Buka ya Bibela ya bo 66—Tshenolō
Mokwadi: Moaposetoloi Johane
Lefelo Leo E Kwaletsweng kwa go Lone: Patamosa
Go Wediwa ga go E Kwala: mo e ka nnang ka 96 C.E.
1. (a) Mabapi le ditshwantsho tse di mo go Tshenolō, batlhanka ba Modimo ba tla dumalana le eng? (b) Ke ka ntlhayang fa Tshenolō e beilwe sentle kwa bofelong mo Bibeleng?
ADITSHWANTSHO tse di mo go Tshenolō di kwaletswe go tshosa batho? Ga go a nna jalo gotlhelele! Go diragadiwa ga dipolelelopele tseno go ka nna ga boifisa baikepi, mme batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba tla dumalana le ketapele e e tlhotlheleditsweng le mafoko a a builweng ke moengele kwa bofelong a a reng: “Go segō eo o balañ, le ba ba utlwañ mahoko a polèlèlō pele e.” “Go segō eo o bolokañ mahoko a polèlō ea lokwalō lo.” (Tshen. 1:3; 22:7) Lemororo lokwalo lono lo ne lwa kwalwa pele ga dibuka tse dingwe tse di tlhotlheleditsweng tsa ga Johane, Tshenolō kafa tshwanelong e beilwe kwa bofelong jwa dibuka tsotlhe tse di tlhotlheleditsweng tse 66 tseo di bopang Bibela ya rona, ka go bo ke Tshenolō eo e dirang gore babadi ba yone ba tsenelele kwa teng mo isagweng, ka go ntsha ponatshegelo e e akaretsang dilo tsotlhe kaga seo Modimo o se ikaeletseng kaga batho, le eo e konelang setlhogo se segolo sa Bibela, ebong go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa gagwe ka Bogosi jwa ga Keresete, Losika Lo Lo Solofeditsweng.
2. Tshenolō e ne ya tlela Johane ka tsela efe, mme ke ka ntlhayang fa setlhogo sa buka eno se tshwanela sentle?
2 Go ya ka temana ya ntlha e e mo tshimologong, seno ke “tshenolō ea ga Yesu Keresete, e Modimo o e mo neileñ, . . . me a roma moengele oa gagwè, a e bolèlèla Yohane motlhanka oa gagwè [ka ditshwantsho, NW].” Ka jalo Johane e ne e le mokwadi fela, e seng mong wa mafoko. Ka jalo Johane ga se mosenodi, mme ebile buka eno ga se tshenolo e e senotsweng ke Johane. (1:1) Tiro eno ya Modimo ya go upololela motlhanka wa gagwe maikaelelo a Gagwe a a molemolemo a mo isagweng e dira gore setlhogo sa yone se tshwanele fela thata, ka go bo leina la buka eno la Segerika ebong A·po·kaʹly·psis (Apocalypse) le raya “Go Apola” kana “Go Upolola.”
3. Tshenolō ka boyone e tlhalosa gore mokwadi wa yone yo go tweng Johane ke mang, mme boraditiragalo ba metlha ya bogologolo ba tshegetsa seno jang?
3 Johane yono yo go bolelwang gore ke ene yo o kwadileng Tshenolō mo kgaolong ya ntlha ke mang? Re bolelelwa gore e ne e le motlhanka wa ga Jesu Keresete, mme ebile e le mokaulengwe le motlhakanedimmogo mo pitlaganong, le gore o ne a isiwa botshwarwa kwa setlhaketlhakeng sa Patamosa. Ka phepafalo o ne a itsiwe sentle ke batho ba ntlha ba ba neng ba bala dikwalo tsa gagwe, bao go neng go sa tlhokafale gore a tswelele ka go nna a ba itlhalosetsa. O tshwanetse a bo e le ene moaposetoloi Johane. Lebaka leno le tshegediwa ke boraditiragalo ba le bantsi ba metlha ya bogologolo. Papias, yo o neng a nna mokwadi mo karolong ya ntlha ya lekgolo la dingwaga la bobedi C.E., go kaiwa a ile a tsaya buka eno jaaka e e kwadilweng ke moaposetoloi. Justin Martyr wa lekgolo la bobedi la dingwaga, o bolela jaana go “Dialogue With Trypho, a Jew” (LXXXI) ya gagwe: “Go ne go na le monna mongwe yo o neng a na le rona yo o neng a bidiwa Johane, e le mongwe wa baaposetoloi ba ga Keresete, yo o neng a bua dipolelelopele, ka tshenolo eo a neng a e filwe.”a Irenaeus o bua a sa bonye kaga moaposetoloi Johane gore ke ene mokwadi, fela jaaka go boletse Clement wa Alexandria le Tertullian, wa bofelo jwa lekgolo la bobedi la dingwaga le tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga. Origen, mokanoki yo o neng a itsege sentle wa Bibela wa lekgolo la dingwaga la boraro, o ne a re: “Ke bua ka ene yo o neng a nna mo sehubeng sa ga Jesu, ebong Johane, yo o neng a kwala Efangele e le nngwe, . . . mme ke ene gape a kwadileng Apokalipise.”b
4. (a) Ke eng se se dirileng gore tsela e Tshenolō e kwadilweng ka yone e farologane le tsela e mekwalo e mengwe ya ga Johane e kwadilweng ka yone? (b) Ke eng seo se supang gore Tshenolō ke karolo ya boammaaruri ya Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng?
4 Lebaka la go bo Johane a gatelela thata kaga lorato mo dikwalong tse dingwe tsa gagwe ga le reye gore e ka ne e se ene yo o kwadileng Tshenolō e e nonofileng le e e maatla thata jaana. Ene le morwarraagwe ebong Jakobe ke bone ba neng ba gakalela Basamarea ba motse mongwe mo ba neng ba eletsa ekete molelo o ka fologa kwa legodimong. Ke sone seo ba neng ba fiwa sefane sa “Boaneregese,” kana “Bomorwa tumō ea maru.” (Mar. 3:17; Luke 9:54) Phetogo eno mo mokgweng wa go kwala ga e a tshwanela go re bakela bothata bope ereka re ka gakologelwa gore kgang e e mo go Tshenolō ke e e farologaneng. Seo Johane a neng a se bona mo diponatshegelong tseno se ne se sa tshwane lefa e le sepe se a kileng a se bona nako nngwe pele. Kutlwano e e tlhomologileng ya buka eno fa e kopana le Dikwalo tse dingwe tsa boperofeti e supa kwantle ga pelaelo gore ke karolo e e boammaaruri ya Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo.
