta Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Mopapa—A ke “Motlhatlhami wa ga Moitshepi Petere”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola”
si ts. 251-253

Buka ya Bibela ya bo 60—1 Petere

Mokwadi: Petere

Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Babelona

Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 62–64 C.E.

1. Ke ka ntlhayang fa Bakeresete ba ne ba tshwanelwa go lekwa, mme ke ka ntlhayang fa lokwalo lwa ntlha lwa ga Petere lo ne lo lebagane sentle?

TIRO ya Bogosi e ne ya tswelela ya bo ya atlega go ralala Mmusomogolo wa Roma otlhe jaaka Bakeresete ba pele ba ne ba ntse ba bolela ditiro tse dikgolo tsa Modimo kwa dinageng tse di kwa kgakala. Lefa go ntse jalo, go ne ga tsoga dipelaelo dingwe ka setlhopha se se tlhaga seno. Selo se segolo ke gore, bodumedi jwa bone bo ne bo simologile kwa Jerusalema le mo Bajudeng, mme bangwe ka phoso ba ne ba ithaya ba re bo simolotswe ke setlhopha sengwe sa Bajuda se se neng se gagamaletse dipolotiki seo se neng se sa rate go nna mo jokweng ya Baroma mme ba ne ba tlhola ba le letshwenyo mo babusing ba bone. Mo godimo ga moo, Bakeresete ba ne ba farologane ka gonne ba ne ba gana go isetsa mmusi setlhabelo kana go kopanela mo meletlong ya bodumedi jwa boheitane ya motlha oo. Ba ne ba kgalwa mme ba ne ba lekwa thata ka ntlha ya tumelo ya bone. Petere o ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha ka nako e e tshwanetseng, a akanyeditse dilo go sa le gale ka tlhotlheletso ya Modimo, go kgothatsa Bakeresete gore ba nne ba tiile le go ba gakolola kafa ba tshwanetseng go itshwara ka gone mo mmusong wa ga Nero, ebong Kaesare wa nako eo. Lokwalo lono lo ne lwa itshupa lo lebagane sentle fa re akanya ka pogiso e kgolo e e neng ya tsoga ka bonako fela morago ga foo.

2. Ke eng se se supang gore Petere ke ene a kwadileng lokwalo lono lo lo bitswang ka ene, mme lokwalo lono lo ne lo lebisitswe go bomang?

2 Mafoko a a simololang a supa fa Petere e le ene mokwadi. Mo godimo ga moo, Irenaeus, Clement wa Alexandria, Origen, le Tertullian ba tsopola lokwalo lono botlhe ba bolela gore Petere ke ene mokwadi wa lone.a Go na le bosupi jo bontsi jwa gore Petere wa Ntlha ke karolo ya Dikwalo fela jaaka go ntse le ka makwalo a mangwe a a tlhotlheleditsweng. Eusebius o re bolelela gore bagolwane ba kereke ba ne ba dirisa lokwalo lono ka metlha yotlhe; lo ne lo sa belaelwe fa lo le karolo ya Dikwalo mo nakong ya gagwe (mo e ka nnang ka 260-342 C.E.). Ignatius, Hermas, le Barnabas, bao botlhe e neng e le ba lekgolo la bobedi la dingwaga, ba ne ba le umaka thata.b Petere wa Ntlha e dumalana ka botlalo le Dikwalo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng mme e naya Bakeresete ba Bajuda le ba e seng Bajuda molaetsa o o nonofileng jaaka e le “bayaki ba Phaladi, kwa lehatshiñ ya Ponto, le ya Galatia, le ya Kapadokia, le ya Asia, le ya Bithinia”—dikgaolo tsa Asia Minor.—1 Pet. 1:1.

3. Ke bosupi bofe jo bo gone kaga nako e Petere wa Ntlha e kwadilweng ka yone?

3 Lokwalo lono lo ne lwa kwalwa leng? Tsela e lo buang ka yone e supa gore Bakeresete ba ne ba lekwa, ba ka tswa ba ne ba lekwa ke baheitane kana ke Bajuda ba ba neng ba sa sokologa, mme tlhaselo ya ga Nero ya pogiso ya 64 C.E., e ne e ise e simolole. Go bonala gore Petere o ne a kwala lokwalo lwa gagwe pele ga seno, gongwe fa gare ga 62 le 64 C.E. Konelo eno e nonotshiwa ke ntlha ya gore Mareko o ne a santse a na le Petere. Paulo o ne a na le Mareko fa a ne a le mo kgolegelong lwa ntlha kwa Roma (mo e ka nnang ka 59-61 C.E.) mme o ne a tshwanetse go ya kwa Asia Minor; mme ka nako ya fa Paulo a tla tshwarwa labobedi (mo e ka nnang ka 65 C.E.), Mareko o ne a le gaufi le go ya go pata Paulo gape kwa Roma. (1 Pet. 5:13; Bakol. 4:10; 2 Tim. 4:11) Mo lobakeng loo lo lo fa gare o ne a ka bo a ne a na le Petere kwa Babelona.

