Khalendara ya 2011 e Gatelela Botlhokwa Jwa Kobamelo ya Lelapa
Setlhogo sa Khalendara ya 2011 ya Basupi ba ga Jehofa ke Kobamelo ya Lelapa. Khalendara eno e bua ka dikai tsa malapa a motlha wa segompieno le malapa a metlha ya ditiragalo tsa Baebele. Gape e bontsha batlhanka ba ga Jehofa ba ba mo lenyalong le ba ba seng mo lenyalong ba ithuta Lefoko la gagwe.
Batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ba bontshitsweng mo khalendareng, ba ne ba rata molao wa ga Jehofa thata mme seno se ne se ba thusa thata go lepalepana le dikgwetlho tse di sa tlwaelegang tse ba neng ba kopana le tsone. (Pes. 1:2, 3) Fa re ntse re sekaseka setshwantsho sengwe le sengwe, re tla gakololwa ka botlhokwa jwa Kobamelo ya Lelapa, re ka tswa re le mo lelapeng le legolo kgotsa le lennye, le botlhe e leng maloko a phuthego kgotsa le bangwe e seng bone. Khalendara eno e na le mo lo tla kwalang letsatsi le lelapa la lona le le beetseng kwa thoko go nna la Kobamelo ya Lelapa gone. A lo setse lo le kwadile?