5. Johane o ne a kwala Tshenolō leng, mme e ne e le tlase ga maemo afe?
5 Go ya ka bosupi jwa pelepele, Johane o ne a kwala Tshenolō mo e ka nnang ka 96 C.E., mo e ka nnang dingwaga tse 26 morago ga tshenyego ya Jerusalema. Seno e ne e tla bo e le go ya bofelong jwa puso ya Mmusimogolo Domitian. Fa a ne a tshegetsa lebaka leno, Irenaeus o ne a bua jaana kaga Apokalipise mo go “Against Heresies” (V, xxx) ya gagwe: “Gonne ga e a ka ya bonwa bogologolo tala, mme e ka nna gone fela mo motlheng wa rona, go ya kwa bokhutlong jwa puso ya ga Domitian.”c Eusebius le Jerome le bone boobabedi ba dumalana le bosupi jono. Domitian e ne e le morwarraagwe Titus, yo o neng a etelela masole a Roma pele go ya go senya Jerusalema. O ne a nna mmusimogolo morago ga fa Titus a se na go tlhokafala, dingwaga tse 15 pele ga go kwalwa buka ya Tshenolō. O ne a gagamalela gore a obamelwe jaaka modimo mme a ipha sereto sa Dominus et Deus noster (moo go rayang “Morena wa Rona le Modimo”). Go obamela mmusimogolo go ne ga se ka ga kgopisa batho bao ba neng ba obamela medimo ya maaka, mme Bakeresete ba pele bone ba ne ba se ka ba ineela mo go gone, mme ba ne ba gana go itatola tumelo ya bone mo ntlheng eno.d Ka jalo, go ya kwa bofelong jwa puso ya ga Domitian (81-96 C.E.), Bakeresete ba ne ba kgomogelwa ke pogiso e e setlhogo. Go akanngwa gore Johane o ne a isiwa botshwarwa kwa Patamosa ke Domitian. Fa Domitian a se na go bolawa ka 96 C.E., o ne a tlhatlhangwa ke mmusimogolo yo mongwe yo o bokgwabonyana ebong Nerva, yoo go bonalang a ne a golola Johane. E ne e le mo nakong eno fa Johane a golegilwe mo Patamosa fa a tla amogela diponatshegelo tseo a neng a di kwala.
6. Re tshwanetse go leba buka ya Tshenolō jaaka eng, mme e ka kgaoganngwa jang?
6 Re tshwanetse go lemoga gore seo Johane a neng a se bona le go bolelelwa gore a se kwalele diphuthego e ne e se motseletsele fela wa diponatshegelo tse di sa amaneng ka gope, tseo di neng di kwadilwe fela ka go tlhakatlhakanngwa. Nnyaa, buka yotlhe ya ga Tshenolō, go tswa fela kwa tshimologong go ya kwa bofelong, e re tlhalosetsa ka go lomagana sentle dilo tsotlhe tseo di neng di tla tla, go tswa mo ponatshegelong e nngwe go ya kwa go e nngwe go fitlhela tiragatso e e tletseng ya maikaelelo a Bogosi jwa Modimo e nna gone kwa bokhutlong jwa diponatshegelo. Jalo he re tshwanetse go tsaya buka ya Tshenolō jaaka selo se le sengwe fela ebile e le e e rulagantsweng ka dikarolo tse di amanang, tse di utlwanang sentle, tseo di re tsenyang mo teng ga isagwe go tswa fela mo metlheng ya ga Johane. Morago ga e sena go simolola ketapele ya yone (Tshen. 1:1-9), buka eno e ka lejwa jaaka e e kgaogantsweng ka diponatshegelo di le 16: (1) 1:10–3:22; (2) 4:1–5:14; (3) 6:1-17; (4) 7:1-17; (5) 8:1–9:21; (6) 10:1–11:19; (7) 12:1-17; (8) 13:1-18; (9) 14:1-20; (10) 15:1–16:21; (11) 17:1-18; (12) 18:1–19:10; (13) 19:11-21; (14) 20:1-10; (15) 20:11–21:8; (16) 21:9–22:5. Diponatshegelo tseno di latelwa ke tigelo e e tlhotlheletsang, eo Jehofa, Jesu, moengele, le Johane, ba buang botlhe, e le bone ba buang mafoko a bofelo go supa gore ke bone tota ba tshwereng kgang kwa pele.—22:6-21.
SEO SE LENG MO GO TSHENOLŌ
7. Ke eng seo Johane a se bolelang kaga go simologa ga Tshenolō, mme ke dilo dife tseo a reng o di kopanetse le ba ba mo diphuthegong tse supa?
7 Ketapele (1:1-9). Johane o tlhalosa gore Motswedi wa Tshenolō ke Modimo le go tlhalosa gore ke seabe sefe seo baengele ba nang le sone mo go e tlhagiseng, mme o tswelela ka go bua le botlhe ba ba mo diphuthegong tse supa tse di mo kgaolong ya Asia. Jesu Keresete o ba dirile “bogosi le go nna baperisiti ba Modimo oa gagwè le Rragwè,” ebong Jehofa Modimo, Mothatayotlhe. Johane o ba gakolola gore o tlhakanetse le bone “pitlaganō ea ga Yesu, le bogosi, le bopelotelele yoa gagwè,” a le mo botshwarong mo Patamosa.—1:6, 9.
8. (a) Johane o laelwa gore a direng? (b) Ke mang yo a mmonang a le fa gare ga ditlhomo tsa dipone, mme Ene yono o tlhalosang?
8 Melaetsa e e yang diphuthegong tse supa (1:10–3:22). Fa ponatshegelo ya ntlha e simologa, Johane ka tlhotlheletso o ipona a le mo letsatsing la Morena. Lentswe le le nonofileng le le tshwanang le la lonaka le mo raya le re a kwale mo lokwalong dilo tse a di bonang mme a lo romele kwa diphuthegong tse supa, mo Efeso, Semerena, Peregamo, Thiatira, Saredisa, Filadelefia, le Laodikea. Fa a leba kwa lentswe le tswang gone, Johane o bona “moñwe eo o chwanañ le Morwa Motho” a le fa gare ga ditlhomo tsa dipone di le supa, a tshotse dinaledi di le supa kafa seatleng sa gagwe se segolo. Yono o ipolela gore ke “oa ntlha le oa bohèlō,” Ene yo o neng a sule mme jaanong a tshela ka bosakhutleng ebile e le ene a tshotseng dikopololo tsa loso le Bobipo. Ka jalo ke ene Jesu Keresete yo o tsositsweng. O tlhalosa jaana: “Dinaledi tse shupa ke baengele ba diphuthègō tse shupa; le ditlhōmō tse shupa tsa dipōnè ke diphuthègō di shupa.”—1:13, 17, 20.
