LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • be thuto 11 ts. 118-ts. 120 ser. 4
  • Go Tsenya Maikutlo fa o Bua

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tsenya Maikutlo fa o Bua
  • Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bontsha Gore o Amega ka Bareetsi
    Dira Bojotlhe go Bala le go Ruta
  • Go Sula—Moya A O Ka Go Fenya?
    Tsogang!—1992
  • Nnang le Boikgapo Bo Bo Bo Penologe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Nka Laola Jang Maikutlo a Me?
    Tsogang!—2005
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
be thuto 11 ts. 118-ts. 120 ser. 4

THUTO 11

Go Tsenya Maikutlo fa o Bua

Ke eng se o tshwanetseng go se dira?

Go bua ka tsela e e bontshang tsela e o ikutlwang ka yone e bile e tsamaisana le se o se buang.

Ke eng fa go le botlhokwa?

Go botlhokwa gore motho a kgone go fitlhelela dipelo tsa ba ba reeditseng.

MAIKUTLO ke karolo e e botlhokwa thata ya botshelo jwa motho. Fa motho a bontsha maikutlo a gagwe, o senola se se mo pelong ya gagwe, gore ke motho wa mofuta ofe kafa teng, gore o ikutlwa jang ka maemo mangwe le ka batho bangwe. Batho ba le bantsi ba fitlha maikutlo a bone ka ntlha ya go bo ba ile ba diragalelwa ke dilo tse di seng monate mo botshelong—ka dinako tse dingwe e le ka ntlha ya setso se ba golelang mo go sone. Mme Jehofa o re kgothaletsa go tlhagolela dinonofo tse di siameng tsa motho wa kafa teng le go bontsha ka tsela e e tshwanetseng maikutlo a a leng teng mo go bone.—Bar. 12:10; 1 Bathes. 2:7, 8.

Fa re bua, mafoko a re a dirisang a ka bontsha sentle gore re ikutlwa jang. Mme fa mafoko a rona a sa tsamaisane le tsela e re ikutlwang ka yone, ba ba re utlwang ba ka nna ba ipotsa gore a ruri re dumela se re se buang. Kafa letlhakoreng le lengwe, fa mafoko a rona a tsamaisana sentle le tsela e re ikutlwang ka yone, puo ya rona e ka nna e e monate e e utlwalang sentle e e ka amang dipelo tsa ba ba reeditseng.

Go Tsenya Maikutlo a a Itumedisang fa re Bua. Maikutlo a a itumedisang gantsi a amanngwa le dilo tse motho a di akanyang ka batho ba bangwe. Ka jalo, fa re bua ka dinonofo tse di rategang tsa ga Jehofa le fa re bontsha gore re anaanela bomolemo jwa ga Jehofa, lentswe la rona le tshwanetse go bontsha maikutlo ao a a itumedisang. (Isa. 63:7-9) Mme fa re bua le beng ka rona, tsela e re buang ka yone le yone e tshwanetse go bontsha maikutlo ao a a itumedisang a a gogelang.

Molepero mongwe o tla kwa go Jesu mme o kopa gore a fodisiwe. Akanya fela gore lentswe la ga Jesu le ne le utlwala jang fa a ne a re: “Ke a batla. Ntlafala.” (Mar. 1:40, 41) Gape, akanya ka tiragalo ya fa mosadi yo o neng a na le kelelo ya madi dingwaga di le 12 a ne a kukunela kafa morago ga ga Jesu a bo a ama lekantsa la seaparo sa gagwe sa ka fa ntle. E rile fa mosadi yono a bona gore o lemogilwe, o ne a atamela fa go Jesu a roroma, a wela fa dinaong tsa gagwe mme a bolela fa pele ga batho botlhe lebaka la go bo a ile a ama seaparo sa gagwe le kafa a fodisitsweng ka gone. Akanya fela mokgwa o Jesu a neng a bua le ene ka one fa a ne a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso.” (Luke 8:42b-48) Maikutlo a Jesu a neng a a bontsha mo ditiragalong tseo a ama dipelo tsa rona go tla go fitlha gompieno.

Fa re utlwela batho botlhoko jaaka Jesu e bile re batla go ba thusa tota, seno se tla utlwala mo tseleng e re buang le bone ka yone. Go bontsha lorato ka tsela e e ntseng jalo go a bo go dirwa go tswa pelong, ga go fetelediwe. Tsela e re bontshang lorato ka yone e ka ama thata tsela e batho ba bangwe ba arabelang ka yone. Bontsi jwa dilo tse re di buang mo bodireding jwa tshimo di tlhoka gore re bontshe lorato, segolo jang fa re tlhalosetsa batho mabaka, fa re ba kgothatsa, fa re ba rotloetsa le fa re ba utlwela botlhoko.

Fa o na le maikutlo a lorato mo go ba bangwe, dira gore a bonale mo sefatlhegong sa gago. Fa o bontsha lorato, bareetsi ba gago ba tla atamela gaufi le wena jaaka fa ba atamela fa molelong mo bosigong jo bo tsididi. Fa sefatlhego sa gago se sa bontshe maikutlo ano, bareetsi ba gago ba ka nna ba se ka ba dumela gore tota o a amega ka bone. Ga re ka ke ra apara lorato mo sefatlhegong jaaka re ka apara seipipo sa matlho—le tshwanetse go nna la mmatota.

