THUTO 39
Konelo e e Nang le Matswela
O KA tswa o ile wa batlisisa le go rulaganya dintlha tsa puo ya gago ka kelotlhoko. Gape o ka tswa o baakanyeditse matseno a a tsosang kgatlhego. Le fa go ntse jalo, o sa ntse o tlhoka selo se sengwe gape—konelo e e nang le matswela. O se ka wa e tsaya e le selo se se seng botlhokwa. Se o se buang kwa bofelong ke sone se gantsi batho ba se gakologelwang lobaka lo loleele. Fa konelo e le bokoa, tota le se se builweng pele ga yone se ka nna sa se ka sa nna le matswela go le kalo.
Akanyetsa ntlha e e latelang: Go ela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa ga Joshua, o ne a neela banna ba bagolwane ba setšhaba sa Iseraele puo e e neng e sa lebalege. Fa Joshua a sena go anela ka ditirisano tsa ga Jehofa le Iseraele fa e sa le go tloga mo metlheng ya ga Aborahame, a o ne a boeletsa fela dintlhakgolo ka go di sobokanya? Nnyaa. Go na le moo o ne a kgothatsa batho jaana ka pelo yotlhe: “Boifang Jehofa lo mo direle ka go tlhoka molato le ka boammaaruri.” Ipalele konelo ya ga Joshua jaaka fa e kwadilwe mo go Joshua 24:14, 15.
Puo e nngwe e e molemo thata, e e fitlhelwang mo go Ditiro 2:14-36, e ne ya neelwa ke moaposetoloi Petere a bua le boidiidi kwa Jerusalema kwa Moletlong wa Pentekosete ya 33 C.E. Sa ntlha o ne a tlhalosa gore ba ne ba bona go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Joele malebana le go tshololwa ga moya wa Modimo. Morago ga moo o ne a bontsha kafa bo golaganang ka gone le boporofeti jwa ga Mesia mo Dipesalemeng, jo bo neng bo bolelela pele ka go tsosiwa ga ga Jesu Keresete mo baswing le go tlhatlosediwa ga gagwe kwa seatleng sa moja sa Modimo. Mme, mo konelong ya gagwe, Petere o ne a bontsha sentle kgang e mongwe le mongwe mo bareetsing ba gagwe a tlhokang go lebana le yone. O ne a re: “Jalo a ntlo yotlhe ya Iseraele ruri e itse gore Modimo o ne a mo dira Morena le Keresete, Jesu yono yo lo neng lwa mmapola.” Ba ba neng ba le teng ba ne ba botsa jaana: “Banna, bakaulengwe, re tla dirang?” Petere a araba jaana: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete.” (Dit. 2:37, 38) Ka letsatsi leo batho ba ka nna 3 000 ba ba neng ba le mo bareetsing ba gagwe, ka ba ne ba tlhotlheleditswe thata ke se ba se utlwileng, ba ne ba amogela boammaaruri ka Jesu Keresete.
Dintlha Tse o Tshwanetseng go di Gakologelwa. Se o se bolelang kwa bofelong se tshwanetse go amana ka tlhamalalo le setlhogo sa puo ya gago. Se tshwanetse go nna konelo e e utlwalang ya dintlha tsa konokono tse o sa tswang go di tlhalosa. Le mororo o ka nna wa batla go akaretsa mafoko mangwe a konokono a a mo setlhogong sa gago, ga o tlhoke go se bua jaaka se ntse.
Gantsi, boikaelelo jwa gago fa o bua ke go kgothatsa ba bangwe go dira sengwe ka tshedimosetso e o ba e neelang. Bongwe jwa maikaelelo a magolo a konelo ke go ba bontsha se ba tshwanetseng go se dira. Fa o ne o tlhopha setlhogo sa gago le dintlha tsa gago tsa konokono, a o ne wa akanyetsa ka kelotlhoko lebaka la go bo dintlha tsa puo ya gago di le botlhokwa gore bareetsi ba di utlwe le gore boikaelelo jwa gago e tla bo e le bofe fa o di neela? Fa go le jalo, he o itse kgato e o batlang ba e tsaya. Mme jaanong o tlhoka go ba tlhalosetsa yone gongwe le gore ba tshwanetse go dira eng go e tsaya.
Mo godimo ga go bontsha bareetsi ba gago se ba tshwanetseng go se dira, konelo ya gago e tshwanetse go ba tlhotlheletsa go se dira. E tshwanetse go akaretsa mabaka a a utlwalang a go dira selo gongwe le melemo e e ka nnang teng fa ba se dira. Fa polelo ya bofelo e akanyeditswe sentle e bile e beilwe sentle, e tla nonotsha puo yotlhe ya gago.