9. Ke kakgolo efe le kgakololo tseo di neelwang diphuthego tsa Efeso, Semerena, Peregamo, le Thiatira?
9 Johane o bolelelwa gore a kwalele moengele wa phuthego ya Efeso, eo, lemororo e dira ka natla, ka bopelotelele, ebile e gana go letlelela batho ba ba bosula, e tlogetseng lorato lwa yone lwa ntlha mme e tshwanetse go ikotlhaya le go dira ditiro tsa yone tsa pele. Phuthego ya kwa Semerena e bolelelwa gore lemororo e le mo pitlaganong le mo lehumeng, tota yone e humile mme ga e a tshwanela go boifa sepe: “U nnè boikañō hèla le go ea kwa loshuñ, me ke tla gu naea serwalō sa botshelō.” Phuthego ya kwa Peregamo, eo e ntseng kwa “setulō sa ga Satane sa bogosi se leñ gōna,” e ntse e tsweletse ka go tshwarelela thata mo leineng la ga Keresete mme e na le batenegi mo go yone, mme bano ba tshwanetse gore ba ikotlhae fa go sa nna jalo Keresete o tla tlhabana le bone ka tšhaka e telele e e mo molomong wa gagwe. Mo Thiatira phuthego e na le ‘lorato le tumelo, le tirelo le bopelotelele,’ lefa go le jalo e leseletsa “mosadi eo go tweñ Yesebele.” Lefa go ntse jalo, batho botlhe ba ba ikanyegang ba ba tshwareletseng ba tla amogela “taolō mo merahiñ.”—2:10, 13, 19, 20, 26.
10. Ke melaetsa efe e e romelwang kwa diphuthegong tsa Saredisa, Filadelefia, le Laodikea?
10 Phuthego ya Saredisa e itsege jaaka e e tshelang, mme e sule ka gore ga e dire ditiro tsa yone ka botlalo fa pele ga Modimo. Lefa go ntse jalo, botlhe ba ba fenyang ga ba kitla ba phimolwa maina mo bukeng ya botshelo. Phuthego ya kwa Filadelefia e ile ya tshegetsa mafoko a ga Keresete, ka jalo o solofetsa gore o tla dibela phuthego eo ka “nakō ea tekō, eboñ nakō e e tlañ go wèla lehatshe yeotlhe.” Keresete o tla dira gore yo o fenyang a nne lekotwana la tempele ya Modimo wa Gagwe. Keresete a re: “Ke tla kwala mo go èna leina ya Modimo oa me, le leina ya motse oa Modimo oa me, eboñ Yerusalema o mosha . . . le leina ye e leñ ya me ye lesha.” Fa a sena go ipolela gore ke “tshimologō ea lobopō loa Modimo,” Keresete o bolelela phuthego ya Laodikea gore ga e molelo ebile ga e tsididi mme o tla e tlhatsa mo ganong ja gagwe. Lemororo e ikgantsha ka mahumo, botlhe ba ba mo phuthegong eo totatota ba humanegile, ba difofu, ba bile ga baa ikatega. Ba tlhoka diaparo tse ditshweu tsa kafa ntle, ebile ba tlhoka molemo wa matlho gore ba tle ba bone. Keresete o tla tsena a bo a tla go ja le yo o mmulelang kgoro. Ene yo o tla fenyang, Keresete o tla dira gore a nne le ene mo setulong sa gagwe sa bogosi, fela jaaka le ene a ne a ntse le Rraagwe mo setulong sa Gagwe sa bogosi.—3:10, 12, 14.
11. Ke ponatshegelo efe e nngwe e e kgatlhisang eo Johane jaanong a e bontshiwang?
11 Ponatshegelo ya boitshepo jwa ga Jehofa le kgalalelo (4:1–5:14). Ponatshegelo ya bobedi e re baya fa pele ga setulo sa bogosi sa selegodimo sa ga Jehofa sa kgalalelo. Ke ponalo e ntle eleruri, e tshwana fela le majana a a tlhokegang ka phatsimo. Go dikologa setulo seno sa bogosi go ntse bagolwane ba ba 24 ba ba rweleng dirwalo tsa bogosi. Ditshedi tse nnè tse di ntseng di re Jehofa o boitshepo, mme o obamelwa jaaka yo o nang le tshwanelo ya go “bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata” ka go bo e le ene Mmopi wa dilo tsotlhe.—4:11.
12. Ke mang fela yo o nang le tshwanelo ya go bula lekwalo le le nang le dikano tse supa?
12 “Eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi” o tshwere lokwalo lo lo nang le dikano di supa. Mme ke mang yo o nang le tshwanelo ya go bula lekwalo? Ke “Tau, eo o leñ oa locō loa Yuda, Mocwe oa ga Dafide,” fela yo o tshwanelegang! Ene yono, yo o bileng gape e le “Kwana eo o tlhabilweñ,” o tsaya lokwalo mo go Jehofa.—5:1, 5, 12.
13. Ke ponatshegelo efe e e dikarolo dintsi eo e nnelang gongwe le go kanololwa ga dikano tse thataro tsa ntlha?
13 Kwana o bula dikano di le thataro tsa lekwalo (6:1–7:17). Ponatshegelo ya boraro jaanong e a simologa. Kwana o tswelela ka go bula dikano. Sa ntlha, go tlhaga mopalami wa pitse e tshweu mme o a “cwa a henya, a ba a cwèlèla pele go henya.” Go tswa foo mopalami wa pitse e khibidu o tlosa kagiso mo lefatsheng, mme yo mongwe yo o pagameng pitse e ntsho o lekanyetsa dijo tse di jewang. Pitse e tshetlha yone e palangwe ke Loso, mme Bobipo o e setse morago thatathata. Sekano sa botlhano se a kanololwa, go bonala “meōea ea ba ba bolaecweñ lehoko ya Modimo” ba ikuela gore madi a bone a lefediwe. (6:2, 9) Fa go bulwa sekano sa borataro, go nna le thoromo e kgolo ya lefatshe, letsatsi le ngwedi di a fifala, mme batho ba ba thata ba lefatshe ba ikuela mo dithabeng gore di ba wele godimo di ba fitlhele sefatlhego sa ga Jehofa le bogale jwa ga Kwana.
14. Ke eng se sengwe gape se se bonwang mabapi le batlhanka ba Modimo le boidiidi jo bogolo jo bo senang palo?
14 Morago ga dilo tseno, go simologa ponatshegelo ya bonè. Go bonala baengele ba le banè ba ba tshegeditseng diphefo tse nnè tsa lefatshe go fitlhela batlhanka ba Modimo ba tshwaiwa mo diphatleng tsa bone. Palo ya bone ke 144 000. Morago ga moo Johane o bona bontsintsi jo bo senang palo jwa batho bo tswa mo merafeng yotlhe, bo eme fa pele ga Modimo le fa pele ga Kwana, ba ntse ba re poloko ya bone e tswa kwa go ene, ba ntse ba dira tirelo e e boitshepo mo tempeleng ya Modimo motshegare le bosigo. Kwana ka boene o tla nna “modisa oa bōnè, me o tla ba gōgèla kwa mecwediñ ea metse a botshelō.”—7:17.