4, 5. (a) Ke eng seo se ganetsang boiphako jwa gore Petere o ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha a le kwa Roma? (b) Ke eng se se bontshang gore o ne a kwala lokwalo lwa gagwe a le kwa Babelona totatota?

4 Petere wa Ntlha e ne ya kwalelwa kae? Lemororo ba ba akgelang ka Bibela ba dumalana gore e boammaaruri, gore ke karolo ya Dikwalo, ba dumalana ka mokwadi wa yone, le ka letlha le go fopholediwang gore e kwadilwe ka lone, ga ba dumalane ka lefelo le e kwaletsweng kwa go lone. Go ya ka bosupi jwa ga Petere, o ne a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha a le kwa Babelona. (1 Pet. 5:13) Mme bangwe ba re o ne a lo kwala a le kwa Roma, ba bolela gore o ne a dirisa leina “Babelona” go fitlha gore o ne a le kwa Roma. Lefa go ntse jalo, bosupi ga bo tshegetse pono eo. Ga go gope fa Bibela e bolelang gore Babelona e raya Roma gone. Ereka Petere a ne a lebisitse lokwalo lwa gagwe go bao tota ba neng ba le kwa Ponto, Galatia, Kapadokia, Asia, le Bithinia, go utlwala sentle gore fa a umaka Babelona o ne a raya lefelo le le bidiwang ka leina leo. (1:1) Go ne go na le lebaka le le molemo la go bo Petere a ne a le kwa Babelona. O ne a romilwe go ‘nna moaposetoloi wa ba bogwera,’ mme go ne go na le Bajuda ba bantsi kwa Babelona. (Bagal. 2:7, 8) Encyclopaedia Judaica, fa e tlotla ka go rulaganngwa ga Talmud ya Babelona, e umaka “barutegi ba bagolo ba kwa Babelona” ba tsamaiso ya Sejuda ba Motlha o o Tlwaelegileng.c

5 Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng, go akaretsa le makwalo a mabedi a ga Petere, ga di umake sepe sa gore o ne a ya kwa Roma. Paulo o bua gore o ne a le kwa Roma mme ga a ise a bue sepe sa gore Petere o kile a ya koo. Ereka Paulo a umaka maina a le 35 mo lokwalong lwa gagwe lwa Baroma a bo a dumedisa batho ba le 26 ka maina, ke ka ntlhayang fa a sa umake Petere? Fela ka gore Petere o ne a se gone koo ka nako eo! (Bar. 16:3-15) “Babelona” eo Petere a neng a kwala lokwalo lwa gagwe lwa ntlha a le gone ke Babelona tota e e mo losing lwa Noka ya Euferatese kwa Mesopotamia.

SEO SE LENG MO GO PETERE WA NTLHA

6. Petere o kwala ka tsholofelo efe, mme tsholofelo ya go ‘tsalwa gape’ e ikaegile ka eng?

6 Botsalo jo bosha go ya tsholofelong e e tshedileng ka Keresete (1:1-25). Petere o simolola fela ka go lebisa tlhokomelo ya babadi ba gagwe mo ‘go tsalelweng mo tsholofelong e e tshedileng’ le boswa jo bosakhutleng jo ba bo beetsweng kwa legodimong. Seno se dumalana le boutlwelobotlhoko jwa Modimo ka go tsosa Jesu Keresete mo baswing. Ka gone, “baitshenkedwi” ba ipela thata, lemororo ba utlwisiwa botlhoko ke diteko tse di farologaneng, gore tumelo ya bone e e lekilweng e “hitlhèlwè e le pakō, le kgalalèlō le tlotlō, mo tshenoloñ ea ga Yesu Keresete.” Baperofeti ba bogologolo, le eleng baengele ba ile ba botsa ka poloko eno. Ka gone, baitshenkedwi ba tshwanetse go shafaletsa ditlhaloganyo tsa bone tiro mme ba tlhome tsholofelo ya bone mo bopelonoming jono jo bo sa tshwanelang, ba nne boitshepo mo boitsholong jotlhe jwa bone. A seno ga se tshwanele ka ba golotswe, eseng ka dilo tse di senyegang, mme e leng “ka madi a a tlhōkègañ, ekete a kwanyana e e senañ bogōlè, leha e le selabe, eboñ ka madi a ga Keresete”? Ba ‘tsetswe gape’ ka lefoko la Modimo o o tshelang le wa bosakhutleng, Jehofa, leo le nnelang ruri le leo ba le reretsweng jaaka mafoko a a molemo.—1:1, 3, 7, 19, 23.