Gakologelwa gore puo e a konela. Se o se buang se tshwanetse go bontsha seo. Lobelo lo o buang ka lone le lone lo tshwanetse go nna le le tshwanetseng. O se ka wa bua ka bonako go fitlha o fetsa o bo o ema fela go sa lebelelwa. Mo letlhakoreng le lengwe, o se ka wa letla lentswe la gago le nyamela fela. Lentswe la gago le tshwanetse gore le bo le lekane mme le se kwa godimo thata. Dipolelo tsa gago tsa bofelo di tshwanetse go utlwala gore o fitlha kwa bofelong. Tsela e o di buang ka yone e tshwanetse go bontsha gore o bua ka tlhoafalo le ka go tlhatswega pelo. Fa o baakanyetsa tsela e o tlileng go neela puo ka yone, o se ka wa lebala go baakanyetsa konelo ya gago.
Konelo e tshwanetse go nna boleele bo kae? Ga se selo se o ka se beelang nako. Konelo ga ya tshwanela go tsaya nako e telele. Se se tla laolang gore e nna boleele bo kae ke tsela e e amang bareetsi ka yone. Ka metlha batho ba anaanela konelo e e sa raraanang, e e tlhamaletseng, e e molemo. E telelenyana e e nang le setshwantsho se sekhutshwanyane le yone e ka nna le matswela fa e rulagane sentle. Bapisa konelo e khutshwane ya buka e e feletseng ya Moreri, e e fitlhelwang mo go Moreri 12:13, 14, le ya Thero e e khutshwane thata ya mo Thabeng, e e kwadilweng mo go Mathaio 7:24-27.
Mo Tshimong. Ga go na gope kwa o tla tshwanelwang ke go dira dikonelo tse dintsi go feta jaaka fa o le mo tshimong. Fa o baakanyetsa e bile o kgatlhegela batho ka lorato, o ka kgona go dira molemo o montsi. Kgakololo e e tlhalositsweng mo ditsebeng tse di fetileng e ka dirisiwa ka tsela e e molemo le fa o bua le motho a le mongwe.
Motlotlo o ka nna mokhutshwane thata. Motho a ka nna a bo a tshwaregile. Loeto lwa gago lo ka nna lwa tsaya motsotso o le mongwe fela. Fa go tshwanela o ka nna wa bua sengwe se se tshwanang le seno: “Ke a bona. Mme e re ke go tlogelele ntlha e le nngwe fela e e kgothatsang. Baebele e bontsha gore Mmopi wa rona o ikaeletse go dira sengwe se sentle thata—go dira gore lefatshe leno e nne lefelo le batho ba ka kgonang go itumelela botshelo ka bosakhutleng mo go lone. Re ka kgona go nna teng mo Paradaiseng eo, mme gone re tshwanetse go ithuta se Modimo a se tlhokang mo go rona.” Kgotsa o ka nna wa bolelela motho fela gore o tla boela o mo etela gape ka nako e e tshwanetseng.
Fa loeto lwa gago lo kgaoseditswe ka gonne mong wa ntlo a go tsene ganong—gongwe e bile a le mabifi—o sa ntse o ka kgona go fitlhelela molemo o montsi. Nna o gakologetswe kgakololo e e fitlhelwang mo go Mathaio 10:12, 13 le Baroma 12:17, 18. Fa o arabela ka bonolo seno se ka fetola tsela e a lebang Basupi ba ga Jehofa ka yone. Ka tsela eno o tla bo o fitlheletse se se molemo thata.
Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa bo o ile wa nna le motlotlo o o kgotsofatsang le mong wa ntlo. Ke ka ntlha yang fa o sa boeletse ntlha ya konokono e o batlang gore a e gakologelwe? Mo kgothaletse go dira sengwe ka yone.
Fa o bona sebaka sa go boa lo tswelela pele ka motlotlo mo nakong e nngwe, dira gore motho yono a nne a lebeletse pele kwa motlotlong oo. Botsa potso—gongwe e le e go tlotlwang ka yone mo bukeng ya Go Fetolana ka Dikwalo kgotsa buka nngwe e e diretsweng go tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele. Nna o gakologetswe mokgele wa gago, jaaka fa o tlhalositswe ke Jesu mme o kwadilwe mo go Mathaio 28:19, 20.
A o konela thuto ya legae ya Baebele? Go boeletsa setlhogo go tla thusa moithuti go gakologelwa se lo neng lo se tlotla. Go dirisa dipotso tsa poeletso go tla thusa go gatelela dintlha tsa konokono mo mogopolong wa moithuti, bogolo jang fa poeletso eo e sa dirwe ka lepotlapotla. Go botsa moithuti gore dintlha tse a di ithutileng di ka mo solegela molemo jang kgotsa go mmotsa gore a ka di bolelela ba bangwe jang go ka mo thusa go bona kafa a ka dirisang se a se ithutileng ka gone.—Dia. 4:7.
Gakologelwa—konelo ya gago ke yone e e ka dirang gore motlotlo otlhe wa gago o nne le matswela.