15. Ke eng se se tlang morago ga go sena go kanololwa sekano sa bosupa?
15 Go bulwa ga sekano sa bosupa (8:1–12:17). Go nna le tidimalo e kgolo mo legodimong. Go tswa foo baengele ba supa ba fiwa dinaka di supa. Go lela ga ntlha ga dinaka tse thataro go dira ponatshegelo ya botlhano.
16. (a) Ke eng se se nnang gone morago ga go lela ga lonaka longwe le longwe mo go tse tlhano tsa ntlha, mme tatlhego ya ntlha mo ditatlhegong tsa ntlha tse tharo ke efe? (b) Ke eng seo se bolelwang ke go lela ga lonaka lwa borataro?
16 Jaaka dinaka tse tharo di ntse di lela ka go tlhomagana ga tsone, lefatshe le nna le ntse le welwa ke masetlapelo, le lewatle, le dinoka le metswedi ya metsi. Fa lonaka lwa bonè lo sena go lela, ntlha ya seraro ya letsatsi, ngwedi, le dinaledi e a ntshofala. Fa go lela lonaka lwa botlhano, naledi nngwe kwa legodimong e bulela sebetso sa tsie eo e tlhaselang “ba ba senañ lochwaō loa Modimo mo diphatleñ tsa bōnè.” Eno ke “tatlhègō ea ntlha,” mme go santse go tla tse dingwe tse pedi. Lonaka lwa borataro lo kaya go gololwa ga baengele ba le bane ba ba tlileng go bolaya. Bapalami ba dipitse ba le “bomelione ba ba makgolo mabedi” ba tlisa masetlapelo a mangwe le polao, mme batho ba nna ba ntse ba tsweletse ka go nna ba sa ikotlhaele ditiro tsa bone tse di bosula.—9:4, 12, 16.
17. Ke ditiragalo dife tseo di felelang ka kitsiso ya gore tatlhego ya bobedi e fetile?
17 Fa ponatshegelo ya borataro e simologa, moengele yo mongwe yo o nonofileng o fologa mo legodimong a bo a bolela gore “e tla re mo metlheñ ea lencwe ya moengele oa boshupa, . . . bosaitsiweñ yoa Modimo, kaha mahokuñ a a molemō” bo tla wediwa. Johane o fiwa lekwalonyana gore a le je. Le “monate yaka dinotshe” mo leganong la gagwe, mme le dira gore mala a gagwe a nne bogalaka. (10:7, 9) Basupi ba le babedi ba perofesa ka malatsi a le 1 260 ba apere letsela la kgetsi; go tswa foo ba bolawa ke “sebatana se se tlhatlogañ mo moletiñ o o senañ bolekeleco,” mme ditoto tsa bone di tlogelwa ka malatsi a le mararo le sephatlo mo “mmileñ oa motse o mogolo.” Botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba itumelela se se ba diragaletseng, mme seno se akofa se fetoga poifiso jaaka fa Modimo a ba tsosa gore ba tshele. Mo go lone lobaka loo, go nna namane e tona ya thoromo ya lefatshe. “Tatlhègō ea bobedi e hetile.”—11:7, 8, 14.
18. Ke kitsiso efe e e botlhokwa e e nnang gone fa go lela lonaka lwa bosupa, mme jaanong ke nako e e beilweng ya eng?
18 Jaanong moengele wa bosupa o letsa lonaka lwa gagwe. Mantswe mangwe kwa legodimong a ntsha kitsiso e e reng: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè.” “Bagolwane ba ba mashomè mabedi le bonè” ba obamela Modimo le go mo neela malebogo, mme merafe yone e tlala bogale. Ke nako ya Modimo e e beilweng ya go atlhola baswi le go duela baitshepi ba gagwe le go “senya ba ba senyañ lehatshe.” Lefelo la gagwe le le boitshepo la tempele le a bulwa, mme mo go lone go bonala letlole la kgolagano ya gagwe.—11:15, 16, 18.
19. Ke sesupo sefe le ntwa tseo di bonwang kwa legodimong, go felela ka eng, mme seno se kopanyeletsa jang tatlhego ya boraro?
19 Morago ga go sena go itsisiwe ka go tlhongwa ga Bogosi jwa gagwe, ponatshegelo ya bosupa ka bofefo fela e tlhagisa “seshupō se segolo” mo legodimong. Ke mosadi yo o belegang “ñwana, ñwana oa mosimane, eo e leñ èna eo o tla busañ dichaba cotlhe ka tsamma ea tshipi.” “Kgōgèla e kgolo e . . . khibidu” e nna e ipaakantse sentle gore e kometse ngwana yoo, mme ngwana o tseelwa kwa setulong sa bogosi sa Modimo. Mikaele o tlhabana le kgogela, mme o e latlhela kwa tlase mo lefatsheng ebong ‘noga ya bogologolo, yone e e bidiwang Diabolo le Satane.’ Ke ‘tatlhego mo lefatsheng’! Kgogela e bogisa mosadi mme e ya go tlhabana le ba ba setseng ba losika lwa gagwe.—12:1, 3, 5, 9, 12; 8:13.
20. Ke dibatana dife tse pedi tseo di bonalang mo ponatshegelong, mme di tlhotlheletsa batho ba ba mo lefatsheng jang?
20 Sebatana se se tswang mo lewatleng (13:1-18). Ponatshegelo ya bofera e le mebedi jaanong e supa sebatana se se ditlhogo di supa le dinaka tse some, se tlhatloga mo lewatleng. Se tsaya thata ya sone mo kgogeleng. Go ne go ntse jaaka ekete nngwe ya ditlhogo tsa sone e ne e remilwe ka loso, lefa go ntse jalo e ne ya fola, mme lefatshe lotlhe la kgatlhegela sebatana seo. Se bua mafoko a tlhapatso kgatlhanong le Modimo ebile se tlhabantsha baitshepi. Ebu! Johane o bona sebatana se sengwe gape, seno jaanong se tlhatloga mo lefatsheng. Se na le dinaka di le pedi jaaka kwanyana, mme se simolola go bua fela jaaka kgogela. Se timetsa botlhe ba ba agileng mo lefatsheng mme se ba laela go dira setshwantsho sa sebatana sa ntlha le go se obamela. Mme botlhe ba patelelwa go obamela setshwantsho sa sebatana sa ntlha e seng jalo ba tla bolawa. Fa motho lefa e le mang a sena lotshwao kana palo ya sebatana, o ka seke a reke kana a rekise sepe. Palo ya sone ke 666.
21. Ke eng seo Johane a se bonang mo Thabeng ya Siona, ke eng seo baengele ba se tshotseng le go se bolela, mme mofine wa lefatshe o senngwa jang?