7. (a) Bakeresete ba agiwa jaaka eng, mme ka boikaelelo bofe? (b) Jaaka bajaki, ba tshwanetse go itshwara jang?

7 Go nna le boitsholo jo bontle mo go baditšhaba (2:1–3:22). Ka go bo e le maje a a tshelang, Bakeresete ba agiwa go nna ntlo ya semoya, ba ntsha ditlhabelo tsa semoya tseo Modimo o di amogelang ka Jesu Keresete, leje la motheo la kgokgotso, leo le neng la fetoga leje la kgopiso mo go bao ba senang kutlo. Ba ba dumelang ba ile ba fetoga ‘boperesiti jwa segosi, morafe o o boitshepo, o o bonatsang go tlotlomala ga yo o ba biditseng mo lefifing a ba isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.’ Jaaka bajaki fa gare ga baditšhaba, a ba ithibe mo dikeletsong tsa nama mme ba boloke boitsholo jo bo siameng. A ba ineele mo “taoleloñ ñwe le ñwe ea motho,” e le ya kgosi kana ya batlhanka ba yone. Ee, a ba ‘tlotle batho botlhe. Ba rate bakaulengwe. Ba boife Modimo. Ba tlotle kgosi.’ Ka mo go tshwanang, batlhanka ba tshwanetse go ineela mo go beng ba bone, ka segakolodi se se molemo, ba itshoka mo pogisong e e sa dirweng ka tshiamo. Keresete le ene, o ne a sotliwa a bo a boga lemororo a ne a sena boleo, a re tlogelela “sekaō” gore re tsamaye mo dikgatong tsa gagwe.—2:9, 13, 17, 21.

8. (a) Banna le basadi ba newa kgakololo efe e e utlwalang? (b) Motho o tlhoka eng gore a nne le segakolodi se se molemo fa pele ga Modimo?

8 Basadi le bone ba tshwanetse go ineela, ka go bo boitsholo jwa bone jo bo itshekileng mmogo le tlotlo e e boteng di ka gapa banna ba ba sa dumeleng fela kwantle ga lefoko. Ga ba a tshwanela go amega fela ka go ikgabisa mmele. Ba tshwanetse go dira jaaka Sara yo o neng a le kutlo, mme e nne “motho eo o sa bōnaleñ oa pelo, le ka diaparō tse di sa boleñ tsa mōea oa boikokobeco le tidimalō, e le gōna mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo.” Banna ba tshwanetse go tlotla basadi ba bone jaaka ‘dijana tse di seng thata’ le jaaka “barui mmōgō nabō ba tshegōhaco ea botshelō.” Bakeresete botlhe ba tshwanetse go bontsha lorato lwa bokaulengwe. “Eo o eletsañ go rata botshelō, . . . a a hapogè boshula, a dihè molemō; a a batlè kagishō, me a a e latèlèlè. Gonne matlhō a ga Yehofa a mo basiamiñ.” Ba tshwanetse go iketleetsa ka metlha go femela tsholofelo ya bone, go na le gore ba boife batho. Go botoka gore motho a bogisediwe go dira se se molemo, fa se le tumalanong le go rata ga Modimo go na le go dira bosula. “Ka Keresete le èna a bogile botlhoko gañwe hèla ka ntlha ea maleo, a le mosiami mo boemoñ yoa basiamolodi, gore a re lere mo Modimoñ; a bolawa mo nameñ, me a rudisiwa mo moeeñ.” Noa o ne a bolokiwa le lelapa la gagwe ka go supa tumelo ka go aga araka. Ka tsela e e tshwanang, bao ka ntlha ya go dumela mo go Keresete yo o tsositsweng mo baswing, ba ineelang mo Modimong, ba supang tumelo ya bone ka go kolobediwa, mme ba tswelela go dira go rata ga Modimo, ba a bolokiwa, mme Modimo o ba naya segakolodi se se molemo.—3:4, 7, 10-12, 18.

