Pina 8
Sejo sa Morena sa Maitseboa
E e Gatisitsweng
1. Jehofa, Rre wa legodimo,
’Sigo jono bo boitshepo!
O bontshitse lorato ka go ntsha Morwao,
Ka Nisane go re swela.
Ga jewa kwana’a Tlolaganyo,
Mme Is’raele a gololwa.
Madi a Morena’a rona a tshololwa
Mme ga direga bop’rofeti.
2. Re tlile fa pele ga gago.
Re tla ka boikokobetso
Go go baka gonne o re file Kreste,
Le go tlotla ’ina la ’go.
Re boloka letsatsi leno,
E le lone la botlhokwa.
Re tla tsamaya mo kgatong tsa ga Kreste,
Go bona ’tshelo bo sa feleng.
(Bona le Luke 22:14-20; 1 Bakor. 11:23-26.)