21 “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ” le melaetsa e mengwe e e tshwanang (14:1-20). Ka pharologano e e itumedisang, mo ponatshegelong ya bofera bongwe, Johane o bona Kwana a le mo Thabeng ya Siona, mme a na le batho ba le 144 000 ba ba kwadilweng leina la ga Kwana le la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone. “Ba ōpèla ekete sehela se sesha ha pele ga setulō sa bogosi,” e le ‘ba ba tswang go rekwa mo bathong jaaka mabutswela pele a Modimo le a ga Kwana.’ Moengele yo mongwe o bonala fa gare ga legodimo, a tshotse “Mahoko a a Molemō a a sa khutleñ” go a bolelela merafe yotlhe mme a bua a re: “Boihañ Modimo, lo o neè kgalalèlō.” Mme moengele yo mongwe le ene o tswelela ka go bolela a re: “Babelona o mogolo o ole!” Yo mongwe gape, e le wa boraro, o bolela gore botlhe ba ba obamelang sebatana le setshwantsho sa sone ba tla nwa senwelo sa bogale jwa Modimo. Mongwe ‘yo o tshwanang le morwa motho’ o latlhela thipa ya gagwe, mme moengele yo mongwe le ene o latlhela thipa ya gagwe a bo a phutha mofine wa lefatshe, a bo a o latlhela mo “segatisecoñ sa mafine, eboñ mo segatisecoñ se segolo sa bogale yoa Modimo.” Ereka segatisetso sa mofine se gatelwa ka kwantle ga motse, madi a tlala go ya selekanyong sa go fitlha mo dikgoleng tsa megala ya dipitse, go ya go fitlha kwa “bokgakaleng jwa diferelone tse di sekete le makgolo a le marataro” (NW) (mo e ka nnang dikilometara di le 296).—14:3, 4, 6-8, 14, 19, 20.
22. (a) Ke bomang gape ba ba bonwang ba galaletsa Jehofa, mme ka ntlhayang? (b) Megotšana e supa ya bogale jwa Modimo e tshololelwa kae, mme ke ditiragalo dife tse di tshikhinyang lefatshe tseo di latelang?
22 Baengele ba ba tshotseng dipetso tsa bofelo tse supa (15:1–16:21). Ponatshegelo ya bolesome e simolola ka go fiwa lesedi lengwe kaga kokoano ya selegodimo. Botlhe ba ba fentseng sebatana ba galaletsa Jehofa, “Kgosi ea metlha,” ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse dikgolo le tse di boitshegang. Baengele ba supa ba tswa mo lefelong le le boitshepo la selegodimo mo legodimong mme ba fiwa megotšana e supa ya gouta e e tletseng bogale jwa Modimo. Ya ntlha e merataro e tshelwa mo lefatsheng, mo lewatleng, le mo dinokeng le mo metsweding ya metsi, le mo letsatsing, mo setulong sa bogosi sa sebatana, le mo nokeng ya Euferatese, metsi a yone a bo a kgala go dira gore “dikgosi tse di cwañ kwa botlhabatsatsi” di tle di fete. Mewa ya badimona e phuthela ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe kwa ntweng ya letsatsi je legolo la Modimo Mothatayotlhe’ ka Hara–Magedona. Mogotšana wa bosupa o thelwa mo phefong, mme mo tiragalong nngwe e e tshosang ya tlholego, motse o mogolo o kgaogana seraro, metse ya merafe e a wa, mme Babelona o amogela ‘senwelo sa beine ya tšhakgalo ya bogale jwa Modimo.’—15:3; 16:12, 14, 19.
23. (a) Katlholo ya Modimo e diragadiwa jang mo go Babelona o Mogolo? (b) Ke dikitsiso dife le selelo tseo di nnang gone fa a wa, mme ke pako efe ya boitumelo e e utlwalang mo legodimong lotlhe fela?
23 Katlholo ya Modimo mo go Babelona; lenyalo la ga Kwana (17:1–19:10). Ponatshegelo ya bo 11 e a simologa. Ebu! Ke katlholo e Modimo a e tlisetsang “BABELONA O MOGOLO, MMA DIAKA,” “se dikgosi tsa lehatshe di gokahetseñ nashō.” Ka ntlha ya go bo a tagilwe ke madi a baitshepi, o tsamaya a pagame sebatana se se mmala o o bohibidu jo bo letlhololo se se nang le ditlhogo di supa le dinaka di some. Sebatana seno “se ne se leeō, me ga se tlhole se leeō; me se tloga se tlhatloga mo moletiñ o o senañ bolekeleco.” Dinaka tsa sone tse some di tlhabana le Kwana, mme ka go bo e le “Morèna oa barèna, le Kgosi ea dikgosi,” o a di fenya. Dinaka tse some di tlhasela le go kometsa seaka, mme fa ponatshegelo ya bo 12 e simologa, moengele yo mongwe, yoo kgalalelo ya gagwe e bonesang mo lefatsheng, o tlhaeletsa a re: “Babelona o mogolo o ole, o ole!” Batho ba Modimo ba laelwa gore ba tswe mo go ene, gore ba se tlhakanele le ene dipetso tsa gagwe. Dikgosi le batho ba bangwe ba ba nonofileng ba lefatshe ba a mo lelela, ba re: “Iya! Iya wè! a motse oa mogolo! Babelona motse o o thata! gonne tshekishō ea gago e hitlhile ka nakō e le ñwe hèla.” Mahumo a gagwe a a boitshegang a ile a nyelediwa. Fela jaaka namane e tona ya lolwala lo ka latlhelwa mo lewatleng, Babelona le ene o ne a latlhelwa fela jalo ka bofefo fa fatshe, gore a se ka a tlhola a bonwa gape. Kgabagare madi a baitshepi ba Modimo jaanong a lefeditswe! Legodimo le tlhaeletsa jaana ga nè ka mokgosi o o reng: “Haleloya!” Bakang Jah ka go bo o diragaditse katlholo mo seakeng se segolo! Bakang Jah ka go bo Jehofa o simolotse go busa jaaka kgosi! Itumeleng lo bo lo ipele thata “gonne nyalō ea Kwana e hitlhile, le mosadi oa gagwè o ipaakantse”!—17:2, 5, 8, 14; 18:2, 10; 19:1, 3, 4, 6, 7.
24. (a) Ntwa eo e loang ke Kwana e selekanyo se se kae ka bogolo? (b) Ke eng seo se diragalang mo dingwageng tse di sekete, mme ke eng se se nnang gone morago ga fa di se na go feta?
24 Kwana o tlhabana ntwa ya tshiamo (19:11–20:10). Mo ponatshegelong ya bo 13, “KGOSI EA DIKGOSI, LE MORÈNA OA BARÈNA” o etelela pele masole a selegodimo mo ntweng ya tshiamo. Dikgosi le banna ba ba thata ba nna dijo tsa dinonyane tsa legodimo, mme sebatana le moperofeti yo e seng ene ba latlhelwa mo bodibeng jwa molelo le sulefura. (19:16) Fa ponatshegelo ya bo 14 e simologa, moengele o bonwa a “hologa mo legodimoñ, me ka seatla a chotse sekopololō sa molete o o senañ bolekeleco, le ketane e kgolo.” “Kgōgèla, nōga ea bogologolo, e e leñ Diabolo le Satane,” o a tshwarwa le go golegwa ka dingwaga tse di sekete. Botlhe ba ba nang le seabe mo tsogong ya ntlha ba nna “baperisiti ba Modimo le ba ga Keresete, me ba tla busa naè ka dinyaga di le makgolo a shomè.” Morago ga moo, Satane o tla gololwa mme o tla ya go tsietsa merafe ya lefatshe, mme o tla latlhelwa mo bodibeng jwa molelo le botlhe ba ba mo salang morago.—20:1, 2, 6.