9. Bakeresete ba tshwanetse go nna le boikutlo bofe jwa mogopolo? Go sa kgathalesege eng?

9 Go ipelela go dira go rata ga Modimo jaaka Mokeresete, lemororo o bogisiwa (4:1–5:14). Bakeresete ba tshwanetse go nna le mogopolo o o tshwanang le wa ga Keresete, ba tshelela fela go dira go rata ga Modimo mme eseng ga baditšhaba, lemororo baditšhaba ba ba sotla ka gonne ba sa tlhole ba siana le bone mo “tlhapeloñ euō e e heteletseñ.” Ereka bokhutlo jwa dilo tsotlhe bo setse bo le gaufi, ba tshwanetse go nna le maikutlo a a itekanetseng, ba rapele, mme ba ratane ka lorato lo lo tukang, ba dira dilo tsotlhe gore Modimo o galalediwe. Ga ba a tshwanela go gakgamala fa ba bogisiwa thata, mme ba tshwanetse go ipela jaaka ba ba bogang jaaka Keresete. Lefa go ntse jalo, go se nne ope yo o bogang ka ntlha ya go dira bosula. Ereka katlholo e simolola mo ntlong ya Modimo, “a bōnè ba ba utlwañ botlhoko kaha go rateñ ga Modimo, a ba neèlè Mmopi eo o boikañō meōea ea bōnè ba le mo go diheñ molemō.”—4:4, 19.

10. Banna ba bagolo le ba babotlana ba newa kgakololo efe, mme Petere wa Ntlha e konela ka tlhomamisetso efe e e nonofileng?

10 Bagolwane ba tshwanetse go disa letsomane la Modimo ka go rata, ee, ka botlhaga. Fa ba nna sekao mo letsomaneng ba tla itlhomamisetsa gore ba tla bona serwalo sa kgalalelo fa Modisa yo Mogolo a tla. A banna ba babotlana ba ineele mo bagolwaneng, botlhe ba ikokobetse, “gonne Modimo o tlhabana le ba ba ikgogomosañ, me ba ba ikokobetsañ o ba neè tshegōhaco.” A ba nitame mo tumelong mme ba nne ba disitse Diabolo, “tau e e dumañ.” Petere o konela ka go re tlhomamisetsa ka mafoko a a nonofileng fa a kgothatsa jaana: “Me Modimo oa tshegōhaco eotlhe, o o lo bileditseñ kwa kgalaleloñ ea ōna e e sa khutleñ mo go Keresete, e tla re lo sena go nna lo boga botlhoko ka lobakanyana, ōna ka osi o tla lo diha boitekanèlō, o lo tiise, o lo thatahatse. Pushō a e nnè kwa go ōna ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae. Amen.”—5:5, 8, 10, 11.

LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA

11. Petere o latela jang kgakololo ya ga Jesu le ya ga Paulo fa a gakolola balebedi?

11 Lokwalo lwa ntlha lwa ga Petere lo naya balebedi kgakololo e e botlhokwa thata. A boeletsa kgakololo ya ga Jesu e e mo go Yohane 21:15-17 le ya ga Paulo e e mo go Ditihō 20:25-35, Petere o bontsha gape gore tiro ya molebedi ke ya bodisa, mme o tshwanetse gore a se ka a e dira ka bogagapa, a e dire ka go rata, le ka botlhaga. Molebedi ke modisa yo mmotlana, yoo a dirang kafa tlase ga “Modisa eo mogolo,” Jesu Keresete, mme o ikarabelela mo go ene ka letsomane la Modimo, ka a tshwanetse go lo tlhokomela a lo tlhomela sekao mme a dira ka boikokobetso jotlhe.—5:2-4.

12. (a) Ke boineelo bofe jo bo lekanetseng jo bo tshwanetseng go newa babusi le beng ba batho? (b) Petere o kgothatsa jang malebana le go ineela ga basadi mo botlhogong jwa banna ba bone? (c) Lokwalo lono lo gatelela nonofo efe ya Bokeresete?

