Pina 93
A Lesedi la Lona le Phatsime”
E e Gatisitsweng
1. Jesu o ne a re, re bontshe ’sedi,
Re le bontshe botlhe, re sa tlhaole.
Ka Lefoko la Jah, re bona ’sedi.
A re bontsheng lesedi, leno ka ’tiro.
2. Molaetsa wa Puso o’a re tlhagisa,
O gomotsa botlhe, le ba ba swetsweng.
’Foko la Modimo le’a re kaela;
A re tseneng mo tseleng ya ’sedi la Jah.
3. A re phatsimiseng lesedi leno,
Ka ’tiro tsa rona le ka molaetsa.
Fa re dira tshiamo le tla phatsima,
Mme ditiro tsa rona di tla kgatlha Jah.
(Bona le Pes. 119:130; Math. 5:14, 15, 45; Bakol. 4:6.)