25. Ke ponatshegelo efe e e itumedisang thata e e latelang, mme ke bomang ba ba tla ruang dilo tse di bonweng?
25 Letsatsi la Katlholo le kgalalelo ya Jerusalema yo Mosha (20:11–22:5). Ponatshegelo e e kgatlhisang thata ya bo 15 e a latela. Baswi, bagolo le bannye, ba atlholelwa fa pele ga setulo se segolo se sesweu sa Modimo. Loso le Bobipo di latlhelwa mo bodibeng jwa molelo, seo “ke lōna losho loa bobedi,” mme go latlhelwa gape le motho ope fela yo o sa kwalwang mo bukeng ya botshelo. Jerusalema yo Mosha o fologa kwa legodimong, mme Modimo o aga le batho, mme o phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone. Ga go sa tlhole go le loso, selelo, kana botlhoko! Ee, Modimo ‘o dira dilo tsotlhe sesha,’ mme o tiisetsa tsholofetso ya gagwe ka go re: “Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.” Botlhe ba ba fenyang ba tla bona dilo tse, mme ba ba magatlapa, ba ba senang tumelo, le botlhe ba ba boitsholo jo bo sa siamang kana ba ba dirisanang le tirisabadimo kana ba ba obamelang medimo ya disetwa ga ba kitla ba di bona.—20:14; 21:1, 5.
26. (a) Ke tlhaloso efe e e fiwang kaga Jerusalema o Mosha? (b) Ke dilo dife tse di tshegetsang botshelo tseo di bonwang mo motseng ono, mme lesedi la one le tswa kae?
26 Mo ponatshegelong ya bo 16, ebile e le ya bofelo, Johane jaanong o bontshiwa “mosadi oa ga Kwana,” Jerusalema yo Mosha, yo o nang le dikgoro di le 12 le maje a motheo a le 12 a a kwadilweng maina a baaposetoloi ba ba 12. O lekalekana mo dintlheng tsotlhe tse nnè, mme bontle jwa one jo bo tsabakelang bo tshwantshediwa ka jasepera, gouta, le diperela tse di mo go one. Jehofa le Kwana ke tempele ya motse ono, mme ebile ke bone masedi a one. Ke ba ba kwadilweng mo lekwalong la botshelo la ga Kwana fela ba ba tla tsenang mo go one. (21:9) Noka e e itshekileng ya metse a botshelo e elela e tswa mo setulong sa bogosi e bo e elela le mmila o mogolo wa motse, mme kafa moseja ono le moseja ole ga noka go na le ditlhare tsa botshelo, tseo di ungwang mofuta o mosha wa maungo mo kgweding nngwe le nngwe mme ebile di na le matlhare a a fodisang. Setulo sa bogosi sa Modimo le sa ga Kwana se tla nna mo motseng ono, mme batlhanka ba Modimo ba tla bona sefatlhego sa Gagwe. “Morèna Modimo o tla ba naea lesedi: me ba tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.”—22:5.
27. (a) Ke tlhomamisetso efe eo e fiwang Johane malebana le polelelopele eno? (b) Tshenolō e felela ka taletso efe e e maatla le tlhagiso?
27 Tigelo (22:6-21). Go neelwa tiisetso e e reng: “Mahoko a, a boikañō le boamarure.” Ruri go itumela botlhe ba ba tlhokomelang mafoko a polelelopele eno! Fa Johane a sena go bona le go utlwa dilo tseno, o wela fa pele ga moengele go mo obamela, mme ene o mo gakolola gore a obamele Modimo fela. Mafoko a polelelopele eno ga a a tshwanela go kanelwa, “gonne lobaka lo setse lo le gauhi.” Go itumela bao ba kgonang go tsena mo motseng, gonne ka kwantle go botlhe ba ba leswe le “moñwe le moñwe eo o ratañ a ba a diha maaka.” Jesu o tlhalosa gore ke ene ka boene yo o neng a romela tshupo eno go diphuthego ka moengele wa gagwe, le gore ke ene “mocwe oa ga Dafide, le lotsalō loa gagwè, naledi e e phatsimañ ea moshō.” “Me Mōea le monyadwi ba re, Tla. Le eo o utlwañ, a a kè a re, Tla. Le eo o nyorilweñ a a tlè: eo o ratañ, a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.” Mme a go se nne ope yo o tla oketsang kana yo o tla okotsololang mafoko a polelelopele e, gore a tle a se ka a tseelwa kabelo ya gagwe “mo setlhariñ sa botshelō, le mo motsiñ o o boitshèpō.”—22:6, 10, 15-17, 19.
LEBAKA LA GO BO E LE MOSOLA
28. Ke dikai dife tseo re kgonang go lemoga ka tsone gore Tshenolō e digela rekoto eo e simologileng mo karolong ya ntlha ya Bibela?
28 Abo buka ya Tshenolō e digela ka tsela e e kgatlhisang jang ne mophutho wa dibuka tse di tlhotlheleditsweng tse 66 tsa Bibela! Ga go na sepe se se tlogetsweng ka kwantle. Ga go na dikarolo dipe tse di sa felelang. Re kgona go bona sentlentle jaanong tigelo e e molemo thata le tshimologo. Karolo ya bofelo ya Bibela e digela rekoto e e simolotsweng mo karolong ya ntlha. Fela jaaka Genesise 1:1 e ne ya tlhalosa popo ya Modimo ya magodimo a a bonalang le lefatshe, Tshenolō 21:1-4 le yone e tlhalosa legodimo je lesha le lefatshe je lesha le masego a mantsintsi ao a tla tlisediwang batho, jaaka go ne ga bolelelwa pele gape mo go Isaia 65:17, 18; 66:22; le 2 Petere 3:13. Fela jaaka motho wa ntlha a ne a bolelelwa gore o tla swa fa a ka tlhoka kutlo, Modimo o bile gape o bolelela ba ba kutlo ka tlhamalalo gore, “ga go ketla go tlhōla go le losho.” (Gen. 2:17; Tshen. 21:4) Fa e ne e le lantlha noga e tla kwa mothong go tla go mo tsietsa, Modimo o ne a bolelela pele gore tlhogo ya gagwe e ne e tla tapetiwa, mme Tshenolō e tlhalosa kafa noga ya bogologolo, e e bidiwang Diabolo le Satane, la bofelo e latlhelwang ka gone mo tshenyegong. (Gen. 3:1-5, 15; Tshen. 20:10) Lemororo motho yo o senang kutlo a ne a lelekelwa kgakala le setlhare sa botshelo sa kwa Edena, go tlhaga ditlhare tsa tshwantshetso tse di tla “hodisañ merahe” ya batho ba ba utlwang. (Gen. 3:22-24; Tshen. 22:2) Fela jaaka noka e ne e tswa mo Edena go nosetsa tshimo, go ntse fela jalo le ka noka ya tshwantshetso, e e fang botshelo le e e bo tshegetsang, e kaiwa e elela e tswa mo setulong sa bogosi sa Modimo. Seno se tshwana fela le ponatshegelo ya pelenyana ya ga Esekiele, mme ebile e re gakolola gape mafoko a ga Jesu kaga ‘motswedi wa metsi a a tswelelang botshelong jo bo sa khutleng.’ (Gen. 2:10; Tshen. 22:1, 2; Esek. 47:1-12; Yohane 4:13, 14) Go na le gore ba bo ba lelekiwa fa pele ga Modimo, jaaka go ne ga nna ka monna wa ntlha le mosadi, bafenyi ba ba ikanyegang ba tla bona sefatlhego sa gagwe. (Gen. 3:24; Tshen. 22:4) Tota ruri go mosola go ithuta ka diponatshegelo tse di kgatlhang tseno tsa Tshenolō!