12 Lokwalo lwa ga Petere lo ama dikarolo tse dingwe tse dintsi tsa go ineela jaaka Bakeresete ebile le naya gape kgakololo e e molemo go gaisa. Go newa kgakololo ya go ineela ka tshwanelo mo babusing ba ba jaaka dikgosi le balaodi mo go 1 Petere 2:13-17. Lefa go ntse jalo, ba tshwanetse go supa boineelo jo bo lekanetseng, ka ntlha ya Morena mme go patagane le ‘go boifa Modimo,’ yoo Bakeresete e leng batlhanka ba gagwe. Batlhanka ba ba dirang mo gae ba kgothalediwa go ineela mo go beng ba bone le go itshoka fa ba bogisiwa “ka ntlha ea go gopola Modimo.” Basadi le bone ba newa kgothatso e e molemo tota malebana le go ineela mo banneng ba bone, go akaretsa le ba ba sa dumeleng, se se tla bontshang gore boitsheko jwa bone le go itshola ka tlotlo ke “mo go kaiwañ go tlhōkèga thata mo matlhoñ a Modimo” mme gape ba ka nna ba gapela banna ba bone mo boammaaruring. Petere fano o gatelela ntlha eno ka go naya setshwantsho ka Sara yo a neng a ikobela Aberahame ka boikanyegi. (1 Pet. 2:17-20; 3:1-6; Gen. 18:12) Banna le bone ba tshwanetse go dirisa botlhogo jwa bone sentle ka go akanyetsa “seyana se se señ thata.” Petere o kgothatsa jaana gape mo ntlheng eno: “Le lona, babōtlana, lo nnè kutlō mo go ba e leñ bagolwane.” Morago a bo a otlelela botlhokwa jwa boikokobetso, boikobo, nonofo ya Bokeresete eo e otlelelwang go ralala lokwalo lotlhe lwa gagwe.—1 Pet. 3:7-9; 5:5-7; 2:21-25.

13. (a) Petere o phepafatsa lebaka la gore ke eng fa Modimo a biditse phuthego ya Bokeresete jang mo lokwalong lwa gagwe? (b) Petere o bua ka boswa bofe jo bo itumedisang jo bo tlang, mme ke bomang ba ba bo bonang?

13 Petere o ne a ba naya kgakololo e e nonotshang thata ka nako ya fa ba ne ba lebane le diteko le dipogiso tse di neng di simologa gape, mme lokwalo lwa gagwe eleruri lo botlhokwa mo go botlhe ba ba lebaneng le diteko tse di ntseng jalo gompieno. Tlhokomela kafa a dirisang Dikwalo tsa Sehebera ka gone fa a tsopola mafoko ano a ga Jehofa: “Lo nnè boitshèpō; gonne Nna ke boitshèpō.” (1 Pet. 1:16; Lefi. 11:44) Mme morago mo kgaolong e e tletseng ka ditsopolo tsa dikwalo tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng, o bontsha kafa phuthego ya Bokeresete e agiwang jaaka ntlo ya semoya ka maje a a tshelang mo motheong wa ga Keresete ka gone. Mme ka boikaelelo bofe? Petere o araba jaana: “Me lona, lo losika lo lo itshenkecweñ, lo boperisito yoa segosi, morahe o o boitshèpō, lo chaba e e ruilweñ ke Modimo sebele, gore lo tlè lo bōnatsè go tlotlomala ga eo o lo biditseñ, a lo bitsa lo le mo lehihiñ a lo isa mo lesediñ ya gagwè ye le gakgamatsañ.” (1 Pet. 2:4-10; Isa. 28:16; Pes. 118:22; Isa. 8:14; Ekes. 19:5, 6; Isa. 43:21; Hos. 1:10; 2:23) Petere o naya “boperisito yoa segosi,” eleng boperesiti jo bo dirwang ke morafe wa Modimo o o boitshepo, tsholofetso ya Bogosi, eleng “boshwa yo bo sa boleñ, le yo bo sa leshwèhalañ, le yo bo sa nyeleleñ,” “serwalō sa kgalalèlō se se sa ōnaleñ,” ‘kgalalelo e e sa khutleng mo go Keresete.’ Ka gone, bano ba kgothaditswe tota gore ba tswelele ba ipela “gore e tle e re mo tshenoloñ ea kgalalèlō ea gagwè le gōna lo bo lo itumèlè ka boitumèlō yo bo heteletseñ.”—1 Pet. 1:4; 5:4, 10; 4:13.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Cyclopedia ya ga McClintock le Strong, kgatisosesha ya 1981, Bol. VIII, tsebe 15.

b New Bible Dictionary, tokololo ya bobedi, ya 1986, e e kwadilweng ke J. D. Douglas, tsebe 918.

c Jerusalem, 1971, Bol. 15, col. 755.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela