Thulaganyo ya Beke ya December 27
BEKE E E SIMOLOLANG KA DECEMBER 27
□ Thuto ya Baebele ya Phuthego:
□ Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo:
Mmalo wa Baebele: 2 Ditiragalo 25-28
Tlhatlhobo ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
□ Pokano ya Tirelo:
5 mets: Dikitsiso. “Khalendara ya 2011 e Gatelela Botlhokwa Jwa Kobamelo ya Lelapa.” Puo.
10 mets: Kafa Aotlelaene E ka Re Thusang ka Gone mo Bodireding. Motlotlo o o theilweng mo bukeng ya Sekolo sa Bodiredi, tsebe 167 go ya go tsebe 168, serapa 1. O dirisa kgatiso e e tsamaisiwang mo kgweding e e tlang, dira gore go dirwe pontsho ya mmoledi a bua a le esi, a dirisa metsotso e le mmalwa pele a ya bodireding go akanya ka se a tla se buang mo puisanong ya gagwe.
10 mets: Botlhogoputswa ke Serwalo sa Bontle. (Dia. 16:31) Motlotlo o o theilweng mo 2010 Yearbook, tsebe 110, dirapa 1-3. Morago ga go tlotla ka maitemogelo mangwe le mangwe, kopa bareetsi gore ba akgele ka se ba se ithutileng.
10 mets: Ipaakanyetse go Aba Dimakasine ka January. Motlotlo. Dirisa motsotso o le mongwe kgotsa e le mebedi go tlotla ka diteng tsa dimakasine. Go tswa foo, tlhopha ditlhogo di le pedi kgotsa di le tharo mme o kope bareetsi go akantsha gore ba ka dirisa dipotso le ditemana dife mo puisanong ya bone. Dira gore go dirwe pontsho ya kafa kgatiso nngwe le nngwe e ka tsamaisiwang ka teng.