29. (a) Tshenolō e golaganya jang dipolelelopele tseo di amanang le Babelona? (b) Ke dilo dife kaga diponatshegelo tsa Bogosi le tsa dibatana tseo di fitlhelwang mo go Daniele le mo go Tshenolō?
29 Elatlhoko gape kafa Tshenolō e golaganang sentle ka gone le dipolelelopele tse di amanang le Babelona yo o boikepo. Isaia o ne a bonetse pele kaga go wa ga Babelona wa mmatota bogologolo tala pele ga go nna jalo, mme o ne a bolela a re: “Babelona o olè, o olè.” (Isa. 21:9) Jeremia le ene o ne a bua dipolelelopele kgatlhanong le Babelona. (Yer. 51:6-12) Mme Tshenolō e bua ka ditshwantsho kaga “BABELONA O MOGOLO, MMA DIAKA, LE MMA MAKGAPHA A LEHATSHE.” Le ene o tshwanetse go senngwa, mme Johane o bona seo mo ponatshegelong, mme o bua a re: “Babelona o mogolo o ole, o ole.” (Tshen. 17:5; 18:2) A o santse o gakologelwa ponatshegelo ya ga Daniele kaga bogosi jo bo tla tlhongwang ke Modimo jo bo tla thubaganyang magosi a mangwe mme bo eme “ka bosakhutleñ”? Elatlhoko kafa seno se golaganang sentle ka gone le mokgosi o o tswang kwa legodimong mo go Tshenolō o o reng: “Bogosi yoa lehatshe bo dihegile bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè: me o tla busa ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” (Dan. 2:44; Tshen. 11:15) Mme fela jaaka ponatshegelo ya ga Daniele e ne ya tlhalosa kaga ‘mongwe yo o tshwanang le mongwe morwa motho a tla mo marung a legodimo a tla go amogela puso le kgalalelo le bogosi ka bosakhutleng,’ Tshenolō le yone e tlhalosa Jesu Keresete jaaka “molaodi oa dikgosi tsa lehatshe” mme o “tla a le mo maruñ,” mme ya re “matlhō aotlhe a tla mmōna.” (Dan. 7:13, 14; Tshen. 1:5, 7) Go na le dilo tse dingwe gape tseo diponatshegelo tsa ga Daniele di tshwanang ka gone le tsa ga Tshenolō jaaka dibatana. (Dan. 7:1-8; Tshen. 13:1-3; 17:12) Tshenolō e le ruri e na le dilo di le dintsi tseo di nonotshang tumelo tseo di ka balwang mo go yone.
30. (a) Ke tlhaloso efe e e feletseng eo Tshenolō e e neelang malebana le go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa ka Bogosi? (b) Ke eng se se gatelelwang mabapi le boitshepo, mme seno se ama mang?
30 Abo Tshenolō e re naya ponatshegelo e e gakgamatsang jang ne e e dikarolodintsi e e amanang le Bogosi jwa Modimo! E re tlhalosetsa ka phepafalo dilo tsotlhe tseo baperofeti ba le bantsi ba bogologolo le Jesu le barutwa ba gagwe ba di buileng kaga Bogosi. Fano re kgona go bona sentle go itshepisiwa ga leina la ga Jehofa ka Bogosi: “O boitshèpō, o boitshèpō, o boitshèpō, Morèna Modimo, Mothataeotlhe.” O na le tshwanelo ya go “bōna kgalalèlō, le tlotlō, le thata.” Tota ruri, ke ene a ‘itseetseng thata e kgolo mme jaanong a simololang go busa jaaka kgosi’ ka Keresete. Abo Morwa yono wa mmusi, “KGOSI EA DIKGOSI, LE MORÈNA OA BARÈNA,” a kaiwa a tlhagafetse jaaka a itaya merafe a bo a gata “segatisecō sa boyalwa sa bogale yoa chakgalō ea Modimo Mothataeotlhe”! Jaaka setlhogo se segolo sa Bibela sa go tlotlomadiwa ga ga Jehofa se ntse se ya konelong ya sone, go gatelelwa gore ekete mongwe le mongwe le sengwe le sengwe se se tlhakanelang mo maikaelelong a gagwe a Bogosi se ka nna boitshepo. Kwana, Jesu Keresete, yo o “chotseñ sekopololō sa ga Dafide,” o bolelwa a le boitshepo, mmogo le baengele ba gagwe ba legodimo. Botlhe ba ba nang le kabelo mo tsogong ya ntlha go bolelwa gore ‘ba sego, ba bile ba boitshepo,’ mme go otlelelwa gore ‘sepe se se itshekologileng, lefa e le ene yo o dirang se se makgapha’ ga a kitla a tsena mo teng ga “motse o o boitshèpō, Yerusalema.” Ka jalo botlhe ba ba rekilweng ka madi a ga Kwana “gore ba nnè bogosi yoa Modimo oa rona, le baperisiti ba ōna” ba fiwa kgothatso e e nonofileng ya go ipoloka ba nonofile fa pele ga ga Jehofa. Ba “boidiidi yo bogolo” le bone ba tshwanetse go ‘tlhatswa dikobo tsa bone ba di sweufatsa mo mading a ga Kwana’ gore ba tle ba kgone go mo direla tirelo e e boitshepo.—Tshen. 4:8, 11; 11:17; 19:15, 16; 3:7; 14:10; 20:6; 21:2, 10, 27; 22:19; 5:9, 10; 7:9, 14, 15.
31. Ke dikarolo dife kaga Bogosi tseo re di bolelelwang fela mo bukeng ya Tshenolō?
31 Ponatshegelo ya Bogosi jwa Modimo jo bo boitshepo jo bo tsabakelang le jo bo ntlentle jono e phepafala sentle mo megopolong ya rona jaaka fa re ntse re tlhokomedisiwa dikarolo dingwe tseo di tlhalosiwang fela mo bukeng ya Tshenolō. Fano re fiwa ponatshegelo e e feletseng kaga baruaboswa ba Bogosi ba le mo Thabeng ya Siona ba na le Kwana, ba opela sefela se sesha seo se itsiweng ke bone ba le bosi fela. Tshenolō ke yone fela e re bolelelang ka palo ya bao ba rekilweng mo lefatsheng gore ba tsene mo Bogosing—144 000—le gore bao ba tshwailwe go tswa ditsong tse 12 tsa tshwantshetso tsa Iseraele wa semoya. Tshenolō ke yone fela e e bontshang gore ‘dikgosi tseno le baperesiti’ ke bone fela ba ba nang le seabe le Keresete mo tsogong ya ntlha, ebile ba tla busa le ene ka “dinyaga di le makgolo a shomè.” Tshenolō ke yone fela e e re tlhalosetsang ka botlalo kaga “motse o o boitshèpō, Yerusalema o mosha,” e supa kgalalelo ya one e e phatsimang, Jehofa le Kwana gore ke bone tempele ya one, dikgoro tsa one tse 12 le maje a motheo, le dikgosi tse di busang mo go one ka bosakhutleng ka lesedi je le sa khutleng leo Jehofa a le bonesang mo go bone.—14:1, 3; 7:4-8; 20:6; 21:2, 10-14, 22; 22:5.
32. (a) Ponatshegelo kaga “legodimo ye lesha” le “motse o o boitshèpō, Yerusalema o mosha,” e sobokanya jang sengwe le sengwe se se neng sa bolelelwa pele kaga Losika lwa Bogosi? (b) Ke masego afe ao Bogosi bo tla a tlisetsang batho mo lefatsheng?
32 Ruri go ka bolelwa gore ponatshegelo eno ya “legodimo ye lesha” le “motse o o boitshèpō, Yerusalema o mosha,” e sobokanya sengwe le sengwe seo Dikwalo di neng di se boleletse pele kaga Losika lwa Bogosi. Aberahame o ne a solofetse losika longwe loo ‘ditshika tsotlhe tse di mo lefatsheng di tla itshegofatsang ka lone’ le go “motse o e leñ ōna o o nañ le methèō tōta, o moagi le modihi oa ōna e leñ Modimo.” Mme jaanong, mo ponatshegelong ya Tshenolō, motse ono wa masego re o tlhalosediwa ka phepafalo jaaka “legodimo ye lesha”—goromente yo mosha, Bogosi jwa Modimo, jo bo dirilweng ka Jerusalema yo Mosha (monyadwi wa ga Keresete) le Monyadi wa gagwe. Boobabedi ba tla tlisa goromente o o tshiamo mo lefatsheng lotlhe. Jehofa o solofetsa batho botlhe ba ba ikanyegang gore ba nne “batho ba ōna” mo maemong a a itumedisang, a go senang boleo mo go one, a go senang loso, jaaka fa go ne go ntse mo bathong kwa Edena pele ga ba tsuologa. Mme ka mokgwa wa go gatelela, Tshenolō e boelela gabedi e re bolelela gore Modimo “o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè.”—Gen. 12:3; 22:15-18; Baheb. 11:10; Tshen. 7:17; 21:1-4.
33. (a) Ke ponatshegelo efe e ntle thata e e akaretsang eo Tshenolō e e tlhalosang kaga go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo? (b) Ke bosupi bofe jo bo filweng malebana le gore “Lokwalō loñwe le loñwe” lo ‘tlhotlheleditswe ke Modimo ebile lo molemo,’ mme ke ka ntlhayang fa eno jaanong e le nako ya go ithuta le go utlwa Lefoko la Modimo?
33 Ee, abo seno se digela jang ne ka tsela e e molemo Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng! Abo ‘dilo tseno tse di tla akofang di diragala’ di le molemo thata jang ne! (Tshen. 1:1) Leina la ga Jehofa, “Modimo oa meōea ea baperofeti,” le itshepisitswe. (22:6) Dilo tsotlhe tse di kwadilweng ke baperofeti tse di akareditseng makgolo a dingwaga a le 16 go supiwa fa di diragetse, mme ditiro tsa tumelo tse di dirilweng mo diketeketeng tsa dingwaga di duetswe! “Nōga ea bogologolo” e sule jaanong, masomosomo a gagwe le one a sentswe, mme baikepi ga ba sa tlhole ba le gone. (12:9) Bogosi jwa Modimo bo busa jaaka “legodimo ye lesha” kgalaletsong ya gagwe. Masego a lefatshe je le tsosolositsweng, le le tladitsweng le go nniwa go ya kafa boikaelelong jwa ga Jehofa jo bo tlhalositsweng mo kgaolong ya ntlha ya Bibela, bo kaya botshelo jo bo sa khutleng jo bo molemo thata mo bathong. (Gen. 1:28) Tota ruri Lokwalo longwe le longwe lo itshupile fa le ‘tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo le molemo go ruta, le go kgalemela, le go sokolola le go kaela ka tshiamo.’ Jehofa o ile a lo dirisa go etelela pele ka botlalo batho ba ba itekanetseng, ba ba baakantsweng sentle ka botlalo ba tumelo go tla go fitlha mo motlheng ono o o kgatlhisang. Jalo he, ke nako ya gore o ithute Dikwalo tseno gore o nonotshe tumelo ya gago. Utlwa ditaolo tsa tsone gore o tle o amogele masego a a tswang go Modimo. Di sale morago mo tseleng e e tlhamaletseng e di go e kaelang e e isang botshelong jo bo sa khutleng. Ka go dira jalo, le wena o ka bua fela o sa boife sepe, mafoko ao buka ya bofelo ya Bibela e konelang ka one a a reng: “A go nnè yalo: Tla, Morèna Yesu.”—2 Tim. 3:16; Tshen. 22:20.
34. Re ka nna le namane e tona ya boitumelo jang jaanong, mme ka ntlhayang?
34 Abo re ka nna le boipelo jo bogolo jang ne jaanong ka go baka “Bogosi yoa Morèna oa rona, le yoa ga Keresete oa gagwè,” ebong Losika, jaaka fa seno se tlisa kgalaletso e e sa khutleng mo leineng je legolo thata la ga ‘Jehofa Modimo, Mothatayotlhe.’!—Tshen. 11:15, 17.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a The Ante-Nicene Fathers, Bol. I, tsebe 240.
b The Ecclesiastical History, Eusebius, VI, xxv, 9, 10.
c The Ante-Nicene Fathers, Bol. I, ditsebe 559-60.