Gape, lorato lo tshwanetse go utlwala mo lentsweng la gago. Fa o na le lentswe le le kodu le le magwata, go ka nna ga nna thata go bontsha lorato fa o bua. Mme fa nako e ntse e tsamaya e bile o iteka ka tlhoafalo, o ka kgona go lo bontsha. Selo sengwe se se ka nnang sa thusa ke go gakologelwa gore fa o bua o kgaola mafoko, seno se ka dira gore puo ya gago e se ka ya nna botsalano. Ithute go goga medumo e e bonolo mo mafokong a gago. Seno se tla thusa gore puo ya gago e bontshe lorato.

Le fa go ntse jalo, se se leng botlhokwa le go feta ke mokgele wa gago. Fa e le gore o tlhomile mogopolo wa gago mo go ba o buang le bone e bile o eletsa tota go ba naya sengwe se se ka ba solegelang molemo, bopelonomi joo bo tla utlwala mo puong ya gago.

Puo e e nang le botshelo e tlhotlheletsa ba ba e reeditseng go tsaya kgato, mme go a tlhokega gore gape o nne le maikutlo a a bonolo. Ga go a lekana gore re tlhotlheletse mogopolo fela; gape re tshwanetse go tlhotlheletsa le pelo.

Go Bontsha Maikutlo a Mangwe. Motho yo o mo tlalelong a ka bontsha maikutlo a a tshwanang le go tlhobaela, poifo le go tshwenyega thata mo maikutlong. Boitumelo ke boikutlo jo bo tshwanetseng go tlhomologa mo matshelong a rona le jo re tshwanetseng go bo bontsha kwantle ga bothata bope fa re bua le ba bangwe. Ka fa letlhakoreng le lengwe, maikutlo mangwe one ga re a tshwanela go a bontsha. Ga a tsamaisane le botho jwa Bokeresete. (Baef. 4:31, 32; Bafil. 4:4) Maikutlo le fa e le afe a re nang le one a ka bontshiwa ka mafoko a re a dirisang, segalo sa lentswe la rona, tsela e re buang re gatelela ka yone, tebego ya sefatlhego le boitshikinyo jwa mmele.

Baebele e re bolelela ka mefuta e le mentsi thata ya maikutlo a batho ba a bontshang. Ka dinako tse dingwe e a umaka fela. Ka dinako tse dingwe e bega ditiragalo dingwe kgotsa e nopola mafoko mangwe a a bontshang maikutlo a a rileng. Fa o balela dikarolo tse di ntseng jalo kwa godimo mme lentswe la gago le bontsha maikutlo a a ntseng jalo, seno se tla nna le matswela a magolo mo go wena le mo go ba ba reeditseng. Gore o kgone go dira jalo, o tshwanetse go ipaya mo boemong jwa ba o balang ka bone. Le fa go ntse jalo, go neela puo ga se go tshameka terama ya se o balang ka sone, ka jalo nna kelotlhoko gore o se ka wa feteletsa dilo. Dira gore ditemana tse o di balang di nne le botshelo mo megopolong ya ba ba reeditseng.

A Tshwanele Puo. Fela jaaka go ntse ka go tlhagafala, maikutlo a go itumela a o a bontshang fa o bua le maikutlo a mangwe a o a bontshang a ikaegile thata ka se o se buang.

Bula mo go Mathaio 11:28-30, mme o ele tlhoko se e se bolelang. Morago ga moo bala pego ya fa Jesu a ne a kgala bakwadi le Bafarasai jaaka e kwadilwe mo go Mathaio kgaolo 23. Re ka se mo akanye a bua mafoko a a bogale ano a katlholo a le tsididi fela.

O akanya gore pego e e tshwanang le e e mo go Genesise kgaolo 44 e e malebana le boikuelo jwa ga Juda ka Benjamine morwarraagwe e batla boikutlo jo bo ntseng jang? Ela tlhoko maikutlo a a bontshiwang mo temaneng ya bo13, sesupo se se mo temaneng ya bo16 sa gore Juda o ne a ikutlwa jang ka ntlha ya masetlapelo ano, le gore Josefa ka boene o ile a itshwara jang jaaka go tlhalosiwa mo go Genesise 45:1.

Ka jalo, e ka ne re bala kgotsa re bua, gore re dire jalo ka tsela e e nang le matswela, re tshwanetse go akanya e seng ka mafoko le dikgopolo fela mme gape le ka maikutlo a a tshwanetseng go tsamaisana le tsone.

KAFA O KA A BONTSHANG KA GONE

  • Go na le gore o tshwenyege thata ka mafoko a o a dirisang, tlhoma mogopolo mo go reng o eletsa go thusa bareetsi ba gago.

  • Segalo sa lentswe la gago le tebego ya sefatlhego sa gago di tshwanetse go bontsha maikutlo ape fela a a tshwanelang puo ya gago.

  • Ithute ka go leba ba bangwe ka kelotlhoko ba ba buang ba bontsha maikutlo.

IKATISO: Balela dikarolo tse di latelang tsa Dikwalo kwa godimo, o dira jalo ka maikutlo a a tshwanelang se o se balang: Mathaio 20:29-34; Luke 15:11-32.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela